Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke Ka Ipaakanyetsa Jang Tiro ya Boitshediso?
“KE IKUTLWA ke tshogile ebile ke itumetse thata!” Go ne ga bolela jalo Maureen yo o nang le dingwaga di le 16 ka nako ya fa a ne a bodiwa gore o ne a ikutlwa jang fa a akanya ka letsatsi la fa a tla bo a batla tiro ya boitshediso. Ke ga tlholego fela gore bobotlana o ikutlwe o garoga pelo fa o akanya ka go batla tiro ya boitshediso—le eleng lefa o itse sentle kafa e gwetlhang ka teng. René yo mmotlana o ne a bolela jaana pele fela ga fa a fetsa sekolo: “Morago ga dingwaga di le 12 tsa go sikarisiwa morwalo wa go tsena sekolo, tiro e tla bo e le selo se se ipedisang fela thata.”
E ka ne maikutlo a gago e le afe, ga go na pelaelo epe gore letsatsi lengwe o tla bona tiro eo mo go yone o tla bong o dira jaaka mongwe wa badiri bao ba thapelwang go dira tiro ya mofuta mongwe le mongwe. O ka ipaakanyetsa jang letsatsi leo? Go tsena sekolo go go naya tshono ya gore o nne le mekgwa e mentle, e e ntseng jaaka go goroga ka nako. Mo godimo ga moo, basha bao ba santseng ba tsena sekolo ba ka nna ba nna le maitemogelo ka go dira ditiro tseo e seng tsa letsatsi lotlhe. Lefa go ntse jalo, gore o ipaakanyetse tiro ya boitshediso sentle, go botlhokwa thata gore o akanye ka masisi kaga dithuto tseo o di tlhophang kwa sekolong.
Go Leba Tiro ka Tsela E E Lekalekaneng
Sa ntlha, o tshwanetse gore o sekaseke gore tota ke eng se o batlang go se fitlhelela ka go bereka. Basha bangwe ga ba akanye sepe kaga gore ba tlile go bona madi a a kana kang. Gone ke boammaaruri gore “madi ke phemèlō” ebile a botlhokwa mo botshelong. (Moreri 7:12) Mme lefa go ntse jalo Bibela e boammaaruri fa e bolela gore “botshèlō yoa motho ga boa èma mo letlotloñ ya dithoto tse o nañ nacō.” (Luke 12:15) Mo bukeng e e reng Yes—I Can! e e kwadilweng ke Barkai, bakwadi ebong Barkai le Yeo ba gakolola jaana: ‘O se ka wa wela mo seraing sa go batla fela go boelwa ke madi a le mantsi.’ Ba oketsa jaana: “Go kgotsofadiwa ke tiro ke selo se se botlhokwa fela gore motho a tle a itumele mo isagweng.” Ka gone Paulo yo o nang le dingwaga di le somesupa o ne a bontsha tekatekano fa a ne a bolela jaana: “Ke tla rata fela gore ke amogele madi a a lekaneng mme ke ipelela seo ke se dirang.”
Lefa go ntse jalo, fa e le gore o Mokeresete, go santse go na le dilo tse dingwe tseo o ka akanyang ka tsone. Tota le eleng mofuta wa tiro eo e ipedisang go di gaisa tsotlhe, e e kgatlhisang ga e ka ke ya go naya selo se o se tlhokang semoyeng. O tshwanetse wa gakologelwa gore “chwanèlō eotlhe ea motho” ke go “boiha Modimo, u bo u tshegetsè ditaolō tsa ōna.” (Moreri 12:13) Ereka taolo ya Modimo mo Bakereseteng e le go “diha barutwa,” Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba babotlana ba rulaganyetsa mekgele ya botshelo jotlhe ya go dira jaaka babulatsela, kana bareri ba nako e e tletseng. (Mathaio 28:19, 20) Mosetsana mongwe wa mo Afrika Borwa yo o bidiwang Shulamite o dirile fela jalo. Ebile o bolela gore seno se mo tlisetsa “kgotsofalo e e seng kana ka sepe ya go thusa mo go neyeng batho dilo tsa semoya tseo ba di tlhokang.”
