LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • re kgao. 32 ts. 221-234
  • Go Wediwa ga Bogale Jwa Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Wediwa ga Bogale Jwa Modimo
  • Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa o Shakgalela “Lefatshe”
  • Lewatle le Fetoga Madi
  • Ba Nosiwa Madi
  • Go Fisa Batho ka Molelo
  • Setulo sa Bogosi sa Sebatana
  • Lefifi le Botlhoko jo Bogolo
  • Go Kgala ga Noka ya Euferatese
  • Go Phuthelwa kwa Haramagedona
  • “Go Diragetse!”
  • Go Emelana le Dibatana Tse Pedi Tse di Galefileng
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Tshenolo—Karolo II
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Diponatshegelo Tse Di Kgatlhang Tota Tse Di Nonotshang Tumelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tshenolo E a Re go Tla Direga Eng ka Baba ba Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
re kgao. 32 ts. 221-234

Kgaolo 32

Go Wediwa ga Bogale Jwa Modimo

1. Go tla bo go diragetse eng fa megopo e supa e sena go tshelwa yotlhe, mme jaanong go tsoga dipotso dife mabapi le megopo eno?

JOHANE o setse a itsisitse kaga baengele ba ba romilweng go tshela megopo e supa. O re bolelela gore “tseno ke tsa bofelo, ka gonne bogale jwa Modimo bo wediwa ka tsone.” (Tshenolo 15:1; 16:1) Dipetso tseno, tse di senolang katlholo ya ga Jehofa kgatlhanong le boikepo mo lefatsheng, di tshwanetse go tshelwa tsotlhe fela. Fa di sena go wediwa, dikatlholo tsa Modimo di tla bo di diragaditswe. Lefatshe la ga Satane le tla bo le sa tlhole le le gone! Dipetso tseno di bolela eng mo sethong le mo babusing ba tsamaiso ya gompieno e e boikepo? Bakeresete ba ka tila jang go itewa le lefatshe leno le le atlhotsweng? Dipotso tseno ke tsa botlhokwa, mme jaanong di tshwanetse go arabiwa. Botlhe ba ba tlhoafaletseng go fenya ga tshiamo ba tla kgatlhegela thata se Johane a se bonang morago ga foo.

Jehofa o Shakgalela “Lefatshe”

2. Go diragala eng fa moengele wa ntlha a tshela mogopo wa gagwe mo lefatsheng, mme ke eng se se tshwantshediwang ke “lefatshe”?

2 Moengele wa ntlha o tsaya kgato! “Wa ntlha a tswa a tsamaya mme a tshololela mogopo wa gagwe mo lefatsheng. Mme batho ba ba neng ba na le letshwao la sebatana le ba ba neng ba obamela setshwantsho sa sone ba tswa tlhagala e e botlhoko e e kotsi.” (Tshenolo 16:2) Fela jaaka mo kgannyeng ya go gelebetega ga terompeta ya ntlha, “lefatshe” fano le tshwantshetsa tsamaiso e e lebegang e iketlile ya sepolotiki e Satane a neng a simolola go e tlhoma mo lefatsheng bogologolo mo motlheng wa ga Nimerode, dingwaga tse di fetang 4 000 tse di fetileng.—Tshenolo 8:7.

3. (a) Dipuso ka bontsi di pateleditse jang babusiwa ba tsone go di neela se se tshwanang fela le go di obamela? (b) Ditšhaba di tlhomile eng go nna se se emelang Bogosi jwa Modimo, mme go felela ka eng ka ba ba se obamelang?

3 Mo metlheng eno ya bofelo, dipuso di le dintsi di pateleditse babusiwa ba tsone go di obamela, di gatelela gore Puso e tshwanetse go tlotlomadiwa go feta Modimo kgotsa sepe fela se se obamelwang. (2 Timotheo 3:1; bapisa Luke 20:25; Johane 19:15.) Fa e sa le ka 1914 e nnile selo se se tlwaelegileng gore ditšhaba di pateletse basha ba tsone go ikwadisetsa go ya go tlhabana, kana go ipaakanyetsa go ya tlhabanong, e leng ntwa e kgolo e e tladikileng ditiragalo tsa segompieno ka madi. Mo letsatsing leno la Morena, gape ditšhaba di ile tsa tlhoma, mo boemong jwa Bogosi jwa Modimo, setshwantsho sa sebatana—e leng lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le motlhatlhami wa lone, lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. A bo e le tlhapatso e kgolo jang go itsise, jaaka bomopapa ba bosheng ba dirile, gore lekgotla leno le le tlhamilweng ke batho ke lone tsholofelo e le yosi fela ya ditšhaba ya go bona kagiso! Le ganetsa Bogosi jwa Modimo gotlhelele. Batho ba ba le obamelang ba leswefala semoyeng, ba tswa dintho, fela jaaka Baegepeto ba ba neng ba ganetsa Jehofa mo motlheng wa ga Moshe ba ne ba tlhaselwa ke dintho le ditlhagala tsa mmatota.—Ekesodo 9:10, 11.

4. (a) Dilo tse di mo mogopong wa ntlha wa bogale jwa Modimo di gatelela eng thata? (b) Jehofa o leba jang ba ba amogelang lotshwao lwa sebatana?

4 Dilo tse di leng mo mogopeng ono di gatelela thata tlhopo e batho ba tshwanetseng go e dira. Ba tshwanetse go tlhokofadiwa ke go sa amogelweng ke lefatshe kana ke bogale jwa ga Jehofa. Setho se ile sa patelediwa go amogela lotshwao lwa sebatana, boikaelelo e le gore “go se nne le ope yo o ka kgonang go reka kgotsa go rekisa fa e se motho yo o nang le letshwao, leina la sebatana sa naga kgotsa palo ya leina la sone.” (Tshenolo 13:16, 17) Mme ba ba dirang jalo ba a otlhaiwa! Jehofa o tsaya ba ba amogelang lotshwao e le ba ba dulweng ke “tlhagala e botlhoko e e kotsi.” Fa e sa le ka 1922 ba ile ba lemogiwa ke botlhe fa e le ba ba ganneng Modimo o o tshedileng. Maano a bone a sepolotiki ga a atlege ka gope, mme ba tlaletswe. Ka tsela ya semoya, ga ba phepa. Fa ba sa ikwatlhae, bolwetse jono jo bo “botlhoko” bo tla ba bolaya, gonne jaanong ke letsatsi la ga Jehofa la katlholo. Ga go na ope yo o ka nnang fela fa gare, a se kafa letlhakoreng la tsamaiso ya lefatshe ya dilo e bile a se kafa letlhakoreng la ga Keresete ka go direla Jehofa.—Luke 11:23; bapisa Jakobe 4:4.

Lewatle le Fetoga Madi

5. (a) Go diragala eng fa mogopo wa bobedi o tshelwa? (b) Jehofa o leba jang ba ba nnang mo lewatleng la tshwantshetso?

5 Jaanong mogopo wa bobedi wa bogale jwa Modimo o tshwanetse go tshelwa. Seno se tla kaya eng mo sethong? Johane o a re bolelela: “Wa bobedi a tshololela mogopo wa gagwe mo lewatleng. Mme la fetoga madi jaaka a motho yo o suleng, mme moya mongwe le mongwe o o tshelang wa swa, ee, dilo tse di mo lewatleng.” (Tshenolo 16:3) Fela jaaka go gelebetega ga terompeta ya bobedi, mogopo ono o tshelwa mo “lewatleng”—e leng batho ba ba sa iketlang, ba ba tsuologang ba ba tlhoboganeng le Jehofa. (Isaia 57:20, 21; Tshenolo 8:8, 9) Mo matlhong a ga Jehofa, ‘lewatle’ leno le tshwana le madi, ga le a siamela go nna ditshedi. Ke gone ka moo Bakeresete ba sa tshwanelang go nna karolo ya lefatshe. (Johane 17:14) Go tshelwa ga mogopo wa bobedi wa bogale jwa Modimo go senola gore batho botlhe ba ba nnang mo lewatleng leno ba sule mo matlhong a ga Jehofa. E re ka setho e le setšhaba se le sengwe fela, se na le molato o mogolo o o kopanetsweng wa go tsholola madi a a se nang molato. Fa letsatsi la bogale jwa ga Jehofa le tla, ba tla swa ka mmatota ba bolawa ke matsholo a babolai.—Tshenolo 19:17, 18; bapisa Baefeso 2:1; Bakolosa 2:13.

Ba Nosiwa Madi

6. Go diragala eng fa mogopo wa boraro o tshelwa, mme go utlwiwa mafoko afe go tswa mo moengeleng mongwe le go tswa mo sebesong?

