LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 304-ts. 308
  • Moya wa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Moya wa Lefatshe
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Amogela Moya wa Modimo, e Seng wa Lefatshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • A O Emelana le Moya wa Lefatshe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Babusi Ba ba Mo Lefelong la Moya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Itse Mmaba wa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 304-ts. 308

Moya wa Lefatshe

Tlhaloso: Nonofo e e gatelelang e e tlhotlheletsang mokgatlho wa batho o o dirilweng ka bao e seng batlhanka ba ga Jehofa Modimo, o dira gore batho ba ba ntseng jalo ba bue le go dira dilo tse di tsamaelanang le sebopego se se rileng. Lemororo batho ba dira kafa bone ka sebele ba ratang ka teng, bao ba bontshang moya wa lefatshe ba neela tshupo ya maikutlo mangwe a a rileng a a tshwanang, ditsela tsa go dira dilo, le maitlhomo mo botshelong ao a tumileng mo tsamaisong ya jaanong ya dilo eo Satane eleng kgosana le modimo wa yone.

Ke goreng fa go tladikwa ke moya wa lefatshe e le kgang e e masisi go le kana?

1 Yoh. 5:19: “Lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” (Satane o ile a rotloetsa moya o o laolang go akanya le ditiro tsa batho ba eseng batlhanka ba ba amogelwang ke Jehofa. Ke moya wa bogagapa le wa boikgodiso o o anameng thata gore o bo o tshwane le phefo e batho ba e hemang. Re tlhoka go nna kelotlhoko fela thata gore re se ka ra ineela mo taolong ya ga Satane ka go itetlelela gore moya oo o betle matshelo a rona.)

Tshen. 12:9: “Me kgōgèla e kgolo, nōga ea bogologolo ea pirigañwa, eōna e e bidiwañ Diabolo le Satane, motsietsi oa lehatshe yeotlhe; ea piriganyediwa koñ kwa lehatshiñ, le baengele ba eōna ba piriganyediwa kwa tlhatse naeō.” (Fa e sa le seno se diragala, morago ga go tsalwa ga Bogosi ka 1914, tlhotlheletso ya ga Satane le badimona ba gagwe e ile ya befela pele fela thata mo bathong. Moya wa gagwe o ile wa kgoromeletsa batho ditirong tse dikgolo tsa bogagapa le tsa thubakanyo. Bao segolo bogolo ba batlang go direla Jehofa ke bone ba bonang kgatelelo e kgolo go nna karolo ya lefatshe, go dira se ba bangwe ba se dirang, le go tlhanogela kobamelo ya boammaaruri.)

Mengwe ya mekgwa ya moya wa lefatshe eo re tlhokang go itisa kgatlhanong le yone ke efe?

1 Bakor. 2:12: “Me rona re amogetse mōea o e señ oa lehatshe, e leñ mōea oa Modimo; gore re tlè re itse dilō tse re di nèwañ hèla ke Modimo.” (Fa moya wa lefatshe o itsetsepela mo go akanyeng le mo dikeletsong tsa motho, loungo lwa one ka bofefo le bonala mo ditirong tseo di supang moya oo. Jalo, go ikgaoganya le moya wa lefatshe go batla, eseng go tila fela ditiro le dipheteletso tse eseng tsa Bokeresete mme gape go ntsha metswe ya kgang ka go tlhagolela maikutlo a a bontshang moya wa Modimo le lorato lwa mmaanete lwa ditsela tsa gagwe. O tshwanetse go gakologelwa seno jaaka o akanyetsa ditshupo tse di latelang tsa moya wa lefatshe.)

Motho go dira se a batlang go se dira, kwantle ga go tlhokomela thato ya Modimo

Satane o ne a tlhotlheletsa Efa go itirela phetso ya se se leng molemo le se se leng bosula. (Gen. 3:3-5; mo phapaanong bona Diane 3:5, 6.) Bantsi bao ba latelang tsela ya ga Efa ga ba itse seo thato ya Modimo ka setho eleng sone, lefa e le gone go kgatlhegela go e batla. Ba itirela “maratwa-e-pelo,” jaaka ba a tle ba bue. Bao ba itseng dipatlafalo tsa Modimo le go leka go dumalana le tsone ba tlhoka go nna kelotlhoko gore moya wa lefatshe ga o ba dire gore ba tlhokomologe ka bomo kgakololo ya Lefoko ja Modimo mo go seo ba ka tswang ba se leba e le selo “se sennye.”—Luke 16:10; bona gape “Boitaolo.”

Go arabela maemo mo motheong wa boikgodiso

Satane ke ene wa ntlha go letlelela go iteba bobe ga gagwe gore go bodise pelo ya gagwe. (Bapisa Esekiele 28:17; Diane 16:5.) Boikgodiso ke maatla a a kgaoganyang mo lefatsheng leo a leng mmusi wa lone, bo dira gore batho ba ikakanye ba le botoka thata go na le ba ditso tse dingwe, merafe e mengwe, ditlhopha tse dingwe tsa puo, le boemo jwa itsholelo. Le eleng bao ba direlang Modimo ba ka tlhoka go khumula masalelanyana a maikutlo a a ntseng jalo. Gape ba tlhoka gore ba nne tiso gore boikgodiso ga bo ba dire go re ba tseye dikgang tse e seng tsa sepe ba di dire dikgaruru tse ditona, kana gore e nne sekgoreletsi mo go dumeleng melato ya bone le go amogela kgakololo mme ka gone ba solegelwe molemo ke thuso e e lorato e Jehofa a e baakanyetsang ka phuthego ya gagwe.—Bar. 12:3; 1 Pet. 5:5.

Go supa boikutlo jwa botsuolodi tebang le taolo

Botsuolodi bo simolotswe ke Satane, yo leina la gagwe le rayang “Moganetsi.” Ka go dipela Jehofa ga gagwe, Nimerode, yo leina la gagwe le rayang “A Re Tsuologeng,” o ne a supa gore e ne e le ngwana wa ga Satane. Go tila moya oo go tla thibela batho ba ba boifang Modimo mo go nneng badipa mo babusing ba selefatshe (Bar. 13:1); go tla thusa bana go utlwa taolo ya batsadi ba bone e e neilweng ke Modimo (Bakol. 3:20); e tla nna sesireletsi kgatlhanong le go utlwela botlhoko batenegi, bao ba tlontlololang bao Jehofa a ba neileng boikarabelo mo phuthegong ya gagwe e e bonalang.—Yude 11; Baheb. 13:17.

Go ineela mo dikeletsong tsa nama e e leofileng

Tlhotlheletso ya seno e ka bonwa le go utlwiwa gongwe le gongwe. Go na le tlhokafalo ya ka metlha go nna tiso kgatlhanong le yone. (1 Yoh. 2:16; Baef. 4:17, 19; Bagal. 5:19-21) Go akanya le dikeletso tse di ka tswang di gogela kwa ditshupong tse di masisi thata tsa jone di ka bonala mo motlotlong wa motho, metlae eo a e bolelang, le medumo ya mmino eo a e reetsang, mofuta wa go tantsha oo a o dirang, kana mo go lebeleleng ditshwantsho tse di supang boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong. Karolo eno ya moya wa lefatshe e itshupa ka kgobololo ya diokobatsi, botagwa, bogokahadi, boaka, le bosodoma. Gape e supega fa motho e seng kafa dikwalong, mme gongwe kafa molaong, a tlhalang molekane yo mongwe mme a nyala yo mongwe.—Mal. 2:16.

Go letlelela botshelo jwa motho go gatelelwa ke keletso ya go nna le sengwe le sengwe se motho o se bonang

E ne e le keletso e e ntseng jalo e Satane a neng a e tlhagolela mo go Efa, e mo hepisetsa go dira sengwe seo se neng sa senya kamano ya gagwe le Modimo. (Gen. 3:6; 1 Yoh. 2:16) Jesu o ne a gana ka tlhamalalo thaelo e e ntseng jalo. (Math. 4:8-10) Bao ba batlang go itumedisa Jehofa ba tlhoka go itisa e le gore ba se ka ba letlelela lefatshe la papadi go tlhagolela moya o o ntseng jalo mo go bone. Bohutsana jo bontsi le tshenyego ya semoya di tlela bao ba raelwang ke one.—Math. 13:22; 1 Tim. 6:7-10.

Motho go belafala ka dithoto tsa gagwe le seo gotweng se ipapaletswe

Tlwaelo eno, le yone, ‘ke ya lefatshe’ mme e tlhoka gore e phuaganngwe ke bao ba batlang go nna batlhanka ba Modimo. (1 Yoh. 2:16) E tswa mo bogagapeng, mme go na le go agelela ba bangwe semoyeng, e ba konkometsa ka diphepiso tsa dilo tse di bonalang le go ipona ba atlegile mo lefatsheng.—Bar. 15:2.

Motho go bulela maikutlo a gagwe ka go bua puo ya matlhapa le go thubakanya

Tseno ke “ditihō tsa nama” tse batho ba bantsi ba tshwanetseng go tlhabantshana thata le tsone. Ka tumelo ya mmatota le thuso ya moya wa Modimo ba ka kgona go fenya lefatshe go na le gore ba letlelele moya wa lone go ba fekeetsa.—Bagal. 5:19, 20, 22, 23; Baef. 4:31; 1 Bakor. 13:4-8; 1 Yoh. 5:4.

Motho go aega ditsholofelo tsa gagwe le dipoifo ka seo batho ba ka kgonang go se dira

Motho wa nama o akanyetsa seo a ka se bonang le go se tshwara e le sone se tota e leng kgang kgolo. Ditsholofelo le dipoifo tsa gagwe di kgonosetse mo ditsholofetsong le dipōpō tsa batho ba bangwe. O lebeletse babusi ba batho go mo thusa mme o felelwa ke tshepo fa ba palelwa. (Pes. 146:3, 4; Isa. 8:12, 13) Mo go ene, botshelo jono ke jone jotlhe jo bo gone. Dipōpō tsa loso di mo hupetsa motlhofo. (Mo phapaanong le seo, bona Mathaio 10:28; Bahebera 2:14, 15.) Mme maatla a masha a dira mo megopolong ya batho ba ba batlang go itse Jehofa, bao ba tlatsang megopolo le dipelo tsa bone ka ditsholofetso tsa gagwe le go ithuta go retologela go ene mo pakeng nngwe le nngwe go bona thuso e ba e tlhokang.—Baef. 4:23, 24; Pes. 46:1; 68:19.

Go neela batho le dilo tlotlo ya kobamelo eo eleng ya Modimo

“Modimo wa tsamaiso eno ya dilo,” Satane Diabolo, o kgothaletsa mefuta yotlhe ya ditlwaelo eo e theolang tshekamelo ya motho ya kobamelo eo a e filweng ke Modimo. (2 Bakor. 4:4, NW) Babusi bangwe ba ile ba tsewa jaaka medimo. (Dit. 12:21-23) Dimilione tsa batho di obamela medimo ya disetwa. Dimilione tse dingwe tse dintsi di obamela batshameki ba dibaesekopo le batabogi ba bangwe ba ba tlhomologileng jaaka medimo ya disetwa. Meletlo gangwe le gape e neela batho ba ba rileng tlotlo ka mo go sa tshwanelang. Moya ono o tlwaelegile fela thata mo eleng gore bao ba ratang Jehofa eleruri mme ba batla go mo neela kobamelo e e feletseng ba tlhoka gore ba nne podimatseba ka tlhotlheletso ya one ya letsatsi le letsatsi.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela