Kgaolo 22
Ke Tshwanetse go Tlhopha Tiro Efe mo Botshelong?
‘KE TLA dirang mo botshelong jwa me jo bo setseng?’ Go ise go ye kae o tlile go thulana le potso eno e e gwetlhang. O tla tlelwa ke dilo tse di farologaneng tse di tlhomaganeng tseo o tshwanetseng go kgetha mo go tsone—bongaka, kgwebo, botaki, thutego, boitseanape jwa dikhomputara, boenjenere, le ditiro tsa diatla. Mme o ka nna wa ikutlwa jaaka mosha mongwe yo o kileng a re: “Ke akanya gore katlego . . . ke go nna o tshela botshelo jwa manobonobo joo o goletseng mo go jone.” Kana jaaka ba bangwe, o ka nna wa ijesa dijo tsa ditoro ka gore o tla tokafatsa seemo sa gago sa madi mo botshelong.
A mme go na le katlego nngwe kwantle ga go nna le dilo tse di bonalang? A tiro nngwe ya boitshediso e ka go naya kgotsofalo ya mmatota?
‘Go ne go Sena Mosola’
Ke selo se se phatsimang, se se kgatlhisang, se se humisang! Ke ka tsela eo dibaesekopo, di-TV, le dibuka gantsi di tshwantshang ditiro tsa boitshediso ka gone. Mme batho bao ba gwalalelang ditiro tsa boitshediso gantsi ba tshwanetse go gaisana le ba bangwe ka kgaisano e eketeng ke ya botshelo le loso go bona maemo, e le gore ba tle ba bone maemo a seo go tweng ke katlego. Dr. Douglas LaBier o bolela kafa bagodi bangwe ba babotlana, bao bontsi jwa bone ba “dirang ditiro tse di sa ba neyeng nako, tsa boranyane jo bo kwa godimo, ba begang ba na le maikutlo a go sa kgotsofale, a tlhodiego, a go nna pelo e botlhoko, a go nna lolea, le a go nna le dipelaelo gammogo le ditlhabi tsa mefuta yotlhe mo mmeleng.”
Bogologolo, Kgosi Solomone o ne a bontsha bosenang mosola jwa gore motho a atlege ka tsela ya selefatshe fela. Ka go bo a ne a na le dikhumo tse di senang selekanyo, Solomone o ne a dira ditiro tse dintsi tse di gakgamatsang. (Bala Moreri 2:4-10.) Lefa go le jalo, Solomone o ne a digela ka go re: “Hoñ ka leba ditihō cotlhe tse diatla tsa me di di dihileñ, le letsapa ye ke ne ke ineile letsapa ya go le diha: me bōnañ, gotlhe e ne e le boithamakō [“Ka lemoga gore go ne go sena mosola ope,” Today’s English Version] le go belebetlèla phehō hèla.”—Moreri 2:11.
Tiro e ka nna ya leretse motho khumo le tlotlego, mme ga e kake ya kgotsofatsa ‘ditlhokafalo tsa semoya’ tsa motho. (Mathaio 5:3) Ka gone batho bao ba tlhomileng matshelo a bone mo go atlegeng mo go tsa boitshediso fela ga ba bone kgotsofalo epe.
Tiro Eo E Kgotsofatsang
Kgosi Solomone o gakolola jaana: “Bokhutlō yoa mahoko ke yo; go utlwilwe gotlhe: Boiha Modimo, u bo u tshegetsè ditaolō tsa ōna; gonne mo ke chwanèlō eotlhe ea motho.” (Moreri 12:13) Selo se segolo se Bakeresete ba tshwanetseng go se dira gompieno ke go rera molaetsa wa Bogosi. (Mathaio 24:14) Mme basha bao ba tsayang dilo tseo ba tshwanetseng go di dira fa pele ga Modimo ka masisi ba ikutlwa ba patelesega go tsaya karolo ka botlalo mo tirong eno ka mo ba ka kgonang ka gone—le eleng fa bone ka tlholego ba sa rate go rera. (Bapisa 2 Bakorintha 5:14.) Go na le go lelekisa ditiro tsa boitshediso tsa letsatsi lotlhe, diketekete tsa basha di ikgethetse go direla jaaka baefangele ba nako e e tletseng ba babulatsela. Ba bangwe ba direla jaaka barongwa mo mafatsheng a sele kana mo diofising tsa makala a Mokgatlho wa Watch Tower.
Emily, yo o neng a tlogela tiro ya bokwaledi gore a nne mmulatsela, a re: “Ke ne ka tlhagolela lorato lo logolo mo tirong eno.” Ee, bodihedi jwa nako e e tletseng ke tiro e e kgotsofatsang eleruri, e e kgatlhisang go feta epe fela eo o ka e akanyang! Mme ke tshiamelo efe e kgolo e motho a ka nnang nayo go na le go nna mongwe wa “badihi mmōgō le Modimo”?—1 Bakorintha 3:9.
Thutego ya Unibesithi—A e Na le Mosola?
Bontsi jwa badihedi ba babulatsela ba itshedisa ka go dira tiro eo ba e berekang mo sephatlong sa letsatsi fela. Mme go tweng fa moragonyana o tshwanela go tlamela balelapa la gago? Eleruri ga go na motho ope yo o ka ikotlhaelang go bo a ne a senya dingwaga tsa gagwe tsa bosha a direla Modimo! Lefa go le jalo, a go tla bo go sa utlwale fa mosha a simolola ka go nna le thutego ya unibesithi mme gongwe moragonyana a tsenelele mo bodiheding?
Legale, Bibela ga e tlhalose ka botlalo gore mosha wa Mokeresete o tshwanetse go senya dingwaga di le kae mo sekolong. Le gone ga e kgale thutego. Jehofa, ebong ‘Morutisi yo Mogolo,’ o kgothaletsa batho ba gagwe go bala sentle le go itlhalosa ka phepafalo. (Isaia 30:20; Pesalema 1:2; Bahebera 5:12) Mo godimo ga moo, thutego e ka atolosa go tlhaloganya ga rona batho le lefatshe leo re tshelang mo go lone.
Lefa go ntse jalo, a ka metlha go na le mosola wa go senya nako e ntsi le madi a mantsi tseo motho a di tlhokang go nna le thutego ya unibesithi?a Lemororo dipalo di bontsha gore baalogi ba unibesithi ba amogela madi a a kwa godimo le gore ga ba tlhoke tiro ba le bantsi jaaka baalogi ba sekolo se segolwane, buka Planning Your College Education e re gakolola gore dipalo tseno ke tsa palogare fela. Ke baalogi ba unibesithi ba le palo e potlana fela bao tota ba amogelang madi a a kwa godimo; ba bangwe ba amogela a go sa kakeng ga twe a lekanetse ka gope. Mo godimo ga moo, gape baalogi ba unibesithi ba ka tswa ba amogela madi a a kwa godimo e le ka baka la mabaka a a tshwanang le “bokgoni jo bo sa tlwaelesegang, boitlhomo, dipaka tsa go bona tiro ka baka la lefelo le motho a nnang mo go lone, . . . botlhale jo bo kgethegileng”—e se fela ka baka la thutego ya bone.
“Go nna le thutego e e kwa godimo [ya unibesithi] ga go sa tlhole go kaya gore motho o tla atlega mo go boneng tiro,” go bolela jalo U.S. Department of Labor. “Palo-tekanyetso [ya baalogi ba unibesithi] bao ba hiretsweng ditiro tsa barutelwa-ditiro, tsa boitseanape, le tsa bookamedi . . . e ne ya fokotsega ka baka la gore ditiro tseno di ne tsa seka tsa oketsega go lepalepana le baalogi bao ba oketsegang. Ka baka leo, mo e ka nnang moalogi a le 1 [wa unibesithi] mo go ba le 5 bao ba neng ba bona ditiro magareng a 1970 le 1984 ba ne ba hirelwa tiro eo gantsi e neng e sa tlhoke motho yo o nang le thutego ya unibesithi. Go feta selekanyo mono ga baalogi go ka nna ga tswelela le mo dingwageng tsa bogare jwa 1990.”
Mabaka a a Tshwanetseng go Akanyediwa
Go nna le thutego ya unibesithi go ka nna kana ga seka ga go tlhofofaletsa go bona tiro. Mme go na le lebaka le lengwe le le se kakeng la ganediwa la gore: “Lobaka lo khutshahetse”! (1 Bakorintha 7:29) A go senya dingwaga tse nne kana tse di oketsegileng mo unibesithing ka mesola yotlhe e go akanngwang gore go na nayo, ke tsela e e molemo ya go dirisa nako e e setseng?—Baefesia 5:16.
A thutego ya unibesithi e tla go kgothaletsa kana e go tlogedisa mekgele ya gago ya semoya? Gakologelwa, go amogela madi a a kwa godimo ga se selo sa botlhokwa mo Mokereseteng. (1 Timotheo 6:7, 8) Lefa go le jalo, patlisiso nngwe ya badiri ba diunibesithi tsa U.S. e tlhalosa baithuti ba gompieno jaaka ba ba ‘ratang tiro, ba ba tshwenyegileng ka katlego ya dilo tse di bonalang, gape ba tshwenyegile ka bobone.’ Setlhopha sengwe sa basha se ne sa re: “Madi. Go lebega sengwe le sengwe seo re buang ka sone e le kaga madi.” Go tsenelela thata mo bathong bao ba leng mo kgaisanong e kgolo ba bile ba rata dilo tse di bonalang ka bogagapa go ka re ama jang?
Diunibesithi di ka nna tsa tswa di sena botsuolodi jaaka ka bo-1960. Mme ga go reye gore go kokobela ga botsenwa mo diunibesithing go kaya gore tikologo ya kwa mannong a batsena-unibesithi jaanong ke e e siameng. Patlisiso nngwe ya botshelo jwa batsena-unibesithi e ne ya konela jaana: “Baithuti ba santse ba na le kgololesego e e senang selekanyo mo dilong tsa botho le tsa loago.” Go dirisiwa diokobatsi le bojalwa fela ka kgololesego, mme boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelo-dikobo jwa mofuta mongwe le mongwe ke tshwanelo—eseng selo sa boikgethelo. Fa seno se le boammaaruri ka diunibesithi tsa lefatshe la gaeno, a go nna koo go ka kgoreletsa boiteko jwa gago jwa go nna o le phepa mo boitsholong?—1 Bakorintha 6:18.
Selo se sengwe se se tshwenyang ke gore go supegile sentle fa go tlhotlheletsega ga motho go nna le thutego e e kwa godimo go tsamaisana le go nyahala ga gagwe “mo go diriseng melao-metheo ya bodumedi.” (The Sacred in a Secular Age) Ka go bo basha bangwe ba Bakeresete ba ne ba na le kgatelelo ya go nna le maduo a a kwa godimo ka metlha ba ile ba tlhokomologa ditiro tsa semoya mme ka gone ga nna motlhofo gore ba raelesege go nna le dikakanyo tsa selefatshe tseo di rotloediwang ke diunibesithi. Ba bangwe ba ile ba latlhegelwa ke tumelo ya bone.—Bakolosa 2:8.
Seo se ka Dirwang mo Boemong jwa Thutego ya Unibesithi
Ponong ya mabaka ano, basha ba le bantsi ba Bakeresete ba ile ba fetsa ka gore ba seka ba nna le thutego ya unibesithi. Ba le bantsi ba fitlhetse gore thapiso eo e neelwang mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa—segolo bogolo Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo sa beke le beke—e ba thusitse fela thata mo go boneng tiro. Lemororo ba sena thutego ya unibesithi, basha ba go nna jalo ba ithuta go itsetsepela, go itlhalosa ka botswerere, le go kgona ka botlalo go sikara maikarabelo. Mo godimo ga moo, ba bangwe fa ba le mo sekolong se segolwane, ba dira dithuto tsa go ithuta go kwala ka motšhini, go rulaganyetsa tiriso ya khomputara, go baakanya dikoloi, go bereka mo madirelong a metšhini, jalo le jalo. Bokgoni jwa go nna jalo bo ka ba thusa go bona tiro ya sephatlo sa letsatsi fela mme gantsi batho ba le bantsi ba batla go ba hira. Lemororo basha ba le bantsi ba ila ‘go dira ka diatla tsa bone,’ Bibela e tlotla batho bao ba dirang ‘tiro ya bonatla.’ (Baefesia 4:28; bapisa Diane 22:29.) Ebu, Jesu Keresete ka boene o ne a ithuta tiro ya diatla ka botswerere fela thata mo a bileng a ne a bidiwa “mmetli oa dikgoñ”!—Mareko 6:3.
Ke boammaaruri gore, mo mafatsheng a mangwe baalogi ba unibesithi ba tsere ditiro tsotlhe mo eleng gore go bokete go bona le eleng ditiro tse di tlwaelesegileng fela kwantle ga gore motho a bo a okeditse thutego ya gagwe ka go ithapisetsa tiro nngwe. Mme gantsi go na le dithulaganyo tsa go ithutela tiro o ntse o bereka, dikolo tsa tiro ya diatla kana tsa boitseanape, le dithuto tsa unibesithi tse di sa tseyeng nako e telele tseo di rutelang bokgoni jo o ka bonang tiro ka jone kwantle ga go bo o sentse nako e telele le madi a mantsi. Gape, le ka motlha o seka wa lebala gore go na le lebaka lengwe leo le sa tseweng tsia mo dikgannyeng tsa ditiro: eleng gore Modimo o solofetsa go tlamela bao dikgatlhego tsa semoya eleng selo se segolo mo botshelong jwa bone.—Mathaio 6:33.
Ditebelelo tsa go bona tiro le ditsamaiso tsa thuto di a farologana mo mafelong mangwe le mangwe. Basha ba na le dikgono tse di farologaneng le ditshekamelo. Mme lefa go hakelwa gore o ka solegelwa molemo fa o dira bodihedi jwa Bokeresete, e santse e le selo se motho a se ikgethelang ka boene. Wena le batsadi ba gago lo tshwanetse go sekaseka mabaka otlhe ka kelotlhoko ao a kopanyelediwang fa lo akanyetsa gore o siametswe ke thutego e e kana kang. ‘Mongwe le mongwe o tshwanetse go sikara morwalo wa gagwe’ fa a dira diphetso tsa go nna jalo.—Bagalatia 6:5.
Ka sekai, fa batsadi ba gago ba gatelela gore o tshwanetse go ya unibesithing, ga go na sepe se o ka se dirang fa e se go ba utlwa fa fela o santse o laolwa ke bone.b (Baefesia 6:1-3) Gongwe o ka tswelela ka go nna kwa gae mme wa tila go tsenwa ke moya wa bana ba unibesithi. Ka sekai kgetha dithuto tsa gago ka kelotlhoko, o remeletse thata mo go ithuteng bokgoni jwa ditiro go na le matlhajana a selefatshe. Elatlhoko ditsala tsa gago. (1 Bakorintha 15:33) Ipoloke o nonofile semoyeng ka go nna gone kwa dipokanong, mo tirelong ya tshimo, le mo thutong ya botho. Basha bangwe bao ba ileng ba patelesega go ya unibesithing ba bile ba bo ba kgona go bula tsela ka go kgetha dithuto tsa dithulaganyo tseo di neng di ba kgonisa go dira jalo.
Kgetha tiro e o tla e dirang mo botshelong ka kelotlhoko le ka thapelo, e le gore go tle go seka ga itumedisa wena fela mme gape go go kgonise go ‘ipolokela mahumo kwa legodimong.’—Mathaio 6:20.
[Dintlha e e kwa tlase]
a Mo Afrika Borwa, dituelelo tsa unibesithi di feta R10 000 ka ngwaga! Gantsi go tsaya baithuti dingwaga tse dintsi go duelela sekoloto sa bone.
b Go ka nna ga tswa go sa tlhokafale gore o nne le thuto ya unibesithi ya dingwaga tse nne e le gore o kgotsofatse batsadi ba gago. Ka sekai, mo Afrika Borwa, motho yo o nang le thutego ya dipoloma, o amogelwa ke bahiri mo ditirong di le dintsi tsa barutelwa-ditiro le ditirelo tse di tshwanang mme motho o ka nna nayo mo dingwageng tse pedi fela.
Dipotso tsa Puisano Kgaolo 22
◻ Ke ka ntlhayang fa gantsi ditiro tsa selefatshe di palelwa ke go itumedisa motho?
◻ Ke ka ntlhayang fa basha botlhe ba ba boifang Modimo ba tshwanetse go akanyetsa mokgele wa bodihedi jwa nako e e tletseng?
◻ Mesola mengwe eo go bolelwang motho a ka e bona fa a na le thutego e e kwa godimo ke efe, a mme ka metlha dipolelo tseno di boammaaruri?
◻ Thuto ya unibesithi e ka nna ya nna diphatsa jang?
◻ Ke dilo dife kwantle ga thutego ya unibesithi tseo mosha a ka nnang a di akanyetsa?
[Mafoko a a mo go tsebe 175]
Tiro e ka nna ya go leretse khumo le tlotlo, mme ga e kake ya kgotsofatsa ‘ditlhokafalo tsa semoya’ tsa motho
[Mafoko a a mo go tsebe 177]
“Go nna le thutego e e kwa godimo [ya unibesithi] ga go sa tlhole go kaya gore motho o tla atlega mo go boneng tiro”