6 Mogopo wa boraro wa bogale jwa Modimo, fela jaaka go gelebetega ga terompeta ya boraro, o ama metswedi ya metsi a a phepa. “Wa boraro a tshololela mogopo wa gagwe mo dinokeng le mo metsweding ya metsi. Mme tsa fetoga madi. Mme ka utlwa moengele yo o fa godimo ga metsi a re: ‘Wena, Yo o gone le yo o neng a le gone, Yo o ikanyegang, o siame, ka gonne o dirile ditshwetso tseno, ka gonne ba ne ba tsholola madi a baitshepi le a baporofeti, mme o ba neile madi gore ba a nwe. Go a ba tshwanela.’ Mme ka utlwa sebeso se re: ‘Ee, Jehofa Modimo, Mothatayotlhe, ditshwetso tsa gago tsa boatlhodi di boammaaruri e bile di siame.’”—Tshenolo 16:4-7.

7. Ke eng se se tshwantshediwang ke ‘dinoka le metswedi ya metsi’?

7 ‘Dinoka tseno le metswedi ya metsi’ di tshwantshetsa se go tweng ke metswedi e e phepa ya kaelo le botlhale e e amogelwang ke lefatshe leno, e e jaaka botlhale jwa sepolotiki, jwa itsholelo, jwa boitseanape, jwa thuto, jwa loago, le jwa bodumedi jo bo kaelang ditiro tsa batho le ditshwetso. Go na le gore batho ba lebe kwa go Jehofa, yo e leng Motswedi wa botshelo, go bona boammaaruri jo bo nayang botshelo, ba ‘ipetletse megobe e e thubegileng’ e bile ba nole ka botlalo “botlhale jwa lefatshe leno [jo e leng] boeleele mo Modimong.”—Jeremia 2:13; 1 Bakorintha 1:19; 2:6; 3:19; Pesalema 36:9.

8. Setho se nnile le molato wa madi ka ditsela dife?

8 “Metsi” ao a a leswe a dirile gore batho ba nne le molato wa madi, ka sekai, ka go ba kgothaletsa go tsholola madi ka selekanyo se segolo mo dintweng, tse mo lekgolong le le fetileng la dingwaga di bolaileng batho ba feta dimilione tse di lekgolo. Batho ba nnile ba ‘itlhaganelela go tsholola madi a a se nang molato,’ segolobogolo ba ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete, tse di neng tsa simolola dintwa tse pedi tsa lefatshe, mme seno se akareleditse le madi a basupi ba Modimo ka boene. (Isaia 59:7; Jeremia 2:34) Batho gape ba nnile le molato wa madi ka go se dirise sentle ga bone madi a mantsi mo ditshelong tsa madi, ba tlola melao ya ga Jehofa ya tshiamo. (Genesise 9:3-5; Lefitiko 17:14; Ditiro 15:28, 29) Ka ntlha ya seno, ba setse ba robile khutsafalo ka go ntsifala ga AIDS, bolwetse jwa sebete, le malwetse a mangwe ka ntlha ya ditshelo tsa madi. Go duelela molato otlhe ono wa madi ka botlalo go tla diragala ka bonako fa batlodi ba molao botlhe ba otlhaiwa ka kotlhao e kgolo, ba gatakwa “mo segatisetsong se segolo sa beine ya bogale jwa Modimo.”—Tshenolo 14:19, 20.

9. Go tshelwa ga mogopo wa boraro go kopanyeletsa eng?

9 Mo motlheng wa ga Moshe, fa metsi a Noka ya Nile a ne a fetoga madi, Baegepeto ba ne ba kgona go tswelela ba tshela ka go senka metswedi e mengwe ya metsi. (Ekesodo 7:24) Le fa go le jalo, gompieno, mo nakong eno ya sebetso sa semoya, ga go na gope mo lefatsheng la ga Satane koo batho ba ka bonang metsi a a nayang botshelo gone. Go tshelwa ga mogopo ono wa boraro go kopanyeletsa go itsisiwe ga gore ‘dinoka le metswedi ya metsi’ di ntse jaaka madi, di bolaya semoyeng botlhe ba ba nwang mo go tsone. Fa batho ba sa retologele kwa go Jehofa, o ba otlhaya ka katlholo e e botlhoko.—Bapisa Esekiele 33:11.

10. “Moengele yo o fa godimo ga metsi” o itsise eng, mme “sebeso,” se oketsa ka bosupi bofe?

10 “Moengele yo o fa godimo ga metse,” ke go re, moengele yo o tshelang mogopo ono mo metsing, o tlotlomatsa Jehofa gore ke Moatlhodi wa Lobopo Lotlhe, yo ditshwetso tsa gagwe tsa tshiamo di se nang selabe. Ka gone, o bua jaana ka katlholo eno: “Go a ba tshwanela.” Kwantle ga pelaelo, moengele yono ka boene o ne a iponetse ka matlho go tshololwa ga madi le bosetlhogo jo bo neng jwa dirwa ka diketekete tsa dingwaga ke dithuto tsa maaka le matlhajana a lefatshe leno le le boikepo. Ka jalo, o a itse gore katlholo ya ga Jehofa e siame. Tota le “sebeso” sa Modimo se a bua. Mo go Tshenolo 6:9, 10, meya ya ba ba neng ba bolaelwa tumelo ya bone e bolelwa e le ka fa tlase ga sebeso. Jalo “sebeso” se oketsa bosupi jo bo maatla jwa tshiamiso le tshiamo ya ditshwetso tsa ga Jehofa.a Eleruri, ke tshwanelo gore batho ba ba tsholotseng madi a mantsi jalo le go a dirisa ka tsela e e sa tshwanelang bone ka namana ba patelediwe go nwa madi, e le se se tshwantshetsang gore Jehofa o ba atlholela loso.

Go Fisa Batho ka Molelo

11. Mogopo wa bonè wa bogale jwa Modimo o tshelwa mo go eng, mme go diragala eng fa o tshelwa?

11 Mogopo wa bonè wa bogale jwa Modimo o tshelwa mo letsatsing. Johane o a re bolelela: “Wa bonè a tshololela mogopo wa gagwe mo letsatsing; mme letsatsi la newa gore le fise batho ka molelo. Mme batho ba ne ba fisiwa ka mogote o mogolo, mme ba tlhapatsa leina la Modimo, yo o nang le taolo godimo ga dipetso tseno, mme ba ne ba se ka ba ikwatlhaya gore ba mo neye kgalalelo.”—Tshenolo 16:8, 9.

12. “Letsatsi” la lefatshe leno ke eng, mme letsatsi leno la tshwantshetso le letlelelwa go dira eng?

12 Gompieno, kwa bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo, bomonnawe Jesu ba semoya ba “phatsima thata fela jaaka letsatsi mo bogosing jwa ga Rraabone.” (Mathaio 13:40, 43) Jesu ka boene ke “letsatsi la tshiamo.” (Malaki 4:2) Le fa go le jalo, setho se na le “letsatsi” la sone, babusi ba sone ba ba lekang go phatsima ba ganetsa Bogosi jwa Modimo. Go gelebetega ga terompeta ya bonè go ne ga itsise gore ‘letsatsi, kgwedi, le dinaledi’ tsa magodimo a ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete tota ke metswedi ya lefifi, e seng ya lesedi. (Tshenolo 8:12) Mogopo wa bonè wa bogale jwa Modimo jaanong o bontsha gore “letsatsi” la lefatshe le tla nna mogote o mogolo. Batho ba ba lebiwang e le baeteledipele ba sekamatsatsi ba tla ‘fisa’ setho. Letsatsi la tshwantshetso le tla letlelelwa go dira jalo. Ka mafoko a mangwe, Jehofa o tla letlelela seno e le karolo ya katlholo ya gagwe e e bogale mo sethong. Go fisa gono go diragetse ka tsela efe?

