Thuto ya Sekolo le Mekgele ya Gago ya Semoya
1 Go bona thutego e e siameng ya motheo fa o le mosha go ka dira gore o nne le bokgoni jo bo tlhokegang jwa go itse go bala le go kwala sentle le go tlhaloganya thutafatshe, hisitori, mathematiki le saense. Ka go dira jalo, o ka ithuta tsela ya go akanya sentle, go sekaseka mabaka, go rarabolola mathata le go nna le dikgopolo tse di mosola. Thuto e e ntseng jalo e tla go solegela molemo mo botshelong jotlhe jwa gago. Thuto ya gago ya sekolo e ka amana jang le mekgele ya gago ya semoya mo botshelong mme ya go thusa go nna le “botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya”?—Dia. 3:21, 22, NW.
2 Nna Mosola mo Tirelong ya Modimo: Fa o sa ntse o tsena sekolo, reetsa ka kelotlhoko mo tlelaseng mme o dire tiro ya gago ya sekolo e e direlwang kwa gae sentle. Fa o bala ka thelelo e bile o na le mekgwa e mentle ya go ithuta, go ka nna motlhofo go tlhatlhoba Lefoko la Modimo mme wa ipoloka o nonofile semoyeng. (Dit. 17:11) Kitso e e akaretsang dilo di le dintsi e tla go thusa go dirisana le batho ba maemo a a farologaneng, ba dikgatlhego le ditumelo tse di farologaneng fa o ntse o kopana le bone mo bodireding. Thuto e o e bonang kwa sekolong e tla nna mosola fa o ntse o dira maikarabelo a gago a Bokeresete mo phuthegong ya Modimo.—Bapisa 2 Timotheo 2:21; 4:11.
3 Ithute go Itlamela: Fa o dira ka natla, gape o ka kgona go ithuta ditiro tse o ka kgonang go itshedisa ka tsone fa o sena go aloga kwa sekolong. (Bapisa 1 Timotheo 5:8.) Tlhopha dithuto tsa gago ka kelotlhoko. Mo boemong jwa go tlhoma mogopolo fela mo khosong e go ka nnang thata go bona tiro ka yone, akanya ka go ithutela tiro ya diatla kana tiro nngwe e e tla go thusang go bona tiro e e tshwanetseng gongwe le gongwe. (Dia. 22:29) Thuto e e ntseng jalo e tla go thusa gore o itlamele fa o ka swetsa go ya go direla kwa tlhokafalo e leng kgolwane teng.—Bapisa Ditiro 18:1-4.
4 Go bona thuto e e siameng ya motheo kwa sekolong go ka go thusa go atolosa bodiredi jwa gago. Dira ka natla gore o ithute ditiro tse di tla go thusang go itlamela fa o ntse o gatela pele mo tirelong ya ga Jehofa. Ka gone thutego ya gago e tla go thusa gore o fitlhelele mekgele ya gago ya semoya.