Gongwe le wena o eletsa go nna le seabe mo bodiheding jwa nako e e tletseng. Mme lefa go ntse jalo, go ka nna ga diragala gore o tshwanelwe ke go bereka gore o itlamele. O ka nna wa tshwanelwa le eleng ke gore letsatsi lengwe o tlamele lelapa. Kafa letlhakoreng le lengwe, maemo a ka nna a se ka a go letla gore o nne mmulatsela, ebile o ka nna wa tshwanelwa ke go batla tiro ya letsatsi lotlhe. Lefa go ntse jalo, a o ne o se kitla o batla go bona tiro e e neng e ka go letla gore o nne le seabe ka botlalo ka mo go neng go ka kgonega ka gone mo go direleng Modimo? Dilo di le dintsi di tla ikaega ka gore ke dithuto dife tseo o di tlhophang kwa sekolong.
Tlhopha Dithuto Tse Di Siameng
Kwa dinageng dingwe mosha a ka nna a tlhopha fa gare ga thuto e e kwa godimo, thuto ya kgwebo, ya botaki, le thuto ya tiro ya diatla. Gantsi go botlhale go sekaseka gore ke mefuta efe ya tiro eo e leng gone mo lefelong leo o nnang mo go lone. Ebile gape, o ka nna wa sekaseka go bona gore ke dilo dife tseo o kgonang go di dira sentle ka botswerere le gore ke dilo dife tse o di kgatlhegelang. O ka dira seno jang? Ka go kwala lenaane la dilo tsotlhe tseo o di kgatlhegelang kana tseo o di kgonang. A ke thuto ya dipalo? Saense ya khomputara? Go thula dikoloi? Akaretsa le ditiro tse o di dirang fela go intsha bodutu fela mmogo le dilo tse dingwe tseo o di kgatlhegelang eseng go le kalo. Seno se tla go naya bobotlana lesedinyana la go bona gore ke tiro ya mofuta ofe eo e ka go tshwanelang go di gaisa tsotlhe le gore ke dithuto tsa mofuta ofe tseo di ka go thibelang go bona tiro eo. Gape, go buisana le batsadi ba gago kana le bagolo ba bangwe ba ba nang le maitemogelo go ka nna ga go thusa gore o sekaseke go bona gore ke dilo dife tseo o kgonang go di dira ka botswerere le gore totatota ke dilo dife tse o di ratang.—Bapisa Diane 15:22.
Ka sekai, a o motho yo o botsalano? He gongwe o ne o tla batla go akanyetsa ka ga go tlhopha dithuto tseo di neng di tla dira gore o bone tiro mo marekisetsong kana mo ditirong tse dingwe tseo di neng di tla go tlhoka gore o dirisane gaufi thata le batho ba bangwe. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa e le gore o setswerere sa go bereka ka diatla, o ka nna wa batla go akanyetsa kaga go tlhopha thuto ya tiro ya diatla. Lefa go ntse jalo, baefangele ba le bantsi ba nako e e tletseng ba itlamela ka ditiro tsa diatla tse ba neng ba simolola go di ithutela kwa sekolong se segolo (sa bogareng). Bangwe ba bone tiro eo e seng ya letsatsi lotlhe moo go agiwang gone, koo go baakangwang dilo tsa motlakase gone, koo go betliwang ka logong gone, ba bopa dilwana kwa gae ba bo ba di rekisa, koo go dirwang tiro ya botlanyi gone, kana tiro ya bokwaledi.
Mosadi yo mmotlana ebong Damaris yo o tswang kwa Colombia e leng kwa South America, o ne a solegelwa molemo fela thata ke go tlhopha tiro ya botlanyi le ya go berekana le diakhaoto tsa kgwebo. O ne a bona tiro eo e seng ya letsatsi lotlhe ya bokwaledi eo e neng ya tshegetsa mokgele wa gagwe wa botshelo jotlhe wa boefangele. Bakeresete bangwe ba ne ba itlamela ka dilo tseo ba di tlhokang ka go dira tiro ya go phepafatsa, ya go dira mo ditshingwaneng, le tse dingwe.
Ka Nako ya Fa go Sena Dithuto Tse Dingwe Tseo O Ka Di Tlhophang
Lefa go ntse jalo, ga se dikolo tsotlhe tseo di ka kgonang go go thapisetsa tiro ka tsela e e lekaneng; dingwe ebile ga di kgone go ruta barutwana bao ba tsenang mo go tsone ditsela tsa motheo tsa go kgona go bala le go kwala sentle. Mo mafelong a a rileng motho a ka tlhoka gore a ithute sengwe gape gore a kgone go bona mofuta ope fela wa tiro. Kafa tlase ga maemo a a ntseng jalo, o ka nna wa batlisisa go bona gore a mo lefelong leo o nnang mo go lone a go na le dithulaganyo tsa gore o ka kgona go bona tiro e o tla thapisiwang o ntse o dira. Selo se sengwe gape se o ka se tlhophang ke thuto ya sekolo eo e tsayang lobaka lo lokhutshwane eo e rutiwang motho gore a nne le botswerere jwa go bereka ka diatla tsa gagwe eo e ka dirang gore a kgone go bona tiro. Se se kgatlhang ke gore bangwe ba tlhophile thuto e e ntseng jalo mo godimo ga tiro ya bone jaaka baefangele ba nako e e tletseng.
Basha ba kwa dinageng tse di tlhabologang ba ka nna ba fitlhela gore ke dithuto di sekae fela tsa sekolo tseo ba ka di tlhophang le gore go na le dikolo di sekae fela tseo ba tlhophang go tsena kwa go tsone. Katiti ebong lekawana go tswa kwa motseselegaeng o o kafa borwa jwa Afrika, o ne a sena sepe seo a neng a ka se tlhopha fa e se go ithuta puo ya Selatine, dipalo, le physical science, le eleng lefa dithuto tse di ntseng jalo di ne di sena mosola o o kalokalo ka nako ya fa a ne a batla tiro mo lefelong leo a neng a nna mo go lone. Lefa go ntse jalo, Katiti o ne a kgona go bona tiro. Jang? Ka go dirisa botswerere jo a neng a na najo go dira dilo tseo di neng di tlhokega mo lefelong leo. Ka nako ya fa Katiti a ne a tlogela sekolo, o ne a itlamela ka go lema merogo le go e rekisa, ka go loga dikhafo le dikepisi tsa boboya a bo a di rekisa, le eleng le ka go rekisa melemo e o sa tlhokeng tetla ya ngaka pele go e bona, a di rekisa kwa metseng ya kwa gae. Ka ntlha ya go bo a ne a ithutile ditsela tse di molemo thata tse di tlhokegang tsa go buisana le batho ba bangwe, o ne a kgona go atlega go dira ditiro tseno tse di farologaneng tse di kgatlhang.
Buka ya Choosing Your Career and Your Higher Education e bolela gore botswerere jwa “go buisana le ba bangwe, jwa go tlhaloganya le go tlhaloganngwa bo botlhokwa fela thata” kwa tirong. Ditiro di le dintsi, e ka ne e le tsa go bereka ka diatla, tsa kgwebo, kana tsa thuto e e kwa godimo, ke tseo di tlhokang gore motho a bo a kgona go buisana le ba bangwe ka botswerere. Ka gone le eleng lefa sekolo seo o se tsenang se sena thuto e e kgethegileng e e amanang le tiro, dira ka natla gore o nne setswerere mo go kwaleng, mo go bueng, le mo go reetseng. Tsela eo o dirang gore motho yo o ka nnang a go thapa mo isagweng a akanye ka yone e tla ikaega segolo thata ka tsela e o kgonang go buisana le ba bangwe ka yone ka botswerere; ga go na pelaelo epe gore tsela eno ke yone e e tla dirang gore o kgone go bona tiro eo o e batlang. Mo Basuping ba ga Jehofa, basha ba le bantsi ba tokafaditse tsela ya bone eo ba buisanang le ba bangwe ka yone ka go nna le seabe mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo mo phuthegong ya Bokeresete.
Go Ithontsha Dilo Tse Dingwe
Buka ya Your Child At School e akgela jaana: “Ga re a dirwa ka tsela e e tshwanang rotlhe.” Basha bangwe ba rata tiro ya diatla fela thata, fa ba bangwe bone ba rata thuto e e kwa godimo thata. Lefa go ntse jalo, ba bangwe ba abetswe dineo le botswerere jwa go opela, go dira tiro ya botaki, kana go thuba lobelo. Selo se sengwe gape ke go itlamela jaaka motho yo o takang dilo a bo a di rekisa, kana jaaka morutisi wa mmino, mme lefa go ntse jalo go gagamalela khumo le go batla go itsege thata mo ditirong tse di ntseng jalo go ka gobatsa Mokeresete semoyeng. Mo godimo ga moo, ereka ditiro tse di ntseng jalo di ka nna tsa dira gore o se ka wa nna le nako e e lekaneng ya go dira ditiro tsa Bokeresete tse di jaaka go nna gone kwa dipokanong le go nna le seabe mo tirong ya go rera, a go ne go tla bo go le botlhale go senya dingwaga di le dintsi o bapala thuto e e kwa godimo le go tlhagolela botswerere jo bo tlhokegang fela gore o di kgone?—1 Bakorintha 7:29.
Mosupi yo mmotlana yo o bidiwang Philip o ne a leka go gagamalela mokgele wa botshelo jotlhe wa go tshameka thenese e le mokgele o go bonalang o ne o tla mo solegela molemo eletota. “Kgabagare,” go bolela jalo Philip, “ke ne ka tshwanela ke gore ke tlhophe fa gare ga Bokeresete le motshameko wa thenese. Tota go ne go sena nako e e lekaneng ya gore ke dire ditiro tse pedi tseno ka botlalo. Ke ne ka swetsa ka gore ke tlogele go tshameka thenese, lemororo go ne go se motlhofo ka nako eo, ga ke ise ke bo ke tsamaye ke ikwatlhaele go bo ke ne ka dira jalo.”
Moaposetoloi Paulo o ne a dira tshwetso e e tshwanang le eo. Lefa e ne e le serutegi tota mo go tsa molao, o ne a tlhopha go gagamalela bodihedi jwa Bokeresete, a itlamela ka tiro ya diatla ya go dira ditente. (Ditihō 18:3; 22:3) Mme lefa go ntse jalo Paulo ga a ka a ikwatlhaya malebana le seo a ileng a se tlhopha. O ne a bolela jaana: “Dilō tse di neñ di le thushō mo go nna, ke cōna tse ke di kaileñ ha di ntatlhegetse ka ntlha ea ga Keresete. . . . Ke latlhegecwe ke dilō cotlhe ka ntlha ea gagwè, mme ke di kaea malele hèla, gore ke tlè ke bōnè Keresete.”—Bafilipi 3:7, 8.
Gongwe le wena o tla tlhotlheletsega gore o tlhophe dilo tse di tshwanang le tseno. Go na le gore o batle thuto e e kwa godimo, go nna setswerere mo mminong, mo tirong ya botaki, o ka nna wa swetsa ka gore o tlhagolele go nna setswerere mo dilong tsa semoya. Seno se ka nna sa kaya go ithuta tiro nngwe ya diatla kana mofuta mongwe wa tiro oo batho ba le bantsi ba o lebang jaaka tiro e e sa itumediseng. Ka dinako tse dingwe mosha a ka nna a ithuta tiro ya diatla ka go bereka mmogo le batsadi ba gagwe, gongwe a ithuta go betla ka logong, go tsenya diphaephe, kana tiro nngwe fela ya diatla e e ntseng jalo.
Ekane e le tshwetso efe e o e tsayang malebana le seno, akanya ka isagwe ya gago. Tlhopha dithuto tsa gago tsa sekolo ka botlhale le gone ka kelotlhoko. Ka thuso ya Modimo, o tla bo o siametse tiro ya boitshediso ka botlalo!
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Ba le bantsi ba itlamela ka go dirisa dithuto tse ba di ithutileng kwa sekolong