Kgaolo 10
Tebego E Botlhokwa go le Kana Kang?
WA RE ga o rate kafa o lebegang ka gone? Ebu, ke batho ba sekae fela—fa go na le bape—bao ba kgotsofalelang ka botlalo kafa ba lebegang ka teng. Ka go sa tshwane le Narcissus, yo o neng a ratana le moriti wa gagwe o o neng a o bona mo bodibeng jwa metsi, bangwe ba rona re hutsafala fela thata fa re bona moriti wa rona.
‘Ga ke rate popego ya mmele wa me,’ go bolela jalo Maria wa dingwaga tse 16 a hutsafetse. ‘Ga ke bone fa ke le montle.’ Bob wa dingwaga tse 13 o hutsafadiwa ke selo se se tshwanang: ‘Ga ke rate moriri wa me, ga ke rate kafa o tshophegang ka teng kafa morago.’ Se ebileng se befisa dilo, ponalo ya mosha e fetoga ka bofefo fela thata mo e leng gore, go ya ka mongwe wa baithuta-tlhaloganyo ya motho, gantsi basha “ba ikutlwa ba sa tlwaelane le mebele ya bone.” Ka gone ba le bantsi ba tshwenyega ka sefatlhego, moriri, popego ya mmele, le nonofo.
Legale, Modimo o ne o anaanela bontle. Moreri 3:11 ya re: “[Modimo] o dihile señwe le señwe go nna sentlè mo motlheñ oa shōna.” Gape tebego ya gago e ka nna le phelelo e kgolo mo tseleng ya kafa ba bangwe ba go lebang le go go tshwara ka gone. Dr. James P. Comer o oketsa ka go re: “Popego ya mmele ke sengwe sa dilo tse di dirang gore motho a ikutlwe a na le seriti. E ka ama go itshepa ga motho le se a se dirang le seo a sa se direng mo botshelong.” Ka gone go a utlwala gore motho a amege kafa a lebegang ka teng ka mo go siameng. Lefa go ntse jalo, fa o simolola go tshwenyega thata kaga gago mo o ikgogang mo bathong ba bangwe kana o ikutlwa o sa ithate, he kamego eo ga e sa tlhole e siame.
Ke Mang yo o Reng ga o Montle?
Ka mo go kgatlhisang, gantsi motho fa a tshwenngwa ke ponalo ya gagwe e a bo e se ka baka la gore tota dikarolo dingwe tsa mmele wa gagwe di maswe. Mosetsana mongwe yo mosesane o ntse mo tlelaseng a eletsa gore ekete o ka bo a le mokimanyana, fa mo mokgwatheng o o latelang mosetsana mongwe yo o mabele matona a hutsafaletse kafa a leng “mokima” ka gone. Go sa kgotsofaleng mono go bakiwa ke eng? Ke eng se se dirang gore basha ba ba bopegileng sentle ba akanye gore ga ba bantle?
Moporofesa wa bongaka jwa malwetse a tlhaloganyo ebong Richard M. Sarles a re: “Bokau le bokgarebe ke nako ya phetogo eo mo go yone go diragalang thulaganyo e ntšha ya mmele. . . . Makau a le mantsi le makgarebe ba ikaega ka setlhopha sa balekane ba bone, mo go dirisaneng le go sa jeseng monate ga mmele o mosha le o o fetogang.” Mme go ya ka katlholo ya balekane ba gago, kafa o leng moleele ka gone, o leng mokhutshwane ka gone, o leng mokima ka gone, kana o leng mosesane ka gone—re sa bue sepe kaga kafa nko ya gago kana tsebe ya gago e bopegileng ka gone—e ka nna selo se se tshwenyang fela thata. Mme fa ba bangwe ba ratiwa go go gaisa kana fa o kgobelwa kafa o lebegang ka gone, go ka nna motlhofo fela gore o simolole go sa ithate.
Go tswa foo go na le tlhotlheletso e kgolo ya TV, dibuka, le dibaesekopo. Re bona banna le basadi ba bantle fela thata mo di-TV le mo ditsebeng tsa dimakasine, ba rekisa sengwe le sengwe go simolola ka dinkgisa monate go ya go dishage tse dikgolo. Ka gone baanamisi ba dikgang ba tla dira gore o dumele gore fa o se motho wa bontle jo bo senang selabe kana o se motho yo o “kwenneng” yo o dinamanama, sa gago fela ke gore o itlhoboge—kana gore go botoka gore o lebale gotlhe ka gore o ka tuma kana wa itumela.
O Seka Wa ‘Bopega Jaaka Bone’!
Pele ga o itlhoboga gore o ngwana yo o maswe, ipotse gore bomaswe jwa gago jwa dipopego tse dingwe bo bogolo—kana go akanngwa gore bo bogolo go le kana kang. A popego eo ya sefatlhego eo o ngongoregang ka yone (kana eo o kgobiwang ka yone) e maswe mo go kalo kalo? Kana a ba bangwe ba dirile gore o akanye gore e maswe go le kalo? Bibela e gakolola ka go re: ‘O seka wa bopega jaaka lefatshe leno.’—Baroma 12:2.
Akanya: Ke mang yo o tlotlomatsang mogopolo wa gore o tshwanetse wa bo o lebega ka tsela e e rileng gore o tume, o atlege, kana o itumele? A ga se badiri ba dilo le babapatsi ba dilo bao ba batlang go bona madi ka gore o je mofuta mongwe wa dijo tse di mo fesheneng kana o reke dilo dingwe tse di dirang motho montle tse di tlhwatlhwakgolo? Ke ka ntlhayang fa o ba letlelela gore ba go dire gore o akanye jaaka bone? Mme fa e le gore balekane ba gago ba kgala kafa o lebegang ka gone, a ba dira jalo ka go batla go go thusa—kana ba dira jalo fela go go sulafatsa pelo? Fa e le gore ba dira jalo go go sulafatsa pelo, gone ke mang yo o tlhokang “ditsala” tse di ntseng jalo?
Gape Bibela e go gakolola go “lebisa pelo ya gago kwa [temogong].” (Diane 2:2) Temogo e tla go thusa go leba dipopego tsa gago tse dintle sentle le go nna podimatseba ka seo se gasiwang ke boradikgang. Ke batho ba sekae fela bao ba ka lebegang jaaka bommotlelara ba bantle fela thata. Gape “bontlè ke boithamakō.” (Diane 31:30) Batho ba ba duelelwang ditebego tsa bone ba nna ba bantle thata ka nako e khutshwane fela pele ga ba beelwa kwa thoko ka go bo go bonwe motho wa sefatlhego se sentle se senana, se sesha. Gape, gantsi bontle jwa bone bo gakadiwa fela thata ke ditlolo, ke lesedi, le ke boranyane jwa batsaya-dinepe. (Batho bangwe ba gakgamadiwa fela thata ke kafa batho ba ba tlotliwang thata ba lebegang ka teng fa ba sena dilo tse di ba ntlafatsang thata!)
Ka gone ga go na lebaka la go utlwisa pelo ya gago botlhoko ka gonne o sa lebege jaaka mmotlelara mongwe wa TV kana wa makasine. Gape balekane ba gago ga se bone fela ba tshwanetseng go atlhola gore o tshwanetse go nna moleele go le kana kang, wa nna mokhutshwane, kana mosesane go le kana kang gore o tle o lebege o le montle. Fa e le gore o kgotsofadiwa ke tebego ya gago, o seka wa itshwenya ka se balekane ba gago ba se buang. Ebile tota, sepe fela se o sa se rateng kaga tebego ya gago se ka nna sa bo se tswelwa pelo ke mongwe.
Tokafatsa Tebego ya Gago!
Fa gongwe basha ba a bo ba na le mathata ka tebego ya bone tota: mmala o o sa tlhatswegang wa letlalo, bokima jo bo feteletseng, nko e e sa bopegang sentle, ditsebe tse dikgolo, bokhutshwane jo bo feteletseng. Legale, jaaka mosha yo o golang, tebego ya gago e santse e fetoga. Dikemola, go fetofetoga ga bokima, go gola ka bofefo (kana ka bonya thata) ke dilo tse di tshwenyang mo dingwageng tsa bosha. Mathata a mantsi a go nna jaana a rarabologa fa nako e ntse e tsamaya.
A mangwe ga a rarabologe. Mme basha ba le bantsi ba tla tshwanelwa ke go itlhoboga ba amogela ntlha ya gore bontle jwa bone bo fa gare fela. Mokwadi John Killinger o ne a re: “Mo bathong ka bontsi, go sa nneng montle ke sengwe sa dilo tse di utlwisang botlhoko thata mo botshelong, seo ba se lemogang ba santse ba le babotlana mme gantsi ba sa kgone go se itebatsa mo botshelong jotlhe jwa bone.” Lefa go ntse jalo, o ka tokafatsa tebego ya gago fela thata!
Gongwe go arwa ke tsela e e tlhokang madi a mantsi e ebileng e le kotsi ya go baakanya dipopego tse di sa siamang tsa mmele.a Lefa go le jalo, go nna phepa fela ga go je madi a mantsi ebile go ka tokafatsa bontle jwa gago fela thata. Moriri wa gago o ka tswa o sa phatsime fela thata jaaka wa motshameki yole wa dibaesekopo wa monna kana wa mosadi, mme o ka nna phepa; fela jaaka sefatlhego sa gago, diatla, le dinala tsa diatla. Meno a masweu a a phepa, le marinini a mapinki a ka dira gore monyenyo ope fela e nne o o eletsegang. A o na le bothata ka bokima? Go rulaganyetsa dijo tsa mofuta o o rileng le go itshidila mmele (gongwe o tlhokometswe ke ngaka) go ka dira mo gogolo mo go fokotseng bokima jwa gago.
Ka tetlelelo ya batsadi ba gago, o ka nna gape wa leka go apara diaparo le go kgabisa moriri ka tsela eo go ka godisang ditebego tsa gago tse dintle mme ga fitlha tse di seng dintle. Ka sekai, go ya ka mokwadi Sharon Faelten, mosetsana o ka dira gore nko ya gagwe e kgolo e seka ya lebega e le kgolo thata ka go “lesa moriri wa gagwe o le moleele kana go rwala tukwi a e lepeleditse.” Ka go tshwana, ditlhaa tse dikhutshwane, tse di tswetseng kwantle di ka tokafadiwa ke “moriri o o dirilweng makhubu kana matshopho,” gape fa mosetsana a dirisa ditlolo ka botlhale o ka tokafatsa sefatlhego sa gagwe se se seng sentle. Ekane o le mosimane kana mosetsana, le wena o ka fitlhelela mo gogolo ka kapari e o e tlhophang. Kgetha diaparo tsa mebala e e tokafatsang mmala wa gago wa letlalo le tsa mosego oo o go galaletsang. Elatlhoko ditselana tsa seaparo: Ditselana tse di yang kwa tlase di dira gore o lebege o le mosesane; ditselana tse di kgabaganyang, tsone di dira gore o lebege ka mo go fapaaneng!
Ee, fa o dira boiteko ebile o akanyetsa, o ka lebega ka mo go itumedisang—le eleng fa ka tlholego o sa abelwa bontle.
Go Tlhoka Gore o nne Tekatekano
Lemororo go tlhokomela kafa o lebegang ka gone go le botlhokwa, o eletlhoko gore o seka wa dira tebego ya gago selo se segolo mo botshelong jwa gago. A o kile wa elatlhoko gore Bibela e bua go se go nene fela kaga tsela eo batho ba lebegang ka yone? Ke ka ntlhayang fa re sa bolelelwe kafa Aberahame, Maria, kana le eleng Jesu ba neng ba lebega ka gone? Ka phepafalo, Modimo o ne o sa tseye fa seo se le botlhokwa.
Ka mo go kgatlhisang, nako nngwe Modimo o kile wa gana go naya lekawana lengwe le le neng le bidiwa Eliabe bogosi leo seemo sa gagwe se neng se kgatlha fela thata! Jehofa Modimo o ne a tlhalosetsa moperofeti Samuele a re: “U se ka ua leba sehatlhōgō sa gagwè, leha e le go gola ga gagwè; . . . ka go bo Yehofa ga a bone yaka motho a bōna: gonne motho o leba bokahantlè, me Yehofa o leba pelo.” (1 Samuele 16:6, 7) Abo go gomotsa jang ne go itse gore mo Modimong, Yoo tota re tshwanetseng go tshwenyega ka ene, ditebego tsa rona ga se selo sa botlhokwa! “O leba pelo.”
Ntlha e nngwe gape eo o tshwanetseng go e akanyetsa thata ke go re: A bontsi jwa ditsala tsa gago a ga se ba bontle jo bo fa gare fela? Gape a mongwe wa batsadi ba gago o ne a ka nna motho yoo setshwantsho sa gagwe se neng se ka nna mo khabareng ya makasine mongwe wa diaparo tsa feshene? Gongwe ga go a nna jalo. Eleruri ka go bo o itse dinonofo tsa bone tse di molemo, o akanya kafa ba lebegang ka gone ka sewelo fela! Le wena o na le dilo dingwe tse di molemo jaaka motho tseo di gaisang fela thata dipopego dingwe tse di seng dintle tsa mmele wa gago—tse di seng dintle tota kana o akanyang gore di ntse jalo.
Lefa go ntse jalo, ditebego ke dilo tsa botlhokwa mo balekaneng ba gago, ebile o ka nna wa iphitlhela o le mo kgatelelong ya go batla go apara jaaka bone le go ikgabisa jaaka bone. O tla itshwara jang mo kgatelelong eo?
[ntlha e e kwa tlase]
a Dikalafi dingwe tse di tshwanang le ditshipi tse di tshegetsang meno a a sa tlhamalalang, di ka solegela motho molemo mo botsogong le go mo dira montle.
Dipotso tsa Puisano Kgaolo 10
◻ Ke ka ntlhayang fa basha ba tshwenyegile fela thata ka dipopego tsa bone? Wena o ikutlwa jang ka dipopego tsa gago?
◻ Ke pono efe ya gore dipopego ke selo sa botlhokwa eo e rotloediwang ke baanamisi ba dikgang le balekane ba gago? O tshwanetse go arabela jang go tlhotlheletso ya go nna jalo?
◻ Ditsela dingwe tsa go dirisana le bothata jwa dikemola ke dife?
◻ O ka tokafatsa dipopego tsa gago jang? Ke ka ntlhayang fa o tlhoka go nna tekatekano mabapi le seno?
[Mafoko a a mo go tsebe 82]
‘Ga ke rate popego ya mmele wa me. . . . Ga ke bone fa ke le montle’
[Mafoko a a mo go tsebe 88]
O na le dilo dingwe tse dintle tse di gaisang fela thata dipopego dingwe tsa gago tse di seng dintle
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 84, 85]
‘A Nka Seka Ka Kgona go Fodisa Dikemola tsa Me?’
Dikemola ke bolwetse jwa letlalo joo bo le dirang gore le nne, le eleng go senngwa, ke diso, dithompola, le marurugo a mahibidu, kana a seka-marophi. Mo basheng ba le bantsi, ke bolwetse jo bo masisi jwa letlalo, ga se fela bolwetsenyana jo bo tsayang dikgwedi di sekae. Batho ba bogolo jwa dingwaga tse di farologaneng ba ka tsenwa ke bolwetse jono, mme gantsi bo tlhasela basha. Go ya ka batlhalefi bangwe, batho ba ka nna 80 lekgolong ba nna le bolwetse jwa dikemola ka selekanyo se se sa tshwaneng.
Ka mo go sa gakgamatseng, fa basha ba ba 2 000 ba ne ba bodiwa gore ke eng seo ba neng ba sa se rate kaga bone, mathata a letlalo a ne a feta matshwenyego otlhe a mangwe. Mosha mongwe yo o bidiwang Sandra, yo o kileng a tsenwa ke dikemola tse di maswe fa a ne a santse a le kwa sekolong se segolwane o gakologelwa jaana: “Dikemola tsa me di ne di le maswe fela thata, ka metlha ke ne ke fitlhela batho ba bangwe sefatlhego sa me. Ke ne ke tshaba batho ka gonne ke ne ke tlhabisiwa ditlhong fela thata ke kafa ke neng ke lebega ka gone. . . . Ke ne ke lebega maswe thata.”—Makasine wa Co-Ed.
Ke ka ntlhayang fa sebetso seno se nna gone mo dingwageng tsa bosha—ka yone nako eo o batlang go lebega o le montle fela thata ka yone? Ke ka gonne o a gola. Fa o simolola go nna moroba kana lekau, dikgeleswa tsa letlalo di oketsa tiro ya tsone.
Go a bo go diragala eng? The World Book Encyclopedia e tlhalosa se se a bong se diragala ka mafoko a a seng thata fela ka go re: Kgeleswa nngwe le nngwe e tamogela mo thitong ya moriri—ka gore, kgetsana e potlana e e dikologileng thiri nngwe le nngwe. Ka tlwaelo, oli e tshologela kwantle mme e tswa ka letshoba ja letlalo, mme fa gongwe letshoba leno le thijwa ke leswe mme oli e be e sa kgone go tswela kwantle ka bofefo. Jaanong letshoba le le thibaneng leno le bo le dira tshubaba e e bidiwang thompola e ntsho ka gonne oli e e sa kgoneng go tswa e tlhakana le okosijene, e omelele, mme e be e nna ntsho. Fa e nna le boladu e nna seso. Marurugo a seka-marophi a nna teng fa megare e tsalela mo oling eo e sa kgoneng go tswa. Marurugo ano a seka-marophi ke one a a tlogelang mabadi a a sa nyeleleng. Diso ga di ke di tlogela mabadi, kwantle ga fa di tsenwe ke megare, seo gantsi se diragalang fa o di tamosa kana o di kgomola—jalo o seka wa di tamola kana wa di kgomola!
Ka mo go kgatlhisang, kgagamalo kana maikutlo ao a amegileng a ka dira gore dikgeleswa tsa letlalo di dire. Ba bangwe ba tswa seso se setona pele fela ga tiragalo nngwe ya botlhokwa kana pele ga ba tsaya ditlhatlhobo. Ka gone mafoko a ga Jesu a na le mosola a a reng: “Se tlhobaeleleñ ka moshō: gonne ka moshō go tla itlhobaèlèla ka gosi.”—Mathaio 6:34.
Ka maswabi, ga go na kalafi epe ya dikgakgamatso. Lefa go ntse jalo, go na le melemo e e alafang bokakwantle fela, e e tshwanang le dijele, ditlolo, diedi, dilo tse di tlhapang, disepa, le di-mask tsa sefatlhego, tseo di nang le benzoyl peroxide (eleng selo seo se lwantshanang le megare) seo se ka thusang mo go laoleng bolwetse jwa dikemola. (O ka bona ngaka ya balelapa la gaeno fa e le gore go tlhokafala kalafi e kgolo.) Ba le bantsi ba fitlhetse gore fa ba tlhapa sefatlhego fela thata ka sesepa kana ka dilo tse di tlhapang tse di nang le benzoyl peroxide go a thusa. Lefa go ntse jalo, o seka wa dirisa disepa tse di nang le oli e ntsi kana diitshaso tse di nang le oli.
Basha bangwe ba fitlhetse gape gore fa ba tlhokomela botsogo jwa bone jotlhe—ba itshidila mmele ka botlalo, ba tsamaya mo phefong e e phepa kafa ba ka kgonang ka teng, le go robala ka nako e e lekaneng—seemo sa dikemola tsa bone se a tokafala. Lemororo bangwe ba sa dumalane thata le gore motho a je dijo tse di senang mafura, ka phepafalo go tila dijo tse di senang dikotla, gammogo le go ja dijo tse di lekalekaneng go a utlwala.
Ekane motho o dirisa eng fela, o tshwanetse go nna pelotelele. Gakologelwa: Bothata jono bo tsere nako e telele bo ntse bo gola, jalo ga bo na go nyelela mo letsatsing le le lengwefela fela. Sandra, yo o umakilweng pelenyana, a re: “Ke akanya gore go tsere mo e ka nnang ngwaga gore letlalo la me le phepafale sentle, mme ke ne ka kgona go bona diphetogo mo letlalong la me mo dibekeng tse thataro.” Fa o ka tshwarelela mo kalafing e o e dirisang mo nakong ya selekanyo se se rileng, o ka nna wa lemoga go tokafala ga selekanyo se se rileng.
Ka nako e e tshwanang, o seka wa letlelela gore ditshubaba di sekae fela di go senyetse seriti kana go go kgoba marapo go bua le ba bangwe. Lemororo o ka tswa o tshwenyegile thata ka letlalo la gago, batho ba bangwe ga ba le bone jaaka wena o akanya. Jalo leka go nna le boikutlo jo bo siameng, jo bo itumedisang. Mme dira sepe fela se o ka se kgonang go alafa dikemola tsa gago mo nakong eno!
[Setshwantsho mo go tsebe 83]
Se o sa se rateng kaga gago se ka tswa se tswelwa pelo ke ba bangwe
[Setshwantsho mo go tsebe 86]
Gantsi basha ga ba lemoge gore bommotlelara ba dimakasine ba ntlafadiwa ke ditlhopha tsa bantlafatsi