LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 334-ts. 339
  • Popo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Popo
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Re Ka Itseng Ka Teng Gore Go Na Le Modimo
    A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
  • Popo
    Tsogang!—2014
  • Moya o o Boitshepo—O Dira mo Popong!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Botshelo bo Simologile Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 334-ts. 339

Popo

Tlhaloso: Popo, jaaka e tlhalosiwa ke Bibela, e raya gore Modimo Mothatayotlhe o ne a tlhama a bo a dira gore lobopo lo nne gone, go akareletsa le batho ba bangwe ba semoya le mefuta yotlhe ya kono-kono ya ditshedi mo lefatsheng.

Mo lefatsheng leno la segompieno, la boitseanape, a go a utlwala go dumela mo popong?

“Melao ya tlholego ya lobopo e tsepame fela thata mo eleng gore ga re na bothata bope mo go ageng sesutlha-lefaufau go fofela kwa ngweding le go lekanyetsa phofo ka tsepamo ya karolonyana ya motsotswana. Melao eno e tshwanetse ya bo e tlhomilwe ke mongwe.”—E tsopotswe go tswa go Wernher von Braun, yo a neng a nna le seabe se segolo mo go romeleng bafofela-loaping ba Amerika kwa ngweding.

Lobopo lo lo bonalang: Fa o ne o ka bona sesupa-nako se se tsepameng, a o ne o ka fetsa ka gore se ne sa itlela fela ka tshoganyetso sa iphutha mmogo ka go fokiwa ga lerole ke phefo? Ka phepafalo, mongwe yo o botlhale o ne a se dira. Go na le eleng “sesupa-nako” se se gakgamatsang thata thata. Dipolanete tse di mo loaping lwa rona, ga mmogo le dinaledi mo lobopong lotlhe, di tsamaya ka tsepamo e e gaisang thata disupa-nako tse di tlhamilweng le go dirwa ke motho. Loapi loo lo nang le dinaledi tsa rona le na le dibilione tse di ka fetang 100 tsa dinaledi, mme balepa-dinaledi ba lekanyetsa gore go na le dibilione tse dingwe tse di 100 tsa dinaledi tseo mo lobopong. Fa e le gore sesupa-nako ke tshupo ya tlhamo e e botlhale, abo go ntse jalo jang ne segolo bogolo ka lobopo lo logolo thata-thata le lo lo raraaneng! Bibela e tlhalosa Motlhami wa lone jaaka “[Modimo wa boammaaruri], Yehofa, èna eo o tlhodileñ magodimo, a a phutholola.”—Isa. 42:5; 40:26; Pes. 19:1.

Polanete Lefatshe: Fa e le gore o ne o kgabaganya sekaka se se omeletseng, mme o bo o fitlhela ntlo e ntle, e tsentswe sengwe le sengwe ebile e na le dijo, a o ne o ka dumela gore e tlile fela foo ka go runya ga kotsi? Nnyaa; o ne o tla lemoga gore mongwe yo o nang le botlhale jo bogolo o e agile. Mme tota, baitseanape, ka bosupi jo ba nang najo, ba ile ba bona gore dipolanete tse di mo loaping lwa rona kwantle ga lefatshe; di omeletse fela di bile ga di na botshelo. Polanete eno, jaaka buka The Earth e tlhalosa, ke “segakgamatsi sa lobopo lotlhe, kgolokwe e eleng ya mofuta wa yone fela.” (New York, 1963, Arthur Beiser, ts. 10) E bokgakala jo bo lekanetseng sentle mo botshelong jwa motho go tswa kwa letsatsing, mme e suta ka lobelo lo lo tshwanetseng go e tshegetsa e ntse e dikologa. Moya, o o fitlhelwang fela go dikologa lefatshe, o dirilwe fela ka mo go lekanetseng ka dikese tse di lekanetseng go tshegetsa botshelo. Ka mo go gakgamatsang, lesedi go tswa letsatsing, carbon dioxide go tswa mo phefong, le metsi le diminerala go tswa mo mmung o o nonneng di kopana mmogo go ntshetsa banni ba lefatshe dijo. A seno se ile sa itlela fela ka go runya gongwe mo go sa laolesegeng mo loaping? Science News e dumela ka gore: “Go lebega e le gore maemo a a ntseng jalo le a a tsepameng gotlhelele a ne a ka se ke a itlela fela.” (August 24 le 31, 1974, ts. 124) Phetso ya Bibela e a utlwala fa e tlhalosa ka gore: “Gonne ntlo ñwe le ñwe e tle agiwe ke motho moñwe; me eo o agileñ dilō cotlhe ke Modimo.”—Baheb. 3:4.

Boboko jwa motho: Dikhomputara tsa segompieno ke tiro ya patlisiso e e nonofileng le boenjenere jo bo kelotlhoko. Ga di a ka tsa “itlhagela fela.” Go tweng ka boboko jwa motho? Ka go sa tshwane le boboko jwa phologolo epe fela, boboko jwa leseanyana bo gola go menagane gararo mo ngwageng ya lone ya ntlha. Kafa bo dirang ka teng e sa ntse e le masaitsiweng go baitseanape. Mo bathong, go na le kgono ya tlholego ya go ithuta dipuo tse di raraaneng, go kgatlhwa ke bontle, go tlhama mmino, go akanyetsa tshimologo le bokao jwa botshelo. Go boletse jaana ngaka ya tsa boboko Robert White: “Ga go sepe seo ke ka se dirang fa e se go dumela fela go nna gone ga Motlhalefi yo Mogolo, yo o ikarabelelang mo go rulaganyetseng le go tliseng kamano e e akabatsang ya boboko le tlhaloganyo—sengwe seo se potileng ka kwa kgono ya motho go se tlhaloganya.” (The Reader’s Digest, September 1978, ts. 99) Kgolo ya kgakgamatso eno e simolola fela e le sele e nnyennyane e e ungwang mo sebopelong. Ka temogo e e gakgamatsang, mokwadi wa Bibela Dafide o ne a re ka Jehofa: “Ke tla gu ntshetsa malebogō; gonne ke dihilwe ka mo go boitshègañ le ka mo go gakgamatsañ: dia gakgamatsa, ditihō tsa gago: me go mo, mōea oa me oa go itse sentlè.”—Pes. 139:14.

Sele e e tshelang: Sele e le nngwe fela e e tshelang ka dinako tse dingwe e lebisiwa jaaka sebopego sa botshelo se se “motlhofo.” Mme phologolo e e sele nngwe fela e ka kapa dijo, ya di tšhotlha, ya tlosa leswe, ya ikagela ntlo le go ikatisa lotsalo. Sele nngwe le nngwe ya mmele wa motho e ile ya tshwantshanngwa le motse o o thekeleditsweng ka lorako, o na le puso ya konokono go boloka tolamo, madirelo a motlakase go tlhagisa maatla, difeketiri go ntsha diporoteini, tsamaiso e e raraaneng ya tsa mesepele, le badisa go laola seo se dumeletsweng go tsena. Mmele o le mongwe fela wa motho o dirilwe ka disele tse di ka tshwarang 100 trillion. Abo mafoko a Pesalema 104:24 a tshwanela jang ne: “Yehofa, ana ditihō tsa gago di methalethale yañ! u di dihile ka botlhale cotlhe hèla”!

A Bibela e dumelela kgopolo ya gore Modimo o ne a dirisa tlhagelelo go dira mefuta e e farologaneng ya dilo tse di tshelang?

Genesise 1:11, 12 e bolela gore bojang le ditlhare di ne tsa dirwa gore di tlhagise sengwe le sengwe “kaha losikeñ loa shōna.” Ditemana 21, 24, 25 di oketsa ka gore Modimo o ne a bopa dibopiwa tsa lewatle, dibopiwa tse di fofang le diphologolo tsa naga, “kaha ditshikeñ tsa cōna.” Ga go na phatlha fano ya mofuta o le mongwe fela go tlhagelela kana go fetogela mo go o mongwe.

Malebana le motho, Genesise 1:26 e bega gore Modimo o ne wa re: “A re diheñ motho mo chwanoñ ea rona, kaha sechwanoñ sa rona.” Ka jalo o ne a tshwanetse go nna le dinonofo tsa bomodimo, eseng mekgwa eo fela e neng ya itlhagela mo diphologolong. Genesise 2:7 e oketsa ka gore: “Me Yehofa Modimo a bopa motho [eseng ka sebopego sengwe sa botshelo se se neng se ntse se le gone mme] ka lorole loa mbu, me a budulèla mōea oa botshelō mo dinkoñ tsa gagwè.” Ga go na lefa e le kakantshonyana epe fano ya tlhagelelo, mme, go na le moo, tlhaloso ya popo e ntšha.

A Modimo o ne a bopa dimilione tsa ditshedi tsotlhe tse di farologaneng tseo di leng gone mo lefatsheng gompieno?

Genesise kgaolo 1 e re fela Modimo o ne wa bopa sengwe le sengwe “kaha losikeñ loa shōna.” (Gen. 1:12, 21, 24, 25) Fa a ne a rulaganyetsa go tla ga Morwalela wa kgolokwe mo motlheng wa ga Noa, Modimo o ne wa kaela gore diemedi tsa ‘losika’ longwe le longwe lwa diphologolo tsa naga le dibopiwa tse di fofang di tsenngwe mo arakeng. (Gen. 7:2, 3, 14) ‘Losika’ longwe le longwe lo na le kgono ya sebopa-popego ya go farologana mo go golo. Ka gone go bolelwa go na le lotsalo lwa dintša lo lo farologaneng lo lo fetang 400 le lotsalo le methale e e farologaneng ya dipitse e e fitlhang go 250. Mefuta yotlhe e e tsadisanang ya diphologolo lefa e ka nna efe e ntse fela jaaka Genesise e bua ‘losika’ lo le longwe. Ka mo go tshwanang, mefuta e e farologaneng yotlhe ya batho—ya Botlhaba, ya Aferika, ya Yuropa, ya ba ba boleele jwa dikgato tse supa ba Dinka kwa Sudan le ya Maphikimi a makhutshwanyane a dikgato tse nne—ba tswa fela mo bathong ba ntlha ba babedi, Adame le Efa.—Gen. 1:27, 28; 3:20.

Ke eng seo se dirang gore go nne le tshwano mo popegong ya dilo tse di tshelang?

‘Modimo o tlhodile dilo tsotlhe.’ (Baef. 3:9) Ka gone sengwe le sengwe se na le Motlhami yo Mogolo yo o tshwanang.

“Dilō cotlhe di dihilwe ka èna [Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo, yo a neng a nna Jesu Keresete fa a ne a le mo lefatsheng]; me kwa ntlè ga gagwè ga se ka ga dihwa sepè sa tse di dihilweñ.” (Yoh. 1:3) Ka gone go na le Modiri yo Mogolo yoo ka ene Jehofa a neng a dira dilo tsotlhe tsa gagwe tsa popo.—Dia. 8:22, 30, 31.

Selo seo go dirilweng lobopo ka sone se tswa kae?

Baitseanape ba ile ba lemoga gore matter ke sebopego sa maatla a a golo go le gongwe. Seno se supiwa ka go thunya ga dibetsa tsa nuklea. Moitseanape yo o ithutileng dipopo tsa legodimo Josip Kleczek o a tlhalosa: “Dikarolonyana tsa kwa tshimologong ka bontsi mme gongwe ebile tsotlhe di ka tswa di tlholegile ka go bopega ga maatla.”—The Universe (Boston, 1976), Bol. 1, ts. 7.

Maatla a a ntseng jalo a ne a ka tswa kae? Morago ga e se na go botsa, “[Ke mang] yo o tlhodileñ dilō tse [dinaledi le dipolanete]?”, Bibela e tlhalosa jaana malebana le Jehofa Modimo, “Ke ka bogolo yoa nonohō ea gagwè, le ka go bo a nonohile mo thateñ, ha go se sepè se se tlhōkahalañ.” (Isa. 40:26) Ka jalo Modimo ka boene ke Motswedi wa “nonohō” yotlhe e e neng ya tlhokafalela go bopa lobopo.

A popo yotlhe e e bonalang e ne ya wediwa mo malatsing a le marataro fela gongwe mo dingwageng tse di fetileng tse 6 000 go ya go 10 000?

Mabaka ga a dumalane le phetso e e ntseng jalo: (1) Lesedi go tswa go losagaripana lengwe la dinaledi le go tweng Andromeda le ka bonwa mo bosigong jo bo phepafetseng mo kgaolong ya bokone ya lefatshe. Lesedi leo le tsaya dingwaga tse 2 000 000 go fitlha mo lefatsheng, go supa gore lobopo lo tshwanetse lwa bo lo le dimilione tsa dingwaga lo ntse lo le gone. (2) Masaledi a a nnang gone morago ga phetogo e e diragalang ka marang ya matlapa mo lefatsheng a supela gore matlapa mangwe a ile a fetsa dibilione tsa dingwaga a sa tshwenngwe ke sepe.

Genesise 1:3-31 ga e tlhalose ka tlholego ya pele-pele ya matter kana ya dipopo tsa legodimo. E tlhalosa paakanyo ya lefatshe le le neng le setse le ntse le le gone gore le tle le nniwe ke batho. Seno se ne se akareletsa popo ya mefuta ya kono-kono ya dimela, ditshedi tsa lewatle, dibopiwa tse di fofang, diphologolo tsa naga, le batho ba ntlha ba babedi. Seno sotlhe se bolelwa se ile sa dirwa mo lobakeng lwa “malatsi” a le marataro. Lefa go ntse jalo, lefoko la Sehebera le le ranoletsweng ka go re “letsatsi” le na le bokao jo bo farologaneng, go akareletsa le ‘lobaka lo loleele; nako eo e akaretsang tiragalo nngwe e e sa tlwaelegang.’ (Old Testament Word Studies, Grand Rapids, Mich.; 1978, W. Wilson, ts. 109) Lereo le le dirisitsweng le dumelela kgopolo ya gore “letsatsi” lengwe le lengwe le tshwanetse la bo le ile la nna dikete tsa dingwaga ka boleele.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela