Kgaolo 31
Ditiro Tsa ga Jehofa—Di Dikgolo e Bile di a Gakgamatsa
Ponatshegelo 10—Tshenolo 15:1–16:21
Setlhogo: Jehofa a le mo lefelong la gagwe le le boitshepo; megopo e supa ya bogale jwa gagwe e tshelwa mo lefatsheng
Nako ya go diragadiwa: 1919 go fitlha ka Haramagedona
1, 2. (a) Ke sesupo sefe sa boraro se Johane a se begang? (b) Ke seabe sefe sa baengele se batlhanka ba ga Jehofa ba sa bolong go se itse?
MOSADI yo o tsholang ngwana wa mosimane! Kgogela e kgolo e e batlang go kometsa ngwana yoo! Ditshupo tseo tse pedi tsa kwa legodimong, tse di tlhalosiwang sentle mo go Tshenolo kgaolo 12, di ne tsa dira gore re lemoge gore kganetsano e e tsereng lobaka lo loleele e e kopanyeletsang Losika lwa mosadi wa Modimo le Satane le losika lwa gagwe lwa badimona e tloga e konelwa. Fa Johane a tlhalosa ditshwantsho tseno, a re: “Mme ga bonwa sesupo se segolo kwa legodimong . . . Ga bonwa sesupo se sengwe gape.” (Tshenolo 12:1, 3, 7-12) Jaanong Johane o bega ka sesupo sa boraro: “Mme ka bona sesupo se sengwe kwa legodimong, se le segolo e bile se gakgamatsa, baengele ba le supa ba tshotse dipetso di le supa. Tseno ke tsa bofelo, ka gonne bogale jwa Modimo bo wediwa ka tsone.” (Tshenolo 15:1) Sesupo seno sa boraro le sone se na le bokao jwa botlhokwa mo batlhankeng ba ga Jehofa.
2 Ela tlhoko seabe se se botlhokwa se baengele ba nang le sone gape mo go diragatseng thato ya Modimo. Kgang eno ga e bolo go itsiwe ke batlhanka ba ga Jehofa. Ee, mopesalema wa bogologolo o ile a ba a tlhotlhelediwa go bua le baengele bano, a ba kgothatsa ka go re: “Bakang Jehofa, lona baengele ba gagwe, ba ba maatla, ba lo diragatsang lefoko la gagwe, ka go reetsa lentswe la lefoko la gagwe”! (Pesalema 103:20) Jaanong, mo ponatshegelong eno e nngwe, baengele ba neetswe taelo ya go tsholola dipetso tse supa tsa bofelo.
3. Dipetso tse supa ke eng, mme go tshelwa ga tsone go kaya eng?
3 Dipetso tseno ke eng? Fela jaaka go gelebetega ga diterompeta tse supa, ke mafoko a katlholo e e botlhoko a a anamisang dipolelo tsa ga Jehofa ka tsela e a ikutlwang ka yone ka dikarolo tse di farologaneng tsa lefatshe leno le tlhagiso ya phelelo ya bofelo ya dikatlholo tsa gagwe. (Tshenolo 8:1–9:21) Go tshololwa ga tsone go supa go diragadiwa ga dikatlholo tseo, fa batho ba Jehofa a ba galefetseng ba senngwa mo letsatsing la bogale jwa gagwe jo bo tukang. (Isaia 13:9-13; Tshenolo 6:16, 17) Ka gone, “bogale jwa Modimo bo wediwa ka tsone.” Mme pele ga Johane a tlhalosa go tshelwa ga dipetso tseo, o re bolelela ka batho bangwe ba ba se kitlang ba amiwa setlhogo ke tsone. E re ka ba ganne go tshwaiwa ka letshwao la sebatana, batho bano ba ba ikanyegang ba opelela Jehofa dipako fa ba ntse ba bolela letsatsi la gagwe la pusoloso.—Tshenolo 13:15-17.
Pina ya ga Moshe Le ya Ga Kwana
4. Ke eng se Johane jaanong a se bonang?
4 Johane jaanong o bona pono e e gakgamatsang: “Mme ka bona se se neng se bonala e le lewatle la sekagalase le tlhakanye le molelo, mme ba ba tswang ba fentse mo sebataneng le mo setshwantshong sa sone le mo palong ya leina la sone ba eme fa gaufi le lewatle la sekagalase, ba tshotse diharepa tsa Modimo.”—Tshenolo 15:2.
5. Ke eng se se tshwantshediwang ke “lewatle la sekagalase le tlhakanye le molelo”?
5 “Lewatle la sekagalase” le tshwana le le Johane a le boneng pelenyana, le le fa pele ga setulo sa bogosi sa Modimo. (Tshenolo 4:6) Le tshwana le “lewatle le le thetsweng” (nkgwana ya metsi) la tempele ya ga Solomone, le baperesiti ba neng ba tlhapa ka metsi a a neng a le mo go lone. (1 Dikgosi 7:23) Ka gone ke tshwantshetso e ntle ya “metsi a a tlhatswang,” e leng Lefoko la Modimo, le Jesu a tlhapisang phuthego ya baperesiti ba Bakeresete ba ba tloditsweng ka lone. (Baefeso 5:25, 26; Bahebera 10:22) Lewatle leno la sekagalase le “tlhakanye le molelo,” e leng se se supang gore batlodiwa bano ba a lekwa ba bo ba ntlafadiwa fa ba ntse ba dira tumalanong le melao ya maemo a a kwa godimo e ba e beetsweng. Mo godimo ga moo, le re gakolola gore Lefoko la Modimo gape le na le mafoko a dikatlholo tse di bogale kgatlhanong le baba ba gagwe. (Duteronome 9:3; Sefania 3:8) Dingwe tsa dikatlholo tseno tse di bogale di bonala mo dipetsong tse supa tsa bofelo tse di tlogang di tshololwa.
6. (a) Baopedi ba ba emeng fa pele ga lewatle la sekagalase la kwa legodimong ke bomang, mme re itse seo jang? (b) Ke ka tsela efe ba ‘tswang ba fentse’?
6 Kgang ya go bo lewatle le le thetsweng la tempele ya ga Solomone le ne le dirisiwa ke baperesiti e supa gore baopedi ba ba emeng fa lewatleng la sekagalase la kwa legodimong ke setlhopha sa baperesiti. Ba tshotse “diharepa tsa Modimo,” mme ka jalo re ba tshwantshanya le bagolwane ba ba 24 le batho ba ba 144 000, e re ka ditlhopha tseno le tsone di opela le mmino wa harepa. (Tshenolo 5:8; 14:2) Baopedi ba Johane a ba bonang ‘ba fentse sebata le setshwantsho sa sone le palo ya leina la sone.’ Ka jalo e tshwanetse ya bo e le bangwe ba batho ba ba 144 000 ba ba sa ntseng ba tshela mo lefatsheng mo metlheng eno ya bofelo. Fa ba le setlhopha, eleruri ba a fenya. Mo e ka nnang dingwaga tse 90 fa e sa le ka 1919, ba nnile ba gana go tshwaiwa ka lotshwao lwa sebatana kana go tsaya setshwantsho sa sone e le sone se se tla tlisetsang batho kagiso. Bontsi jwa bone ba setse ba itshokile ka boikanyegi go ya losong, mme bano, ba jaanong ba leng kwa legodimong, kwantle ga pelaelo ba opela ka boipelo jo bogolo le bomorwarraabone ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng.—Tshenolo 14:11-13.
7. Harepa e ne e dirisiwa jang kwa Iseraeleng wa bogologolo, mme go tsholwa ga diharepa tsa Modimo mo ponatshegelong ya ga Johane go tshwanetse ga re ama jang?
7 Bafenyi bano ba ba ikanyegang ba tshotse diharepa tsa Modimo. Ka tsela eno, ba tshwana le Balefi ba bogologolo ba tempele, ba ba neng ba obamela Jehofa ka go mo opelela dipina le melodi ya diharepa. Gape bangwe ba ne ba porofeta ka molodi wa harepa. (1 Ditiragalo 15:16; 25:1-3) Megala e e lelang monate ya harepa e ne e kgabisa dipina tsa Baiseraele tsa boipelo le dithapelo tsa pako le tsa go ntshetsa Jehofa malebogo. (1 Ditiragalo 13:8; Pesalema 33:2; 43:4; 57:7, 8) Ka dinako tsa khutsafalo kana tsa botshwarwa, go ne go sa lediwe harepa. (Pesalema 137:2) Go tsholwa ga diharepa tsa Modimo mo ponatshegelong eno go tshwanetse ga re rokotsa mathe go batla go opela pina ya boitumelo, ya phenyo ya pako le ya go ntshetsa Modimo wa rona malebogo.a
8. Ke pina efe e e opelwang, mme mafoko a yone a reng?
8 Ke sone se Johane a se begang: “Mme ba opela pina ya ga Moshe motlhanka wa Modimo le pina ya Kwana, ba re: ‘Ditiro tsa gago di dikgolo e bile di a gakgamatsa, Jehofa Modimo, Mothatayotlhe. Ditsela tsa gago di siame e bile di boammaaruri, Kgosi ya bosakhutleng. Ke mang yo tota a ka se kang a go boifa, Jehofa, a ba a galaletsa leina la gago, ka gonne ke wena o le nosi yo o ikanyegang? Gonne ditšhaba tsotlhe di tla tla di obama fa pele ga gago, ka gonne ditaelo tsa gago tse di siameng di bonaditswe.’”—Tshenolo 15:3, 4.
9. Ke ka ntlha yang fa karolo ya leina la pina eno e bidiwa “pina ya ga Moshe”?
9 Bafenyi bano ba opela “pina ya ga Moshe,” ke gore, pina e e tshwanang le e Moshe a neng a e opela fa a ne a le mo maemong a a tshwanang. Fa Baiseraele ba sena go iponela ka matlho dipetso tse di lesome kwa Egepeto le go nyelediwa ga masole a Baegepeto mo Lewatleng le Lehibidu, Moshe o ne a ba etelela pele ka pina ya phenyo ya go baka Jehofa, a re: “Jehofa o tla busa e le kgosi ka bosakhutleng, le ka bosaengkae.” (Ekesodo 15:1-19) A bo go tshwanela jang ne gore baopedi ba ponatshegelo ya ga Johane, ba ba fentseng sebatana e bile ba kopanyelediwa mo go itsiseng dipetso tsa bofelo tse supa, le bone ba opelele “Kgosi ya bosakhutleng”!—1 Timotheo 1:17.
10. Ke pina efe e nngwe e e neng ya tlhamiwa ke Moshe, mme temana ya yone ya bofelo e amana jang le boidiidi jo bogolo jwa gompieno?
10 Mo pineng e nngwe, e e neng ya tlhamiwa fa Baiseraele ba ne ba ipaakanyetsa go ya go fenya Kanana, Moshe yo o neng a setse a tsofetse o ne a raya setšhaba seo a re: “Ke tla bolela leina la ga Jehofa. A ko lo neyeng Modimo wa rona bogolo!” Temana ya bofelo ya pina eno e ne gape e kgothatsa batho ba e neng e se Baiseraele, mme mafoko a a tlhotlheleditsweng a ga Moshe a dira le e leng mo boidiiding jo bogolo gompieno: “Itumeleng, lona ditšhaba, le batho ba gagwe.” Me ke ka ntlha yang fa ba tshwanetse go itumela? Ka gonne jaanong Jehofa “o tla busolosetsa madi a batlhanka ba gagwe.” Go diragadiwa gono ga dikatlholo tsa tshiamo go tla itumedisa botlhe ba ba solofetseng mo go Jehofa.—Duteronome 32:3, 43; Baroma 15:10-13; Tshenolo 7:9.
11. Pina e Johane a neng a e utlwa e ntse e diragadiwa jang?
11 A bo Moshe ka boene a ka bo a ne a ipelela go nna mo letsatsing la Morena gompieno jang ne, le ene a opela pina ya kwa legodimong a re: “Ditšhaba tsotlhe di tla tla di obama fa pele ga gago”! Pina eo e e sa tshwaneng le epe e diragadiwa ka tsela e e gakgamatsang gompieno jaaka fa re bona, e seng fela mo ponatshegelong, mme ka tsela ya mmatota ka dimilione tsa batho “ba ditšhaba” ba jaanong ba ologelang ka boitumelo mo phuthegong ya ga Jehofa ya mo lefatsheng.
12. Ke ka ntlha yang fa pina ya bafenyi gape e bidiwa “pina ya ga Kwana”?
12 Le fa go le jalo, pina eno ga se ya ga Moshe fela mme gape ke “ya ga Kwana.” Jang? Moshe e ne e le moperofeti wa ga Jehofa kwa Iseraele, mme Moshe ka boene o ne a bolelela pele gore Jehofa o ne a tla tsosa moporofeti yo o tshwanang le ene. Moporofeti yoo o ne a itshupa e le Kwana, e bong Jesu Keresete. Le mororo Moshe e ne a le “motlhanka wa Modimo,” Jesu ene e ne e le Morwa Modimo, tota e le, Moshe yo Mogolwane. (Duteronome 18:15-19; Ditiro 3:22, 23; Bahebera 3:5, 6) Ka jalo, baopedi bano gape ba opela “pina ya ga Kwana.”
13. (a) Ke jang Jesu, le mororo a le mogolo mo go Moshe a tshwanang le ene? (b) Re ka kopanela jang le baopedi bano?
13 Fela jaaka Moshe, Jesu o ne a opela dipako tsa Modimo phatlalatsa a ba a bolelelapele kaga go fenya ga Gagwe baba botlhe ba gagwe. (Mathaio 24:21, 22; 26:30; Luke 19:41-44) Jesu le ene o ne a lebelela pele nako ya fa ditšhaba di tla baka Jehofa, mme jaaka “Kwana ya Modimo” e e neng ya intsha setlhabelo, o ne a ntsha botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng gore seno se tle se kgonege. (Johane 1:29; Tshenolo 7:9; bapisa Isaia 2:2-4; Sekarea 8:23.) Mme fela jaaka Moshe a ne a anaanela leina la Modimo, e bong Jehofa, a ba a tlotlomatsa leina leo, jalo Jesu o ne a itsise batho leina la Modimo. (Ekesodo 6:2, 3; Pesalema 90:1, 17; Johane 17:6) E re ka Jehofa a ikanyega, re ka tlhomamisega gore ditsholofetso tsa gagwe tse di galalelang di tla diragadiwa. Eleruri, he, re opela le baopedi bano ba ba ikanyegang, le Kwana, gammogo le Moshe, fa ba dumalana ka mafoko a pina eno a a reng: “Ke mang yo tota a ka se kang a go boifa, Jehofa, a ba a galaletsa leina la gago?”
Baengele ba ba Tshotseng Megopo
14. Ke bomang ba Johane a ba bonang ba tswa mo lefelong le le boitshepo, mme ba newa eng?
14 Go a tshwanela gore re utlwe pina ya bafenyi bano ba ba tloditsweng. Ka ntlha yang? Ka gonne ba anamisitse dikatlholo tse di neng di le mo megopong e e tletseng bogale jwa Modimo mo lefatsheng. Mme go tshelwa ga megopo eno go akareletsa e seng batho fela, jaaka Johane a tswelela pele a bontsha: “Morago ga dilo tseno ka leba, mme lefelo le le boitshepo la mogope wa bosupi le ne la bulwa kwa legodimong, mme baengele ba le supa ba ba tshotseng dipetso tse supa ba tlhaga ba tswa mo lefelong le le boitshepo, ba apere leloba le le phepa, le le phatsimang e bile ba itlamile dihuba ka meitlamo ya gouta. Mme mongwe wa dibopiwa tse nnè tse di tshelang a naya baengele ba ba supa megopo e supa ya gouta e e neng e tletse bogale jwa Modimo, yo o tshelang ka bosaengkae le go ya go ile.”—Tshenolo 15:5-7.
15. Ke ka ntlha yang fa go sa gakgamatse go bo baengele ba le supa ba tswa mo lefelong le le boitshepo?
15 Malebana le tempele e e neng e le kwa Iseraele, e e neng e na le ditshwani tsa dilo tsa kwa legodimong, e ne e le moperesiti yo mogolo fela yo o neng a ka tsena mo Boitshepong jwa Maitshepo, jo fano bo bidiwang “lefelo le le boitshepo.” (Bahebera 9:3, 7) Le emela lefelo le Jehofa a leng kwa go lone kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, mo legodimong ka bolone, Moperesiti yo Mogolo e bong Jesu Keresete ga se ene fela yo o nang le tshiamelo ya go tsena kwa go Jehofa mme baengele le bone ba na le yone. (Mathaio 18:10; Bahebera 9:24-26) Ga go gakgamatse, he, go bo baengele ba le supa ba bonwa ba tswa mo lefelong le le boitshepo kwa legodimong. Ba na le thomo e e tswang kwa go Jehofa Modimo ka namana: Go tsholola megopo e e tletseng bogale jwa Modimo.—Tshenolo 16:1.
16. (a) Ke eng se se bontshang gore baengele ba ba supa ba tshwanelegela tiro ya bone sentle? (b) Ke eng se se supang gore go na le batho ba bangwe ba ba nnang le seabe mo tirong e kgolo ya go tshelwa ga megopo ya tshwantshetso?
16 Baengele bano ba tshwanelegela tiro eno sentle. Ba apere leloba le le phepa, le le phatsimang, se se bontshang gore ba phepa e bile ba boitshepo semoyeng, ba tshiamo mo ponong ya ga Jehofa. Gape, ba itlamile ka meitlamo ya gouta. Gantsi meitlamo e dirisiwa fa motho a itlama go dira tiro nngwe. (Lefitiko 8:7, 13; 1 Samuele 2:18; Luke 12:37; Johane 13:4, 5) Ka jalo baengele ba itlametse go dira kabelo ya bone. Mo godimo ga moo, meitlamo ya bone ke ya gouta. Mo motlaaganeng wa bogologolo, gouta e ne e dirisediwa go tshwantshetsa dilo tsa bomodimo, tsa kwa legodimong. (Bahebera 9:4, 11, 12) Seo se raya gore baengele bano ba romilwe go dira tirelo ya botlhokwa, ya bomodimo. Batho ba bangwe le bone ba nna le seabe mo tirong eno e kgolo. Mongwe wa dibopiwa tse nnè tse di tshelang o ba naya megopo ya mmatota. Ga go pelaelo gore, sebopiwa seno se se tshelang e ne e le sa ntlha, se se neng se tshwana le tau, se se tshwantshetsang bonatla le bopelokgale jo bogolo jo bo tlhokegang mo go itsiseng dikatlholo tsa ga Jehofa.—Tshenolo 4:7.
Jehofa o mo Lefelong la Gagwe le le Boitshepo
17. Ke eng se Johane a re bolelelang sone kaga lefelo le le boitshepo, mme seo se re gakolola jang lefelo le le boitshepo la kwa Iseraeleng wa bogologolo?
17 Kwa bokhutlong, fa Johane a digela karolo eno ya ponatshegelo, o re bolelela jaana: “Mme lefelo le le boitshepo la tlala mosi ka ntlha ya kgalalelo ya Modimo le ka ntlha ya maatla a gagwe, mme go ne go se ope yo o neng a kgona go tsena mo lefelong le le boitshepo go fitlha dipetso tse supa tsa baengele ba ba supa di wediwa.” (Tshenolo 15:8) Go ne go na le dinako dingwe mo ditiragalong tsa Iseraele tse ka tsone leru le neng le apesa lefelo le le boitshepo la mmatota, mme bosupi joo jwa kgalalelo ya ga Jehofa bo ne bo thibela baperesiti go tsena moo. (1 Dikgosi 8:10, 11; 2 Ditiragalo 5:13, 14; bapisa Isaia 6:4, 5.) Dinako tseo e ne e le tsa fa Jehofa a tseneletse ka botlalo mo ditiragalong tsa lefatshe.
18. Baengele ba ba supa ba tla boa leng go isa pego kwa go Jehofa?
18 Jehofa gape o kgatlhegela thata dilo tse gone jaanong di diragalang mo lefatsheng. O batla gore baengele ba ba supa ba wetse kabelo ya bone. Ke nako ya katlholo ya bofelo, jaaka e tlhalosiwa mo go Pesalema 11:4-6: “Jehofa o mo tempeleng ya gagwe e e boitshepo. Jehofa—setulo sa gagwe sa bogosi se kwa magodimong. Matlho a gagwe a a bona, matlho a gagwe a a phatsimang a tlhatlhoba bomorwa batho. Jehofa ka boene o tlhatlhoba mosiami le moikepi, mme moya wa Gagwe o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo. O tla nesetsa baikepi dirai, molelo le sulefera le phefo e e fisang, e le karolo ya senwelo sa bone.” Go fitlha dipetso tseno tse supa di tshelwa mo baikeping, baengele ba ba supa ga ba na go boela kwa bonnong jo bo kwa godimo jwa ga Jehofa.
19. (a) Ke taelo efe e e ntshiwang, mme e ntshiwa ke mang? (b) Go tshelwa ga megopo ya tshwantshetso go tshwanetse ga bo go simologile leng?
19 Go utlwala taelo e e gakgamatsang: “Mme ka utlwa lentswe le le kwa godimo le tswa mo lefelong le le boitshepo le raya baengele ba ba supa le re: ‘Tsamayang lo ye go tshololela megopo e e supa ya bogale jwa Modimo mo lefatsheng.’” (Tshenolo 16:1) Ke mang yo o ntshang taelo eno? E tshwanetse ya bo e le Jehofa ka boene, e re ka marang a kgalalelo ya gagwe le maatla a ne a thibela motho ope go tsena mo lefelong le le boitshepo. Jehofa o ne a tla mo tempeleng ya gagwe ya semoya go tla go atlhola ka 1918. (Malaki 3:1-5) Ka gone, o tshwanetse a bo a ile a ntsha taelo ya go tshelwa ga megopo ya bogale jwa gagwe ka bonako fela morago ga ngwaga oo. Tota e bile, dikatlholo tse di mo megopong eno ya tshwantshetso di ne tsa simolola go itsisiwe ka tsela e e tseneletseng ka 1922. Mme go itsisiwe ga tsone go ntse go oketsega ka modumo o mogolo gompieno.
Megopo le go Gelebetega ga Terompeta
20. Ke eng se go tshelwa ga megopo ya bogale jwa ga Jehofa go se senolang le go tlhagisa ka ga sone, mme e tshelwa jang?
20 Megopo ya bogale jwa ga Jehofa e senola dikarolo tsa lefatshe ka fa Jehofa a di lebang ka teng mme go tlhagisa ka dikatlholo tse Jehofa a tla di diragatsang. Baengele ba tshela megopo ba dirisa boemedi jwa phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng mo lefatsheng, ba ba opelang pina ya ga Moshe le ya ga Kwana. Fa ba ntse ba bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi, ba setlhopha sa Johane ba senotse se se leng mo megopong eno ya bogale ka bopelokgale. (Mathaio 24:14; Tshenolo 14:6, 7) Ka gone, molaetsa wa bone o o dikarolo tse pedi o nnile wa kagiso ka go bo o itsise ka ga go gololesega ga batho mme o nnile wa sekantwa ka go bo o tlhagisa ka ga “letsatsi la pusoloso la Modimo wa rona.”—Isaia 61:1, 2.
21. Dilo tse megopo ya ntlha e menè ya bogale jwa ga Jehofa e tshelwang mo go tsone di tshwana jang le tsa go gelebetega ga diterompeta tsa ntlha tse nnè, mme di farologana ka eng?
21 Dilo tse megopo ya ntlha e menè ya bogale jwa Modimo e tshelwang mo go tsone di tshwana le tsa go gelebetega ga diterompeta tsa ntlha tse nnè, e leng lefatshe, lewatle, dinoka le metswedi ya metsi, le masedi a legodimo. (Tshenolo 8:1-12) Mme go gelebetega ga terompeta go ne ga itsise ka dipetso mo “nngwetharong,” fa karolo yotlhe e e setseng yone e amiwa ke go tshelwa ga megopo ya bogale jwa Modimo. Ka gone, le fa tlhokomelo ya ntlha e ne ya lebisiwa mo ditumelong tse di ipitsang tsa Bokeresete, tse e leng karolo ya “nngwetharong,” mo letsatsing la Morena, ga go karolo epe ya tsamaiso ya ga Satane e e sa amiwang ke melaetsa ya dikatlholo tsa bogale jwa ga Jehofa le mahutsana a di a lereng.
22. Go gelebetega ga diterompeta tsa bofelo tse tharo go ne go farologane jang, mme go amana jang le megopo ya bofelo e meraro ya bogale jwa ga Jehofa?
22 Go gelebetega ga diterompeta tsa bofelo tse tharo go ne go farologane, ka gonne go ne go bidiwa boijoo. (Tshenolo 8:13; 9:12) Ba ntlha ba babedi segolobogolo ba ne ba amana le tsie le bapalami ba dipitse tsa ntwa, fa wa boraro a ne a itsise go tsalwa ga Bogosi jwa ga Jehofa. (Tshenolo 9:1-21; 11:15-19) Jaaka fa re tla bona, megopo ya bofelo e meraro ya tšhakgalo ya ga Jehofa le yone e akareletsa dingwe tsa dikarolo tseno, mme ka tsela nngwe di farologane le boijoo ba bararo. A jaanong re tlhomeng mogopolo thata mo ditiragalong tse di kgatlhang tse di bakiwang ke go tshelwa ga megopo ya bogale jwa ga Jehofa.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Selo se se kgatlhang ke gore, ka 1921 ba setlhopha sa Johane ba ne ba golola buka ya go ithuta Baebele ya The Harp of God, e e neng ya abiwa ka dikhopi di le dimilione tse tlhano ka dipuo tse di fetang 20. E ne ya thusa go lere baopedi ba ba oketsegileng ba batlodiwa.