LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/97 ts. 2
  • Iponele Molemo o Mogolo mo Sekolong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Iponele Molemo o Mogolo mo Sekolong
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Ke Tshwanetse go Tlogela Sekolo?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Thuto E E Nang le Boikaelelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Thuto ya Sekolo le Mekgele ya Gago ya Semoya
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • A ke Tshwanetse go Tlogela Sekolo?
    Tsogang!—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 8/97 ts. 2

Iponele Molemo o Mogolo mo Sekolong

1 Jaaka fa ngwaga o tsweletse, basha ba tla tshwanelwa ke go dira ditshwetso dingwe malebana le seo ba tla se dirang kwa sekolong. Le fa gone go ka nna le dikgwetlho le ditlhobaelo dingwe tse di amanang le go tsena sekolo, gape go na le mesola e le mentsi e batho ba basha ba ba dirang ka natla gore ba iponele molemo o mogolo mo dithutong tsa bone ba ka nnang le yone.

2 Thutego e e molemo ya motheo e ka thusa motho go gatela pele mo semoyeng. Se motho a se dirang fa a sa ntse a le mosha se ama thata se a tla kgonang go se dira fa a setse a godile. Le e leng mo kgannyeng ya sekolo, “lefa e le eng se motho o se jalang, seno gape o tla se roba.” (Bagal. 6:7) Basha ba ba ithutang ka natla mo dithutong tsa bone tsa sekolo ba nna le dikgono tse di tla ba dirang gore ba dirisiwe thata ke Jehofa.

3 Go tlhokega gore motho a akanye sentle pele gore a tlhophe dithuto tse di siameng kwa sekolong. Batsadi ba tshwanetse go thusa bana ba bone go tlhopha dithuto tse di tla ba kgontshang go thapisega ka tsela e e molemo thata gore ba tle ba fitlhelele mekgele ya semoya mo matshelong a bone. Ka go tokafatsa dikgono tsa bone, basha ba tla kgona go itlamela ka dilo tse ba di tlhokang mo tirong ya bone ya bobulatsela. Thutego ya bone ya motheo e tshwanetse go ba thusa go galaletsa Jehofa go sa kgathalesege gore ba direla kae.

4 Basha, lekang go iponela molemo o mogolo mo dithutong tsa lona. Fa lo ntse lo dira jalo, tlhomang mogopolo mo go tsheleng botshelo jo bo tletseng mo tirelong e e boitshepo go na le go latelela thutego ya lefatshe. Lekang go dirisa matshelo a lona lo dira thato ya ga Jehofa. Ka go dira jalo, lo tla segofala mo ditseleng tsa lona, lo galaletsa Jehofa.—Pes. 1:3.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela