Kgaolo 11
A Diaparo tsa Me Di Ntshenola Jaaka Ke Ntse Tota?
“GA O mokhutshwane thata,” ga khutsa jalo Peggy a raya batsadi ba gagwe. “Lona lo o leba ka tsela ya segologolo fela!” A sianela kwa kamoreng ya gagwe—e le fa a fedisa kgaruru e e neng e tsogile ka mosese wa lotheka o a neng a batla go o apara. Mme gongwe go kile ga nna le kganetsano e e tshwanang le eo kaga gago fa motsadi wa gago, morutabana, mohiri wa gago a ne a kgala seaparo se o neng o se rata thata. O ne o se bitsa seaparo sa boiketlo fela, bone ba re ke sa botlhaswa. O ne o re ke sa feshene; bone ba re se maphatsiphatsi thata kana se akantsha batho ka mo go sa siamang.
Go dumelesega sentle gore, batho ga ba rate dilo tse di tshwanang, le gore o na le tshwanelo ya go dira kafa kgopolong ya gago. A mme seno se tshwanetse go raya gore o ka ikaparela ‘ka tsela epe fela?’
A di Bolela Molaetsa o o Siameng?
“Seo o se aparang,” go bolela jalo mosetsana mongwe yo o bidiwang Pam, “se supa se tota o leng sone le kafa o ikutlwang ka gone kaga gago.” Ee, diaparo di bolela molaetsa mongwe, di bolelela ba bangwe mafoko mangwe kaga gago. Diaparo di ka sebetsa batho gore o kelotlhoko, o tlhomame, o na le ditekanyetso tse di kwa godimo tsa boitsholo. Kana di ka goela kwa godimo di bolelela batho gore o motsuolodi le mongongoregi. Di ka nna tsa ba tsa nna sesupo sa go kgetholola motho. Basha bangwe ba itshupa gore ke batho ba mofuta ofe ka go apara diaparo tse di gagogileng, tsa se-punk, kana tsa batlhami ba diaparo tse di turang. Ba bangwe ba dirisa diaparo go gapa batho ba bong bo sele kana go dira gore ba lebege ba le bagolo go feta dingwaga tsa bone.
Ka jalo go motlhofo go bona kafa diaparo eleng selo sa botlhokwa ka gone mo basheng ba le bantsi. Lefa go ntse jalo, John T. Molloy, mokwadi wa Dress for Success, o tlhagisa jaana: “Tsela eo re aparang ka yone e na le bokao jo bogolo mo bathong ba re kopanang le bone ebile e ama fela thata kafa ba re tshwarang ka gone.”
Ga go gakgamatse go bo batsadi ba gago ba tshwenyegile thata fela jaana kaga kafa o aparang ka gone! Mo go bone ga se kgang fela ya gore ke tsela eo o ratang go apara ka yone. Ba batla gore o ntshe molaetsa o o siameng, o o bolelang fa o le motho yo o tekatekano, yo o dirang dilo ka tshwanelo. Lefa go ntse jalo, a tsela e o aparang ka yone e diragatsa seno? O kaelwa ke eng fa o tlhopha diaparo tsa gago?
“Ke Dira Sengwe le Sengwe seo Ditsala tsa me di se Ratang”
Mo basheng ba le bantsi, tsela eo ba aparang ka yone ke bosupi jwa gore ba a itaola ebile ke batho ba ba sa tshwaneng le bape. Mme ereka o santse o le mosha, botho jwa gago bo santse bo fetofetoga—bo santse bo gola, bo fetoga. Jalo lefa o ka tswa o batla go tlhalosa sengwe kaga gago, o ka nna wa seka wa tlhomamisega ka botlalo gore o dirise mafoko afe fa o tlhalosa kana gore o a bue jang. Ka gone basha bangwe ba ikgabisa ka kapari e e sa tlwaelesegang, e e feteletseng. Lefa go ntse jalo go na le gore ba itshupe gore ‘ke batho ba ba sa tshwaneng le bape,’ ba lemotsha batho fela gore ga ba a gola—re sa bue sepe ka go tlhabisa batsadi ba bone ditlhong.
Basha ba bangwe ba kgetha fela go apara jaaka balekane ba bone; go lebega fa go ba dira gore ba ikutlwe ba tlhomamisegile ebile go ba supa gore ke ba setlhopha sefe. Legale, ga go phoso go le kalo fa motho a batla go inaakanya le batho ba bangwe. (Bapisa 1 Bakorintha 9:22.) A mme tota Mokeresete o ka batla go itshupa fa a le mo letlhakoreng la basha ba ba sa dumeleng? Gape a go botlhale go batla go amogelwa ke balekane ba gago o kgathologa sengwe le sengwe? Mosetsanyana mongwe yo mmotlana o ne a ipolela jaana: “Ke dira sengwe le sengwe seo ditsala tsa me di batlang go se dira e le fela gore ba seka ba bua sepe.” Mme o bitsa motho yo o gogwang ka tsebe ke yo mongwe, yo o dirang thato nngwe le nngwe ya motho yo mongwe eng? Bibela e araba jaana: “A ga lo itse ha eo lo mo ineèlañ. . . go mo utlwa lo le batlhanka ba gagwè eo lo mo utlwañ?”—Baroma 6:16.
Mo bathong ba basha “kgatelelo ya go inaakanya le ba bangwe e ka nna kgolo mo e leng gore maloko a setlhopha se se rileng a ka lebega jaaka ekete ba golegilwe ke melao ya setlhopha seo, ba ikaega ka kgakololo ya bone [balekane ba bone] mo go reng ba apare jang, ba bue jang, ba dire eng, le eleng seo ba tshwanetseng go se akanya le go se dumela.”—Adolescence: Transition From Childhood to Maturity.
Mme ditsala tsa gago di tshwanelega go le kana kang go go neela kgakololo e e ntseng jalo? (Bapisa Mathaio 15:14.) A ga ba ramatle mo mogopolong fela jaaka wena? A go botlhale, he, gore ka bonolo fela o ba letlelele gore ba go beele ditekanyetso—le eleng fa tseno di sa utlwale kana di le kgatlhanong le mekgele le dikeletso tsa batsadi ba gago?
“Se Tsena” Gompieno—ka Moso “Se Dule”
Basha ba bangwe ba setse feshene morago. Mme abo difeshene tseno di fetofetoga jang ne! Re gakololwa mafoko a Bibela a a reng: “Mokgwa oa lehatshe yeno oa heta.” (1 Bakorintha 7:31) Ka gone seo se ‘tseneng’ mo fesheneng gompieno se ka nna selo sa bogologolo ka moso ka bofefo jo bo gakgamatsang (re sa bue sepe ka boturu jwa sone). Boleele jwa diaparo bo a fetofetoga, boatlhamo jwa maoto a marokgwe le jone bo a fetofetoga, gotlhe go solegela molemo badiri le batlhami ba diaparo bao ba bonang madi a mantsi ka gone mo bathong ba ba tsietsegang motlhofo fela.
Ka sekai, tsaya feshene ya motlhami wa diaparo tsa matalanyane a dingwaga di sekae tse di fetileng. Ka bokhutshwane fela matalanyane e ne ya nna feshene e e kwa godimo. Batho ba ne ba duela madi a mantsi gore e nne mabati a papatso a a tsamayang ba kwadilwe maina a a tshwanang le Calvin Klein le Gloria Vanderbilt. “Batho ba rata leina,” ga tlhalosa Eli Kaplan, yo o leng mookamedi wa khampane e e dirang bomatalanyane ba “Sergio Valente.” Lefa go le jalo, tota Mr. Valente yono ke mang, yoo leina la gagwe le le tlotlegang thata le rokelelwang mo le bonalang fela thata mo dikgetsaneng tsa bomatalanyane? “Ga go na motho wa go nna jalo,” go ne ga bega jalo Newsweek. Mme fa Kaplan a ne a tlhalosa ka boene o ne a botsa ka go re: “Ke mang yo o neng a ka reka bomatalanyane ba leina la Eli Kaplan?”
‘A mme go phoso go apara kafa fesheneng?’ o ka nna wa botsa jalo. Eseng mo go kalo. Batlhanka ba Modimo ba metlha ya Bibela ba ne ba apara kafa go tlwaelesegileng ka gone mo lefelong la bone. Ka sekai, Bibela e bolela gore Tamare o ne a apere seaparo se se ditselana, “gonne bomorwadia kgosi ba e leñ makgarebane ba ne ba tle ba apare diaparō tse di nntseñ yalo” mo metlheng eo.—2 Samuele 13:18.
A mme motho o tshwanetse go nna lekgoba la feshene? Mosetsanyana mongwe yo mmotlana o ne a bua jaana ka bohutsana: “O bona mo lebentleleng lengwe borokgwe bongwe jwa sesadi jo bontle jo mongwe le mongwe a nang najo o ba o re, ‘Mma, nthekele borokgwe jole,’ mme ene a go reye a re ‘Nnyaa, ke ka kgona go bo go rokela kwa gae.’ Ke mo reye ke re, ‘Mme ga o tlhaloganye. Nna ke batla borokgwe jono.’” Lefa go le jalo, a tota go nna sedirisiwa sa batlhami ba feshene ga go go dire gore go seka ga itsiwe botho jwa gago le go fitlha motho yo tota o leng ene? Ke ka ntlhayang fa o tshwanetse go laolwa ke dipapatso tse di tlhotlheletsang, mafoko a a gapang, le maina a batlhami?
Bibela e re bolelela jaana mo go Baroma 12:2: “Lo se ka loa bopèga yaka lehatshe yeno: me lo hetolwè ke boshahaco yoa pelo tsa lona, gore lo lemogè mo e leñ go rata ga Modimo, mo go molemō, le mo go lebosègañ, le mo go itekanetseñ.” “Go rata ga Modimo” ke eng fa go tla mo go kgetheng diaparo?
‘Tse di Bori le Tekano’
Timotheo wa Ntlha 2:9 e kgothaletsa Bakeresete go ‘ikgabisa ka diaparo tse di baakantsweng sentle, tse di bori le tekano.’ Jaaka go ka lebelelwa ‘diaparo tse di baakantsweng sentle’ e tla nna tse di bothakga le tse di phepa. “Bori” bo tla dira gore motho a akanyetse maemo. Sutu e e segegileng sentle e ka tshwanela fa motho a ya kwa tirong, mme ga e na e tshwanela fa a ile kwa lewatleng! Phapaanong le seo, e ka nna selo se se tshegisang go apara seaparo sa go thuma mo ofising.
Ka gone Basupi ba ga Jehofa ba babotlana ba tla elatlhoko gore seo ba se aparang kwa dipokanong tsa Bokeresete kana mo tirong ya go rerela ba bangwe ga se se se lebegang e le sa boiketlo mme se ba kaya fa e le badihedi ba babotlana ba Modimo. Gakologelwa mafoko a ga Paulo mo go 2 Bakorintha 6:3, 4: “Re sa kgopise mo go sepè, gore tihèlō ea rona e tle e se ke ea beèwa molato; Me mo diloñ cotlhe re ipōnatsè molemō, yaka badihedi ba Modimo.”
Gape fa motho a apara ka bori o tla akanyetsa maikutlo a ba bangwe. Jaaka moaposetoloi Paulo a tlhalosa, dilo tseo Mokeresete a di dirang o tshwanetse a di dira a akanyeditse eseng fela segakolodi sa gagwe “[mme le] sa eo moñwe.” (1 Bakorintha 10:29) A ga o a tshwanela go amega segolo bogolo ka segakolodi sa batsadi ba gago?
Melemo ya go Apara ka Tshwanelo
Bibela e bolela ka nako ya fa Mohumagadi Esethere a ne a tlhoka go iponatsa fa pele ga monna wa gagwe, ebong kgosi. Lefa go ntse jalo, go itere o sa bidiwa mo go ntseng jalo e ne e ka nna molato o mogolo! Kwantle ga pelaelo Esethere o ne a rapela ka tlhoafalo a kopa thuso mo Modimong. Mme gape o ne a elatlhoko kafa a neng a lebega ka gone ka go “apara diaparō tsa gagwè tsa segosi”—a apara ka tsela eo e neng e tshwanela nako eo! Mme “e rile kgosi e bōna Esethere mohumagadi a eme mo lwapeñ, Esethere a bōna botsalanō mo ponoñ ea eōna.”—Esethere 5:1, 2.
Go apara ga gago ka tsela e e kgatlhang le e e bori go ka nna ga go thusa gore o kgatlhe batho fela thata fa o ile tlhatlhobong ya tiro. Vicki L. Baum, motsamaisa-ditiro wa Career Development Center, o lemotsha jaana: “Basadi bangwe ba katlega tlhogo fa ba ya tlhatlhobong ya tiro. Ba akanya gore go tshwana lefa o ya go iphokisa phefo le motho, mme ba lebega ba hepisa.” Diphelelo e nna dife? “Go go senyetsa thutego e o nang nayo.” O gakolola gore batho ba seka ba apara “dilo tse di gagamatsang kana tse di akantshang batho kafa go sa siamang.”
Makawana, le one, ba tshwanetse go leka go apara diaparo tse di rulagantsweng sentle fa ba ya go batla tiro. John T. Molloy o tlhokomedisa gore borakgwebo “ba kama meriri ya bone sentle ba bo ba phatsimise ditlhako tsa bone. Mme ebile ba lebelela gore banna ba bangwe le bone ba dire fela jalo.”
Lefa go le jalo, kapari e e seng ya bori e ka go senyetsa botsalano jwa gago le ba bangwe. Psychology Today e lebisa go patlisiso eo e neng ya dirwa mo makaung le makgarebe eo e neng e bontsha gore “go apara dihempe tse di molala o kwa tlase, marokgwe a makhutshwane, bomatalanyane ba ba gagamatsang, kana go sa apareng leifi” go ka nna ga tsewa ke banna jaaka phepiso ya tlhakanelo-dikobo. Lekawana lengwe le ne la ipolela jaana: “Nna ka bonna ke fitlhela go le bokete go akanya dikakanyo tse di phepa fela kaga makgarebe fa ke bona tsela eo ba aparang ka yone.” Go apara ka bori go dira gore batho ba anaanele dinonofo tsa gago tsa mo teng. Fa o sa tlhomamisege gore a kapari nngwe e bori kana nnyaa, kopa kgakololo mo batsading ba gago.
Go Apesa ‘Motho yo o Kafa Teng’
Moaposetoloi Petere o ne a kgothaletsa Bakeresete gore mokgabo wa bone e nne “motho eo o sa bonaleñ oa pelo, le ka diaparō tse di sa boleñ tsa mōea oa boikokobeco le tidimalō, e le gōna mo go kaiwañ go tlhōkèga thata mo matlhoñ a Modimo”—ee, le mo matlhong a ba bangwe! (1 Petere 3:4) Bangwe ba balekane ba gago ba ka nna ba kgatlhiwa ke moaparo mongwe wa feshene. Mme diaparo ga di gape dipelo kana go dira ditsala tsa mmatota. Seno se fitlhelelwa ka go apesa ‘motho yo o kafa teng’—fa o dira ka natla go tokafatsa botho jwa gago. (2 Bakorintha 4:16) Motho yo montle kafa teng o tla kgatlhegelwa ke ba bangwe ka metlha, le eleng fa diaparo tsa gagwe di ka tswa e se tsa moaparo wa bosheng kana di sa “ragaragediwa” ka maina a boeleele a batlhami ba diaparo.
Ke mang yo o itseng feshene e e tla latelang e e tla dirang gore basha ba gatane kwa mabentleleng. Lefa go ntse jalo, wena o ka ikakanyetsa. Tshegetsa ditekanyetso tse di kwa godimo tsa kapari. Tila kapari ya feshene le diaparo tseo di gatelelang tlhakanelo-dikobo. Nna kafa letlhakoreng la batho ba ba botlhale, o sa nne wa ntlha—lefa e le wa bofelo—go nna mo fesheneng. Batla diaparo tse di thata tse di tla tsayang lobaka lo loleele—tse di tla sekeng di tswe mo fesheneng ka bonako. Tlhomamisa gore diaparo tsa gago di bolela molaetsa o o siameng, di bontsha, eseng setshwantsho sengwe seo se kgothalediwang ke baanamisi ba dikgang kana balekane ba gago, mme eleng wena tota!
Dipotso tsa Puisano Kgaolo 11
◻ Diaparo di bolela molaetsa jang?
◻ Ke ka ntlhayang fa basha bangwe ba sekamela mo go tlhopheng diaparo tse di sa tlwaelesegang?
◻ Balekane ba gago ba go tlhotlheletsa go le kana kang fa go tla mo go tlhopheng diaparo?
◻ Dilo dingwe tse di senang mosola tsa gore ka metlha o bo o leka go nna mo fesheneng ke dife?
◻ Ke eng se se atlholang fa e le gore mofuta mongwe wa kapari ke o o ‘bori le o o baakantsweng sentle’?
[Mafoko a a mo go tsebe 94]
“Seo o se aparang se supa se tota o leng sone le kafa o ikutlwang ka gone kaga gago”
[Setshwantsho mo go tsebe 91]
Gantsi batsadi ga ba dumalane le bana ba bone ka dilo tseo ba tshwanetseng go di apara. A go raya gore batsadi e a bo e le batho ba segologolo?
[Setshwantsho mo go tsebe 92]
Basha ba le bantsi ba leka go itshupa gore ke batho ba ba sa tshwaneng le bape ka go apara diaparo tse di sa tlwaelesegang
[Ditshwantsho mo go tsebe 93]
Apara ka mokgwa o o tshwanelang maemo. Diaparo di bolela molaetsa mongwe kaga gago!