Kgaolo 33
Katlholo ya Seaka se se Tlhabisang Ditlhong
Ponatshegelo 11—Tshenolo 17:1-18
Setlhogo: Babelona o Mogolo o pagame sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo se kwa bofelong se mo tlhaselang le go mo senyetsa ruri
Nako ya go diragadiwa: Go tloga ka 1919 go ya pitlaganong e kgolo
1. Ke eng se mongwe wa baengele ba ba supa a se senolelang Johane?
BOGALE jwa ga Jehofa jwa tshiamo jo bo mo megopong e supa, bo tshwanetse go tshololwa gore bo bo bo felele! Fa moengele wa borataro a sena go tshololela mogopo wa gagwe kwa lefelong le go neng go le Babelona wa bogologolo, seo ruri se ne se tshwantshetsa go tlhaselwa ga Babelona o Mogolo jaaka fa ditiragalo di potlakela go ya ntweng ya bofelo ya Haramagedona. (Tshenolo 16:1, 12, 16) Go bonala gore e ntse e le ene moengele yono yo jaanong a senolang gore ke ka ntlha yang e bile ke jang Jehofa a tla diragatsang dikatlholo tsa gagwe tsa tshiamo. Johane o gakgamaditswe thata ke se a tswelelang go se utlwa le go se bona: “Mme mongwe wa baengele ba ba supa ba ba neng ba tshotse megopo e supa a tla mme a bua le nna, a re: ‘Tla, ruri ke tla go bontsha go atlholwa ga seaka se segolo se se nnang mo metsing a mantsi, se dikgosi tsa lefatshe di neng tsa dira kgokafalo le sone, fa ba ba nnang mo lefatsheng bone ba ne ba tagilwe ke beine ya kgokafalo ya sone.’”—Tshenolo 17:1, 2.
2. Ke bosupi bofe jo bo leng gone jwa gore “seaka se segolo” (a) ga se Roma wa bogologolo? (b) ga se bagwebi ba bagolo? (c) ke bodumedi?
2 “Seaka se segolo”! Ke ka ntlha yang a tlhalosiwa ka tsela e e maswemaswe jalo? Ke mang? Bangwe ba ile ba kaya fa seaka seno e le Roma wa bogologolo. Mme Roma e ne e le mmuso wa sepolotiki. Seaka seno se gokafala le dikgosi tsa lefatshe, mme tse ka phepafalo di akaretsang le dikgosi tsa Roma. Mme e bile, gape fa se sena go senngwa, “dikgosi tsa lefatshe” go bolelwa fa di lelela go swa ga sone. Ka jalo, se ka seke sa bo e le mmuso wa sepolotiki. (Tshenolo 18:9, 10) Mme gape, e re ka se lelelwa ke babapatsi ba lefatshe, se ka seke sa bo e tshwantshetsa dikgwebo tse dikgolo. (Tshenolo 18:15, 16) Le fa go ntse jalo, fa re bala re utlwa go twe ‘ditšhaba tsotlhe di ne tsa tsiediwa ke go dirisana le meya ga gagwe.’ (Tshenolo 18:23) Seno se phepafatsa gore seaka se segolo e tshwanetse ya bo e le bodumedi jwa lefatshe lotlhe.
3. (a) Ke ka ntlha yang fa seaka se segolo se tshwanetse go tshwantshetsa se se fetang fela Kereke ya Katoliki ya Roma kana le e leng ditumelo tsotlhe tse di ipitsang tsa Bokeresete? (b) Ke dithuto dife tsa motheo tsa Sebabelona tse di fitlhelwang mo ditumelong ka bontsi tsa Botlhabatsatsi mmogo le mo ditumelong tse di ipitsang tsa Bokeresete? (c) Ke eng se mokadinale wa Katoliki ya Roma e bong John Henry Newman a se dumelang mabapi le gore bontsi jwa dithuto tsa motheo tsa ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete, meletlo, le ditlwaelo di tlholegile kae? (Bona mokwalo o o kwa tlase.)
3 Bodumedi bofe? A ke Kereke ya Katoliki ya Roma, jaaka bangwe ba ile ba bolela? Kana a ke ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete ka kakaretso? Nnyaa, o tshwanetse a bo a feta tseno fa e le gore o tsietsa ditšhaba tsotlhe. Tota, ke mmuso wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. Se se bontshang gore o simologa kwa masaitseweng a Babelona ke gore dithuto tsa motheo di le dintsi tsa Sebabelona le ditlwaelo di fitlhelwa mo ditumelong tsotlhe go dikologa lefatshe. Ka sekai, tumelo ya gore moya wa motho ga o swe, go dumela mo tlhokofatsong ya dihele, le mo go reng Modimo ke Tharonngwe, ke selo se se fitlhelwang mo ditumelong di le dintsi tsa Botlhabatsatsi le mo makokong a ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete. Bodumedi jwa maaka, jo bo simologileng mo dingwageng tse di ka fetang 4 000 tse di fetileng kwa motseng wa bogologolo wa Babelona, bo ile jwa gola gore bo bo bo nne namane e tona ya selo se kafa tshwanelong, se bidiwang Babelona o Mogolo.a Le fa go le jalo, ke eng fa a tlhalosiwa ka lefoko le le bifelesegang la gore ke “seaka se segolo”?
4. (a) Iseraele wa bogologolo o ne a dira boaka ka ditsela dife? (b) Babelona o Mogolo o ile a dira boaka ka tsela efe e e tlhomologileng?
4 Babelona (kana Babele, mo go rayang “Tlhakatlhakano”) o ne a nonofa thatathata mo motlheng wa ga Nebukadenesare. E ne e le mmuso o o patagantseng bodumedi le dipolotiki mme o na le ditempele tse di ka fetang sekete le mafelo a kobamelo. Baperesiti ba gagwe ba ne ba na le nonofo e kgolo. Le mororo Babelona a sa bolo go nyelela jaaka mmuso o mogolo wa lefatshe, Babelona o Mogolo wa sedumedi o sa ntse a le gone, mme fela jaaka setshwani sa gagwe sa bogologolo, o sa ntse a batla go tlhotlheletsa le go laola ditsamaiso tsa sepolotiki. A mme Modimo o dumelela gore bodumedi bo tsene mo dipolotiking? Mo Dikwalong tsa Sehebera, go ne ga bolelwa fa Iseraele a akafala fa a ne a kopanyelediwa mo kobamelong ya maaka le fa, mo boemong jwa gore a ikanye Jehofa, a itsalanya le ditšhaba. (Jeremia 3:6, 8, 9; Esekiele 16:28-30) Babelona o Mogolo le ene o a akafala. Ka tsela e e tlhomologileng, o dirile sengwe le sengwe se a ka se kgonang gore a tle a kgone go tlhotlheletsa le go nna le nonofo mo dikgosing tse di busang tsa lefatshe.—1 Timotheo 4:1.
5. (a) Ke boemo bofe jo bo kwa godimo jo bo ipelelwang ke baruti ba bodumedi? (b) Ke ka ntlha yang fa go eletsa botumo jwa lefatshe go fapaane gotlhelele le mafoko a ga Jesu Keresete?
5 Gompieno, baeteledipele ba bodumedi nako le nako ba tsenelela letsholo la go lwela maemo a a kwa godimo mo pusong, mme mo mafatsheng mangwe, ke bangwe ba babusi, le e leng go nna mo maemong a tona ya puso. Ka 1988 baruti ba le babedi ba ba itsegeng ba Porotesetanta ba ne ba lwela maemo a go nna tautona wa United States. Baeteledipele ba Babelona o Mogolo gape ba rata go di goga kwa pele; gantsi o tla ba bona ba tshwantshitswe mo makwalodikgannyeng a a balwang ke batho botlhe ba kopanetse ditirisanyo le dipolotiki tse di kwa godimo. Phapaanong le seo, Jesu o ne a gana go kopanyelediwa mo dipolotiking a bo a bua ka barutwa ba gagwe a re: “Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.”—Johane 6:15; 17:16; Mathaio 4:8-10; bona le Jakobe 4:4.
‘Boaka’ mo Motlheng wa Segompieno
6, 7. (a) Lekoko la Bonasi la ga Hitler le ne la tsena mo pusong jang mo Jeremane? (b) Tumalano e Vatican e neng ya e dira le Jeremane wa Bonasi e ne ya thusa Hitler jang mo maitekong a gagwe a go busa lefatshe lotlhe?
6 Ka go itsenya ga gagwe mo dipolotiking, seaka se segolo se tliseditse batho bohutsana jo bo seng kana ka sepe. Ka sekai, akanya fela ka dilo tse di neng tsa diragala fa Hitler a tsaya puso mo Jeremane—tse di maswemaswe tse e leng gore bangwe ba rata fa di ka phimolwa mo dibukeng tsa hisitori. Ka May 1924 Lekoko la Bonasi le ne le na le maemo a le 32 mo German Reichstag. Ka May 1928 a ne a ngotlega go nna maemo a le 12. Le fa go ntse jalo, Leuba le Legolo le ne la apesa lefatshe ka 1930; mme ka go dirisa tiragalo eno, Banasi ba ne ba ntsha tlhogo fela thata, ba bona maemo a le 230 mo go a le 608 mo ditlhophong tsa Jeremane tsa July 1932. Ka bonakonyana fela morago ga moo, tonakgolo wa pele e bong Franz von Papen, yo e neng e le Mopapa wa Mogale, o ne a thusa Banasi. Go ya ka borahisitori, von Papen o ne a solofetse go bopa Mmusomogolo o o Boitshepo wa Roma. Lobaka lo lokhutshwane lo a lo feditseng e le tonakgolo lo ne lo sa atlega, mme jalo a solofela gore o tla bona puso gape ka Banasi. Ka January 1933, o ne a ile a bonela Hitler tshegetso mo bagwebing ba bagolo ba madirelo, mme ka maretshwa a boferefere o ne a dira gore Hitler a nne tonakgolo ya Jeremane ka January 30, 1933. Ene ka sebele o ne a dirwa mothusatonakgolo mme a dirisiwa ke Hitler go gapa dikgaolo tsa Makatoliki mo Jeremane. Mo dikgweding di le pedi fela tsa fa ba sena go bona puso, Hitler o ne a phatlalatsa palamente, a tlhatlhela diketekete tsa baeteledipele ba kganetso mo dikampeng tsa pogisetso, a bo a simolola tlhabano e kgolo ya go gatelela Bajuda.
7 Ka July 20, 1933, kgatlhego e Vatican e neng e na le yone mo mmusong o o neng o nonofa wa Bonasi e ne ya iponatsa fa Mokadinale Pacelli (yo moragonyana a neng a nna Mopapa Pius XII) a saenela tumalano ya Vatican le Jeremane wa Bonasi mo Roma. Von Papen o ne a saena lekwalo leo jaaka moemedi wa ga Hitler, mme Pacelli o ne a fa von Papen mokgabisa o o kwa godimo wa mopapa wa Grand Cross of the Order of Pius.b Mo bukeng ya gagwe ya Satan in Top Hat, Tibor Koeves o kwala ka kgang eno, a tlhalosa a re: “Tumalano eo e ne e le phenyo e kgolo ya ga Hitler. E ne ya mo fa tshegetso e kgolo mo go tse a di boneng mo mafatsheng a a ka kwantle, mme a e bona mo motsweding o o kwa godimodimo.” Tumalano eo e ne e tlhalosa gore Vatican a intshe mo go tshegetseng Catholic Center Party ya Jeremane, mme ka go dira jalo e fetola lekoko le le lengwe la ga Hitler “mmuso o o feletseng.”c Gape, mo serapeng sa yone sa bo14 e ne ya tlhalosa ka go re: “Go tlhomiwa ga bobishopo ba bagolo, bobishopo, le maemo a a tshwanang go tla dirwa fela morago ga mmusi, yo o tlhomilweng ke Reich, a sena go tlhotlhomisa kafa tshwanelong gore ga go na dipelaelo dipe tse di gone mo seemong sotlhe sa bopolotiki.” Kwa bokhutlong jwa 1933 (e e neng ya bolelwa e le “Ngwaga o o Boitshepo” ke Mopapa Pius XI), tshegetso ya Vatican e ne ya nna lebaka le legolo le le dirileng gore Hitler a gagamalele go busa lefatshe lotlhe.
8, 9. (a) Vatican mmogo le Kereke ya Katoliki le baruti ba yone ba ne ba itshwara jang ka nako ya bodipa jwa Bonasi? (b) Ke mafoko afe a bobishopo ba Katoliki ba Jeremane ba neng ba a bua fa Ntwa ya Lefatshe II e simologa? (c) Ditirisano tsa bodumedi le dipolotiki di ile tsa felela ka eng?
8 Le mororo e ne e le palonyana fela ya baperesiti le baitlami ba basadi ba ba neng ba bua kgatlhanong le bosetlhogo jwa ga Hitler—ba bo ba go bogela—Vatican mmogo le Kereke ya Katoliki le bontsintsi jwa baruti ba yone ba ne ba ile ba tshegetsa bodipa jwa Banasi ka tlhagafalo kana ka molomo, ba bo tsaya jaaka sesireletsi kgatlhanong le go gola ga Bokomonisi mo lefatsheng. A ntse ka tshosologo fela mo Vatican, Mopapa Pius XII o ne a leseletsa Polao ya Kgailo mo Bajudeng le dipogiso tse di setlhogo mo Basuping ba ga Jehofa le mo bathong ba bangwe go tswelela fela a sa di kgale. Ke selo se se gakgamatsang go bo Mopapa John Paul II fa a ne a etetse Jeremane ka May 1987, a ile a galaletsa go nna kgatlhanong le Banasi ga moruti a le mongwe fela yo o peloephepa. Ke eng se diketekete tse dingwe tsa baruti ba Jeremane ba neng ba se dira ka nako ya puso ya bokgokgontshi ya ga Hitler? Lekwalo la boruti le le neng le kwadilwe ke bobishopo ba Katoliki ba Jeremane ka September 1939 fa Ntwa ya Lefatshe II e simologa le re fa tshedimosetso ka seno. Bontlhanngwe jwa lone bo balega jaana: “Mo motsotsong ono o o masisi re kgothatsa masole a rona a Makatoliki go dira tiro ya bone mo go utlweng Fuehrer le go ikemisetsa go intsha ditlhabelo gotlhelele. Re ikuela mo Badumeding go kopanela mo merapelong e e tlhoafetseng gore Tlamelo ya Bomodimo e etelele ntwa eno pele ka tshegofatso ya gore e atlege.”
9 Botsalano jo bo ntseng jalo jwa Katoliki bo bontsha mofuta wa boaka jo bodumedi bo ileng jwa tsena mo go jone mo dingwageng tse 4 000 tse di fetileng mo go lopeleng Mebuso ya sepolotiki gore ba tle ba bone nonofo le maatla. Dikamano tse di ntseng jalo tsa bodumedi le dipolotiki di ile tsa nonotsha ntwa, dipogiso, le mahutsana mo bathong ka selekanyo se se boitshegang. A bo batho ba ka itumela jang ne go bo katlholo ya ga Jehofa mo seakeng seno se segolo e atametse. E kete e ka akofa ya diragadiwa!
O Ntse mo Metsing a le Mantsi
10. ‘Metsi a mantsi’ a Babelona o Mogolo a lebileng mo go one go bona tshireletso ke eng, mme go diragala eng ka one?
10 Babelona wa bogologolo o ne a ntse mo metsing a le mantsi—Noka ya Euferatese le dinokana tse dintsintsi. Tseno di ne di mo sireleditse mmogo le go mo thusa ka go mo fa mahumo a kgwebo, go fitlha di kgala mo bosigong bo le bongwe. (Jeremia 50:38; 51:9, 12, 13) Babelona o Mogolo le ene gape o lebile mo ‘metsing a le mantsi’ gore a mo fe tshireletso le go mo humisa. Metsi ano a tshwantshetso ke “batho le boidiidi le ditšhaba le diteme,” ke gore, diketekete tsa dimilione tsa batho ba a ileng a ba gatelela le ba a ileng a bona papadi ya dilo tse di bonalang mo go bone. Mme metsi ano le one a a kgala, kana ga a tlhole a mo tshegetsa.—Tshenolo 17:15; bapisa Pesalema 18:4; Isaia 8:7.
11. (a) Babelona wa bogologolo ‘o ne a tagisa lefatshe lotlhe jang’? (b) Babelona o Mogolo ‘o tagisitse lefatshe lotlhe’ jang?
11 Gape, Babelona wa bogologolo o ne a tlhalosiwa jaaka “senwelo sa gouta mo seatleng sa ga Jehofa, o tagisa lefatshe lotlhe.” (Jeremia 51:7) Babelona wa bogologolo o ne a pateletsa ditšhaba tse di bapileng le ene gore di utlwe bogale jwa ga Jehofa fa a ne a ba fenya ka masole, a ba koafatsa fela jaaka batho ba ba tagilweng. Ka jalo, o ne a le sedirisiwa sa ga Jehofa. Babelona o Mogolo le ene, o ile a bona diphenyo di le dintsi mo a bileng a nna mmuso o mogolo wa lefatshe lotlhe. Mme ruri ga se sedirisiwa sa Modimo. Go na le moo, o dirisane le “dikgosi tsa lefatshe” tse a ileng a dira boaka jwa sedumedi le tsone. O itumedisitse dikgosi tseo ka go dirisa dithuto tsa gagwe tsa motheo tsa maaka le ditlwaelo tse di gatelelang go dira gore bontsintsi jwa batho, “ba ba nnang mo lefatsheng,” ba koafale fela jaaka batho ba ba tagilweng, gore ka go tlhoka temogo ba nne makgoba a babusi ba bone.
12. (a) Karolo nngwe ya Babelona o Mogolo kwa Japane e ne ya ikarabelela jang mo tshololong e kgolo ya madi ka Ntwa ya Lefatshe II? (b) ‘Metsi’ a a neng a tshegeditse Babelona o Mogolo a ne a kgadisiwa jang kwa Japane, mme seo sa felela ka eng?
12 Japane wa Shinto o re fa sekai se se molemo kaga seno. Lesole la Mojapane le le neng le gapilwe boikutlo le ne le tsaya gore ke tlotla e kgolo go ntshetsa mmusimogolo botshelo jwa lone—modimo o mogolo wa Shinto. Mo Ntweng ya Lefatshe II, masole a ka tshwara 1 500 000 a Majapane a ne a swela mo ntweng; mo e neng e ka nna monna mongwe le mongwe, ba ne ba tsaya go ineela e le matlhabisa ditlhong. Mme ka ntlha ya go fenngwa ga Japane, Mmusimogolo Hirohito o ne a patelesega gore a itatole maiphako a gore ke modimo. Seno se ne sa felela ka go kgala ga “metsi” a a neng a tshegeditse karolo ya Babelona o Mogolo ya Shinto—morago ga Boshinto bo sena go buelela go tshololwa ga madi a mantsintsi kwa botlhabanelong jwa Pacific! Go koafala mono ga tlhotlheletso ya Shinto go ile ga bula gape tsela mo dingwageng tsa bosheng gore Majapane a feta 200 000, a bontsi jwa bone e neng e le Bashinto le Babuda pele, ba nne badiredi ba ba ineetseng, ba ba kolobeditsweng ba ga Morena Molaodimogolo Jehofa.
Seaka se Palame Sebatana
13. Ke pono efe e e gakgamatsang e Johane a e bonang fa moengele a mo tsaya ka nonofo ya moya go mo isa kwa nageng?
13 Ke eng gape se polelelopele eno e se bolelang kaga seaka se segolo le phelelo ya sone? Jaaka Johane jaanong a anela, go tlhaga ponalo e nngwe gape e e phepafetseng: “Mme [moengele] a ntsholela kwa nageng ka maatla a moya. Mme ka tshogana ka ke bona mosadi a ntse mo sebataneng se se mmala wa bohibidu jo bo letlhololo se se neng se tletse maina a tlhapatso mme se na le ditlhogo di supa le dinaka di le lesome.”—Tshenolo 17:3.
14. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore Johane a bo a ile a tseelwa kwa nageng?
14 Ke eng fa Johane a isiwa kwa nageng? Kitsiso e e neng ya bolelwa pelenyana kaga bosula jo bo tlelang Babelona wa bogologolo e ne ya tlhalosiwa gore e “kgatlhanong le naga ya lewatle.” (Isaia 21:1, 9) Seno se ne sa ntsha tlhagiso e e tshwanetseng gore go sa kgathalesege maiphemelo a gagwe ka metsi, Babelona wa bogologolo o ne a tla nna naga fela e e swafetseng. Ka jalo, go a tshwanela gore Johane a bo a ne a ka tsewa ka ponatshegelo ya gagwe go ya kwa nageng gore a bone se se neng se tla tlhagela Babelona o Mogolo. Le Babelona o Mogolo o tshwanetse go nna lefelo le le swafetseng. (Tshenolo 18:19, 22, 23) Le fa go ntse jalo, Johane o gakgamaditswe fela thata ke seo a se bonang koo. Seaka se segolo ga se nosi! Se palame sebatana se se boitshegang!
15. Ke dipharologano dife tse di leng gone fa gare ga sebatana sa Tshenolo 13:1 le sa Tshenolo 17:3?
15 Sebatana seno se na le ditlhogo di supa le dinaka di le some. A mme he, e ntse ke sebatana se se tshwanang le se Johane a neng a se bona go le pelenyana, se le sone se neng se na le ditlhogo di supa le dinaka di le some? (Tshenolo 13:1) Nnyaa, go na le dipharologano. Sebatana seno se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo, mme, ka go sa tshwaneng le sebatana sa pele, ga se kaiwe se na le dirwalo tsa segosi. Mo boemong jwa go nna le maina a tlhapatso mo ditlhogong tsa sone tse supa fela, se “tletse maina a tlhapatso.” Le fa go le jalo, go tshwanetse ga bo go na le kamano nngwe fa gare ga sebatana seno se sesha le sa pele; go tshwana ga sone go bonala sentle mo go ka se kang ga twe di atamalane fela.
16. Sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo ke eng, mme go ne ga tlhalosiwa gore boikaelelo jwa sone ke eng?
16 Ke eng he, sebatana seno se sesha se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo? E tshwanetse ya bo e le setshwantsho sa sebatana se se neng sa nna gone ka ntlha ya tlhotlheletso ya sebatana sa Maesemane le Maamerika se se nang le dinaka di le pedi jaaka kwanyana. Fa setshwantsho se sena go dirwa, sebatana seo se se dinaka di pedi se ne sa rebolwa go tsenya mohemo mo setshwantshong sa sebatana. (Tshenolo 13:14, 15) Johane jaanong o bona setshwantsho se se tshelang, se se hemang. Se tshwantshetsa lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le sebatana se se dinaka di pedi se neng sa le fa botshelo ka 1920. Tautona Wilson wa United States o ne a ile a bonela pele kafa Kgolagano “e neng e tla nna lekgotla la go diragatsa tshiamiso mo bathong botlhe le go tlosetsa ruri matshosetsi a ntwa.” Fa se sena go tsosolosiwa morago ga ntwa ya bobedi ya lefatshe jaanong e le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, boikaelelo jwa lone jo bo dumalanweng e ne e le “go boloka kagiso ya ditšhaba tsotlhe le polokesego.”
17. (a) Sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo se tletse ka maina a tlhapatso ka tsela efe? (b) Ke mang yo o palameng sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo? (c) Bodumedi jwa Sebabelona bo ne jwa ikgolaganya jang le lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le motlhatlhami wa lone go tswa fela kwa tshimologong?
17 Sebatana seno sa tshwantshetso se tletse maina a tlhapatso ka tsela efe? Ka tsela ya gore batho ba ile ba tlhoma modingwana ono wa ditšhabatšhaba jaaka boemedi jwa Bogosi jwa Modimo—go diragatsa se Modimo a reng ke Bogosi jwa gagwe fela bo tla se dirang. (Daniele 2:44; Mathaio 12:18, 21) Le fa go le jalo, se se kgatlhang thata kaga ponatshegelo ya ga Johane, ke gore Babelona o Mogolo o pagame sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo. Go ya fela kafa polelelongpele, bodumedi jwa Sebabelona, segolobogolo ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete, bo ile jwa ikgolaganya le lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le motlhatlhami wa lone. Go simolola fela ka December 18, 1918, lekoko le jaanong le itsiweng e le Lekgotla la Dikereke tse di Kopaneng tsa ga Keresete mo Amerika le ne la nna le maitlamo a bontlhabongwe jwa one a neng a re: “Lekgotla la Kgolagano ga se selo fela sa bopolotiki; go na le moo ke boemedi jwa sepolotiki jwa Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng. . . . Kereke e ka le eleletsa matlhogonolo, a kwantle ga one, Kgolagano ya Ditšhaba e ka se keng e itshegetse. . . . Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le theilwe mo Efangeleng. Fela jaaka Efangele, boitlhomo jwa lone ke ‘go dira kagiso mo lefatsheng, go tlhogonolofatsa batho.’”
18. Baruti ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ne ba bontsha jang gore ba tshegetsa lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba?
18 Ka January 2, 1919, San Francisco Chronicle e ne ya nna le setlhogo se segolo sa dikgang sa tsebe ya ntlha se se reng: “Mopapa o Ikopela Gore Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba la ga Wilson le Amogelwe.” Ka October 16, 1919, thapedi e e neng e saenetswe ke baruti ba dikereke tse dikgolo ba le 14 450 e ne ya neelwa Senete ya United States e kgothaletsa lekoko leo “go amogela ditumalano tsa kagiso tsa Paris tse di neng di akareletsa tshwaragano ya kgolagano ya ditšhaba.” Le mororo Senete ya United States e ne ya gana go amogela ditumalano tseo, baruti ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ne ba tswelela go tlhabanela Kgolagano. Mme Kgolagano e ne ya tlhongwa semmuso jang? Pego ya dikgang go tswa kwa Switzerland, ya letsatsi la November 15, 1920, e ne ya balega jaana: “Go bulwa ga kopano ya ntlha ya Kgolagano ya Ditšhaba go ne ga itsisiwe ka nako ya lesome le bongwe mo mosong ono ka go lediwa ga ditloloko tsotlhe tsa dikereke mo Geneva.”
19. Fa sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo se bonala, ke kgato efe e setlhopha sa Johane se neng sa e tsaya?
19 A setlhopha sa Johane, setlhopha se le sengwe fela mo lefatsheng se se neng sa amogela ka tlhoafalo go tla ga Bogosi jwa ga Mesia, se ne sa kopanela le dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete mo go tshegetseng sebatana seo se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo? Legoka! Ka Sontaga, September 7, 1919, kopano ya batho ba ga Jehofa kwa Cedar Point, Ohio, e ne ya nna le puo ya phatlalatsa e e reng “Tsholofelo ya Setho se se Tlaletsweng.” Mo letsatsing le le latelang, Star-Journal ya Sandusky e ne ya bega gore J. F. Rutherford, fa a ne a bua le batho ba ba ka nnang 7 000 o ne “a ile a bolela gore go sa itumeleng ga Morena ruri go tla tlhasela Kgolagano . . . ka go bo baruti—Bakatoliki le Baporotesetanta—ba ba iphakang gore ke baemedi ba Modimo, ba ile ba furalela boikaelelo jwa gagwe mme ba inaakanya le Kgolagano ya Ditšhaba, ba le galaletsa jaaka boemedi jwa bogosi jwa ga Keresete mo lefatsheng.”
20. Ke ka ntlha yang fa e ne e le tlhapatso gore baruti ba galaletse lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba jaaka “boemedi jwa sepolotiki jwa Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng”?
20 Go palelwa mo go swabisang ga Kgolagano ya Ditšhaba go ka bo go ile ga tlhagisa baruti gore dithulaganyo tse di ntseng jalo tse di itiretsweng ke batho ga se bontlhanngwe jwa Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng. A bo e ne e le tlhapatso jang ne go dira boiphako joo! Seo se dira gore go nne jaaka e kete Modimo o ne a dumalana le boithamako jo bogolo jo Kgolagano e neng ya itshupa e le jone. Mme fa e le kaga Modimo, “tiro ya gagwe e itekanetse.” Bogosi jwa selegodimo jwa ga Jehofa tlase ga ga Keresete ke jone tsela e a tla tlisang kagiso ka yone le gore thato ya gagwe e dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong—e seng dipolotiki tse di ikopantseng mmogo tse di ganetsanang, bontsi jwa tsone e le tsa balatolamodimo.—Duteronome 32:4; Mathaio 6:10.
21. Ke eng se se bontshang gore seaka se segolo se tshegetsa le go kgatlhegela motlhatlhami wa Kgolagano, e bong lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng?
21 Go tweng ka motlhatlhami wa Kgolagano, lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng? Go tswa fela kwa thaegong ya lone, lekoko leno le lone le ne la pagangwa ke seaka se segolo mo mokwatleng, se ikopantse le lone ka tsela e e bonalang le go leka go le laolela kwa le yang teng. Ka sekai, mo segopotsong sa lone sa dingwaga tse 20, ka June 1965, baemedi ba Kereke ya Katoliki ya Roma mmogo le ba Eastern Orthodox Church, mmogo le Baporotesetanta, Bajuda, Bahindu, Babuda, le Bamoselema—ba go tweng ba ka tshwara dimilione tse di dikete tse pedi tsa baagi ba lefatshe—ba ne ba kopanela mo San Francisco go keteka tshegetso ya bone le go kgatlhegela lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Fa a ne a etetse lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ka October 1965, Mopapa Paul VI o ne a le tlhalosa e le “lekgotla le le a fetileng otlhe a ditšhabatšhaba” mme a oketsa ka go re: “Batho ba lefatshe ba retologela kwa lekgotleng la Ditšhaba Tse di Kopaneng jaaka tsholofelo ya bofelo ya tshwaragano le kagiso.” Moeti yo mongwe wa Mopapa, e bong Mopapa John Paul II, fa a ne a buisana le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ka October 1979, o ne a re: “Ke solofela gore lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le tla nnela ruri lekgotlalegolo la kagiso le tshiamiso.” Se se gakgamatsang, mopapa o ne a se ka a bua go le kalo kaga Jesu Keresete kana Bogosi jwa Modimo mo puong ya gagwe. Fa a ne a etetse United States ka September 1987, jaaka go begilwe go The New York Times, “John Paul o ne a bua thata kaga tiro e e molemo e e dirwang ke lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng mo go etleetseng . . . ’ kitlano e ntšha ya lefatshe lotlhe.’”
Leina, Bosaitsiweng
22. (a) Seaka se segolo se tlhophile go palama sebatana sa mofuta ofe? (b) Johane o tlhalosa jang seaka sa tshwantshetso e bong Babelona o Mogolo?
22 Moaposetoloi Johane o tla akofa a lemoga gore seaka se segolo se tlhophile go palama sebatana se se kotsi. Le fa go le jalo, sa ntlha, o lebisa tlhokomelo go Babelona o Mogolo ka sebele. O kgabile thata, mme, ebu, abo a bifelesega jang ne! “Mme mosadi yono o ne a apere bobududu jo bo mokgona le bohibidu jo bo letlhololo, e bile o ne a kgabisitswe ka gouta le leje le le tlhokegang le diperela mme mo seatleng sa gagwe a tshotse senwelo sa gouta se se neng se tletse dilo tse di ferosang sebete le dilo tse di seng phepa tsa kgokafalo ya gagwe. Mme mo phatleng ya gagwe go ne go kwadilwe leina, bosaitsiweng: ‘Babelona o Mogolo, mmadiaka le mmadilo tse di ferosang sebete tsa lefatshe.’ Mme ka bona gore mosadi yono o ne a tagilwe ke madi a baitshepi le ke madi a basupi ba ga Jesu.”—Tshenolo 17:4-6a.
23. Leina le le feletseng la Babelona o Mogolo ke eng, mme le bolela eng?
23 Jaaka fa e ne e le tlwaelo mo Roma wa bogologolo, seaka seno se lemogiwa ka leina la sone le le mo phatleng.d Ke leina le letelele: “Babelona o Mogolo, mmadiaka le mmadilo tse di ferosang sebete tsa lefatshe.” Leina leo ke “bosaitsiweng,” sengwe se bokao jwa sone bo fitlhegileng. Mme mo nakong e e tshwanetseng ya Modimo, bosaitsiweng bo tla tlhalosiwa. Tota, moengele o naya Johane tshedimosetso e e lekaneng ya gore batlhanka ba ga Jehofa gompieno ba tle ba lemoge ka botlalo se se bolelwang ke leina leno le le tlhalosang. Re lemoga gore Babelona o Mogolo ke bodumedi jotlhe jwa maaka. Ke “mmadiaka” ka go bo ditumelo dingwe le dingwe tsa maaka tse di mo lefatsheng, go akareletsa le makoko a le mantsi a ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete, di tshwana le bana ba gagwe, ka go mo etsa mo go direng boaka jwa semoya. Mme e bile gape ke “mmadilo tse di ferosang sebete” ka go bo a ile a tsala lotsalo lo lo ferosang sebete lwa kobamelo ya medimo ya medingwana, tirisabadimo, maselamose, tepodinaledi, bola, go ntsha batho ditlhabelo, boaka jwa mo tempeleng, botagwa jwa go tlotla medimo ya maaka, le ditlwaelo tse dingwe tse di botlhaswa.
24. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore Babelona o Mogolo a bo a bonwa a apere “bobududu jo bo mokgona le bohibidu jo bo letlhololo” le go bo a “kgabisitswe ka gouta le leje le le tlhokegang le diperela”?
24 Babelona o Mogolo o apere “bobududu jo bo mokgona le bohibidu jo bo letlhololo,” mebala ya segosi, e bile o “kgabisitswe ka gouta le leje le le tlhokegang le diperela.” A bo seo se tshwanela jang ne! A ko o akanye fela ka dikago tse di tsabakelang, ditshwantsho tse di tlhomilweng le tse di takilweng, mekgabisa ya ditshwantsho e e tlhwatlhwakgolo, le dilo tse dingwe tsa sedumedi tse dintsintsi, mmogo le dithoto tse dintsintsi le madi, tse di kokoantsweng ke ditumelo tsa lefatshe leno. E ka ne e le kwa Vatican, mo bontsintsing jwa bareri ba efangele ba thelebishene ba ba kwa United States, kana mo ditempeleng tse di maphatsiphatsi tsa Botlhabatsatsi, Babelona o Mogolo o kokoantse—mme ka dinako tse dingwe a latlhegelwa ke—letlotlo le le seng kana ka sepe.
25. (a) Ke eng se se tshwantshediwang ke selo se se mo teng ga “senwelo sa gouta se se neng se tletse dilo tse di ferosang sebete”? (b) Seaka sa tshwantshetso se tagilwe ka tsela efe?
25 Bona jaanong se se mo seatleng sa seaka. Johane o tshwanetse a bo a ile a kgaoga pelo fa a se bona—senwelo sa gouta “se se neng se tletse dilo tse di ferosang sebete le dilo tse di seng phepa tsa kgokafalo ya gagwe”! Seno ke senwelo se se tletseng “beine ya bogale jwa kgokafalo ya gagwe” joo a tagisitseng ditšhaba tsotlhe ka jone. (Tshenolo 14:8; 17:4) Se bonala se kgatlhisa ka kwantle, mme mo teng ga sone go ferosa sebete, go leswe. (Bapisa Mathaio 23:25, 26.) Se tletse ditlwaelo tsotlhe tse di leswe le maaka a seaka se segolo se a dirisitseng go hepisa ditšhaba le go di tlhotlheletsa. Mme e bile se se kgopisang go feta ke gore, Johane o bona gore seaka ka bosone se tlhapetswe, se tagilwe ke madi a batlhanka ba Modimo! Tota, moragonyana re bala gore “go ne ga fitlhelwa madi a baporofeti le a baitshepi mo go ene le a botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng.” (Tshenolo 18:24) Abo e le molato o mogolo wa tshololo ya madi!
26. Ke bosupi bofe jo bo leng gone jwa gore Babelona o Mogolo o na le molato wa madi?
26 Go ralala makgolokgolo a dingwaga, mmuso wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka o tsholotse bontsintsi jwa madi. Ka sekai, kwa Japane wa metlha ya bogare, ditempele mo Kyoto di ne tsa fetolwa go nna metse e e thekeleditsweng ya tlhabano, mme baitlami ba batlhabani, ka go bitsa “leina le le boitshepo la ga Buda,” ba ne ba tlhabana mmogo go fitlha mebila e le mehibidu ke madi. Mo lekgolong la dingwaga la bo20, baruti ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ile ba gwanta le mephato ya masole a dinaga tse ba nnang mo go tsone, mme bano ba ile ba bolaana, mme ga swa batho ba ka nna dimilione di le lekgolo. Ka October 1987 tautona wa pele wa United States e bong Nixon o ne a re: “Lekgolo la dingwaga la bo20 le ile la a feta otlhe ka tshololo ya madi go ralala hisitori yotlhe. Batho ba le bantsi ba ile ba bolawa mo dintweng tsa lekgolo leno la dingwaga go feta dintwa tsotlhe tse di lolweng pele ga lekgolo la dingwaga le simologa.” Ditumelo tsa lefatshe di bone katlholo e e bosula e e tswang mo Modimong ka ntlha ya seabe sa bone mo go seno sotlhe; Jehofa o ila “diatla tse di tshololang madi a a se nang molato.” (Diane 6:16, 17) Pelenyana, Johane o ne a utlwa mokgosi o tswa mo sebesong o re: “Morena Molaodimogolo yo o boitshepo le yo o boammaaruri, o tla ithiba go atlhola le go busolosa madi a rona mo go ba ba nnang mo lefatsheng go fitlha leng?” (Tshenolo 6:10) Babelona o Mogolo, mmadiaka le mmadilo tse di ferosang sebete tsa lefatshe o tla ikarabela thata fa nako e tla gore potso eo e arabiwe.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Fa a ne a supa kafa bontsi jwa dithuto tsa motheo, meletlo, le ditlwaelo tsa ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete tsa botlhanogi di sa tlholegang mo Bokereseteng ka gone, mokadinale wa Katoliki ya Roma wa lekgolo la bo19 la dingwaga e bong John Henry Newman o ne a kwala mo Essay on the Development of Christian Doctrine ya gagwe a re: “Tiriso ya ditempele, mme tseno di itshepiseditswe baitshepi ba ba rileng, mme ka dipaka tse dingwe di kgabisiwa ka dikala tsa ditlhare; maswalo, dipone, le dikerese; ditshupelo morago ga go fola ga bolwetse; metsi a a boitshepo; diagelo; malatsi a boikhutso le dipaka, tiriso ya dikhalendara, dipopelelo, go segofatsa masimo; diaparo tsa seruti, peolo ya seperesiti, reng ya lenyalo, go gadimela kwa Botlhabatsatsi, ditshwantsho tse di tlileng moragonyana, mme gongwe le go dumaduma mafoko a a boitshepo, le Kyrie Eleison [pina e e reng “Morena, Nna Kutlwelobotlhoko”], tsotlhe di simologile mo boheitaneng, mme tsa itshepisiwa ka go tsenngwa mo Kerekeng.”
Go na le gore a itshepise kobamelo e e ntseng jalo ya medingwana, “Jehofa Mothatayotlhe” o laya Bakeresete ka go re: “Tswang mo gare ga bone, . . . mme lo tlogele go ama selo se se seng phepa.”—2 Bakorintha 6:14-18.
b Buka ya ditiragalo ya ga William L. Shirer The Rise and Fall of the Third Reich e tlhalosa gore von Papen ke ene “a nnileng le seabe se segolo thata go feta batho botlhe mo Jeremane mo go direng gore Hitler a bone puso.” Ka January 1933 tonakgolo wa pele wa Jeremane von Schleicher o ne a bolela jaana ka von Papen: “O ne a itshupa e le mooki yo o maswemaswe yo o bileng a ne a ikgaisediwa ke Judase Isekariota.”
c Fa a ne a eme kokoano ka lefoko mo College of Mondragone ka May 14, 1929, Mopapa Pius XI o ne a re o ne a ka dira ditumalano le Diabolo fa e le gore batho ba ne ba tlhoka sengwe sa go nna jalo.
d Bapisa mafoko a mokwadi wa Moroma Seneca a kwalela moperesiti wa mosadi yo o bofafalele (jaaka a tsopotswe ke Swete): “O ne wa nna mosetsana, mo tlung ya boitsholo jo bo botlhaswa . . . leina la gago le kgogeditswe mo phatleng ya gago; o ne wa amogela madi ka tlontlologo ya gago.”—Controv. i, 2.
[Lebokoso mo go tsebe 237]
Churchill o Senola ‘Boaka’
Mo bukeng ya gagwe ya The Gathering Storm (1948), Winston Churchill o bega gore Hitler o ne a tlhoma Franz von Papen go nna tona ya Jeremane mo Vienna ka “maikaelelo a go koafatsa kana go gapa batho ba ba nonofileng mo dipolotiking tsa Austria.” Churchill o nopola tona nngwe ya United States mo Vienna a bua jaana ka von Papen: “Ka bopelokgale jo bo boitshegang le botlhokatumelo . . . Papen o ne a mpolelela gore . . . o ne a ikaeletse go dirisa boemo jwa gagwe jaaka Mokatoliki yo o molemo go gapa batho ba Austria ba ba jaaka Mokadinale Innitzer.”
Fa Austria a sena go fenngwa le fa diganka tsa masole a ga Hitler di sena go gwantela mo Vienna, mokadinale wa Mokatoliki Innitzer o ne a ntsha taelo ya gore dikereke tsotlhe tsa Austria di tlhome folaga ya swasetika, di letse ditloloko tsa tsone, le go rapelela Adolf Hitler di tlotla botsalo jwa gagwe.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 238]
Mo setlhogong seno, polelo e e latelang e ne ya bonala mo kgatisong ya ntlha ya The New York Times ya December 7, 1941:
‘THAPELO YA NTWA’ YA REICH
“Bobishopo ba Katoliki kwa Fulda Ba Kopa Tshegofatso le Phenyo . . . Kokoano ya Bobishopo ba Katoliki ba Jeremane e e neng e phuthegetse mo Fulda e ile ya buelela gore go nne le thulaganyo ya ‘thapelo e e kgethegileng ya ntwa’ e e tla neng e balwa kwa tshimologong le kwa bofelong jwa ditirelo tsotlhe tsa thapelo. Thapelo eo ke go kopa Modimo gore a segofatse dibetsa tsa Jeremane gore e bone phenyo le gore a sireletse matshelo le botsogo jwa masole otlhe. Bobishopo gape ba ne ba laela gore baruti ba Katoliki ba boloke le go gakologelwa thero e e tshwarwang ka Sontaga o o kgethegileng e e nnang gangwe fela ka kgwedi e e direlwang masole a Jeremane ‘a mo lefatsheng, a mo lewatleng, le a lefaufau.’”
Polelo eo e ne ya se ka ya tlhola e tsenngwa mo dikgatisong tsa moragonyana tsa lokwalodikgang loo. December 7, 1941, ke letsatsi le tsala ya Jeremane wa Bonasi, Japane, e neng ya tlhasela dikepe tsa United States kwa Pearl Harbor ka lone.
[Lebokoso mo go tsebe 244]
“Maina a Tlhapatso”
Fa sebatana se se dinaka di pedi se rotloetsa lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba morago ga Ntwa ya Lefatshe I, dinyatsi tsa sone tse dintsi tsa bodumedi di ne tsa itlhaganelela go segofatsa kgato eno ka tsela ya sedumedi. Ka jalo, lekgotla le lesha la kagiso le ne la ‘tlala maina a tlhapatso.’
“Bokeresete bo ka tlhogonolofatsa le go tshegetsa kgolagano [ya ditšhaba] fela thata, mme jalo jwa fetola tumalano eo gore e se nne pampitshana fela mme gore e fetoge sedirisiwa sa bogosi jwa Modimo.”—The Christian Century, U.S.A., June 19, 1919, tsebe 15.
“Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba ke tsweledisopele fela ya mogopolo o ditšhaba tsotlhe di nang le one wa Bogosi jwa Modimo jaaka tsela ya go tlhogonolofatsa lefatshe. . . . Ke selo se Bakeresete botlhe ba se rapelelang fa ba re, ‘Bogosi jwa gago a bo tle.’”—The Christian Century, U.S.A., September 25, 1919, tsebe 7.
“Sebofo sa lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba ke Madi a ga Keresete.”—Dr. Frank Crane, moruti wa Moporotesetanta, U.S.A.
“Lekgotla la [Setšhaba] [la Dikereke tsa Congregational] le tshegetsa Tumalano [ya lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba] jaaka sedirisiwa fela sa sepolotiki se se gone jaanong se Moya wa ga Jesu Keresete o ka phuthologang mo tirong ya one mo dikgannyeng tsa ditšhaba.”—The Congregationalist and Advance, U.S.A., November 6, 1919, Tsebe 642.
“Kokoano e ikuela mo go Ba-Methodist botlhe go tshegetsa le go ema nokeng thata megopolo e mentle ya [lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba] jaaka le tswa kwa Modimong Rara mme le mo baneng ba Modimo ba ba mo lefatsheng.”—Wesleyan Methodist Church, Boritane.
“Fa re akanyetsa maitlhomo, maikaelelo le maitlamo a tumalano eno, re bona gore e na le boteng jwa dithuto tsa ga Jesu Keresete: Bogosi jwa Modimo le tshiamo ya gagwe . . . Ga se sepe se sele kwantle ga seo.”—Thero ya ga Mobishopo Mogolo wa Canterbury fa Kopano ya lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba e bulwa kwa Geneva, ka December 3, 1922.
“Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba mo nageng eno le na le tshwanelo e e boitshepo e e tshwanang fela le mokgatlho mongwe le mongwe wa borongwa wa bopelonomi, ka gonne gone jaanong jaana ke boemedi jo bo nonofileng jwa puso ya ga Keresete jaaka Kgosana ya kagiso mo ditšhabeng.”—Dr. Garvie, moruti wa Congregational, Boritane.
[Mmapa mo go tsebe 236]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Dithuto tsa motheo tsa maaka tse di dumelwang mo lefatsheng lotlhe di simologile kwa Babelona
Babelona
Ditharonngwe kana medimo e e ditlhogo tse tharo
Moya wa motho o tswelela o tshela fa motho a swa
Tirisabadimo—go bua le “baswi”
Tiriso ya ditshwantsho mo kobamelong
Tiriso ya mereo go ritibatsa badimona
Puso ya baperesiti ba ba nonofileng
[Setshwantsho mo go tsebe 239]
Babelona wa bogologolo o ne a ntse mo metsing a mantsi
[Setshwantsho mo go tsebe 239]
Seaka se segolo gompieno le sone se ntse mo “metsing a mantsi”
[Setshwantsho mo go tsebe 241]
Babelona o Mogolo a palame sebatana se se kotsi
[Setshwantsho mo go tsebe 242]
Seaka sa bodumedi se akafetse le dikgosi tsa lefatshe
[Ditshwantsho mo go tsebe 245]
Mosadi o “tagilwe ke madi a baitshepi”