LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • re kgao. 19 ts. 113-119
  • Go Tshwaya Iseraele wa Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tshwaya Iseraele wa Modimo
  • Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Diphefo Tse Nnè
  • Go Tshwaiwa ga Batlhanka ba Modimo
  • Go Tshwaiwa ba le Kae?
  • Iseraele wa Modimo Gompieno
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Basupi ba Bakeresete ba Motse wa Bone o Kwa Legodimong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Letsomane le le Lengwe, Modisa a le Mongwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
re kgao. 19 ts. 113-119

Kgaolo 19

Go Tshwaya Iseraele wa Modimo

Ponatshegelo 4—Tshenolo 7:1-17

Setlhogo: Ba ba 144 000 ba tshwaiwa, boidiidi jo bogolo bo bonwa bo eme fa pele ga setulo sa bogosi sa ga Jehofa le fa pele ga Kwana

Nako ya go diragadiwa: Go simologa ka go tlhongwa mo setulong sa bogosi ga ga Keresete Jesu ka 1914 go ya go fitlha fela mo Pusong ya gagwe ya Dingwaga tse di Sekete

1. “Ke mang yo o kgonang go ema” ka letsatsi le legolo la bogale jwa Modimo?

“KE MANG yo o kgonang go ema?” (Tshenolo 6:17) Ee, mang tota? Fa letsatsi le legolo la bogale jwa Modimo le senya tsamaiso ya ga Satane, babusi le batho ba lefatshe ba ka nna ba tshwanelwa ke go botsa potso eo. Mo go bone go tla bonala e kete tshenyo e kgolo e e tlogang e diragala e tla nyeletsa batho botlhe ba ba tshelang. A mme e tla dira jalo? Se se itumedisang ke gore moperofeti wa Modimo o a re tlhomamisetsa: “Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla falola.” (Joele 2:32) Moaposetoloi Petere le moaposetoloi Paulo ba tlhomamisa ntlha eo. (Ditiro 2:19-21; Baroma 10:13) Ee, ba ba bitsang leina la ga Jehofa ba tla falola. Bano ke bomang? Jaaka ponatshegelo e e latelang e simolola, re tla bona.

2. Ke ka ntlha yang fa go gakgamatsa gore go tla nna le bafalodi mo letsatsing la katlholo la ga Jehofa?

2 Eleruri go a gakgamatsa go bo bangwe ba tla falola letsatsi la ga Jehofa la katlholo ba tshela, ka gonne yo mongwe wa baporofeti ba Modimo o e tlhalosa ka mafoko ano: “Bonang! Setsuatsue sa ga Jehofa, tšararego ka boyone, e dule, setsuatsue se se tsamayang se feela. Se tla itshokeletsa mo tlhogong ya baikepi. Bogale jo bo tukang jwa ga Jehofa ga bo na go boela morago go fitlha a tla bo a diragaditse le go fitlha a diragatsa dikgopolo tsa pelo ya gagwe.” (Jeremia 30:23, 24) Go potlakile gore re tseye dikgato tsa go falola setsuatsue seo!—Diane 2:22; Isaia 55:6, 7; Sefania 2:2, 3.

Diphefo Tse Nnè

3. (a) Johane o bona tirelo efe e e kgethegileng e e dirwang ke baengele? (b) Ke eng se se tshwantshediwang ke “diphefo tse nnè”?

3 Pele ga Jehofa a simolola go galefa, baengele ba selegodimo ba dira tirelo e e kgethegileng. Jaanong Johane o bona seno mo ponatshegelong: “Morago ga moo ka bona baengele ba banè ba eme mo dikhutlong tse nnè tsa lefatshe, ba ngangatletse diphefo tse nnè tsa lefatshe, gore go se ka ga foka phefo epe mo lefatsheng kgotsa mo lewatleng kgotsa mo setlhareng sepe.” (Tshenolo 7:1) Seno se kaya eng mo go rona gompieno? “Diphefo tse nnè” tseno ke tshwantshetso e e phepafetseng ya katlholo ya go senngwa e e tlogang e diragadiwa mo bathong ba ba boikepo ba lefatshe, mo “lewatleng” le le ntseng le kgaphasela la batho ba ba sa utlweng molao, le mo babusing ba ba boikgodiso ba sekaditlhare ba ba engwang nokeng le go fepiwa ke batho ba lefatshe.—Isaia 57:20; Pesalema 37:35, 36.

4. (a) Baengele ba banè ba emela eng? (b) Go tla nna le phelelo efe mo phuthegong ya ga Satane ya selefatshe fa “diphefo tse nnè” di bulelwa?

4 Kwantle ga pelaelo, baengele bano ba banè ba emela ditlhopha tse nnè tsa baengele, ba Jehofa a ba dirisang go thiba gore katlholo e se ka ya diragadiwa go fitlhela nako e a e beileng. Fa baengele ba sutela diphefo tseo tsa bogale jwa Modimo go tsubutla ka nako e le nngwe go tswa kwa bokone, borwa, botlhaba, le bophirima, di tlile go baka tshenyo e e seng kana ka sepe. E tla tshwana, mme ka selekanyo se se boitshegang, le go dirisa “diphefo tse nnè” ga ga Jehofa go gasagasa Baelama ba bogologolo, ka go ba thubaganya a ba a ba nyeletsa. (Jeremia 49:36-38) E tla nna sefefo se segolo thata se se senyang go gaisa “setsuatsue” se Jehofa a neng a senya setšhaba sa Baamona ka sone. (Amose 1:13-15) Ga go na phuthego epe ya ga Satane mo lefatsheng e e tla kgonang go ema mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa, fa a bontsha gore ke ene yo o tshwanetseng go nna molaodi go ya fela kwa bosakhutleng.—Pesalema 83:15, 18; Isaia 29:5, 6.

5. Polelelopele ya Jeremia e re thusa jang go tlhaloganya gore dikatlholo tsa Modimo di tla akaretsa lefatshe lotlhe?

5 A re ka tlhomamisega gore dikatlholo tsa Modimo di tla senya lefatshe lotlhe? Reetsa moperofeti wa gagwe Jeremia gape: “Jehofa wa masomosomo o buile jaana, ‘Bonang! Masetlapelo a tswa mo setšhabeng go ya setšhabeng se sengwe, mme setsuatsue se segolo se tla kurusiwa go tswa dikarolong tse di kgakala thata tsa lefatshe. Mme mo letsatsing leo ba Jehofa a ba bolaileng ba tla bo ba le go tloga kwa ntlheng e nngwe ya lefatshe go fitlha ntlheng e nngwe ya lefatshe.” (Jeremia 25:32, 33) Lefifi le tla apesa lefatshe leno ka nako ya setsuatsue seno sa ledimo le legolo. Ditsamaiso tsa lone tsa puso di tla tlhotlhorwa mo di se kitlang di tlhola di itsiwe. (Tshenolo 6:12-14) Mme isagwe ga e na go ntshofalela mongwe le mongwe. Ka gone, diphefo tse nnè di tshwerwe ka ntlha ya bomang?

Go Tshwaiwa ga Batlhanka ba Modimo

6. Ke mang yo o bolelelang baengele go tshwara diphefo tse nnè, mme seno se letlelela nako ya eng?

6 Johane o tswelela ka go tlhalosa kafa bangwe ba tla tshwaelwang phalolo ka gone, a re: “Mme ka bona moengele yo mongwe a tlhatloga kwa botlhabatsatsi, a na le lotshwao lwa Modimo yo o tshelang; mme a goela ka lentswe le le kwa godimo kwa baengeleng ba banè ba ba neilweng go gobatsa lefatshe le lewatle, a re: ‘Lo se ka lwa gobatsa lefatshe kgotsa lewatle kgotsa ditlhare, go fitlha re fetsa go tshwaya batlhanka ba Modimo wa rona mo diphatleng.’”—Tshenolo 7:2, 3.

7. Tota moengele wa botlhano ke mang, mme ke bosupi bofe jo bo re thusang go lemoga gore ke mang?

7 Le mororo moengele yono wa botlhano a sa bolelwe ka leina, bosupi jotlhe bo bontsha gore e tshwanetse ya bo e le Morena Jesu yo o galaleditsweng. Tumalanong le go nna ga ga Jesu Moengele yo Mogolo, mono o bontshiwa a laola baengele ba bangwe. (1 Bathesalonika 4:16; Jude 9) O tlhatloga kwa botlhabatsatsi, jaaka “dikgosi tse di tswang botlhabatsatsi”—e bong Jehofa le Keresete wa gagwe—tse di tlang go diragatsa katlholo, jaaka go ne ga dira dikgosi Dario le Kuruse fa ba ne ba kokobetsa Babelona wa bogologolo. (Tshenolo 16:12; Isaia 45:1; Jeremia 51:11; Daniele 5:31) Moengele yono gape o tshwantshetsa Jesu ka go bo a neelwa boikarabelo jwa go tshwaya Bakeresete ba ba tloditsweng. (Baefeso 1:13, 14) Gape, fa diphefo di lesiwa, ke Jesu yo o etelelang pele masole a selegodimo go ya go diragatsa katlholo mo ditšhabeng. (Tshenolo 19:11-16) Go a utlwala, he, gore Jesu e bo e le ene yo o tla laolang gore go senngwa ga phuthego ya selefatshe ya ga Satane go name go iketletswe go fitlhelela batlhanka ba Modimo ba tshwaiwa.

8. Go tshwaiwa ke eng, mme go simologile leng?

8 Go tshwaiwa mono ke eng, mme batlhanka bano ba Modimo ke bomang? Go tshwaiwa mono go simolotswe ka Pentekosete ya 33 C.E. fa Bakeresete ba ntlha ba Bajuda ba ne ba tlodiwa ka moya o o boitshepo. Moragonyana, Modimo o ne wa simolola go bitsa le go tlotsa “Baditšhaba.” (Baroma 3:29; Ditiro 2:1-4, 14, 32, 33; 15:14) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala kaga go nna le tlhomamiso ga Bakeresete ba ba tloditsweng ya go re ‘ke ba ga Keresete’ a ba a oketsa ka gore Modimo o ‘re neile sesupo sa se se tlang, ke gore, moya, mo dipelong tsa rona.’ (2 Bakorintha 1:21, 22; bapisa Tshenolo 14:1.) Ka gone, fa batlhanka bano ba tsholwa jaaka bomorwa Modimo ba semoya, ba amogela peelelo go sa le gale ya boswa jwa bone jwa selegodimo—letshwao, kana sebeelo. (2 Bakorintha 5:1, 5; Baefeso 1:10, 11) Ke gone ba ka reng: “Moya ka boone o supela moya wa rona gore re bana ba Modimo. Jaanong, fa re le bana, gape re baruaboswa: baruaboswa eleruri ba Modimo, mme re baruaboswammogo le Keresete, fa fela re boga mmogo le ene gore gape re galalediwe mmogo le ene.”—Baroma 8:15-17.

9. (a) Go tlhokega boitshoko bofe mo go bomorwa Modimo ba ba setseng ba ba tsetsweng ka moya? (b) Go lekwa ga batlodiwa go tla tswelela ka lobaka lo lo kana kang?

9 “Fa fela re boga mmogo le ene”—seo se rayang? Gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba amogele serwalo sa botshelo, ba tshwanetse go itshoka, ba ikanyege le go ya kwa losong. (Tshenolo 2:10) Ga se kgang ya gore ‘fa o bolokilwe, o boloketswe ruri.’ (Mathaio 10:22; Luke 13:24) Go na le moo, ba gakololwa jaana: ‘Dirang bojotlhe jwa lona gore lo itlhomamisetse go bidiwa le go tlhophiwa ga lona.’ Jaaka moaposetoloi Paulo, la bofelo ba tshwanetse go kgona go bua ba re: “Ke tlhabane tlhabano e e molemo, ke tabogile lobelo go ya bofelong, ke bolokile tumelo.” (2 Petere 1:10, 11; 2 Timotheo 4:7, 8) Jalo mono lefatsheng, go lekwa le go feferwa ga bomorwa Modimo ba ba setseng ba ba tsetsweng ka moya go tshwanetse go tswelela go fitlhela Jesu le baengele ba ba mo patileng ba tshwaya bano botlhe ‘mo diphatleng’ ka botlalo, ba ba tlhaolela ruri, mo go sa kakeng ga tlhola go fetolwa, jaaka “batlhanka ba Modimo wa rona” ba ba lekilweng ba bile ba ikanyega. Lotshwao loo ka gone e nna lotshwao lo lo nnetseng ruri. Ka phepafalo, fa diphefo tse nnè tsa pitlagano di lesiwa, go tla bo go setse go feditswe go tshwaiwa botlhe ba Iseraele wa semoya, le mororo ba sekae ba tla bo ba sa ntse ba tshela mo nameng. (Mathaio 24:13; Tshenolo 19:7) Maloko otlhe a bone a tla bo a feletse!—Baroma 11:25, 26.

Go Tshwaiwa ba le Kae?

10. (a) Ke dikwalo dife tse di supang gore palo ya ba ba tshwaiwang e lekanyeditswe? (b) Palo yotlhe ya ba ba tshwaiwang ke bokae mme ba rulagantswe jang?

10 Jesu o ne a raya ba ba tshwanetsweng go tshwaiwa a re: “Se boifeng, letsomanyane, ka gonne Rraalona o amogetse go lo naya bogosi.” (Luke 12:32) Dikwalo tse dingwe, tse di tshwanang le Tshenolo 6:11 le Baroma 11:25, di supa gore palo ya letsomanyane leno ruri e lekanyeditswe le gore, tota e bile, e sa le e rulagantswe go sa le pele. Mafoko a ga Johane a a latelang a tlhomamisa seno: “Mme ka utlwa palo ya ba ba neng ba tshwailwe, dikete di le lekgolo masome a manè le bonè, ba tshwailwe go tswa mo lotsong longwe le longwe lwa bomorwa Iseraele: Go tswa mo lotsong lwa ga Juda, ba le dikete di le lesome le bobedi ba ba tshwailweng; go tswa mo lotsong lwa ga Rubene, ba le dikete di le lesome le bobedi; go tswa mo lotsong lwa ga Gada, ba le dikete di le lesome le bobedi; go tswa mo lotsong lwa ga Ashera, ba le dikete di le lesome le bobedi; go tswa mo lotsong lwa ga Nafetali, ba le dikete di le lesome le bobedi; go tswa mo lotsong lwa ga Manase, ba le dikete di le lesome le bobedi; go tswa mo lotsong lwa ga Simeone, ba le dikete di le lesome le bobedi; go tswa mo lotsong lwa ga Lefi, ba le dikete di le lesome le bobedi; go tswa mo lotsong lwa ga Isakare, ba le dikete di le lesome le bobedi; go tswa mo lotsong lwa ga Sebulone, ba le dikete di le lesome le bobedi; go tswa mo lotsong lwa ga Josefa, ba le dikete di le lesome le bobedi; go tswa mo lotsong lwa ga Benjamine, ba le dikete di le lesome le bobedi ba ba tshwailweng.”—Tshenolo 7:4-8.

11. (a) Ke ka ntlha yang fa ditso tse 12 tse di bolelwang go sa tewe Iseraele wa mmatota, wa senama? (b) Ke ka ntlha yang fa Tshenolo e kwadile ditso tse 12? (c) Ke ka ntlha yang fa go sena lotso lo le nosi fela lwa segosi kana lwa seperesiti mo Iseraeleng wa Modimo?

11 A seno se ka tswa se sa bue ka Iseraele wa mmatota, wa senama? Nnyaa, ka gonne mo go Tshenolo 7:4-8 ga go a rulaganngwa ditso kafa go tlwaelegileng ka teng. (Dipalo 1:17, 47) Go a bonala gore mono maina ga a rulaganngwa ka boikaelelo jwa go tlhaola Bajuda ba senama ka ditso tsa bone, mme a rulagantswe ka go bontsha thulaganyo e e tshwanang ya Iseraele wa semoya. Ke palo e e lekalekanang. Go tshwanetse ga nna le maloko a setšhaba seno se sesha a le 144 000 fela—ba le 12 000 ba tswa mo lotsong longwe le longwe lwa ditso tse 12. Ga go lotso lope lwa Iseraele yono wa Modimo lo eleng lwa segosi kana lwa boperesiti fela. Setšhaba seo sotlhe se tshwanetse go busa e le dikgosi, gape setšhaba seno sotlhe se tshwanetse go direla e le baperesiti.—Bagalatia 6:16; Tshenolo 20:4, 6.

12. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore bagolwane ba ba 24 ba opele fa pele ga Kwana mafoko a Tshenolo 5:9, 10?

12 Le mororo Bajuda ba tlholego le basokologela Sejudeng ba ne ba newa sebaka sa ntlha sa go tlhophiwa gore e nne Iseraele wa semoya, go ne ga arabela ba sekae fela ba setšhaba seo. Jalo Jehofa o ne a atolosetsa taletso eno kwa Baditšhabeng. (Johane 1:10-13; Ditiro 2:4, 7-11; Baroma 11:7) Fela jaaka mo kgannyeng ya Baefeso, ba pele ba neng ba “le baeng mo morafeng wa Iseraele,” jaanong batho ba e seng Bajuda ba ne ba ka tshwaiwa ka moya wa Modimo mme ba nna karolo ya phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng. (Baefeso 2:11-13; 3:5, 6; Ditiro 15:14) Go a tshwanela, he, gore bagolwane ba ba 24 ba opele fa pele ga Kwana ba re: “Ka madi a gago o ne wa rekela Modimo batho ba tswa mo lotsong longwe le longwe le teme le batho le setšhaba, mme wa ba dira gore ba nne bogosi le baperesiti ba Modimo wa rona, mme ba tla busa lefatshe e le dikgosi.”—Tshenolo 5:9, 10.

13. Ke ka ntlha yang fa monnawe Jesu ka mmaagwe, e bong Jakobe, ka tshwanelo a ne a ka kwala lekwalo a kwalela “ditso tse di lesome le bobedi tse di faletseng”?

13 Phuthego ya Bokeresete ke “lotso lo lo tlhophilweng, boperesiti jwa segosi, setšhaba se se boitshepo.” (1 Petere 2:9) Ka go bo e emela Iseraele wa tlholego jaaka setšhaba sa Modimo, e nna Iseraele o mosha yo o “tota e leng ‘Iseraele.’” (Baroma 9:6-8; Mathaio 21:43)a Ka ntlha ya moo, go ne go tshwanetse gore monnawe Jesu ka mmaagwe e bong Jakobe a kwale lekwalo la bodisa a le kwalela “ditso tse di lesome le bobedi tse di faletseng,” ke gore, a kwalela phuthego ya lefatshe ka bophara ya Bakeresete ba ba tloditsweng ba mo nakong e e tlang ba neng ba tla nna 144 000 ka palo.—Jakobe 1:1.

Iseraele wa Modimo Gompieno

14. Ke eng se se bontshang gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ntse ba dumela gore palo ya 144 000 ke ya mmatota ya ba ba bopang Iseraele wa semoya?

14 Go a kgatlha gore Charles T. Russell, o ne a lemoga fa palo ya 144 000 e le ya mmatota ya batho ba ba dirang Iseraele wa semoya. Mo go The New Creation, Bolumo VI ya buka ya gagwe ya Studies in the Scriptures, e e gatisitsweng ka 1904, o ne a kwala ka go re: “Re na le mabaka a a nonofileng a go dumela gore palo e e tlhomameng, e leng palo e e tlhomilweng ya batlhophiwa [batlodiwa ba ba kgethilweng] ke e e tlhalositsweng ka makgetlo a le mmalwa mo go Tshenolo (7:4; 14:1); e leng, 144 000 ya ‘ba ba tswang go rekwa mo bathong.’” Mo bukeng ya Light, Buka ya Ntlha, e e gatisitsweng ka 1930 ke Baithuti ba Baebele le gone go ne ga tlhalosiwa jaana: “Maloko a a 144 000 a mmele wa ga Keresete ke ba mo phuthegong ba supiwang ba tlhophilwe ba bile ba tloditswe, kana ba tshwailwe.” Basupi ba ga Jehofa ga ba bolo go nna ba dumela gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba 144 000 tota ka palo ba bopa Iseraele wa semoya.

15. Pele fela ga letsatsi la Morena, baithuti ba ba peloephepa ba Baebele ba ne ba akanya gore Bajuda ba tlholego ba ne ba tla ipelela eng morago ga bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba?

15 Le fa go ntse jalo, a Iseraele wa tlholego gompieno ga a tshwanelwe ke kamogelo nngwe e e kgethegileng? Mo lobakeng lwa pele fela ga letsatsi la Morena, fa baithuti ba Baebele ba ba peloephepa ba ne ba lemoga gape bontsi jwa boammaaruri jwa motheo jwa Lefoko la Modimo, go ne go akanngwa gore kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditšhaba Bajuda ba ne ba tla ipelela tshiamelo e e kgethegileng fa pele ga Modimo gape. Ka gone, buka ya ga C. T. Russell ya The Time Is at Hand (Bolumo II ya Studies in the Scriptures), e e gatisitsweng ka 1889, e ne ya dirisa Jeremia 31:29-34 e bua le Bajuda ba tlholego, mme ya akgela ka go re: “Lefatshe le na le bosupi jwa gore kotlhao ya Baiseraele mo pusong ya Baditšhaba e nnile ya tswelela fa e sale ka B.C. [607], gore e sa ntse e tsweletse, le gore ga go na lebaka lepe la go lebelela go phuthiwa ga bone gape jaaka setšhaba ka bokhutshwane fela pele ga A.D. 1914, e leng lobaka lwa ‘metlha e supa ya bone’—dingwaga di le 2520.” Go ne go lebega e kete setšhaba sa Bajuda se ne se tla tsosolosiwa ka nako eo, mme go bonala tebelelo eno e ne ya gola thata ka 1917, fa ka Balfour Declaration go ne go kopiwa gore Britain a eme nokeng go dirwa ga Palesetina legae la Bajuda.

16. Ke maiteko afe a a neng a dirwa ke Basupi ba ga Jehofa go fitlhelela Bajuda ba tlholego ka molaetsa wa Bokeresete, mme ka phelelo efe?

16 Morago ga ntwa ya lefatshe ya ntlha, Palesetina e ne ya nna lefelo le le laolwang ke Great Britain, mme Bajuda ba le bantsi ba ne ba bulegelwa ke tsela ya go boela kwa lefatsheng leo. Ka 1948 go ne ga tlhongwa Naga ya sepolotiki ya Iseraele. A seno se ne se sa kae gore Bajuda ba ne ba tla nna le masego a Modimo? Mo dingwageng di le dintsi, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dumela fa go ne go ntse jalo. Ka gone, ka 1925 ba ne ba gatisa buka ya ditsebe tse 128, eleng Comfort for the Jews. Ka 1929 ba ne ba golola buka e ntle ya ditsebe tse 360, e leng Life, e e neng e kwaletswe go ikuela mo Bajudeng e bile e bua gape le ka buka ya Baebele ya Jobe. Go ne ga dirwa maiteko a magolo, segolobogolo kwa New York City, go fitlhelela Bajuda ka molaetsa ono wa Bomesia. Ka mo go itumedisang, batho ba sekae ba ne ba arabela, mme bontsi jwa Bajuda, fela jaaka borraabonemogolo ba lekgolo la ntlha la dingwaga, ba ne ba se ka ba dumela bosupi jwa go nna gone ga ga Mesia.

17, 18. Batlhanka ba Modimo mo lefatsheng ba ne ba simolola go tlhaloganya eng mabapi le kgolagano e ntšha le dipolelelopele tsa Baebele tsa tsosoloso?

17 Go ne go se na pelaelo gore Bajuda, jaaka batho le jaaka setšhaba, e ne e se Iseraele yo o tlhalosiwang mo go Tshenolo 7:4-8 kana dipolelelopele tse dingwe tsa Baebele tse di amanang le letsatsi la Morena. Bajuda ba ne ba tswelela ka go tila go dirisa leina la Modimo, ba latela ngwao ya bone. (Mathaio 15:1-3, 7-9) Fa buka Jehovah, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa ka 1934, e bua ka Jeremia 31:31-34, e ne ya tlhalosa jaana ka botlalo: “Kgolagano e ntšha ga e ame ditlogolwana tsa tlholego tsa Baiseraele ka gope le batho ka kakaretso, mme . . . ke ya Iseraele wa semoya fela.” Dipolelelopele tsa Baebele tsa tsosoloso ga di bue ka Bajuda ba tlholego lefa e le ka Iseraele wa sepolotiki, yoo a leng leloko la lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e bile e le karolo ya lefatshe leo Jesu a neng a bua ka lone mo go Johane 14:19, 30 le 18:36.

18 Ka 1931 batlhanka ba Modimo mo lefatsheng ba ne ba amogetse, ka boipelo jo bogolo, leina Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba ka dumalana ka pelo yotlhe le mafoko a a mo go Pesalema 97:11 a a reng: “Lesedi le phatsimetse mosiami, le go ipela go phatsimetse ba ba pelo e thokgameng.” Ba ne ba lemoga ka phepafalo gore e ne e le Iseraele wa semoya fela yo o neng a le mo kgolaganong e ntšha. (Bahebera 9:15; 12:22, 24) Iseraele wa tlholego yo o neng a se ka a arabela o ne a se na karolo mo go yone, lefa e le setho ka kakaretso. Kutlwisiso eno e ne ya bulela phatsimo e kgolo ya lesedi la bomodimo tsela, leo le neng le tlhomolosegile mo dipegong tsa ngwaga le ngwaga tsa ditiragalo tsa puso ya Modimo. Seno se ne se tla lemotsha kafa Jehofa a atolosetsang kutlwelo botlhoko ya gagwe, bopelonomi jo bo lorato, le boammaaruri ka botlalo ka teng mo bathong botlhe ba ba mo atamelang. (Ekesodo 34:6; Jakobe 4:8) Ee, ba bangwe kwantle ga Iseraele wa Modimo ba ne ba tla solegelwa molemo ke go tshwarwa ga diphefo tse nnè tsa tshenyo ke baengele. Bano e ka nna bomang? A o ka tswa o le mongwe wa bone? A re boneng jaanong.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ka mo go tshwanelang, leina Iseraele le raya “Modimo o a ganetsa; Moganetsana (Moemelelana) le Modimo.”—Genesise 32:28, New World Translation Reference Bible, mokwalo o o kwa tlase.

[Setshwantsho se se tletseng ka tsebe 114]

[Ditshwantsho mo go tsebe 116, 117]

Go tlhophiwa ga kakaretso ga Iseraele wa Modimo wa boammaaruri go ne ga simologa ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E. go tla go fitlha ka 1935 fa, kwa kopanong e e sa lebalesegeng ya Basupi ba ga Jehofa kwa Washington, D.C., go ne go gatelelwa go phuthiwa ga boidiidi jo bogolo ba ba nang le ditebelelo tsa go tla go tshela mo lefatsheng (Tshenolo 7:9)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela