Kgaolo 8
Ke Ka Kgona Jang go Dira Ditsala tsa Mmatota?
“KE NA le dingwaga di robabobedi ke ntse ke tsena sekolo mo kgaolong eno, mme mo nakong eo yotlhe ga ke ise ke ko ke kgone go nna le tsala lefa e le nngwefela! Lefa e le nngwefela tota.” Go ne ga bua jalo mosha mongwe yo o bidiwang Ronny ka bohutsana. Mme gongwe ka dinako tse dingwe le wena o kile wa ikutlwa gore o reteletswe ke go dira ditsala. Mme tota ditsala tsa mmatota ke dife? Gape tharabololo ya go nna natso ke eng?
Seane sengwe sa re: “Tsala e rata motho ka metlha eotlhe, le morwa rra motho o tsalecwe motlha oa pitlaganō.” (Diane 17:17) Mme go na le mo gontsi mo botsaleng go feta fela go nna le motho yo o ka go gomotsang. Lekgarebe lengwe le le bidiwang Marvia le bolela jaana: “Fa gongwe motho yo go ka bong go twe ke tsala ya gago o go bona o tsena mo bothateng go tswa foo a bo a re, ‘Ke sale ke bone gore o tla felela jalo, mme ke ne ke tshaba go go bolelela.’ Mme fa tsala ya mmatota e go bona o tsaya tsela e e phoso, o tla leka go go tlhagisa go santse go na le nako—lefa a itse gore o ka nna wa seka wa rata se a se buang.”
A o tla letlelela go sa batleng go nyadiwa go go dira gore o gane go utlwa motho yo o amegileng thata kaga gago mo a batlang go go bolelela boammaaruri? Diane 27:6 ya re: “Ditlhabō tse di ntshicweñ ke tsala di boikañō: me dikatlō tsa mmaba di dintsi bobe.” Ka gone, motho yo o akanyang sentle le yo o buang ka tlhamalalo ke ene motho yo o tshwanetseng go tsalana nae.
Ditsala tsa Maaka fa di Bapisiwa le tsa Mmatota
“Botshelo jwa me ke bosupi jwa gore ga se ‘ditsala’ tsotlhe tse di go thusang go dira molemo,” go tlhalosa jalo Peggy wa dingwaga tse 23. Fa Peggy a ne a santse a le mosha, o ne a patelesega go tlogela legae. Lefa go ntse jalo, o ne a tsalana le Basupi ba ga Jehofa bangwe ba le babedi, ebong Bill le mosadi wa gagwe, Lloy. Ba ne ba simolola thuto ya Bibela le Peggy. “Ke ne ke na le boitumelo jwa mmatota, kgotsofalo le kagiso, mo dikgweding tseo ke neng ke na le bone,” ga bolela jalo Peggy. Lefa go le jalo, o ne a ikgethela go tsamaya le basha bangwe bao a neng a kopane nabo—mme a kgaogana le Bill le Lloy.
Peggy o gakologelwa jaana: “Ke ne ka ithuta dilo tse dintsi mo ‘ditsaleng’ tsa me tse disha—go utswa disetereo, go tsaya madi ka ditšheke tsa maaka, go goga matekwane mme, kwa bokhutlong, ka ithuta kafa ke neng ke ka kgona ka gone go duelela diokobatsi tseo ke neng ke di goga nako le nako tse di neng di ja [R480] ka letsatsi.” Fa a ne a le dingwaga tse 18 o ne a kopana le lekawana lengwe leo le neng le bidiwa Ray yo a neng a mo fa diokobatsi tsotlhe tseo a neng a ka di dirisa—mahala. “Ke ne ka akanya gore mathata a me otlhe a ne a fedile. Gore ke ne ke se kitla ke tlhola ke tshwanela go utswa le go tsietsa ba bangwe,” Peggy a akanya jalo. Lefa go ntse jalo, Ray o ne a mo ruta go nna seaka. Kgabagare Peggy o ne a ngwega mo motseng oo a ba a ngwegela “ditsala” tsa gagwe tseo di tshelelang mo lobelong.
Letsatsi lengwe, fa Peggy a le kwa bonnong jwa gagwe jo bosha, o ne a etelwa ke bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba le babedi. “Ke ne ka lela ka boitumelo fa ke ne ke kampa basadi ba babedi bao ba neng ba akabetse,” Peggy o anela jalo. “Ke ne ke setse ke nyatsa boitimokanyo jwa ‘ditsala’ tsa me tsa pele, mme fa pele ga me go ne go le batho ba ba tlhoafetseng.” Peggy o ne a simolola thuto ya gagwe ya Bibela gape.
Lefa go le jalo, go ne go se motlhofo gore a dumalanye botshelo jwa gagwe le ditsela tsa Modimo. Seo segolo bogolo se neng se le thata e ne e le go tlogela go goga motsoko. Lefa go ntse jalo, tsala nngwe ya gagwe ya Mosupi e ne ya mo gakolola ka go re: “Go na le gore o rapele o bo o kope boitshwarelo morago ga o sena go retelelwa, ke ka ntlhayang fa o sa rapele pele mme wa kopa nonofo fa o ikutlwa o kgeepetse go goga?” Peggy a re: “Kakantsho eno ya bopelonomi le eo e neng e na le mosola e ne ya bereka. . . . Ke ne ka ikutlwa e le santlha mo dingwageng tse dintsi, ke le phepa mo teng ka ba ka itse seo se kaiwang ke go itlotla.”
Boitemogelo jwa ga Peggy bo tlotlomatsa boammaaruri jwa mafoko a Bibela a a mo go Diane 13:20 a a reng: “Tsamaea le batho ba ba botlhale, me u tla nna botlhale: me monkana oa dieleele o tla utlwisiwa botlhoko ke gōna.” Peggy a re: “Fa ke ne ke se kile ka fedisa botsala jwa me le batho bale ba ba ratang Modimo, ke ka bo ke tidile dilo tseo tsotlhe tseo jaanong e leng dilo tse di maswe fa ke di gakologelwa.”
Go Batla Ditsala
O ka bona kae ditsala tseo di ratang Modimo? Mo phuthegong ya Bokeresete. Batla basha bao ba sa ipoleleng fa ba na le tumelo fela mme gape ba na le ditiro tse di tshegetsang tumelo ya bone le boineelo. (Bapisa Yakobe 2:26.) Fa go le thata go bona basha ba ba ntseng jalo, itlwaelanye le Bakeresete bangwe bao ba leng bagolo mo go wena. Ga o a tshwanela go kgorelediwa go nna tsala le motho ke go bo o sa lekane nae ka dingwaga. Bibela e bolela ka sekao sa botsala sa ga Dafide le Jonathane—mme Jonathane o ne a le mogolo mo a neng a ka nna rraagwe Dafide!—1 Samuele 18:1.
Lefa go le jalo, o ka simolola botsala jang?
Go Kgatlhegela ba Bangwe ka Tlhagafalo
Jesu Keresete o ne a nna le ditsala tse dikgolo mo di neng di ikemiseditse go mo swela. Ka ntlhayang? Ntlha ke gore, Jesu o ne a amega ka batho. O ne a tsaya dikgato tsa go thusa ba bangwe. O ne a ‘rata’ go kopanyelediwa. (Mathaio 8:3) Eleruri, go kgatlhegela ba bangwe ke kgato ya ntlha mo go direng ditsala.
Ka sekai, mosha mongwe yo o bidiwang David o bolela gore o atlegile mo go direng ditsala ka baka la go bo “a rata batho ka mmatota a bile a kgatlhegela ba bangwe ka tlhagafalo.” O oketsa ka go re: “Sengwe sa dilo tse dikgolo ke go itse leina la motho. Ba bangwe gantsi ba itumedisiwa fela thata ke go bo o amega ka bone mo ebileng o gakologelwa leina la bone. Ka baka la seno ba ka nna ba go bolelela boitemogelo bongwe kana bothata mme seno se simolole botsala.”
Seno ga se reye gore o tshwanetse go nna segakgale. Jesu o ne a le “boiñōtlō mo peduñ,” a sa itshupe kana a ikgantsha. (Mathaio 11:28, 29) Batho ba kgatlhwa thata ke go bo motho a ba kgatlhegela ka bopeloephepa. Gantsi dilo tse di motlhofo fela, jaaka go ja mmogo kana go thusa tsala ka bothata bongwe, di ka kgona go godisa botsala.
‘Kafa lo Reetsang ka Gone’
Jesu o ne a akantsha ka go re, ‘Itiseng kafa lo reetsang ka gone.’ (Luke 8:18) Lemororo a ne a akantse ka mosola wa go reetsa mafoko a Modimo, molao-motheo ono o dira ka botlalo mo go godiseng botsala. Ke selo sa botlhokwa go nna moreetsi yo o molemo fa o dira motho tsala.
Fa re kgatlhegela seo ba bangwe ba se buang ka mmatota, gantsi baa re atamela. Mme seno se tlhoka gore o “sa tlhokomele dilō tse e leñ tsa [gago] hèla, [gongwe o tlhokomela se wena o batlang go se bua fela], ha e se go re, moñwe le moñwe go tlhōkōmèla le tse e leñ tsa ba bañwe.”—Bafilipi 2:4.
Ikanyege
Jesu o ne a ngaparela ditsala tsa gagwe. O ne a “ba ratèla rure go ea bokhutloñ.” (Yohane 13:1) Lekawana lengwe le le bidiwang Gordon o tshwara ditsala tsa gagwe ka tsela e e tshwanang: “Nonofo ya konokono mo tsaleng ke gore a ikanyege. A tota o tla ema le wena fa dilo di nna thata? Nna le tsala ya me re ne re buelelana fa ba bangwe ba ne ba bua ka go re nyatsa. Re ne re buelelana tota—mme ekete re ka bo re ne re le mo tseleng e e siameng.”
Lefa go le jalo, ditsala tsa maaka ga di akanye fa go ja yo mongwe direthe ka boitimokanyo e le selo sengwe. “Go na le ditsala tseo di ratang go senya ditsala tsa bone,” go bolela jalo Diane 18:24, NW. A o tla “senya” tsala ya gago ka go mo seba le ba bangwe le go mmua leswe, kana a ka boikanyegi o tla mmuelelela?
Bolelelanang Maikutlo
Gape Jesu o ne a itsalanya le ba bangwe ka go ba bontsha maikutlo a gagwe a a kwa teng. Ka dinako tse dingwe o ne a ba lemotsha gore o ne a ‘tlhomoga pelo,’ a “rata,” kana a ‘hutsafetse thata.’ O ne a ba a “lela” mo e ka nnang ka lekgetlo le lengwe fela. Jesu o ne a sa tlhabiwe ke ditlhong go supegetsa bao a neng a ba tshepa seo se neng se le mo pelong ya gagwe.—Mathaio 9:36; 26:38; Mareko 10:21; Yohane 11:35.
Legale, seno ga se reye gore o tshwanetse go tshololela mongwe le mongwe yo o kopanang nae maikutlo a gago! Mme o ka ikanyega mo go mongwe le mongwe. Gape jaaka o itsane le go tshepana le motho mongwe, o ka mo senolela maikutlo a gago a a kwa teng ka bonya. Ka nako e e tshwanang, go ithuta go tlhomogela ba bangwe pelo le go nna “pelotlhomogi” mo go ba bangwe ke selo sa botlhokwa mo go nneng le botsala jo bo nang le bokao.—1 Petere 3:8.
O Seka wa Lebelela Boitekanelo
Lefa botsala bo simologile sentle, o seka wa lebelela boitekanelo. “Re tle re kgocwe rotlhe mo diloñ di le dintsi. Ha moñwe a sa kgocwe mo puoñ, eouō e be e le motho eo o itekanetseñ.” (Yakobe 3:2) Gape, botsala bo tlhoka dilo dingwe—nako le maikutlo. “O tshwanetse wa bo o ikemiseditse go aba,” go bolela jalo lekawana lengwe le le bidiwang Presley. “Ke karolo e kgolo ya botsala. O na le tsela e o ikutlwang ka yone kaga dilo dingwe mme o ikemiseditse go ineela le gore o tle o amogele maikutlo a tsala ya gago le dipono.”
Lefa go ntse jalo, ditlhokafalo tsa botsala ga se sepe fa di bapisiwa le ditlhokafalo tsa go sa nneng le yo o mo ratang—eleng botshelo jo bo lolea jwa go jewa ke bodutu. Jalo itirele ditsala. (Bapisa Luke 16:9.) Iphe nako le batho. Reetsa ba bangwe o bo o ba bontshe kgatlhegelo ka mmatota. Fela jaaka Jesu, ke gone o ka nnang le batho ba le mmalwa ba o ka ba rayang wa re, “Lona lo ditsala tsa me.”—Yohane 15:14.
Dipotso tsa Puisano Kgaolo 8
◻ O ka lemoga gore motho ke tsala ya mmatota jang? Ditsala tsa maaka ke tsa mofuta ofe?
◻ O ka bona ditsala kae? A ka metlha e tshwanetse ya bo e le balekane ba gago?
◻ Ke eng se o tshwanetseng go se dira fa tsala ya gago e le mo bothateng jo bo masisi?
◻ Ditsela tse nne tsa go dira ditsala ke dife?
[Mafoko a a mo go tsebe 66]
“Ke ne ka ithuta dilo tse dintsi mo ‘ditsaleng’ tsa me tse disha—go utswa disetereo, go tsaya madi ka ditšheke tsa maaka, go goga matekwane mme, kwa bokhutlong, ka ithuta kafa ke neng ke ka kgona ka gone go duelela diokobatsi tseo ke neng ke di goga nako le nako tse di neng di ja [R480] ka letsatsi”
[Lebokoso mo go tsebe 68, 69]
A Ke Tshwanetse go Bipolola Tsala ya Me?
Fa o ne o lemoga gore tsala ya gago o tseneletse mo diokobatsing, o lekeletsa tlhakanelo-dikobo, o a tsietsa, kana o a utswa—a o ne o tla bolelela mongwe yo o nang le maikarabelo kaga gone? Ba le bantsi ba ka seka ba dira jalo, ka ba utlwa molao o o tlwaelesegileng wa khupamarama oo gantsi basha ba nang nao.
Ba bangwe ba boifa gore ba tla bidiwa “dinta tsa selomela kobong.” Ba bangwe ba na le kutlwisiso e e sa tshwanelang ka boikanyegi. Ka go bo ba leba kotlhao jaaka selo seo se gobatsang, ba akanya gore ba direla tsala ya bone molemo mongwe ka go bipa mathata a gagwe. Gape, fa motho a ka roba molao oo wa khupamarama o ka dira gore balekane ba gagwe ba mo kgobe mme ebile ba ka nna ba seka ba tlhola e nna ditsala tsa gagwe.
Lefa go ntse jalo, fa mosha mongwe yo o bidiwang Lee a ne a utlwalela gore tsala ya gagwe e kgolo, ebong Chris, o ne a goga motsoko, o ne a dira tshwetso ya gore o tshwanetse go tsaya kgato. Lee o bolela jaana: “Segakolodi sa me se ne se ntshwenya ka gonne ke ne ke itse gore ke ne ke tshwanetse go bolelela mongwe!” Mosha mongwe wa metlha ya Bibela o ne a thulana le seemo se se tshwanang le seo. “Yosefe a le dinyaga di le shomè le boshupa, a disa lecomane a na le bomogolowè . . . me Yosefe a isa polèlō e e boshula kaga bōnè kwa go rragwè.” (Genesise 37:2) Josefe o ne a itse gore fa a ne a ka itidimalela fela, botsogo jwa semoya jwa bomorwarraagwe bo ne bo tla nna mo kotsing.
Sebe ke maatla a a bodisang, a a senyang. Fa tsala e e dirileng phoso e sa bone thuso—gongwe e le ka tsela ya kotlhao e e gagametseng ya Dikwalo—o ka nna a tsenelela fela kwa teng mo go direng bosula. (Moreri 8:11) Ka jalo, go bipa go dira phoso ga tsala ya gago ga se fela gore ga go na mosola ope mme gape go ka dira kgobalo e e sa kakeng ya tlhola e alafesega.
Ka jalo Bibela e kgothatsa jaana: “Ba ga echo, leha motho a chwerwe mo tloloñ ñwe, lona ba lo leñ ba semōea, shokololañ eo o nntseñ yalo ka mōea oa bonōlō.” (Bagalatia 6:1) O ka nna wa ikutlwa gore ga o tshwanelege go ya kafa Dikwalong go sokolola tsala ya gago eo e dirang phoso. Mme a go tla bo go sena tlhaloganyo go tlhomamisa gore kgang eo e begelwe mongwe yo o tshwanelegang go ka thusa?
Ka gone ke tshwanelo gore o atamele tsala ya gago mme o mmolelele molato wa gagwe. (Bapisa Mathaio 18:15.) Seno se tla tlhoka gore o nne pelokgale le sebete. Bua ka nitamo, o mo neele bosupi jo bo tlhatswang pelo mabapi le boleo jwa gagwe, segolo bogolo o mmolelela se o se itseng le kafa o se itsileng ka gone. (Bapisa Yohane 16:8.) O seka wa mo solofetsa gore ga o na go bolelela ope, ka gonne tsholofetso ya go nna jalo e tla bo e sena mosola mo matlhong a Modimo, yo o kgalang go bipa phoso e e dirilweng.—Diane 28:13.
Gongwe go nnile le go sa utlwisisane ga mofuta mongwe. (Diane 18:13) Fa go sa nna jalo, mme phoso e dirilwe tota, e ka nna ya tswa e le gore tsala ya gago o gololesegile go ka bolelela mongwe ka bothata jwa gagwe. Nna moreetsi yo o molemo. (Yakobe 1:19) O seka wa mo thiba molomo go ntsha maikutlo a gagwe ka go bua mafoko a a atlholang, a a tshwanang le, “Ga o a tshwanela o ka bo!” kana mafoko a a tshosang, a a tshwanang le, “Ke ka ntlhayang o ne o dira jalo!” Bontsha bopelotlhomogi mme o ikutlwe jaaka tsala ya gago e ikutlwa.—1 Petere 3:8.
Gantsi motho yo o mo seemong seo o a bo a tlhoka thuso e e oketsegileng go feta e o ka e nayang. Ka gone, gatelela gore tsala ya gago e bolelele batsadi ba gagwe kana bagolo bangwe ba ba nang le boikarabelo phoso eo. Mme go tweng fa tsala ya gago e gana go dira jalo? Mmolelele gore fa a sa rarabolole kgang eo mo nakong ya selekanyo se se rileng, wena, jaaka tsala ya gagwe ya boammaaruri, o tla patelesega go ya go bolelela mongwe mo boemong jwa gagwe.—Diane 17:17.
Kwa tshimologong tsala ya gago e ka nna ya seka ya tlhaloganya lebaka la go bo o tsere kgato eo. Ebile o ka nna a tenega mme a fedisa botsala jwa lona fela ka bofefo. Mme Lee o bua jaana: “Ke itse gore ke ne ke dirile selo se se siameng ka go bolelela mongwe. Segakolodi sa me se ne sa nna botoka fela thata ka gonne Chris o ne a bona thuso e a e tlhokang. Moragonyana o ne a tla go mpolelela gore o ne a sa ntenegela ka go bo ke dirile seo ke neng ka se dira mme seo le sone se ne sa dira gore ke wele dibete.”
Fa tsala ya gago e tswelela ka go go ngalela ka baka la dikgato tsa gago tsa bopelokgale, kwantle ga pelaelo go raya gore ga a ise a ko a nne tsala ya boammaaruri. Mme o tla nna le kgotsofalo ya go itse gore o itshupile o ikanyega mo Modimong le gore o itshupile o le tsala ya boammaaruri.
[Setshwantsho mo go tsebe 67]
A o na le bothata jwa go dira ditsala?
[Setshwantsho mo go tsebe 70]
Go kga-tlhegela ba bangwe ke ntlhakgolo mo go direng ditsala?