A Ke Tshwanetse go Bereka Ke Santse Ke Tsena Sekolo?
MALATSI a sekolo ke a basha ba le bantsi ba a bong ba tshwaregile mo go one. Thuto ya mo tlelaseng e tsaya karolo e kgolwane ya letsatsi lengwe le lengwe la beke. Tiro ya sekolo e e dirwang kwa gae le go ithuta di dira gore ba nne ba tshwaregile maitseboa a mangwe le a mangwe. Mme fa gare go na le ditiro tsa mo gae tse le tsone di tlhokang gore di dirwe.a
Kwa mafatsheng a Bophirima basha ba ba tsenang sekolo gantsi ba ka lebelela pele go mafelobeke jaaka nako ya go tshameka le ya go itapolosa. Mme mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, mafelobeke ga se a a lapolosang lefa e le go le gonnye. Ka sekai, mo metseselegaeng ya Afrika, basha gantsi ba senya mafelobeke a bone ba thusa batsadi ba bone kwa tshimong, ba duelela nako nngwe ya malatsi a beke a ba neng ba ya sekolong ka one. Mme gareng ga Basupi ba ga Jehofa, basha ba na le boikarabelo jo bo oketsegileng jwa go tsenelela mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo le go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete.—Bahebera 10:23-25.
Ka jalo go ka lebega go sa kake ga diragala gore basha ba Maafrika ba batle go rwala mokgweleo o mongwe gape wa tiro ya boitshediso. Lefa go ntse jalo basha ba le bantsi ba go nna jalo ba a bereka mme ka ditsela tse di farologaneng: ba lema masimo a bone le go rekisa dikungo tsa one, ba loga matsela ka dilogi tsa seatla, kana ba dira diroto tse ba di rekisang kwa mmarakeng. Ba bangwe gape ba tshwara ditlhapi, ba rekisa dipampiri tsa dikgang, le go kgetla maungo kana go a rekisa.
Lefa go le jalo, ke ka ntlhayang fa basha bano ba tsenelela mo tirong ya boitshediso? A tota go raya gore o tshwanetse go dira se se tshwanang le wena?
Lebaka la go bo Ba Bereka
Basha ba bangwe ba patelesega go bereka tota e le ka baka la maemo ao ba ka sekang ba a re sepe, a a tshwanang le go swelwa ke motsadi. (Seno se ka sia mosha a sena ope yo o ka mo duelelang mo dithutong tsa gagwe tsa sekolo.) Mo letlhakoreng le lengwe, basha ba bangwe ba simolola ditiro e le gore ba kgone go sa ikaege mo go kalo kalo ka batsadi ba bone.
Akanya ka Kofi, mosha mongwe wa kwa Ghana. Fa a ne a santse a le mo sekolong sa bothekeniki, o ne a bereka jaaka modiri mo polaseng dioura di le pedi letsatsi lengwe le lengwe morago ga sekolo.b Kofi o tlhalosa jaana: “Batsadi ba me ba ile ba ntlamela ka tse ke di tlhokang ka nako ya fa ke le kwa sekolong se sebotlana. Mme ke ne ke sa batle go tlhola ke ikaega ka bone ka sengwe le sengwe se ke se tlhokang. Ka jalo ke ne ka simolola tiro ya boitshediso. Ke ne ka ikutlwa ke itumetse fela thata go bona ke kgona go ithekela dikwalelo le go ituelela sepalamo sa go ya sekolong.”
Ka mo go tshwanang morwarraa Kofi ebong Moses le ene o ne a bereka. Fa a ne a santse a le mo sekolong se segolwane, Moses o ne a ruta bana ba babotlana ba sekolo kwa bothokong. Mme fa Kofi a ne a dirisa madi a gagwe ka tshwanelo go reka dilo tse a di tlhokang, Moses ene o ne a dirisa madi mangwe a gagwe go thusa ba lelapa la gagwe. Ka ntlhayang? Ereka a ne a tswa mo lelapeng la bana ba robabobedi, o ne a tlhalosa jaana: “Go dira ga me tiro e e seng ya letsatsi lotlhe go ne ga imolola batsadi ba me ka selekanyo se se rileng mo go tlhokomeleng ditlhokafalo tsa barwarre ba bangwe le bokgaitsadiake.” Gape o dumela gore o ikutlwa a kgotsofalela go bo a kgona go ithekela dilo tse a di tlhokang.
Go thusa batsadi ba gago ka tsa madi fa go na le tlhokafalo ya mmatota e ka nna tsela ya go ba bontsha tlotlo e e ba tshwanetseng. (Baefesia 6:1, 2). Lefa go ntse jalo, gone ga gona sepe se se phoso ka go bereka e le gore o nne le madi ao o ka a dirisang ka mo o batlang ka gone.
Go bereka gape go ka dira gore mosha a nne le boikutlo jwa boikarabelo. Go ka thusa mosha go nna setswerere mo ditirong tse e ka reng moragonyana tsa dirisiwa mo go tshegetseng lelapa la bone. Ka sekai, Jesu Keresete ka boene go lebega a ne a ithuta tiro ya go betla ka go dira le rraagwe yo o mo ikgodiseditseng fa a santse a le mosha. (Mathaio 13:55; Mareko 6:3) Lefa go ntse jalo, “lobaka lo khutshahetse” ka lefatshe leno, jalo mosha yo o botlhale o tshwanetse a tlhomamisa gore nako ya gagwe e dirisiwa ka mo go nang le mosola. (1 Bakorintha 7:29; Baefesia 5:16) Ka jalo pele ga o ka simolola tiro nngwe, o tshwanetse wa lekalekanya mabaka otlhe ao a tsamaisanang le seo—go kopanyeletsa le maitlhomo a gago tota.
Go Sekaseka Mabaka
Dipotso dingwe tse o ka di akanyetsang ke tse: A batsadi ba me ba tlhoka thuso ya me kana le eleng one madi a me tota? Kana a ba ikemiseditse go tshela ka madi a sekaenyana e le gore ke kgone go dira tiro ya me ya sekolo le go bontsha botswelelopele jwa semoya ka botlalo? A tota ke tlhoka madi a a oketsegileng, kana a ke bontsha “thatō ea nama, le kgatlhègō ea matlhō, le mabela a botshelō”?—1 Yohane 2:16.
Monna yo o botlhale Solomone o ne a tlhokomela seno: “Gape ke ile ka lemoga lebaka la go bo batho ba bereka ka natla jaana gore ba atlege: ke ka go bo ba eletsa dilo tse baagelani ba bone ba nang le tsone. Mme ke lefela fela. Go tshwana le fa o leleka phefo . . . Go botoka go nna le bonnyennyane fela fa bo na le boiketlo, bogolo go go tshwarega ka nako tsotlhe ka diatla di le pedi, o leka go tshwara phefo fela.”—Moreri 4:4-6, Today’s English Version.
Lebaka le lengwe le le ka akanyediwang e ka nna phelelo e go bereka go ka nnang le yone mo dithutong tsa gago tsa sekolo. Kofi, yo o umakilweng pelenyana, o gakologelwa jaana: “Mo ngwageng wa me wa ntlha mo sekolong sa bothekeniki mo nakong ya fa ke ne ke sa dire tiro ya boitshediso, tiro ya me ya sekolo e ne e le e e kgatlhisang tota. Jaanong go ne ga tla ngwaga wa bobedi fa ke ne ke simolola tiro ya boitshediso, mme maduo a me a ne a simolola go wela kwa tlase. Ke ne ke ntse ke kgona go feta palogare, mme go ne go lapisa tota.” Se se kgatlhisang, patlisiso nngwe ya thuto e e neng e tshwaretswe kwa United States e ne ya fitlhela gore “go bereka go gogela go kwelotlase mo tirong ya sekolo ebile go fokotsa ditlamego tsa basha mo sekolong.”
A o gakologelwa morwarraa Kofi ebong Moses, yo o neng a dira tiro ya go ruta bana ba bangwe kwa bothokong fela? O dumelana le seno ka gore: “Fa fela motho a se kelotlhoko thata, o ka simolola go tsaya baithuti ba feta selekanyo mo nakong e khutshwane e e leng gone.” Mawuli, monna yo mongwe wa Moafrika, o ne a dira tiro e e seng ya letsatsi lotlhe jaaka motshwari wa ditlhapi fa a ne a tsena sekolo. O bua jaana: “Go ne go raela tota ka nako ya fa go ne go tshwerwe ditlhapi tse dintsi kwa losing lwa lewatle. Boikutlo e ne e nna jwa gore o tlogele dibuka o bo o tsamaya o ya go rekisa gore o bone madi a mantsi. Basimane ba le bantsi mo motsaneng oo ba ne ba dira jalo mme ba ne ba tlogela sekolo gotlhelele.”
Go bereka o ntse o tsena sekolo gape go ka koafatsa maatla a mosha mo go ka felelang ka gore go mo ame semoyeng mo go botlhoko. Go ka nna ga seka ga nna motlhofo gore a kopanele mo dipokanong tsa Bokeresete kana go tlhoma mogopolo fa a le koo. O ka nna a beela kwa thoko go ithuta Bibela ka namana le dikgatiso tse di theilweng mo Bibeleng.
Go Nna O Lekalekanya Dilo
Lefa go ntse jalo, morago ga go lekalekanya mabaka ano otlhe, wena le batsadi ba gago le ka fetsa ka gore go dira ga gago mofuta ope wa tiro go tla nna le mosola mongwe. O ka dira jang gore seemo e nne se se itumedisang?
Go itaya go a tlhokafala. Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka maiteko a gagwe, ka gore: “Ke ikgōba mmele, ke o baea mo taoloñ.” (1 Bakorintha 9:27) O tla tlhoka go itaya gore o ipolokele madi ao o a amogelang, mme eseng go a senya. Gape o tla tlhoka go itaya mo go diriseng nako ya gago e e setseng sentle. Legale, go itapolosa le go ikhutsa mo go lekaneng go na le sebaka sa gone mme go ka ungwisa tiro e e nang le matswela. Mme tlhokomela gore difitisanako le go itlosa bodutu ga di dintsi go feta tiro ya sekolo ya kwa gae le eleng ya dilo tsa semoya.
Ka jalo o tla tlhoka go dira thulaganyo e e ka latelegang ya dinako tsa go ithuta—mme o tlhomame mo go yone. Ka sekai, go ka nna molemo go simolola tiro ya gago ya sekolo ya kwa gae ka bofefo fela fa o tsena mo gae o tswa tirong, o sa lete go fitlhela go sena go feta lobaka lo loleele morago ga dijo tsa maitsiboa e le nako e o ka ikutlwang o otsela thata ka yone. Lefa go le jalo, ba bangwe ba bona go le botoka go robala nako e le teng mme ba dire gore e nne selo sa ntlha mo mosong. Lefa e ka bo e le tsela efe fela, dira gore dinako tsa gago tsa go ithuta e nne tse di nang le mosola ka mo go ka kgonegang. Tila go tshameka mmino kana go tsenelela mo dilong tse dingwe tse di itayang tsebe. Gape tiro ya gago ya sekolo ya kwa gae e ka tsamaya ka thelelo fa o tlhokomela tsela e o reetsang ka yone mo tlelaseng, o kwala dintlha tsa konokono le dintlhanyana tse di tshegetsang—Bapisa Luke 8:18.
Lefa go le jalo, se se botlhokwa go di feta tsotlhe ke ditlhokafalo tsa gago tsa semoya. (Mathaio 5:3) Gore o kgone go fitlhelela dilo tseno, o tshwanetse gape o beele nako kwa thoko ya go ithuta Bibela ka namana, ya dipokano tsa Bokeresete, le ya go tsaya karolo mo bodiheding jwa phatlalatsa. Ke boammaaruri, go bereka le go tsena sekolo go boima. Mme fa o tshwanetse go di dira tsotlhe, baya dilo tsa semoya kwa pele. Rapela Jehofa Modimo ka metlha gore a go thuse go tshegetsa tekanyetso ya gago ya semoya. Fa e le gore le ile la fetsa ka gore o bereka o ntse o le mo sekolong, o ka go nonotsha gore o emelane le dikgatelelo tsa seemo seo.—Isaia 40:29-31.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Setlhogo seno se bua thata thata ka boemo joo basha ba lebaneng najo mo dinageng tse di santseng di tlhabologa. Lefa go ntse jalo, dikakantsho tse di ntshitsweng fano di theilwe mo melaometheong ya Bibela mme ka jalo di tla itshupa di le mosola thata mo basheng mo lefatsheng lotlhe.
b Mo dinageng tse dingwe, fa mosha a sena go fetsa mo sekolong se sebotlana o kgona go itlhophela go ka tsena mo sekolong se segolwane, kana sa kholetšhe, (koo go rutwang dithuto tse di oketsegileng) kana mo sekolong sa bothekeniki.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Basha ba bangwe ba Maafrika ba dira ditiro tsa boitshediso morago ga sekolo se sena go tswa. Mme mesola le go tlhoka mosola ga go dira jalo ke efe?