13. Babusi ba sekamatsatsi ba lefatshe leno ba ‘fisitse’ setho ka ditsela dife?

13 Morago ga ntwa ya lefatshe ya ntlha, babusi ba lefatshe leno ba ne ba tlhama lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba ka maiteko a go rarabolola bothata jwa polokesego mo lefatsheng, mme seno se ne sa retelelwa. Jalo mefuta e mengwe ya puso ya tekeletso e ne ya lekiwa, e e tshwanang le Bo-Fascist le Bonasi. Bokomonisi bo ne jwa nna jwa oketsega. Go na le go tokafatsa seemo sa setho, babusi ba sekamatsatsi ba ditsamaiso tseno ba ne ba simolola go ‘fisa setho ka mogote o mogolo.’ Dintwa tsa maraganelateng a bana ba mpa tsa Spain, Ethiopia, le Manchuria di ne tsa gogela kwa ntweng ya bobedi ya lefatshe. Ditiragalo tsa bosheng di bega gore Mussolini, Hitler, le Stalin jaaka babusaesi ba ne ba ikarabelela ka tlhamalalo le e seng ka tlhamalalo mo go bolaiweng ga batho ba le dimilione di le masomesome, go akareletsa le batho ba le bantsi ba dinaga tsa bone. Bosheng fela jaana, dikgotlhang tsa ditšhabatšhaba le tsa selegae di ile tsa ‘fisa’ batho ba dinaga tse di jaaka Vietnam, Kampuchea, Iran, Lebanona, le Ireland, gammogo le dinaga dingwe tsa Latin America le Afrika. Mo godimo ga tseno go na le go kgaratlha mo go sa feleng ga mebuso e e nonofileng, e dibetsa tsa yone tsa nuklea tse di tsitlisang marapo di ka kgonang go ja setho sotlhe ka molelo. Mo metlheng eno ya bofelo, eleruri batho ba letleletswe go fisiwa ke “letsatsi” le le mogote, e leng babusi ba bone ba ba sa siamang. Go tshelwa ga mogopo wa bonè wa bogale jwa Modimo go gateletse mabaka ano a a sa lebalegeng, mme batho ba Modimo ba nnile ba itsise kaga one go kgabaganya lefatshe.

14. Basupi ba ga Jehofa ba nnile ba ruta ka metlha gore tharabololo e le yosi ya mathata a setho ke eng, mme setho ka kakaretso se nnile sa arabela jang?

14 Basupi ba ga Jehofa ba nnile ba ruta ka metlha gore tharabololo e le yosi fela ya mathata a a tshwenyang setho ke Bogosi jwa Modimo, jo Jehofa a ikaelelang go itshepisa leina la gagwe ka jone. (Pesalema 83:4, 17, 18; Mathaio 6:9, 10) Le fa go ntse jalo, setho se tlhokomologile tharabololo eno. Bontsi jwa batho ba ba ganang Bogosi jono gape ba tlhapatsa leina la Modimo, fela jaaka Faro a ne a dira fa a ne a gana go ineela mo bolaoding jwa ga Jehofa. (Ekesodo 1:8-10; 5:2) E re ka ba se na kgatlhego mo Bogosing jwa ga Mesia, baganetsi bano ba ikgethela go boga ka fa tlase ga “letsatsi” le le bogale la bone la puso ya batho e e gatelelang.

Setulo sa Bogosi sa Sebatana

15. (a) Mogopo wa botlhano o tshelwa mo godimo ga eng? (b) ‘Setulo sa bogosi sa sebatana’ ke eng, mme ke eng se se akarediwang mo go tshelweng ga mogopo mo go sone?

15 Moengele yo o latelang o tshela mogopo wa gagwe mo godimo ga eng? “Wa botlhano a tshololela mogopo wa gagwe mo setulong sa bogosi sa sebatana.” (Tshenolo 16:10a) “Sebatana” seno ke tsamaiso ya puso ya ga Satane. Ga e na setulo sa bogosi sa mmatota, fela jaaka sebatana ka bosone e se sa mmatota. Le fa go ntse jalo, go umakiwa ga setulo sa bogosi go bontsha gore sebatana se ile sa laola setho ka tsela ya segosi, seno se tumalanong le kgang ya go bo lonaka longwe le longwe lwa sebatana lo na le serwalo sa segosi. Tota e bile, ‘setulo sa bogosi sa sebatana’ ke motheo, kana motswedi, wa bolaodi joo.b Baebele e senola boemo jwa boammaaruri jwa bolaodi jwa segosi jwa sebatana seo fa e re “kgogela ya naya sebatana seno maatla a yone le setulo sa yone sa bogosi le taolo e kgolo.” (Tshenolo 13:1, 2; 1 Johane 5:19) Ka gone, go tshelwa ga mogopo mo setulong sa bogosi sa sebatana go akaretsa kitsiso e e senolang seabe se Satane totatota a nnileng le sone le se a tsweletseng go nna le sone gompieno mo go tshegetseng le go rotloetseng sebatana.

16. (a) Ditšhaba di direla mang, e ka ne di go lemoga kana di sa go lemoge? Tlhalosa. (b) Lefatshe le supa botho jwa ga Satane jang? (c) Setulo sa bogosi sa sebatana se tla tlosiwa mo pusong leng?

16 Kamano eno ya ga Satane le ditšhaba e bolokiwa jang? Fa Satane a ne a raela Jesu, o ne a mmontsha magosi otlhe a lefatshe mo ponatshegelong a bo a mo solofetsa “taolo eno yotlhe le kgalalelo ya yone.” Mme go ne go na le se Jesu a neng a tshwanetse go se dira—pele o ne a tshwanetse go obama fa pele ga ga Satane. (Luke 4:5-7) A re ka akanya gore dipuso tsa lefatshe di amogela bolaodi jwa tsone ka tlhwatlhwa e potlana? Le e seng. Go ya ka Baebele, Satane ke modimo wa tsamaiso eno ya dilo, mo e leng gore, e ka ne ditšhaba di lemoga kana nnyaa, di a mo direla. (2 Bakorintha 4:3, 4)c Seemo seno se bonala mo tseleng e tsamaiso ya gompieno ya lefatshe e leng ka yone, e e thailweng mo go kgaoganyeng batho ka ditšhaba, letlhoo le bopelotshetlha. E rulagantswe ka fa Satane a batlang gore e nne ka teng—gore a nne a laole setho. Tsietso mo dipusong, go gwalalela taolo, go dirisana ga dinaga ka go se ikanyege, kgaisano ya dibetsa—dilo tseno di supa botho jwa ga Satane jo bo boikepo. Lefatshe le dumalana le ditekanyetso tsa ga Satane tse di sa siamang, ka gone le mo dira modimo wa lone. Setulo sa bogosi sa sebatana se tla tlosiwa mo pusong fa sebatana seo se fedisiwa mme Losika lwa mosadi wa Modimo kgabagare lo tsenya Satane ka namana mo moleteng o o se nang bolekanngo.—Genesise 3:15; Tshenolo 19:20, 21; 20:1-3.

Lefifi le Botlhoko jo Bogolo

17. (a) Go tshelwa ga mogopo wa botlhano go amana jang le lefifi la semoya le le nnileng la apesa bogosi jwa sebatana? (b) Batho ba itshwara jang fa go tshelwa mogopo wa botlhano wa bogale jwa Modimo?

17 Bogosi jwa sebatana seno bo ntse bo le mo lefifing la semoya fa e sa le bo simologa. (Bapisa Mathaio 8:12; Baefeso 6:11, 12.) Mogopo wa botlhano o lere kitsiso e e maatla ya phatlalatsa ka ga lefifi leno. E bile o a le tshwantsha, ka gore mogopo ono wa bogale jwa Modimo o tshelwa mo go sone setulo sa bogosi sa sebatana sa tshwantshetso. “Wa botlhano a tshololela mogopo wa gagwe mo setulong sa bogosi sa sebatana. Mme bogosi jwa sone jwa fifala, mme ba simolola go itšhotlha diteme ka ntlha ya botlhoko jwa bone, mme ba tlhapatsa Modimo wa legodimo ka ntlha ya matlhoko a bone le ka ntlha ya ditlhagala tsa bone, mme ba se ka ba ikwatlhaela ditiro tsa bone.”—Tshenolo 16:10b, 11.

18. Go gelebetega ga terompeta ya botlhano go tshwana jang le mogopo wa botlhano wa bogale jwa Modimo?

18 Go gelebetega ga terompeta ya botlhano ga go tshwane thata le mogopo wa botlhano wa bogale jwa Modimo, e re ka go gelebetega ga terompeta go itsise ka sebetso sa tsie. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore fa sebetso seo sa tsie se bulelwa, letsatsi le moya di ne tsa fifala. (Tshenolo 9:2-5) Mme mo go Ekesodo 10:14, 15, re bala jaana malebana le tsie e Jehofa a neng a itaya Egepeto ka yone: “E ne e le bokete tota. Pele ga yone go ne go ise go ke go nne le tsie ka tsela eno jaaka yone, e bile ga go kitla go nna le epe ka tsela eno morago ga yone. Ya bipa bogodimo jo bo bonalang jwa lefatshe lotlhe, mme lefatshe la nna lefifi.” Ee, lefifi! Gompieno, lefifi la semoya le le mo lefatsheng le bonala sentle fela thata ka ntlha ya go lediwa ga terompeta ya botlhano le go tshelwa ga mogopo wa botlhano wa bogale jwa Modimo. Molaetsa o o lomang o o itsisiweng ke lesogodi la tsie la motlha wa gompieno o tlhokofatsa o ba o utlwisa botlhoko baikepi ba ba ‘ratang lefifi bogolo go lesedi.’—Johane 3:19.

19. Tumalanong le Tshenolo 16:10, 11, go senolwa phatlalatsa ga ga Satane gore ke modimo wa tsamaiso eno ya dilo go baka eng?

19 E re ka Satane e le mmusi wa lefatshe, o bakile go se itumele le pogo e kgolo. Mauba, dintwa, thubakanyo, bokebekwa, go se dirise diokobatsi sentle, boitsholo jo bo sa siamang, malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo, go se ikanyege, boitimokanyi jwa bodumedi—dilo tseno le tse dingwe ke dilo tse di tshwayang tsamaiso ya ga Satane ya dilo. (Bapisa Bagalatia 5:19-21.) Le fa go le jalo, go senolwa phatlalatsa ga ga Satane gore ke modimo wa tsamaiso eno ya dilo go ile ga tlhokofatsa ga ba ga tlhabisa ditlhong ba ba tshelang go ya ka ditekanyetso tsa gagwe. “Ba itšhotlha diteme ka ntlha ya botlhoko,” segolobogolo mo ditumelong tse di ipitsang tsa Bokeresete. Batho ba le bantsi ba tenwa ke go bo boammaaruri bo senola mokgwa wa bone wa botshelo. Ba bangwe ba bo bona e le matshosetsi, mme ba bogisa ba ba bo anamisang. Ba gana Bogosi jwa Modimo e bile ba kgala leina la ga Jehofa le le boitshepo. Boemo jwa bone jwa go swa mo tumelong, jwa go tswa dintho bo a senolwa, mo jaanong ba tlhapatsang Modimo wa legodimo. Nnyaa, ga ba ‘ikwatlhaele ditiro tsa bone.’ Ka jalo re ka se lebelele gore batho ba tla sokololwa ba le bantsi pele ga bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.—Isaia 32:6.

Go Kgala ga Noka ya Euferatese

20. Go gelebetega ga terompeta ya borataro le go tshelwa ga mogopo wa borataro go amana jang le noka ya Euferatese?

20 Go gelebetega ga terompeta ya borataro go ne ga itsise ka go gololwa ga “baengele ba banè ba ba bofilweng kwa nokeng e kgolo ya Euferatese.” (Tshenolo 9:14) Go ya ka ditiragalo, Babelona e ne e le motse o mogolo o o neng o le fa nokeng ya Euferatese. Mme ka 1919 go gololwa ga baengele bano ba banè ba tshwantshetso go ne ga diragala ka nako e le nngwe fela le go wa go gogolo ga Babelona o Mogolo. (Tshenolo 14:8) Go a bonala he gore, mogopo wa borataro wa bogale jwa Modimo le one o amana le noka ya Euferatese: “Wa borataro a tshololela mogopo wa gagwe mo nokeng e kgolo ya Euferatese, mme metsi a yone a kgala, gore dikgosi tse di tswang botlhabatsatsi di baakanyediwe tsela.” (Tshenolo 16:12) Mafoko ano le one ke a a bosula mo go Babelona o Mogolo!

21, 22. (a) Metsi a tshireletso a noka ya Euferatese a ne a kgala jang mo Babelona ka 539 B.C.E.? (b) “Metsi” a Babelona o Mogolo a ntseng mo go one ke eng, mme metsi ao a tshwantshetso a kgala jang le e leng gone jaanong?

21 Ka nako ya go busa ga Babelona wa bogologolo, metsi a mantsi a Euferatese e ne e le karolo e kgolo ya tsela ya gagwe ya go iphemela. Ka 539 B.C.E. metsi ao a ne a kgala fa a ne a faposiwa mo tseleng ya one ke moeteledipele wa Moperesia e bong Kuruse. Ka gone, go ne ga kgonega gore Kuruse wa Moperesia le Dario wa Momeda, dikgosi tse di tswang kwa “botlhabatsatsi,” ba tsene mo Babelona ba mo fenye. Ka nako eo ya mathata, noka ya Euferatese e ne ya retelelwa ke go sireletsa motse oo o mogolo. (Isaia 44:27–45:7; Jeremia 51:36) Selo se se tshwanang se tloga se diragalela Babelona wa segompieno, e bong tsamaiso ya lefatshe lotlhe ya bodumedi jwa maaka.

22 Babelona o Mogolo o ‘dutse mo metsing a mantsi.’ Go ya ka Tshenolo 17:1, 15, metsi ano a tshwantshetsa “batho le boidiidi le ditšhaba le diteme”—bontsintsi jwa batho ba ba dumelang mo go ene ba a nnileng a ba tsaya jaaka tshireletso. Mme “metsi” ao a a kgala! Kwa Yuropa Bophirima, koo pele a neng a na le tlhotlheletso e kgolo gone, dimilionemilione tsa batho di tlhokomologile bodumedi di sa iphitlhe. Mo mafatsheng mangwe, go ne ga feta dingwaga di le dintsi go tlhomilwe melao e boikaelelo jwa yone e leng go leka go nyeletsa tlhotlheletso ya bodumedi. Batho ba le bantsi ba mafatshe ao ga ba mo emele. Ka tsela e e tshwanang, fa nako e tla ya gore Babelona o Mogolo a senngwe, palo e e ntseng e ngotlega ya batho ba ba dumelang mo go ene ba tla itshupa fa e se tshireletso gotlhelele. (Tshenolo 17:16) Le mororo Babelona o Mogolo a iphaka fa a na le maloko a le dimilionemilione, o tla iphitlhela a sa sireletsega kgatlhanong le “dikgosi tse di tswang botlhabatsatsi.”

23. (a) Dikgosi tse “di tswang kwa botlhabatsatsi” e ne e le bomang ka 539 B.C.E.? (b) “Dikgosi tse di tswang kwa botlhabatsatsi” ke bomang mo letsatsing la Morena, mme ba tla senya Babelona o Mogolo jang?

23 Dikgosi tseno ke bomang? Ka 539 B.C.E. e ne e le Dario wa Momeda le Kuruse wa Moperesia, ba ba neng ba dirisiwa ke Jehofa go fenya motse wa bogologolo wa Babelona. Mo letsatsing leno la Morena, tsamaiso ya bodumedi jwa maaka ya Babelona o Mogolo le yone e tla senngwa ke babusi ba batho. Mme gape, seno e tla bo e le katlholo ya bomodimo. Jehofa Modimo le Jesu Keresete, e bong “dikgosi tse di tswang kwa botlhabatsatsi,” ba tla bo ba tsentse mo dipelong tsa babusi ba batho “kakanyo” ya gore ba tlhanogele Babelona o Mogolo le go mo senyetsa ruri. (Tshenolo 17:16, 17) Go tshelwa ga mogopo wa borataro go itsise phatlalatsa gore katlholo eno e tloga e diragadiwa!

24. (a) Dilo tse di mo megopong ya ntlha e merataro ya bogale jwa ga Jehofa di anamisitswe jang, mme ka diphelelo dife? (b) Pele ga Tshenolo e re bolelela kaga mogopo o o setseng wa bogale jwa Modimo, e senola eng?

24 Megopo eno ya ntlha e merataro ya bogale jwa ga Jehofa e tshotse molaetsa o o tlhokang go akanyediwa. Batlhanka ba Modimo ba mo lefatsheng, ba engwe nokeng ke baengele, ba ntse ba tshwaregile ka go anamisa dilo tse di mo go yone mo lefatsheng ka bophara. Ka tsela eno, dikarolo tsotlhe tsa tsamaiso ya lefatshe ya ga Satane di neilwe tlhagiso e e di tshwanelang, gape Jehofa o neile batho sebaka sa go dira tshiamo e le gore ba tswelele ba tshela. (Esekiele 33:14-16) Le fa go le jalo, go sa ntse go setse mogopo o mongwe wa bogale jwa Modimo. Mme pele ga Tshenolo e re bolelela kaga one, e senola kafa Satane le baemedi ba gagwe ba mo lefatsheng ba lekang ka teng go thibela go anamisiwa ga dikatlholo tsa ga Jehofa.

Go Phuthelwa kwa Haramagedona

25. (a) Johane o re bolelela eng kaga ‘dipolelwana tse di seng phepa tse di tlhotlheleditsweng,’ tse di lebegang jaaka digwagwa? (b) Go nnile jang le ditlhaselo tse di maswe tsa ‘dipolelwana tse di seng phepa tse di tlhotlheleditsweng’ tse di jaaka digwagwa mo letsatsing la Morena, mme ka diphelelo dife?

25 Johane o re bolelela jaana: “Mme ka bona dipolelwana tse tharo tse di seng phepa tse di tlhotlheleditsweng tse di neng di lebega jaaka digogwane di tswa mo molomong wa kgogela le mo molomong wa sebatana le mo molomong wa moporofeti wa maaka. Tota e bile, ke dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng ke madimona mme di dira ditshupo, mme di tswela kwa dikgosing tsa lefatshe lotlhe le le nang le banni, go ya go di phuthela kwa ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.” (Tshenolo 16:13, 14) Mo motlheng wa ga Moshe, Jehofa o ne a lere sebetso se se maswe sa digwagwa kwa Egepeto wa ga Faro, mo e leng gore “lefatshe [le ne] la simolola go nkga sebodu.” (Ekesodo 8:5-15) Mo letsatsing la Morena, le gone go nnile le ditlhaselo tse di maswe tsa sekadigwagwa, le mororo di ne di tswa motsweding o o farologaneng. Ke ‘dipolelwana tse di seng phepa tse di tlhotlheleditsweng’ tsa ga Satane, tse go bonalang sentle gore di tshwantshetsa maaka a a tlhametsweng go dira gore babusi botlhe ba lefatshe, “dikgosi,” ba ganetse Jehofa Modimo. Ka go dira jalo, Satane o tlhomamisa gore ba se ka ba reketlisiwa ke go tshelwa ga megopo ya bogale jwa Modimo mme ba nitame mo letlhakoreng la ga Satane fa ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ e simologa.

26. (a) Maaka a bosatane a tswa metsweding efe e meraro? (b) “Moperofeti wa maaka” ke eng, mme re itse seo jang?

26 Maaka ano a tswa mo go “kgogela” (e bong Satane) le “sebatana” (e bong thulaganyo ya ga Satane ya selefatshe ya sepolotiki), dibopiwa tse re setseng re badile ka tsone mo go Tshenolo. Le fa go le jalo “moperofeti wa maaka” ke mang? Ene o mosha ka leina fela. Pelenyana, re ne ra bontshiwa sebatana sa dinaka tse pedi tse di tshwanang le tsa kwana se se neng se dira ditshupo tse dikgolo fa pele ga sebatana se se ditlhogo di supa. Sebopiwa seno se se boferefere se ne se dira jaaka moperofeti wa sebatana seo. Se ne sa rotloetsa kobamelo ya sebatana, se bile se dira gore se direlwe setshwantsho. (Tshenolo 13:11-14) Sebatana seno sa dinaka tse pedi tse di tshwanang le tsa kwana e tshwanetse ya bo gape e le “moperofeti wa maaka” yo o umakiwang fano. Go tlhomamisa seno, re bala moragonyana gore moperofeti wa maaka, fela jaaka sebatana sa tshwantshetso se se dinaka tse pedi, o “dira ditshupo fa pele ga [sebatana sa dinaka tse supa] tse a neng a tsietsa ba ba neng ba amogela letshwao la sebatana ka tsone le ba ba obamelang setshwantsho sa sone.”—Tshenolo 19:20.

27. (a) Ke tlhagiso efe e e mo nakong e Jesu Keresete ka boene a e ntshang? (b) Ke tlhagiso efe e Jesu a neng a e ntsha fa a ne a le mo lefatsheng? (c) Moaposetoloi Paulo o ne a ntsha jang tlhagiso e e tshwanang le ya ga Jesu?

27 Ka jaana go na le maaka a mantsi jaana a bosatane, mafoko a a latelang a Johane a a kwalang eleruri a mo nakong: “Bona! Ke tla jaaka legodu. Go itumela yo o nnang a tsogile e bile a boloka diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle, gore a se ka a tsamaya a sa ikatega mme batho ba leba ditlhong tsa gagwe.” (Tshenolo 16:15) Ke mang yo o tlang “jaaka legodu”? Ke Jesu ka boene, a tla ka nako e e sa bolelwang e le Modiragatsakatlholo wa ga Jehofa. (Tshenolo 3:3; 2 Petere 3:10) Fa Jesu a sa ntse a le mo lefatsheng, le ene o ne a tshwantsha go tla ga gagwe jaaka ga legodu, a re: “Jalo, nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse gore Morena wa lona o tla ka letsatsi lefe. Ka lebaka leno le lona itshupeng lo iketleeditse, ka gonne ka ura e lo sa akanyeng gore ke yone, Morwa motho o tla ka yone.” (Mathaio 24:42, 44; Luke 12:37, 40) Fa moaposetoloi Paulo a ne a ntsha tlhagiso e e tshwanang, o ne a re: “Letsatsi la ga Jehofa le a tla fela jaaka legodu bosigo. Motlhang ba reng: ‘Kagiso le polokesego!’ foo tshenyego ya tshoganyetso e tla ba wela ka ponyo ya leitlho.” Satane ke ene yo o tlhotlheletsang dipolelo tseo tsotlhe tsa maaka tsa “Kagiso le polokesego!”—1 Bathesalonika 5:2, 3.

28. Jesu o ne a ntsha tlhagiso efe kaga go lepalepana le dikgatelelo tsa lefatshe, mme “letsatsi leo” le Bakeresete ba sa batleng gore le ba wele “jaaka seru” ke lefe?

28 Jesu gape o ne a tlhagisa ka mofuta wa kgatelelo o lefatshe leno, le le tletseng maaka, le neng le tla gatelela Bakeresete ka yone. O ne a re: “Itlhokomeleng gore dipelo tsa lona di se ka le ka motlha tsa imelwa ke go ja mo go feteletseng le ke go nwa bobe le ke ditlhobaelo tsa botshelo, mme ka tshoganyetso letsatsi leo la lo wela ka ponyo ya leitlho jaaka seru. . . . Jaanong, nnang lo tsogile, lo dira mokokotlelo ka nako yotlhe gore lo tle lo atlege mo go faloleng dilo tseno tsotlhe tse di laoletsweng go diragala, le go ema fa pele ga Morwa motho.” (Luke 21:34-36) “Letsatsi leo” ke “letsatsi le legolo la Modimo, Mothatayotlhe.” (Tshenolo 16:14) Fa “letsatsi leo” la go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa le ntse le atamela, go ntse go thatafalela pele go emelelana le ditlhobaelo tsa botshelo. Bakeresete ba tshwanetse go nna ba thantse e bile ba etse tlhoko, ba disitse go fitlhela letsatsi leo le goroga.

29, 30. (a) Ke eng se se kaiwang ke tlhagiso ya ga Jesu ya gore ba ba fitlhelwang ba robetse ba tla tlhabisiwa ditlhong ka go latlhegelwa ke ‘diaparo tsa bone tsa kafa ntle’? (b) Diaparo tsa kafa ntle di tlhaola moapari wa tsone e le eng? (c) Motho a ka latlhegelwa jang ke diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle tsa tshwantshetso, mme ka diphelelo dife?

29 Le fa go le jalo, ke eng se se kaiwang ke tlhagiso ya gore ba ba fitlhelwang ba robetse ba tla tlhabisiwa ditlhong ka go latlhegelwa ke ‘diaparo tsa bone tsa kafa ntle’? Kwa Iseraeleng wa bogologolo, moperesiti ope fela kana Molefi yo o neng a disitse kwa tempeleng o ne a na le boikarabelo jo bogolo. Bakwadi ba Bajuda ba re bolelela gore fa mongwe a ne a fitlhelwa a robetse a le mo tirong eo, o ne a apolwa diaparo mme di fisiwe, e le gore a tle a tlhabisiwe ditlhong phatlalatsa.

30 Jesu fano o tlhagisa ka gore sengwe se se tshwanang se ka diragala gompieno. Baperesiti le Balefi ba ne ba tshwantshetsa bomorwarraagwe Jesu ba ba tloditsweng. (1 Petere 2:9) Mme tlhagiso ya ga Jesu e dira le mo go ba boidiidi jo bogolo. Diaparo tsa kafa ntle tse go buiwang ka tsone fano di tlhaola moapari wa tsone gore ke Mosupi wa ga Jehofa wa Mokeresete. (Bapisa Tshenolo 3:18; 7:14.) Fa ope fela a ka letla gore dikgatelelo tsa lefatshe la ga Satane di mo thulametse kana di mo tshwakgafaletse go dira, a ka nna a latlhegelwa ke diaparo tsa gagwe—ka mafoko a mangwe, ba latlhegelwa ke leina la bone le le phepa la go nna Bakeresete. Boemo jo bo ntseng jalo bo ka tlhabisa ditlhong. Bo ka baya motho mo kotsing ya go latlhegelwa gotlhelele.

31. (a) Tshenolo 16:16 e gatelela jang botlhokwa jwa gore Bakeresete ba nne ba disitse? (b) Baeteledipele bangwe ba bodumedi ba fopholeditse eng mabapi le Haramagedona?

31 Kgang ya gore Bakeresete ba nne ba disitse e nna botlhokwa le e leng go feta jaaka fa temana e e latelang ya Tshenolo e tloga e diragadiwa: “Mme [dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng ke badimona] tsa . . . phuthela [dikgosi tsa lefatshe, kana babusi] mmogo kwa lefelong le le bidiwang Hara-Magedona ka Sehebera.” (Tshenolo 16:16) Leina leno le gantsi le ranolwang e le Aramagedona le tlhaga gangwe fela mo Baebeleng. Mme le tshikhintse maikutlo a batho. Baeteledipele ba lefatshe ba tlhagisitse gore go ka nna ga nna le Haramagedona ya ntwa ya nuklea. Haramagedona gape e ile ya amanngwa le motse wa bogologolo wa Megido, lefelo le go neng go tlhabanelwa dintwa tse dintsi tsa makgaolakgang mo go lone mo metlheng ya Baebele, mme ka gone baeteledipele bangwe ba bodumedi ba ile ba fopholetsa gore ntwa ya bofelo ya lefatsheng e tla lwelwa mo lefelong leo le lebotlana. Mo kgannyeng eno, ba kgakala fela thata le boammaaruri.

32, 33. (a) Go na le go nna lefelo la mmatota, leina Haramagedona, kana Aramagedona, le emela eng? (b) Ke maina afe a mangwe a Baebele a a tshwanang le “Haramagedona,” kana a a amanang le yone? (c) Ke leng e tla bong e le nako ya gore moengele wa bosupa a tshele mogopo wa bofelo wa bogale jwa Modimo?

32 Leina Haramagedona le kaya “Thaba ya Megido.” Mme go na le go nna lefelo la mmatota, le emela seemo sa lefatshe se ditšhaba tsotlhe di tla phuthelwang mo go sone go ganetsa Jehofa Modimo le se e tla reng la bofelo a di nyeleletse ruri mo go sone. Tiragalo eo ke tiragalo e e tla diragalang mo lefatsheng lotlhe. (Jeremia 25:31-33; Daniele 2:44) E tshwana le “segatisetsong se segolo sa beine ya bogale jwa Modimo” le ‘lebala le le kwa tlase la katlholo,’ kana ‘lebala le le kwa tlase la Jehoshafate,’ koo ditšhaba di phuthelwang teng go ya go nyelediwa ke Jehofa. (Tshenolo 14:19; Joele 3:12, 14) Gape e amana le ‘lefatshe la Iseraele’ le masole a a boikepo a Gogo wa Magogo a senyediwang teng le lefelo le le “fa gare ga lewatle le legolo le thaba e e boitshepo ya Mokgabiso” le kgosi ya bokone e tlang mo go lone “go ya go fitlha fela kwa bokhutlong jwa yone” e nyelediwa ke Mikaele kgosana e kgolo.—Esekiele 38:16-18, 22, 23; Daniele 11:45–12:1.

33 Fa ditšhaba di sena go phuthelwa mo seemong seno ke maaka a sekadigwagwa a a tswang mo go Satane le baemedi ba gagwe ba mo lefatsheng, e tla bo e le nako ya gore moengele wa bosupa a tshele mogopo wa bofelo wa bogale jwa Modimo.

“Go Diragetse!”

34. Moengele wa bosupa o tshela mogopo wa gagwe mo go eng, mme ke mafoko afe a a tswang ‘mo lefelong le le boitshepo mo setulong sa bogosi’?

34 “Wa bosupa a tshololela mogopo wa gagwe mo moyeng. Foo lentswe le le kwa godimo la tswa mo lefelong le le boitshepo le tswa mo setulong sa bogosi, le re: ‘Go diragetse!’”—Tshenolo 16:17.

35. (a) “Moya” o Tshenolo 16:17 e buang ka one ke eng? (b) Fa moengele wa bosupa a tshela mogopo wa gagwe mo moyeng, o supa eng?

35 “Moya” ke selo sa bofelo se se bolokang botshelo se se tlhaselwang. Mme moya ono ga se wa mmatota. Ga go na sepe mo moyeng wa mmatota se se dirang gore o tshwanelwe ke dikatlholo tsa ga Jehofa tse di bogale, fela jaaka lefatshe la mmatota, lewatle, metswedi ya metsi a a phepa, kana letsatsi di sa tshwanelwe ke go tlhokofadiwa ke dikatlholo tsa ga Jehofa. Go na le moo, “moya” ono ke o Paulo a neng a bua ka one fa a ne a bitsa Satane “mmusi wa taolo ya moya.” (Baefeso 2:2) Ke “moya” wa ga Satane o lefatshe le o hemang gompieno, moya (spirit), kana tshekamelo ya mogopolo ka kakaretso, e e bonalang mo tsamaisong yotlhe ya gagwe e e bosula ya dilo, go akanya ga bosatane go go aparetseng karolo nngwe le nngwe ya botshelo kwantle ga phuthego ya ga Jehofa. Ka gone, fa moengele wa bosupa a tshela mogopo wa gagwe mo moyeng, o supa bogale jwa Modimo kgatlhanong le Satane, phuthego ya gagwe, le sengwe le sengwe se se tlhotlheletsang batho go ema Satane nokeng mo go nyatseng bolaodi jwa ga Jehofa.

36. (a) Dipetso tse supa ke karolo ya eng? (b) Ke eng se se kaiwang ke kitsiso ya ga Jehofa ya gore “Go diragetse!”?

36 Sebetso seno le tse di fetileng tse thataro di re naya palo yotlhe ya dikatlholo tsa ga Jehofa kgatlhanong le Satane le tsamaiso ya gagwe. Di bolela go atlholwa ga ga Satane le losika lwa gagwe. Fa mogopo ono wa bofelo o tshelwa, Jehofa ka boene o bolela jaana: “Go diragetse!” Ga go na sepe se se ka tlholang se buiwa. Fa dilo tse di mo megopong ya bogale jwa Modimo di sena go anamisiwa ka tsela e e kgotsofatsang Jehofa, ga go na go nna le tiego mo go diragatseng dikatlholo tse di boletsweng ka melaetsa eno.

37. Johane o tlhalosa jang se se diragalang morago ga go tshelwa ga mogopo wa bosupa wa bogale jwa Modimo?

37 Johane o a tswelela: “Mme ga nna dikgadima le mantswe le ditumo tsa maru, ga nna thoromo e kgolo ya lefatshe e e ntseng jaaka e e iseng e ke e nne fa e sale batho ba simolola go nna gone mo lefatsheng, thoromo ya lefatshe ya bogolo jo bo boitshegang e le ruri, e kgolo e le tota. Mme motse o mogolo wa kgaogana dikarolo tse tharo, le metse ya ditšhaba ya wa; le Babelona o Mogolo a gakologelwa mo ponong ya Modimo, go mo naya senwelo sa beine ya bogale jwa tšhakgalo ya gagwe. Gape, setlhaketlhake sengwe le sengwe sa tshaba, le dithaba tsa se ka tsa fitlhelwa. Mme sefako se segolo se leje lengwe le lengwe la sone le leng mo e ka nnang bokete jwa talenta sa fologa kwa legodimong se tla mo bathong, mme batho ba tlhapatsa Modimo ka ntlha ya sebetso sa sefako, ka gonne sebetso sa sone se ne se le segolo mo go sa tlwaelegang.”—Tshenolo 16:18-21.

38. Ke eng se se tshwantshediwang ke (a) “thoromo e kgolo ya lefatshe”? (b) kgang ya go bo “motse o mogolo,” e leng Babelona o Mogolo, o kgaoganngwa “dikarolo tse tharo”? (c) kgang ya go bo ‘setlhaketlhake sengwe le sengwe se tshaba le dithaba tsa se ka tsa fitlhelwa’? (d) “sebetso sa sefako”?

38 Gape, Jehofa o tseela batho kgato a sa okaoke, mme seno se supiwa ke “dikgadima, le mantswe, le ditumo tsa maru.” (Bapisa Tshenolo 4:5; 8:5.) Setho se tla tshikhinngwa ka tsela e go iseng go ke go diragale ka yone pele, jaaka e kete ke thoromo e kgolo ya lefatshe. (Bapisa Isaia 13:13; Joele 3:16.) Tshikhinyego eno e kgolo e tla thubaganya “motse o mogolo,” e leng Babelona o Mogolo, mo a tla kgaoganang “dikarolo tse tharo”—e leng se se tshwantshetsang go wa ga gagwe a senngwa mo a se kitlang a tlhola a tsosolosiwa. “Metse ya ditšhaba,” le yone e tla wa. “Setlhaketlhake sengwe le sengwe” le “dithaba”—e leng ditheo le mekgatlho e e bonalang e tlhomame mo tsamaisong eno—di tla nyelela. “Sefako se segolo,” se segolo thata go feta se se neng sa tlhasela Egepeto ka nako ya petso ya bosupa, se leje lengwe le lengwe la sone le leng bokete jwa talenta, se tla itaya setho mo go botlhoko.d (Ekesodo 9:22-26) Go otlhaiwa jalo ka go na ga metsi a a gatsetseng go ka tswa go tshwantshetsa mafoko a a sa tlwaelegang a a tlhabang a dikatlholo tsa ga Jehofa, a a supang gore kgabagare bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo gorogile! Gape Jehofa a ka nna a dirisa sefako sa mmatota mo tirong ya gagwe ya go senya.—Jobe 38:22, 23.

39. Go sa kgathalesege go tshelwa ga dipetso tse supa, ke eng se bontsi jwa batho bo tla se dirang?

39 Ka gone, lefatshe la ga Satane le tla lebana le katlholo e e siameng ya ga Jehofa. Bontsi jwa batho ba tla tswelela ba nyatsa le go tlhapatsa Modimo go ya fela kwa bokhutlong. Fela jaaka Faro wa bogologolo, dipelo tsa bone ga di na go nolofadiwa ke dipetso tse di tla nnang di boaboelediwa kana ke bokhutlo jwa bofelo jwa dipetso tseo jo bo bolayang. (Ekesodo 11:9, 10) Ga go na go diragala gore batho ba le bantsi ba fetole dipelo tsa bone ka motsotso wa bofelo. Ba ntse ba neela moya, ba tla kgala Modimo yo o reng: “Ba tla itse gore ke nna Jehofa.” (Esekiele 38:23) Le fa go le jalo, bolaodi jwa ga Jehofa Modimo Mothatayotlhe bo tla bo bo tlotlomaditswe.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go bona dikai tsa go neela bosupi kana go paka ga dilo tse di sa tsheleng, bapisa Genesise 4:10; 31:44-53; Bahebera 12:24.

b Go dirisiwa ga “setulo sa bogosi” ka tsela e e tshwanang go tlhaga mo mafokong ano a a buang ka Jesu ka tsela ya boporofeti: “Modimo ke setulo sa gago sa bogosi ka bosakhutleng, le eleng ka bosaengkae.” (Pesalema 45:6) Jehofa ke motswedi, kana motheo, wa bolaodi jwa ga Jesu jwa segosi.

c Bona le Jobe 1:6, 12; 2:1, 2; Mathaio 4:8-10; 13:19; Luke 8:12; Johane 8:44; 12:31; 14:30; Bahebera 2:14; 1 Petere 5:8.

d Fa e le gore Johane o ne a gopotse talenta ya Segerika, go raya gore leje lengwe le lengwe la sefako le ne le tla bo le le bokete jwa dikilogerama di le 20. E tla bo e le sefako se se senyang eleruri.

[Lebokoso mo go tsebe 221]

“Mo Lefatsheng”

Ba setlhopha sa Johane ba anamisitse bogale jwa ga Jehofa kgatlhanong le “lefatshe” ka mafoko a a tshwanang le a a latelang:

“Morago ga boiteko jwa makgolokgolo a dingwaga, makoko a sepolotiki a itshupile fa a ka se kgone go lepalepana le maemo a gompieno le go rarabolola mathata a a lereng tlalelo. Baitseanape ba itsholelo le batlhalefi ba dipolotiki, ba ba sekasekang kgang eno ka tlhoafalo, ba lemoga gore ba ka se kgone go dira sepe.”—Millions Now Living Will Never Die, 1920, tsebe 61.

“Ga go na puso epe mo lefatsheng gompieno e e kgotsofatsang karolo epe e e rileng ya lefatshe. Bontsi jwa dinaga di busiwa ke babusaesi. Lefatshe lotlhe re ka re le humanegile mo go tsa madi.”—A Desirable Government, 1924, tsebe 5.

“Go fedisa tsamaiso eno ya dilo . . . ke yone tsela fela ya go namola lefatshe mo bosuleng le go dira gore kagiso le tshiamo di ate.”—“This Good News of the Kingdom,” 1954, tsebe 25.

“Thulaganyo ya lefatshe ya gompieno e itlhomolotse ka boleo jo bo oketsegang, go tlhoka tshiamo le go tsuologela Modimo le thato ya gagwe. . . . Ga e ka ke ya baakanyega. Jalo, e tshwanetse go nyelediwa!”—The Watchtower, November 15, 1981, tsebe 6.

[Lebokoso mo go tsebe 223]

“Mo Lewatleng”

Mafoko a a latelang ke a se kae fela a mafoko a a neng a nna a gatisiwa ke ba setlhopha sa Johane go kgabaganya dingwaga ba itsise kaga bogale jwa Modimo kgatlhanong le “lewatle” le le sa iketlang, le le tsuologang la batho ba ba bosula ba ba tlhoboganeng le Jehofa:

“Ditiragalo tsa setšhaba sengwe le sengwe di bontsha gore e nnile ntwa gareng ga ditlhopha tse pedi. E nnile ba se kae kgatlhanong le ba le bantsi. . . . Dintwa tseno di feletse ka diphetogo tse dintsi, go boga go gogolo, le go tshololwa ga madi a mantsi.”—Government, 1928, tsebe 244.

Mo lefatsheng le lesha, “‘lewatle’ la tshwantshetso la batho ba ba sa iketlang, ba ba tsuologang, ba ba boikepo ba sebatana sa tshwantshetso se neng sa tlhatloga se tswa mo go bone bogologolo go tla go dirisiwa ke Diabolo, le tla bo le nyeletse.”—The Watchtower, ya September 15, 1967, tsebe 567.

“Mokgatlho wa batho wa jaanong o lwala moyeng mme o tsenwe ke botlhoko jwa tshwaetsano. Ga go na ope wa rona yo o ka o bolokang, gonne Lefoko la Modimo le bontsha gore bolwetsi jwa ona bo gogela losong lwa ona.”—Kagiso ya Boammaruri le Polokesego—Di Tswa Motsweding Ofe?, 1975, tsebe 130.

[Lebokoso mo go tsebe 224]

“Mo Dinokeng le mo Metsweding ya Metsi”

Sebetso sa boraro se senotse “dinoka le metswedi ya metsi” ka mafoko a a tshwanang le a a latelang:

“Baruti, ba ba iphakang e le barutisi ba dithuto tsa motheo [tsa ga Keresete], ba ile ba itshepisa ntwa ba bo ba e dira selo se se boitshepo. Ba ile ba itumelela gore ditshwantsho le dinepe tsa bone di tlhomiwe go bapa le tsa batlhabani bao ba ba tsholotseng madi.”—The Watch Tower, ya September 15, 1924, tsebe 275.

“Tirisabadimo, e thailwe mo maakeng a magolo, maaka a gore motho o tswelela a tshela morago ga loso le a gore moya wa motho ga o swe.”—What Do the Scriptures Say About “Survival After Death”?, ya 1955, tsebe 51.

“Matlhajana a batho, boradithuto tsa sepolotiki, barulaganyi ba tsa loago, bagakolodi ba tsa itsholelo le babueledi ba dingwao tsa bodumedi ga ba a lere tapologo epe ya mmatota e e nayang botshelo . . . Metsi ao a bile a dirile gore banwi ba one ba tlole molao wa Mmopi malebana le boitshepo jwa madi ba bo ba tsenelele mo dipogisong tsa bodumedi.”—Maitlhomo ao a neng a amogelwa kwa Kopanong ya Ditšhabatšhaba ya “Dikgang Tse di Molemo Tsa Bosakhutleng,” ya 1963.

“Selo se se tshwanetseng go lebelelwa mo mothong ka boene, ga se poloko ka tsela ya boitseanape, mme ke go senngwa ga losika lwa motho. . . . Ga re ka ke ra lebelela gore baithutatlhaloganyo ya motho le dingaka tsa bolwetse jwa tlhaloganyo ba lefatshe leno ba fetole tsela ya batho ya go akanya . . . Ga re ka ke ra ikaega ka sepodisi sepe sa ditšhaba tsotlhe se se ka tlhomiwang . . . sa ba sa dira lefatshe leno go nna lefelo le le bolokesegileng go nna mo go lone.”—Saving the Human Race—In the Kingdom Way, ya 1970, tsebe 5.

[Lebokoso mo go tsebe 225]

“Mo Letsatsing”

Fela jaaka “letsatsi” la puso ya batho le ile la ‘fisa’ setho mo letsatsing la Morena, ba setlhopha sa Johane, ka mafoko a a tshwanang le a a latelang, ba tlhokomedisitse batho se se diragalang:

“Gompieno Hitler le Mussolini, e leng babusaesi ba ba dirang ka go ithaopa, ba tshosetsa kagiso ya lefatshe lotlhe, mme ba engwe nokeng ka botlalo mo go senyeng kgololesego ga bone ke Lekgotla la Baruti ba Katoliki ya Roma.”—Fascism or Freedom, ya 1939, tsebe 12.

“Mo ditiragalong tsotlhe maikemisetso a a nnileng a latelwa ke babusaesi ba batho e nnile, Busa kana o senye! Mme taolo jaanong e e tshwanetseng go dirisiwa mo lefatsheng lotlhe ke Kgosi e e tlhomilweng ya Modimo, e bong Jesu Keresete, ke, Busiwa kana o senngwe.”—When All Nations Unite Under God’s Kingdom, ya 1961, tsebe 23.

“Fa e sale ka 1945 batho ba ba fetang dimilione tse 25 ba bolailwe mo dintweng di ka nna 150 tse di lolweng mo lefatsheng lotlhe.”—Tora ya Tebelo ya January 15, 1980, tsebe 6 (ka Seesemane).

“Merafe go dikologa lefatshe . . . ga ba kgathale mo go kalo kaga boikarabelo jwa merafe-rafe kgotsa melao ya boitsholo. Go fitlhelela maitlhomo a bone, merafe mengwe e ikutlwa e siametswe mo go diriseng dilo dipe fela tseo ba di tsayang di tshwanela—dikgatlampolo, dipolao, dithopo, dithuntsho, jalo le jalo . . . Merafe e tla itshokelana ka lobaka lo lo kae mo boitshwarong jo bo ntseng jalo jo bo senang tlhaloganyo le jwa tlhoko-tsebe?”—Tora ya Tebelo, ya February 15, 1985, tsebe 4.

[Lebokoso mo go tsebe 227]

“Mo Setulong sa Bogosi sa Sebatana”

Basupi ba ga Jehofa ba senotse setulo sa bogosi sa sebatana ba bo ba anamisa go atlholwa ga sone ke Jehofa ka mafoko a a tshwanang le ano:

“Babusi le baeteledipele ba ditšhaba ba dipolotiki ba tlhotlhelediwa ke masomosomo a bathata ba ba maaka ba ba fetang motho ka thata ba ba ba phuthelang go ya go ipolaya kwa ntweng ya makgaolakgang ya Haramagedona.”—After Armageddon—God’s New World, ya 1953, tsebe 8.

“‘Sebatana’ sa puso e e seng ya bolegodimo ya batho se ne sa newa puso ya sone, taolo le setulo sa bogosi ke Kgogela. Jalo se tshwanetse go dira go ya kafa melawaneng ya sone, e leng melawana ya Kgogela.”—After Armageddon—God’s New World, ya 1953, tsebe 15.

“Merafe ya Baditšhaba e ka ema fela kafa . . . letlhakoreng la Mmaba yo Mogolo wa Modimo, e bong Satane Diabolo.”—Maitlhomo a a neng a amogelwa kwa Kopanong ya Ditšhabatšhaba ya “Phenyo ya Bomodimo,” ya 1973.

[Lebokoso mo go tsebe 229]

“Metsi a Yone a Kgala”

Le e leng jaanong, go engwa nokeng ga bodumedi jwa Sebabelona go a nyelela mo mafelong a le mantsi, go kaya se se tla diragalang fa “dikgosi tse di tswang kwa botlhabatsatsi” di tlhasela.

“Patlisiso e e dirilweng mo nageng yotlhe e fitlhetse gore diperesente di le 75 tsa batho ba ba nnang mo mafelong a setoropo [a Thailand] ga ba ye kwa ditempeleng tsa Sebuda gotlhelele go ya go reetsa dithero, fa palo ya ba ba nnang mo metseng ya selegae ba ba yang kwa ditempeleng e ntse e ngotlega ka bonya go ya go mo e ka nnang diperesente di le masome a matlhano.”—Bangkok Post, September 7, 1987, tsebe 4.

“Bo-Tao jwa naga ya [China], koo bo neng jwa thaega teng dingwaga di ka nna dikete tse pedi tse di fetileng, ga bo tlhole bo kgona go dira maselamose. . . . Ka go bo baperesiti ba sa tlhole ba na le maretshwa a go dira maselamose ao bone le bagolwagolwane ba bone ba kileng ba bo ba gapa batho ba le bantsi ka one, jaanong ba iphitlhela ba se na balatedi, ba lebane le go nyelelediwa ruri ga Bo-Tao jaaka bodumedi jo bo rulagantsweng mo nageng eo.”—The Atlanta Journal and Constitution, ya September 12, 1982, tsebe 36-A.

“Japane . . . ke lengwe la mafelo a a nang le barongwa ba dinaga di sele ba le bantsi go feta a mangwe mo lefatsheng, ba ba ka nnang 5 200, le fa go le jalo . . . ke batho ba ba kwa tlase ga 1% fela ba batho ba teng ba e leng Bakeresete. . . . Moruti mongwe wa Mo-Franciscan yo o sa leng a direla mono fa e sa le ka bo1950 . . . o dumela gore ‘barongwa ba dinaga di sele ga ba tlhole ba tlhokega mo Japane.’”—The Wall Street Journal, ya July 9, 1986, tsebe 1.

Kwa Engelane mo dingwageng tse di masome a mararo tse di fetileng, “dikereke tse di ka nnang 2 000 tsa tse 16 000 tsa Anglican di tswetswe ka gonne di sa tlhole di dirisiwa. Palo ya batho ba ba yang dikerekeng e fokotsegile thata mo dinageng tse di itsegeng e le tsa Bokeresete. . . . ‘Ga go tlhole go le boammaaruri gore Engelane ke naga ya Bokeresete,’ [Mobishopo wa Durham] o ne a rialo.”—The New York Times, ya May 11, 1987, tsebe A4.

“Morago ga nako e telele ya dipuisano tse di gotetseng, Palamente [ya Gerika] e amogetse go tlhomiwa ga molao gompieno, o o letlelelang Puso ya Bojammogo go tsaya dithoto tse dikgolo tsa Kereke ya Greek Orthodox . . . Mo godimo ga moo, molao o letlelela batho ba e seng baruti go laola makgotla a dikereke le dikomiti tse di ikarabelelang mo tsamaisong ya dikgwebo tse di lereng madi a mantsi a kereke go akareletsa le dihotele, meepo ya majana a mantle le dikago tse dikgolo tsa diofisi.”—The New York Times, ya April 4, 1987, tsebe 3.

[Ditshwantsho mo go tsebe 222]

Megopo ya ntlha e menè ya bogale jwa Modimo e lere dipetso tse di tshwanang le tse di leriwang ke go gelebetega ga diterompeta tsa ntlha tse nnè

[Setshwantsho mo go tsebe 226]

Mogopo wa botlhano o senola gore setulo sa bogosi sa sebatana ke taolo e Satane a e neileng sebatana

[Ditshwantsho mo go tsebe 231]

Maaka a bodimona a phuthela babusi ba lefatshe mo seemong se se bonalang sentle, Haramagedona, koo dikatlholo tsa ga Jehofa di tla tshelwang sentle mo go bone

[Setshwantsho mo go tsebe 233]

Batho ba ba tlhotlhelediwang ke “moya” wa ga Satane o o kgotletsweng ba tla tlhokofadiwa ke go diragadiwa ga dikatlholo tsa ga Jehofa tsa tshiamo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela