LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yp kgao. 18 ts. 140-149
  • Ke Ka Tokafatsa Jang Maduo a Me a Ditlhatlhobo tsa Sekolo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ka Tokafatsa Jang Maduo a Me a Ditlhatlhobo tsa Sekolo?
  • Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Nna Tekatekano
  • Ithute ka Tlhoafalo!
  • ‘Mme Kana Ke a Ithuta’
  • Tikologo ya fa O Ithutelang Gone
  • Mokgwa wa Gago wa go Ithuta
  • ‘Go Tla Nna Le Tlhatlhobo mo Bekeng e e Tlang’
  • Thetelelo
  • Go Thusa Ngwana Gore a Dire Bontle Kwa Sekolong
    Go Thusa Lelapa
  • Ke Direng Ka Tiro E E Kanakana Ya Sekolo ya Kwa Gae?
    Tsogang!—1993
  • ‘Ke na Le mo Gontsi Thata go go Dira!’
    Tsogang!—2009
  • Sekolo le Tiro
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
yp kgao. 18 ts. 140-149

Kgaolo 18

Ke Ka Tokafatsa Jang Maduo a Me a Ditlhatlhobo tsa Sekolo?

FA BAITHUTI ba le mmalwa ba sekolo se sebotlana ba ne ba bodiwa gore, ‘Ke eng seo lo tshwenyegang ka sone thata?’ 51 lekgolong ya bone ba ne ba re, “Maduo a ditlhatlhobo”!

Ga go gakgamatse go bo maduo a ditlhatlhobo tsa sekolo e le selo se segolo se se tshwenyang basha. Maduo a ditlhatlhobo e ka nna one a dirang gore o aloge kana o salele kwa morago, gore o bone tiro e e duelang sentle kana eo o atswiwang ka madi a sekae fela, ke one a dirang gore batsadi ba gago ba go bake kana ba go galefele. Go a dumelesega gore maduo a ditlhatlhobo le ditlhatlhobo ke dilo tse di tshwanelang. Kana ebile, gantsi Jesu Keresete o ne a tlhatlhoba barutwa ba gagwe gore a ba ne ba tlhaloganya dikgang dingwe. (Luke 9:18) Mme fela jaaka buka ya Measurement and Evaluation in the Schools e bolela: “Maduo a ditlhatlhobo a ka senola dikarolo tseo baithuti ka bongwe ba di kgonang kana ba leng bokoa mo go tsone mme e ka nna selo se se kgothatsang motho go ithuta mo nakong e e tlang.” Gape maduo a gago a ditlhatlhobo a thusa batsadi ba gago ka go ba naya lesedi la kafa o dirang ka gone kwa sekolong—mo go ka ba solegelang molemo kana ga ba utlwisa botlhoko.

Go Nna Tekatekano

Lefa go ntse jalo, go tshwenyega ka maduo a ditlhatlhobo thata go ka tsosa dikgatelelo tse dikgolo ga ba ga tsosa kgaisano e kgolo. Buka nngwe e e rutang ka makawana le makgarebe e lemotsha gore segolo bogolo baithuti bao ba tsenang sekolo se segolwane ba ka “tshwarega mo kgaisanong ya boeleele ka go gagamalela go nna le maduo a a kwa godimo a ditlhatlhobo le go nna le maemo mo ditlelaseng go na le go ithuta.” Ka baka leo, fa re tsopola Dr. William Glasser, baithuti “ba ithuta fela kwa tshimologong go botsa seo ba tlileng go tlhatlhobiwa mo go sone mme . . . ba bo ba ithuta boikitsiso joo fela.”

Kgosi Solomone o ne a tlhagisa jaana: “Ka bōna letsapa yeotlhe; le tihō ñwe le ñwe e e bocwiriri, go re, kaga mo, motho o gopolwa ka bopelotshètla ke oa ga gabō. Me le gōna ke boithamakō le go belebetlèla phehō hèla.” (Moreri 4:4) Go gagamalela go gaisa ba bangwe, e ka ne e le ka dikhumo tsa dilo tse di bonalang kana ka go newa tlotlo ya thutego, ke selo se se senang mosola. Basha bao ba boifang Modimo ba bona fa go tlhokafala gore ba dire ka bonatla kwa sekolong. Mme go na le go dira thutego selo sa botlhokwa mo botshelong, ba lelekisa dikgatlhego tsa semoya, ba tshepa gore Modimo o tla tlhokomela ditlhokafalo tsa bone tsa dilo tse di bonalang.—Mathaio 6:33; bona Kgaolo 22 e e buang ka go kgetha mekgele.

Mo godimo ga moo, thutego e raya mo go fetang fela go bona matshwao mo ditlhatlhobong. E raya go godisa seo Solomone a ileng a se bitsa “nonofo ya go akanya,” botswerere jwa go tsaya boikitsiso jo bo sa tlhalosiwang mme motho a ba a dira diphetso tse di utlwalang, tse di nang le mosola ka jone. (Diane 1:4, NW) Mosha yo o kgonang go bona maduo a go fenya mo ditlhatlhobong ka go fopholetsa fela, a tshwara boikitsiso ka tlhogo, kana le eleng go tsietsa ga a ke a ba a ithuta go akanya. Mme go na le molemo ofe gore o nne le maduo a a kwa godimo mo ditlhatlhobong tsa dipalo fa e re moragonyana o bo o palelwa ke go tlhakanya dipalo tsa buka ya madi?

Ka gone go botlhokwa gore o lebe maduo a ditlhatlhobo, eseng jaaka selo sa bofelo, mme jaaka tsela e e thusang ya go bona kafa o tswelelang ka gone mo sekolong. Lefa go le jalo, o ka fitlhelela maduo ao a supang dikgono tsa gago jang?

Ithute ka Tlhoafalo!

Go ya ka morutabana Linda Nielsen, baithuti ba ba sa direng sentle ba na le go “baya molato wa go bo ba sa dire sentle [kwa sekolong] mo dilong tseo ba sa kakeng ba di laola: tse di tshwanang le dipotso tse di sa akanyediwang tsa ditlhatlhobo, morutabana yo o nang le tlhaolele, go tlhoka lesego, taolelo-gale, maemo a bosa.” Lefa go le jalo, Bibela ya re: “Mōea oa serorobe [setshwakga, NW] oa eletsa, me ga o na sepè.” (Diane 13:4) Ee, gantsi tota motho o bona maduo a a kwa tlase a ditlhatlhobo ka baka la go bo a le setshwakga.

Lefa go ntse jalo, baithuti ba ba dirang sentle ba ithuta ka tlhoafalo. Makasine wa ’Teen o kile wa botsolotsa baithuti bangwe ba sekolo se segolwane (sekontari) bao ba bonang maduo a a kwa godimo. Sephiri sa bone e ne e le eng? “Fa wena ka bowena o na le boitlhomo o thusega go sa kgobege marapo,” ga rialo mongwe wa bone. “Ke go itirela thulaganyo le go rulaganya nako ya gago,” ga rialo yo mongwe. “O tshwanetse go itirela mekgele,” yo mongwe a boa a rialo. Ee, gore maduo a gago a ditlhatlhobo a tla nna molemo go le kana kang go ikaegile fela thata, eseng ka dilo tseo o sa kakeng wa di laola, mme ka WENA—gore o ikemiseditse go ithuta ka tlhoafalo go le kana kang le go dira ka bonatla mo sekolong.

‘Mme Kana Ke a Ithuta’

Basha bangwe ba ka nna ba bolela jalo. Ba ikutlwa ka bopeloephepa gore ba setse ba ntse ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang mme ga ba bone matswela a gone. Lefa go ntse jalo, dingwaga di sekae tse di fetileng babatlisisi ba Stanford University (U.S.A.) ba ne ba botsolotsa baithuti bangwe ba le 770 mme ba ba botsa kafa ba neng ba ikutlwa gore ba ne ba iteka ka teng mo go direng tiro ya bone ya sekolo. Ka mo go gakgamatsang, baithuti bao ba bonang maduo a a kwa tlase a ditlhatlhobo ba ne ba akanya gore ba ne ba dira ka natla go gaisa mongwe le mongwe! Lefa go le jalo fa go ne go tlhatlhobisiwa mekgwa ya bone ya go ithuta, go ne ga lemogiwa gore tota ba ne ba dira tiro e potlana ya sekolo e e dirwang kwa gae go na le balekane ba bone ba sekolo bao ba neng ba bona maduo a a kwa godimo mo ditlhatlhobong.

Seno se re ruta eng? Gongwe le wena ga o ithute ka natla jaaka o akanya, mme go ka bo go tshwanela gore o dire diphetogo dingwe. Setlhogo sengwe mo go Journal of Educational Psychology se ile sa bontsha gore fela fa moithuti a “oketsa nako eo a e senyang mo go direng tiro ya sekolo eo e dirwang kwa gae seo se ka tokafatsa maduo a gagwe mo sekolong se segolo.” Ebile tota, “fa moithuti yo o sa kgoneng thata a senya oura e le 1 kana di le 3 mo bekeng a dira tiro ya sekolo e e dirwang kwa gae, o ka bona maduo a ditlhatlhobo ao a lekanang le a moithuti wa bokgoni jo bo fa gare yo o sa direng tiro ya gagwe ya sekolo e e dirwang kwa gae.”

Ka tshwantshetso moaposetoloi Paulo o ne a tshwanelwa ke go ‘ikgoba mmele’ gore a fitlhelele mekgele ya gagwe. (1 Bakorintha 9:27) Le wena ka go tshwana o ka nna wa tshwanelwa ke go simolola go ipeela molao o o gagametseng, segolo bogolo fa TV kana dilo tse dingwe tseo di itayang tsebe di go kgoreletsa go ithuta ka tlhonamo. Ebile o ka nna wa leka go baya letshwao lengwe fa thoko ga TV le le reng, “Ga go lebelelwe TV go fitlhela go fediwa tiro ya sekolo e e dirwang mo gae!”

Tikologo ya fa O Ithutelang Gone

Bontsi jwa rona re ka solegelwa molemo ke go nna le lefelo le le senang modumo leo e leng la go ithuta fela. Fa o tlhakanela kamore le mongwe kana fa go sena bonno jo bo siameng mo legaeng la gago, rulaganya sengwe! Gongwe kitsi kana kamore ya borobalo ya mongwe e ka dirisiwa jaaka lefelo la boithutelo mo e ka nnang ka oura e le nngwe fela phirimane nngwe le nngwe. Kana fa go sena sepe seo se ka dirwang, leka go dirisa laeborari ya botlhe kana legae la tsala nngwe ya gago.

Fa go kgonega, dirisa deseke kana tafole e kgolo e o ka bayang tiro ya gago mo go yone e sa kgotlhagana. Dira gore dilo tse di tshwanang le dipensele le pampiri di nne gaufi e le gore o tle o seka wa nnela go tsamaya-tsamaya. Gape, ka mo go swabisang, go bulela TV kana seromamowa ka kakaretso go kgoreletsa tlhonamo ya gago, fela jaaka go dirisa mogala le go eta.

Gape, tlhomamisa gore o na le lesedi le le lekanetseng, le le senang marang. Lesedi le le siameng le dira gore o seka wa lapa thata fa o ithuta gape le sireletsa matlho a gago sentle fela thata. Gape fa go kgonega, tlhatlhobisa gore moya o o hemiwang o tsena sentle le gore a mogote wa kamore eo o siame. Kamore e e tsiditsana e dira gore tikologo e go kgothaletse go ithuta go na le kamore e e bothitho.

Go tweng fa e le gore ga o ikutlwe o batla go ithuta gotlhelele? Ga se gantsi botshelo bo re letlelela go dira tumalanong le maikutlo a rona. Kwa tirong ya boitshediso, o tla tshwanelwa ke go bereka letsatsi lengwe le lengwe—o batla kana o sa batle. Jalo tsaya tiro ya gago ya sekolo e e dirwang kwa gae jaaka thutintsho ya go ithapisa, jaaka go ithapisetsa go bereka moragonyana. E dire jaaka o ka bo o bereka kwa tirong. Morutisi mongwe o akantsha jaana: “Fa go kgonega, o tshwanetse go ithutela mo lefelong le le lengwefela le ka nako e e tshwanang letsatsi le letsatsi. Ka jalo, go ithuta ka metlha e tla nna tlwaelo, mme . . . go tla fokotsa go sa batleng go ithuta ga gago.”

Mokgwa wa Gago wa go Ithuta

Mo go Bafilipi 3:16, Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete go ‘nna ba sepela ka tshwanelo kafa mokgweng one ono.’ Paulo o ne a bua ka mokgwa wa botshelo jwa Bokeresete. Lefa go ntse jalo, mokgwa, kana sekao sa go dira dilo, gape o thusa fa go tla mo tseleng ya gago ya go ithuta. Ka motlhala, leka go rulaganyetsa seo o yang go se ithuta. Tila go ithuta dilo tse di tshwanang (tse di etsang go ithuta dipuo di sele di le pedi) ka go tlhomagana. Rulaganyetsa go kgwa setšhwe fa o sena go fetsa dithuto dingwe, segolo bogolo fa e le gore tiro ya gago ya sekolo e e dirwang kwa gae e bokete thata.

Fa kabelo ya gago e kopanyeletsa go bala dilo tse dintsi, o ka nna wa leka mokgwa o o latelang. Sa ntlha, TLHATLHOBA boikitsiso jwa gago. Kanoka boikitsiso jo o bo abetsweng, o leba ditlhogwana, ditšhate, jalo le jalo, e le gore o tle o nne le pono ka kakaretso ya jone. Go tswa foo, botsa DIPOTSO tseo di theilweng mo ditlhogong tsa dikgaolo kana diele tsa dikgang. (Seno se boloka mogopolo wa gago o tlhomame mo go seo o se balang.) Jaanong BALA, o etla o batla dikarabo tsa dipotso tseno. Fa o sena go bala serapa sengwe le sengwe kana karolo, BUA KA TLHOGO, kana o ikgakolole, seo o se badileng, kwantle ga go leba mo bukeng. Mme fa o sena go bala kabelo ya gago yotlhe, dira POELETSO ka go kanoka ditlhogo o ba o leka go bona gore o gakologelwa go le kana kang mo karolong nngwe le nngwe. Bangwe ba bolela fa mokgwa ono o thusitse baithuti go gakologelwa 80 lekgolong mo go seo ba se balang!

Gape morutisi mongwe a re: “Ke selo sa botlhokwa gore moithuti a lemoge gore ga go na ntlha epe e e ikemetseng ka nosi mme ka metlha e amana le boikitsiso jo bongwe.” Ka jalo, leka go amanya seo o se ithutang le seo o setseng o se itse ebile o se itemogeletse. Batlisisa kafa seo o se balang se dirang ka gone mo go nang le mosola.

Ka mo go kgatlhisang, mosha yo o boifang Modimo o solegelwa molemo fela thata ke seno. Ka gonne Bibela ya re: “Go boiha Yehofa ke tshimologō ea botlhale.” (Diane 1:7) Ka sekai, go ithuta melao ya thuta-boranyane jwa popo, go ka lebega e le tiro e e lapisang eleruri. Mme go itse gore ‘dinonofo tsa Modimo tse di sa bonaleng di bonala sentle’ mo popong go oketsa bokao jwa seo o se ithutang. (Baroma 1:20) Thuta-ditiragalo le yone ka go tshwana gantsi e ama tiragatso ya maikaelelo a ga Jehofa. Mebuso e supa ya lefatshe (go akareletsa le wa gompieno o o kopaneng wa Maesemane le Maamerika) go tlotliwa ka yone mo go yone Bibela ka namana!—Tshenolō 17:10; Daniele, kgaolo 7.

Fa o amanya seo o se ithutang le seo o se itseng kana le tumelo ya gago ya Bokeresete, o simolola go utlwisisa dintlha sentle, kitso ya gago e golela go nna kutlwisiso. Mme jaaka Solomone a ne a lemoga, “Kicō e boheho mo go èna eo o nañ le tlhaloganyō.”—Diane 14:6.

‘Go Tla Nna Le Tlhatlhobo mo Bekeng e e Tlang’

Ga wa tshwanela go tshosiwa ke mafoko ano. Selo sa ntlha, leka go akanyetsa gore e tla bo e le tlhatlhobo ya mofuta ofe go ya ka mafoko a morutabana wa gago, gore e tla bo e le polelo kana tlhopho-dikarabo. Gape, mo malatsing a pele ga tlhatlhobo, reetsa dilo tseo di ka go thusang go itse gore ke eng seo se tla tlhagang mo tlhatlhobong. (“Ntlha e e latelang eno e botlhokwa fela thata” kana “Tlhomamisang go gakologelwa gore” ke dintlha tse gantsi di dirisiwang go naya lesedi, go bolela jalo makasine wa Senior Scholastic.) Morago ga moo, boeletsa dintlha tsa gago, dibuka tse di ithutiwang, le dikabelo tsa gago tsa tiro ya sekolo eo e dirwang mo gae.

“Tshipi e lootsa tshipi; motho o lootsa yalo sehatlhōgō sa tsala ea gagwè,” go gakolola jalo Solomone. (Diane 27:17) Gongwe tsala nngwe ya gago kana mongwe wa batsadi ba gago o ka itumelela go go tlhatlhoba ka dipotso kana go go reetsa o bolela boikitsiso bongwe jo o bo ithutileng ka tlhogo. Mme go tswa foo mo bosigong jwa pele ga tlhatlhobo, itapolose o bo o leke go robala ka mo go lekaneng bosigo. “Ke ohe oa lona eo o ka ikoketsañ bolele yoa lecōgō le le leñwe hèla ka go itlhobaèlèla bobe?” ga botsa jalo Jesu.—Mathaio 6:27.

Thetelelo

Go retelelwa ke tlhatlhobo—segolo bogolo fa o sena go leka ka natla go e fenya—go ka swabisa fela thata. Mme morutisi Max Rafferty o re gakolola jaana: “Fa fela re santse re tshela, re tlotliwa ka baka la seo re se itseng, kafa re bonang matswela a a molemo ka gone . . . Sekolo seo se dirang gore bana ba akanye gore botshelo bo tlile go nna matshamekwane fela ga se sekolo. Ke lefelo le le jesang ditoro fela.” Maswabi a go retelelwa ke ditlhatlhobo a ka tswa a na le mosola fa e le gore a go tlhotlheletsa go ithuta mo diphosong tsa gago le go tokafatsa.

Mme go tweng kaga go lebana le batsadi ba gago ka go ba naya karata ya pego ya gago e e maswe? Ka dinako tse dingwe poifo ya go e ba naya e ile ya dira gore go simololwe go batlwa maano a a botlhale a go go tila. “Ke ne ke atle ke beye pego ya me mo tafoleng ya kitsi, ke bo ke ya kwa matlhatlaganyaneng a a kwa godimo go ya go leka go robala teng go fitlhela ka letsatsi le le latelang,” go gakologelwa jalo mosha mongwe. “Seo ke neng ke atle ke se dire,” yo mongwe o bolela jalo, “ke ne ke leta go fitlhela motsotswana wa bofelo fela pele ga mmè a ya kwa tirong ke bo ke e mmontsha. Ke ne ke e isa kwa go ene mo mosong fela fa a ne a tloga a ya kwa tirong ke bo ke re, ‘Tsaya, o tshwanetse go saena selo se.’ Go ne go le botoka ka gore o ne aa bo a sena nako ya go nkomanya”—ka nakonyana eo. Basha bangwe ba bile ba bo ba kwala maduo a maaka mo dikarateng tsa bone tsa pego!

Lefa go le jalo, batsadi ba gago ba na le tshwanelo ya go itse kafa o dirang ka gone kwa sekolong. Jaaka go ka lebelelwa, ba lebeletse gore maduo a gago a ditlhatlhobo a supe dikgono tsa gago, mme fa maduo a gago a ditlhatlhobo a le kwa tlase ga palogare, o ka lebelela gore o tla amogela kotlhao eo e go tshwanetseng. Jalo ikanyege mo batsading ba gago. Gape “utlwa [kotlhao] ea ga rrago, me u se ka ua tlogèla molaō oa ga mmago.” (Diane 1:8) Fa o akanya gore ba lebelela gore o dire mo gontsintsi thata, buisana le bone.—Bona tsenyeletso ya setlhogo se se reng “Ke Ka Kgona Jang go Bolelela Batsadi ba Me?” mo go Kgaolo 2.

Lefa maduo a ditlhatlhobo a le botlhokwa go le kalo, ga se gore a atlhola gore o motho yo o botlhokwa go le kana kang. Lefa go le jalo, sola nako ya go tsena sekolo molemo, o bo o ithute ka mo o ka kgonang ka gone. Gantsi boiteko joo bo tla supega mo maduong a gago a ditlhatlhobo ao a tla dirang gore wena—le batsadi ba gago—lo ikutlwe lo itumetse ebile lo kgotsofetse.

Dipotso tsa Puisano Kgaolo 18

◻ Maduo a ditlhatlhobo a na le boikaelelo bofe, mme ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa gore o nne le pono e e lekalekaneng ka one?

◻ Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa gore o ithute ka tlhoafalo?

◻ Dilo dingwe tseo o tshwanetseng go di akanyetsa kaga go dira ditiro tsa morago ga sekolo ke dife?

◻ Ditsela dingwe tseo o ka tokafatsang maduo a gago a ditlhatlhobo ka tsone ke dife?

◻ O ka ipaakanyetsa ditlhatlhobo jang?

◻ O tshwanetse go leba jang go retelelwa, mme a go retelelwa moo go tshwanetse go lobelwa batsadi ba gago?

[Mafoko a a mo go tsebe 141]

Mosha yo o kgonang go bona maduo go fenya mo ditlhatlhobong ka go fopholetsa fela, a tshwara boikitsiso ka tlhogo, kana le eleng go tsietsa ga a ke a ba a ithuta go akanya

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 144, 145]

Go Tweng Kaga Ditiro tsa Morago ga Sekolo?

Basha ba le bantsi ba bona fa ditiro tsa morago ga sekolo di ba dira gore ba ikutlwe ba fitlheletse sengwe. “Ke ne ke le leloko la mo e ka nnang lekoko lengwe le lengwe le le neng le le teng,” go gakologelwa jalo mosimane mongwe go tswa kwa Baltimore, Maryland (U.S.A). “Ke ne ke ikutlwa ke itumelela go dira dilo tseo ke neng ke di rata. Ke ne ke le mo lekokong la babaakanyi ba dikoloi ka gonne ke ne ke rata go bereka dikara. Ke ne ke rata dikhomputara, jalo ke ne ke le mongwe wa lekoko la yone. Ke ne ke rata digodisa-mantswe, jalo ke ne ke le mongwe wa lekoko la tsone.” Segolo bogolo baithuti bao ba tsenang sekolo se segolwane ba kgothalediwa go tsaya karolo mo ditirong tsa morago ga sekolo.

Lefa go ntse jalo, modirela-puso mongwe wa puso ya U.S.—yo pele e neng e le morutabana—o ne a bolelela Awake! jaana: “Go lebega baithuti ba senya nako e e oketsegileng mo ditirong tsa morago ga sekolo go na le mo tirong ya bone ya sekolo, mo go ba ketefaletsang go bona maduo a a kwa godimo mo ditlhatlhobong.” Ee, ga go motlhofo go lekalekanya dilo fa go tla mo ditirong tsa morago ga sekolo. Mosetsanyana yo o bidiwang Cathy yo o kileng a bo a tshameka le setlhopha sa sekolo sa softball a re: “Morago ga ikatiso, ke ne ke a bo ke lapile fela thata mo ke neng ke sa kgone go dira sepe. Seno se ne sa ama tiro ya me ya sekolo. Jalo ke ne ka seka ka ikwadisa monongwaga.”

Gape go na le dikotsi tsa semoya. Monna mongwe wa Mokeresete o bolela jaana fa a gakologelwa dingwaga tsa gagwe tsa bosha: “Ke ne ke akanya gore ke ne ke ka dumalanya ditiro tse tharo: eleng tiro ya sekolo, go ikatisa le setlhopha sa batabogi, le ditiro tsa semoya. Mme botshelo jwa me jwa semoya bo ne bo sokola nako le nako fa ditiro tse tharo tseno di thulana.”

Themon yo mmotlana, yo o neng a tseneletse mo ditlhopheng tse pedi tsa batshameki kwa sekolong, o dumalana jaana: “Ke ne ke sa kgone go nna teng kwa dipokanong kwa Holong [ya Bogosi go ya go bona tao ya semoya] ka gonne re ne re a bo re dule mo toropong ka Labobedi, re dule mo toropong ka Labone, re dule mo toropong ka Matlhatso mme re seke re boe go fitlhela ka nako ya bobedi mo mosong.” Lemororo “go tshikinya mmele go [le] molemō mokutshane,” go botlhokwa go gakologelwa gore “poihōmodimo e molemō kaga dilō cotlhe.”—1 Timotheo 4:8.

Gape, akanya kafa o ka senyang boitsholo jwa gago ka gone. A o tla bo o kopanela le ditsala tse di molemo tseo di tla go tlhotlheletsang go dira boitsholo jo bo molemo? Lo tla bo lo buisana ka eng? A tlhotlheletso ya balekane ba gago ba setlhopha kana maloko a lekoko ga e na go go ama ka mo go sa siamang? “Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè,” go bolela jalo 1 Bakorintha 15:33.

Ka mo go kgatlhisang, basha ba le bantsi ba Basupi ba ga Jehofa ba itlhophetse go dirisa nako ya bone ya morago ga sekolo mo sengweng seo se nang le mosola fela thata go na le metshameko: eleng go thusa ba bangwe go itse kaga Mmopi. Bakolosa 4:5 e gakolola jaana: “Ba ba ka kwa ntlè lo ba tsamaèlè ka botlhale, lo nntse lo shwèla lobaka molemō.”

[Ditshwantsho mo go tsebe 143]

Gantsi baithuti ba duelela mekgwa ya bone ya go ithuta ka go latlhelela fela . . . ka go retelelwa ke ditlhatlhobo

[Ditshwantsho mo go tsebe 146]

Go lekalekanya ditiro tsa morago ga sekolo le tiro ya sekolo e e dirwang kwa gae ga se selo se se motlhofo

[Setshwantsho mo go tsebe 148]

Ka mo go tlhoma-misegang batsadi ba tla kgopisiwa ke pego ya gago e e sa itumediseng. Mme fa o ikutlwa gore ba lebelela gore o dire mo gontsintsi thata, buisana le bone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela