Kgaolo 12
Go Tlotla Taolo ke Motheo wa go Tshela ka Kagiso
1-3. (a) Ke eng se se tlatseleditseng mo kganong e e anameng ka bophara ya taolo mo motlheng wa rona? (b) Boikutlo jono bo bontshitswe ka ditsela dife tse di farologaneng? (c) Diphelelo di utlwagetse kae?
GO NA le moya wa boitaolo o o haraharileng lefatshe la segompieno. Go sa ikanye taolo go ile ga nna gone, segolo bogolo go bao ba tsetsweng fa e sa le Ntwa ya Lefatshe II. Ka ntlha yang? Ka lebaka la gore, batsadi ba bone ba ile ba itemogela kgatelelo ka selekanyo se segolo, gammogo le bodipa le maano a a senyegileng ka ba ba laolang. Ba ile ba godisa pono e e lotobo ya taolo. Ka gone moo, ba bantsi ba bone, fa e setse e le batsadi, ga ba a ka ba tsenya mo baneng ba bone tlotlo ya taolo. Lefa e le gore ditshiamololo tsa basimegi tse di bonweng ke bana di baakantse dikgang. Jaaka diphelelo, botsuolodi kgatlhanong le taolo bo fetogile jo bo tlwaelegileng.
2 Botsuolodi joo bo bontshiwa ka ditsela tse di farologaneng. Ka dinako tse dingwe e le ka go tsaya mofuta wa moaparo o o supang kgano ya ditekanyetso tse di amogelwang. Bo ka kopanyeletsa kgwetlho ya phatlalatsa ya mapodisi, kana le eleng bothubaki le tshololo ya madi. Mme ga bo a lekanyediwa mo dilong tseno fela. E sita le gareng ga bao ba sa itshupeng mo ditseleng tseno tsa pepenene, ba le bantsi ba tlhokomologa kana ba fapoga melao eo ba sa dumalaneng le yone kana ba fitlhelang gore ga e a ba tshwanela.
3 Seemo seno se amile thata moya o o mo magaeng, mo dikolong, kwa mafelong a tiro, le mo dikamanong le basimegi ba mmuso. Batho ba ba oketsegang ga ba batle fa mongwe o sele a ba bolelela se ba tshwanetseng go se dira. Ba gwalalela se ba dumelang gore ke kgololesego e kgolwane. O lebane le seemo seo, o tla dira eng?
4. Ka se re se dirang mo kgannyeng e, re bontsha boikutlo jwa rona mo kganetsanong efe?
4 Tsela ya gago e tla supa mo o emeng teng mo kgannyeng ya bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe. A ruri o tlotla Jehofa jaaka Motswedi wa kagiso ya boammaaruri le polokesego? A o tla tlhotlhomisa le go dirisa mo botshelong jwa gago se Lefoko ja gagwe le se bolelang? Kana a o tla ya le bao ka boitaolo ba itirelang diphetso tsa bone mabapi le se se molemo le se se bosula?—Genesise 3:1-5; Tshenolō 12:9.
5. (a) Gantsi go felela ka eng mo go lateleng ketelelopele ya batho ba ba solofetsang “kgololègō”? (b) Motho yo o dirang thato ya Modimo o gololesegile jang?
5 Kitso e e tlhomameng ya Bibela e ka go sireletsa kgatlhanong le go tsiediwa ke bao, e re ntswa ‘ba solofetsa kgololesego, bone ka bosi e le batlhanka ba sebodu.’ Go latela ketelelopele ya batho ba ba ntseng jalo go tla go tsenya fela mo boemong jo bo tshwanang jwa botlhanka. (2 Petere 2:18, 19) Kgololesego ya boammaaruri e ka nna gone fela ka go ithuta le go dira thato ya Modimo. Molao wa ona wa bomodimo ke “o o itekanetseñ, eboñ molaō oa kgololègō.” (Yakobe 1:25) Go ka buiwa jalo ka seno ka go bo Jehofa ga a re kganele ka mo go sa tlhokafaleng, a re beelela ka melao e e sa thuseng ka sepe. Mme molao wa gagwe o baakanyetsa ka mofuta wa tsamaiso e e lereng kgololesego, kagiso, le polokesego tseo di theilweng mo kamanong e e siameng le Modimo le batho ba bangwe.
6, 7. (a) Ke mang yo o mo boemong jo bo molemo go dira sengwe kaga tiriso e e seng yone ya taolo? (b) Jesu o bontshitse jang se se diragalelang batho ba ba lekang go ipagololela mogodu?
6 Ga botoka go feta mongwe le mongwe o sele, Modimo o itse gore tshenyego ya motho e kana kang le tiriso e e seng yone ya taolo. Mme o neelane ka lefoko la gagwe gore go sa kgathalesege gore ba ba dirang kgatelelo e e ntseng jalo ba tsholetsegile go le kana kang, o tla dira gore ba ikarabele. (Baroma 14:12) Ka nako e e laotsweng ya Modimo, “baikepi . . . ba tla kgaolwa mo lehatshiñ, le ba ba dihañ ka bonōñwane ba tla khumolwa mo go yeōna.” (Diane 2:22) Mme ga go kitla go felela ka molemo ope wa go ya go ile wa rona fa re fela pelo mme re ipagololela mogodu.—Baroma 12:17-19.
7 Mo bosigong jwa go okwa ga gagwe le go tshwarwa, Jesu o ne a gatelela seno go baaposetoloi ba gagwe. Ka ntlha ya maemo mo lefatsheng, go akareletsa le go nna gone ga dibatana, batho gantsi ba ne ba tshola dibolao. Mme ka lobaka loo go ne go na le ditšhaka di le pedi mo baaposetoloing ba ga Jesu. (Luke 22:38) Go ne ga diragalang? Ee, ba ne ba bona tshokamiso e e bosula-sula ya tshiamiso fa Jesu a ne a tshwarwa kwantle ga lebaka le le utlwalang. Jalo moaposetoloi Petere ka phomesegelo a ntsha tšhaka ya gagwe mme a kgaola tsebe ya monna mongwe. Mme Jesu o ne a busetsa tsebe eo e e kgaotsweng mme a raya Petere a re: “Ba u shomèlè chaka ea gago mo bonnoñ yoa eōna: gonne botlhe ba ba tsaeañ chaka ba tla nyèlèla ka chaka.” (Mathaio 26:52) Batho ba le bantsi, e sita le mo motlheng wa rona, ba ka bo ba bolokesegile mo go sweng ka bonako ka go latela kgakololo e.—Diane 24:21, 22.
Pono e e Tshwanetseng ya Taolo ya Lefatshe
8. (a) Jaaka go tlhalositswe go Baroma 13:1, 2, Bakeresete ba tshwanetse go leba jang babusi ba lefatshe? (b) Go kaiwang ka polelo ya gore ba “beilwe ke Modimo”?
8 Fa a ne a kwalela Bakeresete mo Roma, moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa ke Modimo go tlhalosa ka moo ba neng ba tshwanetse go itshwara ka teng kamanong le bathati ba lefatshe. O ne a kwala a re: “A motho moñwe le moñwe a ineèlè mo go utlweñ babusi ba bagolo: gonne ga go na mmushō opè ha e se o o cwañ mo Modimoñ; me babusi ba ba leñ gōna, ba beilwe ke Modimo. Me ke gōna, eo o ganañ mmushō, o gana molaō oa Modimo: me ba ba ganañ ba tla ipōnèla tshekishō.” (Baroma 13:1, 2) A se se raya gore Modimo o beile babusi ba ba lefatshe mo maatleng? Bibela ka tlhamalalo e arabela ka nnyaa! (Luke 4:5, 6; Tshenolō 13:1, 2) Mme ba gone ka teseletso ya gagwe. Mme ‘boemo jo bo kwa tlase’ jo ba nnileng le jone mo lobakeng lwa ditiragalo tsa batho bo ne bo tlhomamisitswe ke Modimo. Boemo joo e nnile eng?
9. Le eleng fa basimegi ba tshwarega mo ditlwaelong tse di phoso, re ka ba tlotla jang?
9 Lekwalo le le sa tswang go tsopolwa le re ke jo ‘bogolo.’ Ka gone basimegi ba mmuso ga ba a tshwanela go tlontlololwa. Melao eo ba e tsenyang mo tirisong ga e a tshwanela go tlhokomologiwa. Seno ga se reye gore o kgatlhegela batho, lefa e le gore o amogela tshenyego efe le efe e gongwe ba tshwaregileng go yone. Mme tlotlo e a bontshiwa ka tshwanelo ka ntlha ya boemo jo ba bo tshwereng.—Tito 3:1, 2.
10. Tuelo ya makgetho e tshwanetse go lejwa jang, mme ka ntlha yang?
10 Ka selekanyo se segolo, melao ya lefatshe e direla molemo. E thusa go boloka tolamo le go tlhomamisa selekanyo se se rileng sa tshireletso ya batho le dithoto tsa bone. (Baroma 13:3, 4) Gape, mebuso gantsi e neelana ka ditsela, tirelo ya go kgopha leswe, tshireletso ya molelo, thuto, le ditirelo tse dingwe tse di solegelang batho molemo. A ba tshwanetse go duelelwa ditirelo tse? A re tshwanetse go duela makgetho? Potso eno gantsi e kgobera maikutlo a a boima ka ntlha ya makgetho a a kwa godimo le tiriso e e seng yone ya gangwe le gape ya matlole a madi a batho. Mo motlheng wa ga Jesu, gape, potso e ne e na le dikakantsho tsa bopolotiki. Mme Jesu ga a ka a tsaya boemo jwa gore seemo se se neng se le gone se ne se tshwanelegisa kgano efe le efe ya go duela. Fa a ne a supela go madi a a neng a dirilwe ke Kaesare wa Roma, o ne a re: “Ntshetsañ Kaesare dilō tse e leñ tsa ga Kaesare; lo bo lo ntshetsè Modimo tse e leñ tsa Modimo.” (Mathaio 22:17-21; Baroma 13:6, 7) Nnyaa, Jesu ga a ka a tsenya mogopolo wa gore mongwe le mongwe a fetoge molao ka boene.
11, 12. (a) Dikwalo di bontsha jang gore go na le taolo e nngwe gape e e tshwanetseng go tlhokomelwa? (b) O ne o ka dira eng fa babusi ba lefatshe ba ne ba ka ntsha ditaelo tse di tlhabantshanang le ditlhokafalo tsa Modimo, mme ka ntlha yang?
11 Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a bontsha gore “Kaesare,” ebong mmuso wa lefatshe, e ne e se taolo e le yosi fela e e neng e tshwanetse go tlhokomelwa. “Babusi ba bagolo” ga ba bagolo mo Modimong kana e sita le go lekana le ona. Mo phapaanong, ba kwa tlase tlase go ene. Ka jalo taolo ya bone e lekanyeditswe, ga e a itekanela. Ka ntlha ya moo, Bakeresete gangwe le gape ba ile ba lebana le phetso e e masisi. Ke phetso eo le wena o tlamegileng go e dira. Fa batho ba ba laolang ba ipatlela se e leng sa Modimo, o tla dira eng? Fa ba kganela se Modimo o se laelang, ke mang yo o tla mo utlwang?
12 Baaposetoloi ba ga Jesu e ne ya re ka tlotlo mme ka nitamo ba tlhalosetsa maloko a kgotla-kgolo mo Jerusalema boemo jwa bone ka go re: “Ga re na sepè ha e se go bua hèla dilō tse re di bonyeñ, le tse re di utlwileñ. . . . Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.” (Ditihō 4:19, 20; 5:29) Mebuso e ile ya re ka dinako tse dingwe ya lere dithibelo mo dipakeng tsa tshoganetso, mme seo se a utlwala. Mme ka dinako tse dingwe dithibelo tsa mmuso di ka nna tsa bo di rulaganyeditswe go itlhakanya le kobamelo Modimo ya rona le go reteletsa go diragatsa ditshwanelo tse di neilweng ke Modimo. Gotweng he? Lefoko je le tlhotlheleditsweng la Modimo le araba jaana: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.”
13, 14. (a) Re tshwanetse go ikela sedi jang gore re se tlole melao ya lefatshe ntateng ya mabaka a botho fela? (b) Go tswa Dikwalong, ntsha mabaka a se.
13 Lemororo go diragatsa tlamego eno go Modimo go ka thulana le seo “Kaesare” a se tlhokang, seno se farologane thata le go roba melao ka boitaolo eo re sa dumalaneng le yone. Ke boammaaruri gore, go tswa ponong ya botho, melao mengwe e e rileng e ka bonala e sa tlhokafale kana e thibela ka mo go sa tlhokafaleng. Mme seo ga se dire gore go re siamele go tlhokomologa melao eo fa e sa thulane le melao ya Modimo. Gotweng fa e le gore batho botlhe ba ne ba utlwa fela melao eo ba ikutlwang gore e ba solegela molemo? Go ne go ka gogela fela mo maharatlhatlheng.
14 Ka dinako tse dingwe motho o ka nna a ikutlwa gore o ka tlhokomologa taolo mme a dire kafa a ratang ka teng ka go bo go sa bonale a ka tshwarwa kana a otlhaiwa. Mme go na le kotsi e kgolo mo go seno. Lemororo tlhokomologo jalo ya molao santlha e ka kopanyeletsa dilo tse dipotlana, go sa otlhaiwe ga motho go ka mo dira sebete go fetela boipheherong jo bogolo jwa molao. Go ntse fela jaaka Moreri 8:11 e tlhalosa: “Ereka katlholō kaga tihō e e boshula e sa dihahadiwe ka bonakō, ke gōna ka mouō pelo ea bana ba batho e tlhōmameñ mo go bōnè ka mokgwa o o tletseñ, go tla ba diha boshula.” Mme a lebaka la mmatota la go utlwa molao ke fela go boifa go otlhaiwa ka ntlha ya go sa utlwe? Mo Mokereseteng, go tlamegile go nna le tlhotlheletso e kgolwane thata. Moaposetoloi Paulo o ne a e bitsa ‘lebaka le le patelelang’—keletso ya segakolodi se se phepa. (Baroma 13:5) Motho yo segakolodi sa gagwe se ileng sa thapisiwa ka melao-metheo ya Dikwalo o itse gore go sala morago tsela ya boiphehero mo molaong e tla bo e le go “gana molaō oa Modimo.” Go sa tlhokomelege gore a e ka ne batho ba bangwe ba itse se re se dirang, Modimo o a itse, mme ditebelelo tsa rona tsa botshelo jwa isagwe di ikaegile ka one.—1 Petere 2:12-17.
15. (a) Motho o tshwanetse go gogiwa ke eng mo boikutlong jwa gagwe tebang le morutabana wa sekolo kana mothapi? (b) Ka tsela e re tila go tlhotlhelediwa ke moya wa ga mang?
15 Se se tshwanang se boammaaruri malebana le boikutlo jwa mosha tebang le morutabana wa gagwe wa sekolo le boikutlo jwa mogolo tebang le mothapi wa gagwe wa lefatshe. Lebaka la go bo batho ba bantsi ba bangwe ba ba re dikologileng ba dira dilo tse di phoso ga le a tshwanela go nna lebaka le le tlhomamisang. E ka ne morutabana kana mothapi o itse se re se dirang ga go a tshwanela go dira pharologanyo epe. Potso ke, Se se siameng ke sefe? Se se kgatlhang Modimo ke sefe? Gape, fa seo re kopiwang go se dira se sa thulane le molao wa Modimo kana melao-metheo ya gagwe ya tshiamo, re nna tirisano mmogo. Barutabana ba dikole ka kakaretso ke baemedi ba mmuso wa lefatshe, ka gone ke badiredi ba “babusi ba bagolo,” mme jalo ba tshwanelwa ke tlotlo. Mme mabapi le bathapi ba lefatshe, molao-motheo wa Bibela go Tito 2:9, 10 o ka nna wa dirisiwa, lemororo Paulo foo a ne a kwala ka kamano e e farologaneng, ya batlhanka le beng ba bone. Paulo o ne a re: “Ba ba kgatlhè . . . ba ichupè boikañō yotlhe yo bo molemō; gore ba kgabisè thutō ea Modimo Moreboloki mo diloñ cotlhe.” (Tito 2:9, 10) Ka gone, re tila tlhotlheletso ya ga Satane, yoo moya wa gagwe o “dihañ mo baneñ ba ba kgōpō,” mme re aga dikamano tsa kagiso le batho ka rona.—Baefesia 2:2, 3.
Taolo Mo Gae
16. Ke tlhokafalo efe ya botshelo jwa lelapa jo bo borethe e e tlhalositsweng go 1 Bakorintha 11:3?
16 Sediko sa lelapa ke tema e nngwe eo go tlotla taolo go ka lereng dikamano tsa kagiso. Gantsi tlotlo e e phepa e e ntseng jalo e ya tlhaela, e le mo go felelang ka go senyega ga dikamano tsa lelapa mme gantsi go lereng go thubega ga ntlo. Ke eng se se ka dirwang go tokafatsa seemo? Molao-motheo wa botlhogo, jaaka o tlhomilwe go 1 Bakorintha 11:3, o tshotse karabo: “Tlhōgō ea monna moñwe le moñwe [ke] Keresete; le tlhōgō ea mosadi ke monna; le tlhōgō ea ga Keresete ke Modimo.”
17. (a) Mabapi le botlhogo, boemo jwa monna ke bofe? (b) Ke sekai sefe se se molemo mabapi le botlhogo jwa bonna se Keresete o se tlhomileng?
17 Tlhokomela gore polelo eno kaga thulaganyo ya ga Jehofa ga e supe santlha botlhogong jwa monna. Bogolo, e kaela tlhokomelo bonneteng jwa gore go na le mongwe yo monna a tshwanetseng go leba tsamaiso go ene, mongwe yo a tshwanetseng go latela sekao sa gagwe. Ene yoo ke Jesu Keresete. Ke tlhogo ya monna. Mme mo ditirisanong tsa gagwe le phuthego ya gagwe, e e tshwantshiwang le monyadiwa, Keresete o ne a bontsha tsela e monna a ka atlegang jaaka tlhogo. Sekao sa gagwe se sentle se ne sa tlhotlheletsa karabelo e e ratang ya balatedi ba gagwe. Mo ketelelong pele ya gagwe, mo boemong jwa go nna modipa, a le peloethata le go gatelela tebang le balatedi ba gagwe, Jesu o ne a le “bonōlō le boiñōtlō mo peduñ,” mo ba neng ba bona tapologo mo meyeng ya bone. (Mathaio 11:28-30) A o ile a ba nyaletsa ditlhaelo tsa bone? Mo phapaanong, o ne a ba gakolola ka lorato le eleng go ba ntshetsa botshelo jwa gagwe go ba tlhapisa maleo. (Baefesia 5:25-30) Abo seno e le lesego mo legaeng lefe le lefe go nna le monna yo ka tlhoafalo a lekang go latela sekao seo!
18. (a) Ke ka ditsela dife mosadi a ka bontshang gore o tlotla taolo ya monna wa gagwe? (b) Bana ba tshwanetse go bontsha jang tlotlo mo batsading ba bone, mme ka ntlha yang?
18 Fa go na le botlhogo jo bo ntseng jalo mo legaeng, ga go thata ka mosadi go leba mo monneng wa gagwe. Mme kutlo e tla fela ka boithatelo mo baneng. Mme ebile go na le mo gontsi thata mo mosadi le bana ba ka go dirang go tlatseletsa boitumelong jwa lelapa. Ka tlhagafalo ya gagwe go tlhokomela ntlo le moya wa gagwe wa tirisanommogo, mosadi o bontsha gore o na le ‘tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.’ A go ntse jalo mo legaeng ja gago? (Baefesia 5:33; Diane 31:10-15, 27, 28) Mabapi le bana, go utlwa ga bone rre le mmè boo babedi ka go rata go tla bontsha gore ba tlotla batsadi ba bone, jaaka Modimo a batla. (Baefesia 6:1-3) A go ka se ke go nne le kagiso e ntsi le boikutlo jo bogolwane jwa polokesego ya sebele mo ntlong e e ntseng jalo go na le koo go tlotla taolo go tlhaelang?
19. Fa e le wena fela mo lelapeng yo o lekang go tsamaisiwa ke Lefoko la Modimo, o tshwanetse go dira eng?
19 O ka thusa go dira legae ja gago lefelo le le ntseng jalo. E ka ne maloko a mangwe a lelapa a tlhopha go tshegetsa ditsela tsa ga Jehofa kana nnyaa, o ka dira jalo. Ba bangwe ba ka nna ba arabela sekaong sa gago se sentle. (1 Bakorintha 7:16; Tito 2:6-8) E sita lefa ba sa dire jalo, seo o se dirang se santse se tla ema jaaka bosupi jwa gore ditsela tsa Modimo di tshiamo, mme ke sengwe se se tlhokegang thata.—1 Petere 3:16, 17.
20, 21. (a) Bibela e bontsha jang gore taolo ya monna le ya batsadi ga e ya itekanela? (b) Jalo, mosadi wa Mokeresete kana bana ba ba dumelang ba ka lebana le phetso efe, mme ba tshwanetse go tlhotlhelediwa ke eng?
20 Gopola gore popego yotlhe ya taolo ya lelapa e simolotswe ke Modimo. Jalo banna ba tshwanetse go ineela go Keresete, basadi mo banneng ba bone “yaka go chwanetse mo Moreneñ,” mme bana go batsadi ba bone “gonne mo e be e le mo go kgatlhañ mo Moreneñ.” (Bakolosa 3:18, 20; 1 Bakorintha 11:3) Ka jalo Modimo o ka seke a tlhokomologiwe, a ga go jalo? Seno se raya gore taolo ya monna mo mosading wa gagwe, le ya batsadi mo baneng ba bone, ke e e nang le molelwane. Ke gore, molekane wa Mokeresete le bana santlha ba kafa tlase ga Modimo le Keresete, ba utlwa kgakololo ya bone. Go balekane bangwe ba ba sa dumeleng kana batsadi mogopolo oo lantlha o ka ba itumolola. Mme ruri o direla molemong wa bone, ka go bo o tla thusa go dira molekane yo o dumelang le bana go nna ba ba ikanngwang thata le go nna tlotlo.
21 Lefa go ntse jalo, go tweng fa monna a ne a ka batla gore mosadi wa gagwe a dire sengwe se se se kitlang se ‘tshwanela mo Moreneng’? Seo a se dirang se tla bontsha gore a e ka ne ruri o “boiha Modimo” kana nnyaa. (Moreri 12:13) Go ntse fela jalo fa e le gore bana ba setse ba godile ka mo go lekaneng go tlhaloganya le go utlwa Lefoko la Modimo. Fa batsadi ba bone ba sa arole keletso ya bone go direla Jehofa, bana ba tshwanetse ba atlhole gore a e kane ba tla supa boikanyegi jwa bone mo Modimong kana ba nne kafa batsading ba bone ba ba sa direng jalo. (Mathaio 10:37-39) Mme kwantle ga tshwanelo ya bone ya pele mo Modimong, bana ba tshwanetse go re ba ineele mo “diloñ cotlhe,” e sita lefa go raya go dira dilo tse ba sa di rateng. (Bakolosa 3:20) Boitshwaro jo bo ntseng jaana bo ka nna jwa bo jwa gogela batsadi ba bone go tla dipaakanyetsong tsa ga Jehofa tsa poloko. Tota ruri “e be e le mo go kgatlhañ mo Moreneñ” fa tlhotlheletso ya motho e le boikanyegi go Jehofa le ditseleng tsa gagwe tsa tshiamo, mo boemong jwa botlhoka kutlo jo bo tswang mo moyeng wa boitaolo.
Mo Phuthegong ya Bokeresete
22, 23. (a) Balebedi ba Bakeresete ba direla maloko a phuthego jang? (b) Jalo, ke boikutlo bofe jo Bahebera 13:17 e reng re nne le jone tebang le bone?
22 Boikanyegi jo bo tshwanang go Jehofa bo tshwanetse jwa bontshiwa mo boikutlong jwa rona tebang le phuthego ya gagwe ya Bokeresete le bao ba e tlhokomelang. Jehofa o ile a neelana ka balebedi go disa “lecomane.” Ga ba amogele tuelo epe mme ba ineela fela ntateng ya kamego e e phepa ka bakaulengwe ba bone ba Bakeresete le bokgaitsadi. (1 Petere 5:2; 1 Bathesalonia 2:7-9) Ba thusa phuthego go diragatsa tiro ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Gape, ka kamego ya leloko lengwe le lengwe la phuthego, ba thusa bano go ithuta kafa ba ka dirisang ka gone melao-metheo ya Bibela mo matshelong a bone. Gape, fa leloko lepe la phuthego le tsaya kgato nngwe e e phoso ka go sa lemoge ka botlalo, go dirwa boiteko jwa go mo sokolola. (Bagalatia 6:1) Fa leloko le gana kgakololo ya Dikwalo mme le tatalalela mo go direng phoso e e masisi, balebedi ba tlhomamisa gore o a lelekiwa. Ka gone phuthego e sirelediwa mo tlhotlheletsong ya gagwe e e senyang.—1 Bakorintha 5:12, 13.
23 Ka go anaanela paakanyetso eno e e lorato ya ga Jehofa go tlhomamisetsa gore go nne kagiso gareng ga batho ba gagwe, re tshwanetse ra tlhokomela kgakololo e e fitlhelwang go Bahebera 13:17: “Utlwañ ba ba lo laolañ, me lo ba ineèlè: gonne ba disitse meōea ea lona, yaka ba ba tla ikarabèlañ; gore ba tlè ba dihè yalo ka boitumèlō, e señ ka bohutsana: gonne mo go ka bo go sena thushō mo go lona.”
24, 25. (a) Se bagolwane ba se rutang se tshwanetse sa tlhotlheletsa jang tsela e re ba lebang ka yone? (b) Ke leng le kae re tshwanetseng go dirisa se re se rutwang go tswa Bibeleng? Ka ntlha yang?
24 Bibela e gatelela gore lebaka la konokono la gore balebedi bano kana bagolwane ba fiwe tlotlo ke gore ba ruta “lehoko ya Modimo.” (Bahebera 13:7; 1 Timotheo 5:17) Mme malebana le nonofo ya “lehoko” leo, Bahebera 4:12, 13 e tlhalosa jaana: “Lehoko ya Modimo le tshedile, le tlhaga, le bogale go heta dichaka cotlhe tse di magale mabedi, me le tlhabe le ee go kgaoganya pelo le mōea, ditokololō le mōkō, me le boheho go lemoga megopolō le maikaèlèlō a pelo. Me ga go na sebopiwa sepè se se sa bōnatshegeñ mo matlhoñ a ōna: me dilō cotlhe di apogile, di senogile ha pele ga matlhō a ōna o re nañ le go dihana naō.”
25 Jalo he boammaaruri jo bo mo Lefokong ja ga Jehofa bo senola pharologanyo magareng ga se motho a ka bonalang a le sone le se ruri a leng sone. Fa ruri a na le tumelo ya mmatota mo Modimong le keletso ya mmatota go itumedisa Mmopi wa gagwe, boikutlo jwa gagwe jo bo tlhotlheletsang bo tla bontsha “kgalaleco ea Modimo” ka tshwanelo le eleng fa a sa bonwe ke bagolwane ba phuthego. (Baroma 3:23) Ga a na go tshwarega mo boitshwarong bongwe jo e seng jwa kafa dikwalong fela ka go bo bo se gareng ga diphoso tse di masisi tse motho o ka di lelekelwang mo phuthegong. Ka jalo, fa mang kana mang a sekametse mo go tseeng ga bobebe kgakololo efe le efe e e fitlhelwang mo Lefokong la Modimo, o tlamegile ka kelotlhoko a tlhatlhobe se boikutlo jwa gagwe eleng sone tebang le Modimo. A o nna jaaka motho yoo malebana le ene Pesalema 14:1 e reng: “Seeleele . . . se rile”—nnyaa, e seng phatlalatsa—mme “mo peduñ ea shōña, . . . Ga go na Modimo opè”?
26, 27. (a) Ke eng fa go le botlhokwa go tsaya ka masisi “lehoko leñwe le leñwe” ja ga Jehofa? (b) Ka gone fa re bontsha tlotlo ya taolo matshelo a rona a amega jang?
26 Fa a ne a raelwa ke Diabolo, Jesu o ne a re: “Motho . . . [o tshela] . . . ka lehoko leñwe le leñwe ye le cwañ mo molomuñ oa Modimo.” (Mathaio 4:4) A o dumela gore “lehoko leñwe le leñwe” la ga Jehofa le botlhokwa, le gore ga go ape a a tshwanetseng go tlhokomologiwa? Go utlwa dingwe tsa ditlhokafalo tsa ga Jehofa, mme tse dingwe di tshwarwa jaaka tse e seng tsa botlhokwa, ga go a lekana. E ka ne re tshegetsa tshwanelo ya bolaodi jwa lobopo lotlhe jwa ga Jehofa kana re tsaya letlhakore la ga Diabolo mo kganetsanong ka go itlhomela tekanyetso ya rona ka se se molemo le se se bosula. Go itumela bao ba bontshang gore eletota ba rata molao wa ga Jehofa.—Pesalema 119:165.
27 Batho ba ba ntseng jalo ga ba raelwe ke moya o o kgaoganyang wa lefatshe. Lefa e le gore ba itsenye mo boitshwarong jo bo tlhabisang ditlhong jwa bao ba latlhang boikgapo jwa boitsholo. Tlotlo e e boteng ya ga Jehofa le ditsela tsa gagwe tsa tshiamo di neela tlhomamo mo matshelong a bone. Tlotlo e e ntseng jalo mo go Jehofa le mo ditseleng tsa gagwe e ba kgonisa go nna le tlotlo e e tshwanetseng mo babusing ba lefatshe, eo eleng motheo wa go tshela ka kagiso.
[Setshwantsho mo go tsebe 134]
Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba raya kgotla kgolo ba re: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho”