LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 4/15 ts. 10-17
  • Seaka Se Se Tlhabisan Ditlhong—Go Senngwa ga Sone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Seaka Se Se Tlhabisan Ditlhong—Go Senngwa ga Sone
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Bona Seaka Re Se Atametse
  • ‘BOSAITSIWENG JWA MOSADI LE SEBATANA’
  • Go Senola Seaka
  • Katlholo ya Seaka se se Tlhabisang Ditlhong
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Bodumedi le Bo-Nazi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Go Nyeletsa Babelona o Mogolo
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Bodumedi Jwa Maaka bo Tloga bo Nyelediwa!
    Tsogang!—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 4/15 ts. 10-17

Seaka Se Se Tlhabisan Ditlhong—Go Senngwa ga Sone

“Haleloya! Poloka, le kgalalelo, le thata, ke tsa Modimo oa rona: Gonne dikatlholo tsa ona di boamarure le tshiamo; gonne o sekisitse seaka se segolo, se se kilen sa bodisa lehatshe ka kgokahalo ea shona, me o leheditse math a batlhanka ba ona mo seatleñ sa shona.”—TSHENOLO 19:1, 2.

1. Seaka se segolo se ne sa dira boaka le “dikgosi tsa lehatshe,” jang, mme seno se feletse ka eng?

SOTLHE seo re ntseng re tlotla ka sone se masisi fela thata. Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go tlhokomela gore Tshenolō 17:2 a bua gape ka go gokafala ga seaka seno le “dikgosi tsa lehatshe.” Lefa se ole, se santse e le tsala a kgolo ya lefatshe, mme se leka go dirisa babusi ba lefatshe go iponela molemo. (Yakobe 4:4) Boaka jono jwa semoya, joo bo kopanyeletsang kamano e e seng kafa molaong fa gare ga Babelona o Mogolo le babusi ba lefatshe, bo ile jwa felela ka go swa ga masomesome a dimilione tsa batho ba ba senang molato! E ne a le selo se se maswe tota fa seaka seno se segolo se ne se itlhakatlhakantse le matlhakore a mabedi a a lwang ka Ntwa ya Lefatshe I. Mme boleo jwa gagwe malebana le Ntwa ya Lefatshe II bo tshwanetse jwa bo eleruri bo “ile go hitlha le kwa legodimon”! (Tshenolō 18:5) Ke ka ntlhayang fa re rialo?

2. (a) Franz von Papen o ne a thusa Adolf Hitler go nna mmusi wa Jeremane jang, mme mokhanselara mongwe wa Jeremane o ne a tlhalosa mogale yono wa mopapa jang? (b) Mo Tumalanong ya Naga ya Bo-Nazi le Vatican, ke dikarolwana dife tsa yone tse di neng tsa tshwarwa e le sephiri? (Bona mokwalo o o kwa tlase.)

2 Ebu, fa re tsaya sekai se le sengwe, Adolf Hitler o nnile jang mokhanselara—le mmusaesi—wa Jeremane? E ne a le ka maano a boferefere a bopolotiki a mogale mongwe wa mopapa yoo mokhanselara wa pele wa Mojeremane Kurt von Schleicher, a neng a mo tlhalosa jaaka “mofuta wa senokwane seo fa Judase Isekariota a bapisiwa le sone eleng moitshepi.” E ne e le Franz von Papen, yoo a neng a etelela pele Catholic Action le baeteledipele ba kgwebo go lwa kgatlhanong le bokomanisi le go kopanya Jeremane kafa tlase ga ga Hitler. Jaaka maduo a go nna setlhabetsi, von Papen o ne a dirwa mothusa mokhanselara. Hitler o ne a romela setlhopha sa baemedi seo se neng se eteletswe pele ke von Papen go ya kwa Roma go ya go tshwara dipuisano kaga tumalano fa gare ga Naga ya Nazi le Vatican. Mopapa Pius XI o ne a bolelela baemedi bao ba puso ya Jeremane ka moo a neng a itumetse ka gone gore “Puso ya Jeremane jaanong a ne a eteletswe pele ke monna yo o sa etsaetsegeng mo go ganetseng Bokomonisi,” mme ka July 20, 1933, kwa moletlong mongwe kwa Vatican, Mokadinale Pacelli (yoo mo bogautshwaneng a neng a tlile go nna Mopapa Pius XII) o ne a saena tumalano eo.a

3. (a) Raditiragalo mongwe o ne a kwala eng mabapi le Tumalano ya Naga ya Bo-Nazi le Vatican? (b) Franz von Papen o ne a tlotlomadiwa ka eng, mo meletlong ya kwa Vatican? (c) Ke karolo efe eo Franz von Papen a neng a na le yone fa BaNazi ba ne ba thopa Austria?

3 Raditiragalo mongwe o kwadile jaana: “Tumalano [le Vatican] a ne a le phenyo a kgolo mo go Hitler. Lantlha a ne ya mo naya tshegetso e a neng a e amogela go tswa mo lefatsheng le le ka kwantle, mme eno ebile a tswa mo motsweding o o kwa godimo.” Mo meletlong ya kwa Vatican, Pacelli o ne a naya von Papen sekgabisa se segolo sa bopapa sa Grand Cross of the Order of Pius.b Winston Churchill, mo bukeng ya gagwe, The Gathering Storm, e e gatisitsweng ka 1948, o bolela ka moo von Papen a neng a tswelela pele go dirisa “go itsege ga gagwe jaaka Mokatoliki yo o molemo” go bona tshegetso ya kereke mo go thopiweng ga Austria ke Ba-Nazi. Ka 1938, fa a ne a tlotla letsatsi la ga Hitler la botsalo, Mokadinale Innitzer o ne a laela gore dikereke tsotlhe tsa Austria di pege folaga ya swastika, di letse ditshipi tsa bone, mme di rapelele mmusaesi yoo wa Nazi.

4, 5. (a) Ke ka ntlhayang fa Vatican a na le molato o mogolo jaana wa madi? (b) Bobishopo ba Jeremane ba Katoliki ba ne ba tshegetsa Hitler jang phatlalatsa?

4 Ka jalo Vatican a na le molato o o masisi wa madi! Jaaka karolo e e kwa pele ya Babelona o Mogolo, a ne ya thusa ka mo go bonalang go tlhoma Hitler mo pusong le go mo naya tshegetso “ya semoya.” Vatican a ne ya tswelela pele a dumalana e sisibetse fela le bosetlhogo jwa ga Hitler. Mo dingwageng di le lesome tse ditelele tsa bosetlhogo jwa Nazi, bobishopo ba Roma ba ne ba didimala fela fa dikete tse di makgolo tsa masole a Bakatoliki di ne di lwa le go swela go tlotlomatsa puso ya Nazi le fa dimilione tsa bao ba seng lesego di ne di bolawa mo dikamoreng tsa digase tsa ga Hitler.

5 Bobishopo ba Jeremane ba Bakatoliki ba ne ba bo ba tshegetsa Hitler phatlalatsa. Mo go lone letsatsi leo Japane, eo a neng a le mopati wa Jeremane ka nako ya ntwa, a neng a tlhasela Pearl Harbor ka tshoganyetso ka lone, The New York Times a ne ya bega jaana: “Pokano ya Bobishopo ba Katoliki ba Jeremane e e neng e tshwaretswe kwa Fulda a ile ya akantsha gore go simololwe ‘thapelo ya ntwa’ e e kgethegileng e e tshwanetseng go balwa fa go simololwa le fa go wediwa ditirelo tsotlhe tsa bomodimo. Thapelo eo a ne a kopa Modimo go segofatsa masole a Jeremane gore a fenye le go sireletsa matshelo le boitekanelo jwa masole. Mo godimo ga moo Bobishopo ba ne ba laela baruti ba Katoliki gore ba nne le go gakologelwa masole a Jeremane a a mo ‘lefatsheng, mo lewatleng, le mo difofaneng’ ka thero e e kgethegileng bobotlana ka Sontaga a le nngwe mo kgweding.

6. Lefatshe le ka bo le se kite la itemogela matlhoko le dipogiso dife tse dikgolo fa go ne go ile ga seka ga nna le boaka jwa semoya fa gare ga Vatican le Ba-Nazi?

6 Fa go ne go ile ga seka ga nna le botsalano jo bo atamalaneng fa gare ga Vatican le Ba-Nazi, lefatshe le ka bo le se kile la nna le kutlobotlhoko e e kalo ka baka la go bolawa ga masole a a dimilione le batho ba eseng masole mo ntweng, ka baka la dimilione tse thataro tsa Bajuda bao ba neng ba bolawa ka go bo a ne e se Ba-Aryan, le—ka baka la batho ba botlhokwatlhokwa mo ponong ya ga Jehofa—diketekete tsa Basupi ba gagwe, ba ba tloditsweng gammogo le ba “dinku di sele,” ba ba neng ba bogisiwa setlhogo, ga ba ga felela ka gore Basupi ba bantsi ba swele mo dikampeng tsa pogisetso tsa Ba-Nazi.—Yohane 10:10, 16.

Go Bona Seaka Re Se Atametse

7. Moaposetoloi Johane o tlhalosa seaka se segolo fang fa a se atametse?

7 Abo ponatshegelo e e latelang e e senolwang ya boperofeti jwa Tshenolō a tshwanela fang ne! Fa re bula kgaolo 17, ditemana 3 go ya go 5, re fitlhela Johane a bua jaana ka moengele: “Me a ntsaea a nkisa kwa gareganaga ke le mo Moeen: me ka ea ka bona mosadi a pagame sebatana senwe se se mmala o bohibidu yo bo letlhololo, se bile se tletse mama a tlhapaco, se le ditlhogo di shupa le dinaka di shome. Me mosadi a bo a apere bohibidu yo bo mokgona, le bohibidu yo bo letlhololo, me a kgabisicwe ka gouda le mayana a a tlhokegan le diperela, a chotse mo seatleñ senwelo sa gouda se se tletsen tse di makgapha, ebon dilo tse di mashwe tsa kgokahalo ea gagwe. Me mo phatlen ea gagwe ga bo go kwadilwe leina, go twe, BOTEN, Babelona o Mogolo, mma diaka, le mma makgapha a lehatshe.”

8. (a) Seaka se segolo se tshotse eng mo senwelong sa sone sa gauta, mme ka jalo se itshupa? (b) Babelona o Mogolo o ikgabisitse jang ka tshwantshetso ka ‘bohibidu jo bo mokgona le bohibidu jo bo letlhololo’ mme o ikgabisitse jang ka ‘gauta le majana a a tlhokegang le diperela’?

8 Johane fano o bona Babelona o Mogolo a mo atametse. Eleruri o tshwanelwa ke go nna kwa nageng, fa gare ga dibatana tse di nnang koo. Seaka seno se segolo se supiwa ka phepafalo ke seo se leng mo senwelong sa sone, lefa senwelo seo se lebega se le sentle kafa ntle. Se nwa bojalwa jo bo makgapha mo ponong ya Modimo. Botsalano jwa gagwe le lefatshe, dithuto tsa gagwe tsa maaka, boitsholo jwa gagwe jo bo repileng, go itlhakatlhakanya ga gagwe le babusi ba dipolotiki—ga go epe ya tseno e e letlelelwang ke Jehofa, “Moatlhodi oa lehatshe yeotlhe.” (Genesise 18:22-26; Tshenolō 18:21, 24) Abo a ikgabisa bontle jang ne! O itsege ka ditempele tsa gagwe tsa maemo a a kwa godimo tse di agilweng ka matsetseleko le ka difensetere tse di pentilweng, ditempele tsa gagwe tsa matlhatlhaganyane le ditempele tsa Ba-Buddha tse di kgabisitsweng ka mabenyane, ditempele tsa gagwe tsa bogologolo gammogo le dikereke. Go latela difeshene tse di diriwang ke seaka se segolo, baperesiti ba gagwe le baitlami ba ikgabisa ka diaparo tse di tlhwatlhwa-kgolo tse di bohibidu jo bo mokgona, bohibidu jo bo letlhololo, le tse di mmala wa namune.—Tshenolō 17:1.

9. Babelona o Mogolo o na le hisitori efe ya bogologolo ya go nna le molato wa madi, mme Johane o digela tlhaloso ya gagwe ka mo go tshwanelang jang?

9 Lefa go le jalo, seo se mo leretseng kgobo e kgolo thata, ke go nyorelwa ga gagwe go tsholola madi. Go na le molato wa bogologolo oo Jehofa a thleng go mo sekisetsa one mo ntlheng eo! O He a tshegetsa babusaesi ba ba nyoretsweng go tsholola madi a batho ba motlha wa segompieno ka madi, mme go tsholola madi ga gagwe ga botlhabisa ditlhong go simolotse makgolo a dingwaga tse di fetileng, ka dintwa tsa bodumedi, Dipotsiso, Dintwa tsa Botlhabanela-Tumelo, ee, le go ya fela kwa losong lwa boswelatumelo lwa bangwe ba baaposetoloi, le go bolawa ga Morwa yo eleng wa Modimo, Morena Jesu Keresete, le pele ga moo. (Ditihō 3:15; Bahebera 11:36, 37) Mo godimo ga tseno tsotlhe go na le go bolawa ga Basupi ba ga Jehofa mo dingwageng tsa bosheng jaana ka go thuntshiwa ka ditlhobolo, ka go kalediwa, go remiwa ka selepe, ka go kgaolwa ditlhogo, ka t’shaka, le ka go tshwarwa setlhogo mo dikgolegong le mo dikampeng tsa pogisetso. Ga go gakgamatse go bo Johane a wetsa tlhaloso ya gagwe ka go bua jaana: “Me ka bōna mosadi ha a tagilwe ke madi a baitshepi, le ke madi a bashupi ba ga Yesu”!—Tshenolō 17:6.

‘BOSAITSIWENG JWA MOSADI LE SEBATANA’

10. (a) Seaka se segolo se ile sa bogisa Basupi ba ga Jehofa jang go tla go fitlha mo motlheng wa rona? (b) Baruti ba Babelona o Mogolo ke baeteledipele ba mofuta ofe?

10 Johane o ne a “gakgamala ka kgakgama1o e kgolo” ka seo a neng a se bona. Le rona gompieno, re a gakgamala! Ka bo-1930 le bo-1940, seaka se segolo se ne sa dirisa Catholic Action gammogo le dipolotiki go bogisa le go thibela basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa. Go fitlha gompieno, koo a kgonang go tlhotlheletsa gone, Babelona o Mogolo o tswelela pele go kgoreletsa, go thibela, le go senya tiro ya Basupi ba ga Jehofa, bao ba bolelang tsholofelo e e galalelang ya Bogosi jwa Modimo. Ka go tshola makgolokgolo a dimilione tsa batho mo botshwarong jwa diphuthego tsa bodumedi tsa seaka seno se segolo, baruti ba gagwe ba direla jaaka “bagogi ba ba houhetsefi,” bao ba isang batho bano kwa moleteng wa tshenyego. Seaka seno se se tlhabisang ditlhong ga se kitla, le ka motlha se bua jaaka moaposetoloi Paulo se re: “Ke shupa mo go lona . . . kaga batho botlhe, ha ke sena molato mo madifi a bone.”—Mathaio 15:7-9, 14; 23:13; Ditihō 20:26.

11, 12. Bosaitseweng jwa ‘sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo’ seo seaka se se makgapha se se palameng ke eng, mme ke tshedimosetso efe eo Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba nna le yone ka bosaitseweng jono ka 1942?

11 Fa moengele a ne a lemoga go gakgamala ga ga Johane, o ne a mo raya a re: “U nu u gakgamalelan? Ke tla gu bolelela boten yoa mosadi eo, le yoa sebatana se o se pagamefi, se se ditlhogo di shupa le dinaka di shome.” (Tshenolō 17:7) “Sebatana” seno ke eng? Moperofeti Daniele o ne a kile a bona ponatshegelo ya dibatana, dingwaga tse di ka nnang 600 pele ga foo, mme o ile a tlhalosediwa gore tseno di ne di emela “dikgosi,” kana babusi ba ba mo lefatsheng ba dipolotiki. (Daniele 7:2-8, 17; 8:2-8, 19-22) Mo ponatshegelong eno Johane o bona dipuso tseo di kopanye—‘sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo.’ Seno ke Lekgotla la Kgolagano ya Merafe leo le dirilweng ke batho leo le neng la nna gone mo lefatsheng ka 1920 mme le ne la kganelelwa mo moleteng wa go sa direng sepe fa Ntwa ya Lefatshe II a ne e tlhagoga ka 1939. Lefa go le jalo, go tweng, ka “botefi [“bosaitsiweng,” NW] yoa mosadi, le yoa sebatana”?

12 Ka thuso ya bomodimo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ikamogelela tshedimosetso ka bosaitsiweng joo ka 1942. Ka nako eo Ntwa ya Lefatshe II a ne a le kwa setlhoeng, mme batho ba bantsi ba ne ba akanya gore a ne a tla felela ka Hara-Magedona. Mme Jehofa o ne a akantse sengwe se sele! Go ne go santse go na le tiro e ntsi a Basupi ba gagwe ba neng ba tshwanetse go a dira! Kwa Kopanong ya bone ya Puso ya Bolegodimo ya Lefatshe le Lesha ya September 18-20, 1942, mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower, Nathan H. Knorr, o ne a neela puo e e reng, “Kagiso—A E Ka Nnela Ruri?” kwa motseng o kopano a neng a tshwaretswe kwa go one wa Cleveland, kwa Ohio o golagantswe le mafelo a mangwe a le 51 mo United States. O ne a boeletsa Tshenolō 17:8, e e buang ka ‘sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo’ gore se ne ‘se le gone, mme se sa tlhole se le gone; mme se tloga se tlhatloga mo moleting o o senang bolekeletso, mme se ya tatlhegong.’ O ne a bontsha gore Lekgotla la Kgolagano ya Merafe le ne le ‘le gone’ jang go tloga ka 1920 go fitlha ka 1939. Mme nako ya fa le sa ‘tlhole le le gone’ a ne ya fitlhelelwa ka go bo Lekgotla leo le ne la swa. Mme morago ga Ntwa ya Lefatshe II, merafe eno e e kopaneng e ne a tla tswa mo moleteng. A polelelopele eo e e thailweng mo Bibeleng a ne ya diragadiwa? E ne ya diragadiwa ka boammaaruri! “Sebatana” seo sa merafe yotlhe se ne sa tswa mo moleteng wa go sa direng sepe ka 1945 jaaka Lekgotla la Merafe E E Kopaneng.

13. Babelona o Mogolo o ile a tswelela pele ka ditsela tsa gagwe tsa boaka le “sebatana” sa Lekgotla la Merafe E E Kopaneng jang?

13 Lefa a ne a koafaditswe ke go wa ga gagwe, Babelona o Mogolo, o ile a tswelela pele ka ditsela tsa gagwe tsa boaka le “sebatana” sa Lekgotla la Merafe E E Kopaneng. Ka sekai, ka June 1965, batlotlegi ba ba eteletseng pele ditumelo tse supa tse dikgolo tsa lefatshe, tsa bao go tweng ke Bakeresete le tsa ba eseng Bakeresete, ba ba neng ba bolela fa ba emela bontlhanngwe jwa batho ba lefatshe, ba ne ba kopanela kwa San Francisco go keteka letsatsi la botsalo la bo-20 la Lekgotla la Merafe E E Kopaneng.c Mo go one ngwaga oo, Mopapa Paul VI o ne a tlhalosa Lekgotla la Merafe E E Kopaneng jaaka “tsholofelo ya bofelo ya kut1wano le kagiso,” mme moragonyana Mopapa John Paul II o ne a tlhalosa tsholofelo ya gagwe ya gore “Lekgotla la Merafe E E Kopaneng le ne le tla nna lekgotla le le kwa godimo la kagiso le tshiamiso.” Mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka o ne wa etelela pele mo go tshegetseng Ngwaga wa Boditshabatshaba wa Kagiso wa Lekgotla la Merafe e e Kopaneng ka madi ka 1986. Mme a kagiso ya boammaaruri le polokesego di ile tsa nna gone a le karabo ya dithapelo tsa bodumedi? Legoka! Gangwe le gape, merafe ya maloko a Lekgotla la Merafe E E Kopaneng a ntse a bontsha gore ga a rate seaka seno se segolo.

Go Senola Seaka

14. Ke tirelo efe e e kgethegileng eo “sebatana” sa Lekgotla la Merafe E E Kopaneng se tshwanetseng go a dira, mme a ne ya tlhalosiwa jang ke moengele wa Modimo?

14 Fa nako a ntse a tsamaya, ‘sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo’ le sone se tshwanetse go senngwa. Mme pele ga seno se diragala, le eleng pele ga se tlhasela batho ba Modimo labofelo, sebatana seo sa Lekgotla la Merafe E E Kopaneng se na le tiro e e kgethegileng a se tshwanetseng go a dira. Jehofa o tla ‘tsenya mogopolo wa gagwe mo pelong ya sebatana le dinaka tsa Bone tsa sesole.’ Go tla felela ka eng? Moengele wa Modimo o araba jaana: “Me dinaka tse shomè tse u di bonyen, le shōna sebatana, di tla ila seaka seuo, di tla se diha chwahaco le bosaikatega, me di tla ya nama ea shona, di se hisetsa rure ka mole1o.” ‘O ikgalaleditse ebile o tshelela mo letlepung,’ mme jaanong tsotlhe tseno di a fetoga. Dikago tsa gagwe tse di kgatlhang tsa bodumedi le dithoto tsa gagwe ga di kitla di mmoloka. Fela jaaka moengele a bolela: “Ke gona ka mouo dipeco tsa gagwe di tla tlan ka letsatsi le le lenwe hela, ebon losho, le selelo, le popamo; me o tla hisediwa rure ka mole1o; gonne go thata Morena Modimo o o mo atlhotsen.”—Tshenolō 17:16, 17; 18:7, 8.

15. Dinyatsi tsa bopolotiki tsa seaka seno, gammogo le bagwebi ba bagolo, ba tla itshwara jang fa se bolawa?

15 Dinyatsi tsa gagwe tsa bopolotiki di tla hutsafalela loso lwa gagwe, ka go bua jaana: “Iya! Iya we! a motse oa mogolo! Babelona motse o o thata! gonne tshekisho ea gago a hitlhile ka nako a le nwe hela.” Ka mo go tshwanang, bagwebi ba bagolo, bao ba neng ba dira madi le ene ka tsietso, ba tla “lela, ba hutsahala; Ba re, Iya! Iya we! . . . Gonne mahumo a a kalo kalo a shwahadicwe ka nako a le nwe hela.”—Tshenolō 18:9-17.

16. Batho ba Modimo ba tla arabela jang fa seaka se segolo se senngwa, mme Tshenolō e tlhomamisa seno jang?

16 Lefa go ntse jalo, batho ba Modimo ba tla itshwara jang? Botlhe bao ba kopanyelediwa mo mafokong ano a moengele: “Wena legodimo, u o yele koma, le lona baitshepi, le lona baaposetoloi, le lona baperofeti; gonne Modimo o o atlhotse kaha to kilen loa atlholwa ke ona motse ouo ka gona.” Ka bofefo fela Babelona o Mogolo o tla bo a digilwe, mme a se kitla le ka motlha a lere kgobo mo leineng le le boitshepo la ga Jehofa. Go senngwa ga seaka se segolo go tla lere go opelwa ga dipina tsa moletlo le tsa phenyo tseo di tla bong di galaletsa Jehofa. Jaaka ya ntlha ya dipina tse di galaletsang Jehofa, pina ya boitumelo a tla goelediwa jaana: “Haleloya! Poloka, kgalalelo, le thata, ke tsa Modimo oa rona: Gonne dikatlholo tsa ona di boamarure le tshiamo; gonne o sekisitse seaka se segolo, se se kilen sa bodisa lehatshe ka kgokahalo ea shona, me o leheditse madi a batlhanka ba ona mo seatleñ sa shona.”—Tshenolō 18:20–19:3.

17. Morago ga go senngwa ga seaka se segolo, ditiro tsa Modimo tsa katlholo di tla tswelela jang go ya kwa bokhutlong?

17 Ditiro tsa Modimo tsa katlholo di tla feta ka bofefo go ya kwa bowelong jwa tsone jaaka “KGOSI EA DIKGOSI, LE MORENA OA BARENA,” Keresete Jesu, a gata “segatiseco sa boyalwa sa bogale yoa chakgalo ea Modimo Mothataeotlhe” ka Hara-Magedona. O tla nyeletsa babusi ba ba boikepi le botlhe ba ba tla bong ba setse ba phuthego ya ga Satane mo lefatsheng koo. Dinonyane tse di jang nama di tla ja ditopo tsa bone. (Tshenolō 16:14, 16; 19:11-21) Abo re tshwanetse go itumela jang ne go bo nako e e tlhomilweng ya Modimo a setse e atametse go t1a go tlosa sengwe le sengwe se se sa itshepang, se se leswe, le se se bodisang mo lefatsheng leno la rona le lentle!

18. Konelo e e molemolemo ya buka ya Tshenolō ke eng?

18 A seo ke yone konelo ya buka ya Tshenolō? Nnyaa, ga a ise a nne yone! Ka go bo morago ga gore ba ba 144 000 ba tsosediwe kwa legodimong, go nna lenyalo la ga Kwana. “Monyadwi,” wa gagwe jaaka a ikgabiseditse monna wa gagwe, o tlhomiwa mo legodimong je lesha’ mme go tswa foo o a tlhatloga, ka tshwantshetso, jaaka mothusi wa Monyadi wa gagwe mo go diragatseng boikaelelo jwa Modimo jwa go ‘dira dilo tsotlhe sesha.’ Bontle jwa monyadiwa jwa semoya ke jwa motse o o boitshepo, Jerusalema o Mosha, oo Jehofa Modimo Mothatayotlhe a o bonesang ka kgalalelo ya gagwe, mme Kwana ke lobone lwa one. (Tshenolō 21:1-5, 9-11, 23) Ka jalo Tshenolō fano a fitlha kwa konelong ya yone e e molemolemo, fa leina la ga Jehofa le tla bo le galalediwa mme Kwana, Keresete Jesu, gammogo le monyadiwa wa gagwe, Jerusalema o Mosha, ba tswelela go segofatsa batho ba ba kutlo ka botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la Paradaise.

19. (a) Kwantle ga go tswa mo Babelona o Mogolo, ke eng gape se se tshwanelang poloko? (b) Ke taletso efe e e potlakileng e e santseng e dirwa, mme re tshwanetse go arabela jang?

19 A o setse o etse tlhoko mafoko a boferefere a bodumedi jwa maaka mme a o setse o dule mo go Babelona o Mogolo? Mme a o tsere kgato ya go tsena mo phuthegong ya ga Jehofa Modimo, ka Keresete Jesu, ka boineelo jwa pelo yotlhe jo bo isang kwa kolobetsong? Seno le sone ke sa botlhokwa gore o bolokege! Jaaka nako e e tlhomilweng ya go tlisa katlholo ya bofelo ya ga Jehofa a ntse a atamela, go bolelwa taletso eno ka potlako a kgolo: “Moea le monyadwi ba re, Tla.” A botlhe ba ba utlwang pitso eno ba neele matshelo a bone mo go Jehofa mme ba tlhagafalele go raya ba bangwe gape ba re “Tla.” Ee, “eo o nyorilwen a a tle: eo o ratafi a a tsee metse a botshelo, a a tsee hela a sena theko.” (Tshenolō 22:17) Go santse go lalediwa. Eleruri o tla itumela fa o ka tsaya kgato mme wa boloka seemo seo fa pele ga setulo sa Modimo sa bogosi le sa Kwana jaaka mongwe wa batho ba ba ineetseng, le ba ba kolobeditsweng ba ga Jehofa. Nako e e tlhomilweng a gaufi go feta ka moo o ka akanyang ka gone! Ee, konelo e e molemolemo ya Tshenolō a atametse!

Go konela Thuto ya beke eno ya Tora ya Tebelo, motsamaisi o tshwanetse go tlhokomela gore go balwe Maitlamo ano a a latelang mme a bo a a boeletse ka thuso ya dipotso tse di filweng foo. Seno ke Maitlamo a a neng a dirwa kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Tshiamo ya Bomodimo” ya Basupi ba ga Jehofa ka 1988, a a neng a tla kwa bokhutlong jwa puo e e neng a re “Seaka Se Se Tlhabisang DitlhongGo Wa le go Senngwa ga Sone.”

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Ka mabaka a a papametaeng, dikarolwana tse pedi tsa Tumalano eo di ne tsa tshwarwa a le sephiri ka nakonyana, a le tse di neng di le kgatlhanong le Soviet Union le ditiro tsa baperesiti ba Katoliki ba ba neng ba direla mo bosoleng jwa ga Hitler. Tirelo eo a ne a le kgatlhanong le Treaty of Versailles (1919) eo Jeremane a neng a santae e Is kafa tlase ga yone; mme fa karolwana eno a ne a ka itaiwe phatlalatsa go ne go tla tahwenya batsenelatumalano ba bangwe ba Versailles.

b Fa a ne a akgela ka pokano eno, Mopapa Paul VI o ne a bua jaana: “Abo go siame eleruri ebile go tshwanela jang ne go bo phuthego ya bobishopo ya bodumedi ya kagiso a He ya kopanyelediwa mo meletlong ya go gopola go saeniwa ga Lekwalo la Ditshwanelo la Lekgotla la Merafe E E Kopaneng dingwaga tse someamabedi tse di fetileng.”

c Franz von Papen o ne a le gareng ga Ba-Nazi ba ba neng ba sekisiwa jaaka dirukhutli tsa ntwa kwa Nuremberg, kwa Jeremane, mo dingwageng tsa bo-1940.O ne a gololwa mme moragonyana o ne a iponela katlholo e e masisi go tawa mo kgotlatahekelong e e kgatlhanong le Bo-Nazi ya Jeremane. Mme moragonyana, o ne a dirwa Papal Privy Chamberlain, ka 1959.

[Lebokoso mo go tsebe 11]

GO DIDIMALA GA MOPAPA

Mo bukeng ya gagwe Franz von Papen—His Life and Times, e e gatisitsweng ka 1939, H. W. Blood-Ryan o tlhalosa ka botlalo boferefere joo ka jone mogale yono wa mopapa a neng a dira gore Hitler a bone puso mme a rulaganyetsa tumalano ya Vatican le Ba-Nazi. Mabapi le go bolawa setlhogo ga batho ba ba senang molato, goo go neng go akareletsa Bajuda, Basupi ba ga jehofa, le ba bangwe, mokwadi yoo o anela jaana: “Ke ka ntlhayang fa Pacelli [Mopapa Pius XII] a ne a didimala fela? Ke ka go bo fa von Papen a ne a dira leano la go tlhoma Mmuso O O Boitshepo wa Roma wa Majeremane a Bophirima o ne a solofela gore seo mo isagweng se ne se tla nonotsha Kereke ya Katoliki, Vatican a boetse gape mo pusong ya selefatshe . . . Ene Pacelli yoo o tlhotlheletsa bobusaesi jwa semoya ka maatla mo dimilioneng tsa batho, lefa go le jalo ga go ise go nne ope yo o ileng a bua sepe kgatlhanong le bogale le pogiso tsa ga Hitler. . . . jaaka ke kwala mela eno, go setse go fetile malatsi a le mararo ao mo go one go ntseng go ganyaolwa batho mme Vatican ga a ise a rapelele badhabani bao, bao bontlhanngwe jwa bone eleng Bakatoliki. Abo go atlholwa ga banna bano go tla nna botlhoko jang ne, fa jaanong ba tla bo ba latlhegetswe ke tlhotlheletso ya bone ya selefatshe, mme ba eme fa pele ga Modimo, Oo o tla ba sekisang. A ba tla nna le seipato? Legoka!”

[Lebokoso mo go tsebe 15]

KAROLO YA VATICAN

The New York Times ya March 6, 1988, a ne ya bega gore Vatican a ne a lebeletse tlhaelo a kgolo ya dimilione tse 8148,3 mo tekanyetsong ya yone ya madi ya 1988. Pampiri eo a ne ya bega jaana: “Gongwe tshenyo a kgolo ya math a kopanyeletsa tsholofetso e e neng ya dirwa ka 1984 go duela madi a a ka nnang dimilione tse 600 tsa diranta go bao ba neng ba kolota Banco Ambrosiano. Vatican a ne a dirisana thata le banka ya Milan pele a wa ka 1982.” Eleruri, a ne a kopanyelediwa thata mo matlhabiseng ditlhong ao, mo eleng gore Vatican a ile ya gana go ntsha babusi baofisiri ba bararo ba bagolo ba Vatican, go kopanyeletsa le mobishopomogolo wa Amerika, go tla go sekisiwa mo dikgotlatshekelong tsa Italy!

[Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Vatican a na le seabe mo molatong o mogolo wa madi wa ga von Papen le Hitler

[Metswedi ya Ditshwantsho]

UPI/Bettmann Newsphotos

UPI/Bettmann Newsphotos

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Go na le go itsise ka Bogosi jwa Modimo, bomopapa ba Ye ba bolela gore Lekgotla la Merafe E E Kopaneng ke lone ‘tsholofelo ya bofelo ya kagiso’

[Motswedi wa Setshwantsho]

Insets: UN photos

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela