Basha Ba Botsa Jaana . . .
A Tiro ya Boitshediso ya Fa Sekolo se Sena go Tswa E Tla Nthusa go Gola?
BA LE babedi mo go ba bararo—eo ke palo ya basha ba United States ba ba berekang gompieno. Mme ba senya dioura tse 16 go ya go tse 20 ka beke ba ntse ba dira jalo!a
Ke ka ntlhayang fa basha ka bontsi ba thelegela kwa ditirong? Brian wa dingwaga tse 16 o tlhalosa jaana: “Nna ke tshwanetse go [bereka]. Mmè le rre ba tlhalanye, mme ke tshwanetse go thusa mmè ka tsela epe fela e nka e kgonang.” Malapa a le mantsi ka mo go tshwanang a tlhoka thuso mo go tsa itsholelo. Mme lefa gone mosha a sa thuse ka sepe ka tlhamalalo mo ditshenyegelong tsa lelapa, fa fela a ithekela diaparo kana didirisiwa tse dingwe tsa gagwe ka madi a gagwe, seno tota se ka golola batsadi ba gagwe mo bothateng jwa tsa itsholelo.
Ke boammaaruri, basha ba le bantsi ba bereka gore ba ke ba kgotsofatse keletso ya bone ya go rata diaparo tse di turang, ditlhako, kana dijo tse di apeetsweng ruri. Mme mo basheng ba bangwe, tiro ya boitshediso ke kgato e kgolo fela e e ba tsenyang mo bogoding. Suzanne wa dingwaga tse 19 o ne a kwala jaana mo makasineng wa Seventeen: “Ke a bereka ka go bo ke sa batle go tshwenya ope. Ga ke a tshwanela go ikaega ka batsadi ba me gore ba nthekele sengwe le sengwe. . . . Batsadi ba ka fa bana ba bone madi, mme ba ka se ba neye boikutlo jwa go kgotsofala jo motho a nnang najo fa a amogela madi mangwe.” Mme gongwe le wena o ikutlwa ka tsela e e tshwanang—gore go nna le tiro ya boitshediso e ne e tla nna boitemogelo jo bo molemo, joo bo neng bo tla go thusa go gola ka bonako. A mme tota e ne e tla dira jalo?
Go Bereka—Melemo ya Gone
Bibela e kgala botshwakga. “Mōea oa serorobe oa eletsa, me ga o na sepè,” go bolela jalo Diane 13:4. “Me mōea oa motlhōahadi o tla nonotshiwa.” Ka jalo fa tota o batla sengwe se se tlhokang madi a mantsi go feta a batsadi ba gago ba dumelang, kana ba ka kgonang go se duelela, he kgopolo eo ya go bereka ka tlhoafalo e le gore o ithekele sone ka bowena e ka tshwanela.
Batho ba le bantsi gape ba ntsha lebaka la gore go bereka go ka thusa go ruta mosha ka botshelo mo ditirong tsa mmatota. Ellen Greenberger le Laurence Steinberg ba ile ba dira patlisiso e kgolo le e e phasaladitsweng fela thata kaga kgang ya basha ba ba berekang. Ba ne ba fitlhela gore basha ba go nna jalo ba “ithuta ka ditiro tsa kgwebo, go laola tiriso ya madi, le dipalo tsa bajibareki.” Tiro ya boitshediso gape e ka se neye mosha boitemogelo jwa go bereka a atamalane le bagolo fela mme gape e mmaya mo dikgatelelong tsa bogodi le maikarabelo. O ka nna a tshwanelwa ke go ithuta go bereka tlase ga mookamedi “eo o logala hèla”—kana yo o ratang go omana, kana kafa a ka dirisanang ka bopelonomi le bareki ba ba kgopisegang ka bonako ka gone—le badirimmogo nae. (1 Petere 2:18) “Ke ne ke le mosimane yo mmotlana mo go bone botlhe kwa tirong,” Anthony o gakologelwa jalo, “mme mongwe le mongwe o ne a nkutlwisa botlhoko. Mme lefa go ntse jalo ke ne ka ithuta go dirisana le batho.”
Gape go bereka go ka ruta mosha go nna le bokgoni le mekgwa e e siameng ya go bereka, jaaka go tshwara nako, eo e ka mo solegelang molemo moragonyana mo botshelong. (Bapisa Diane 22:29.) “Ke ne ka ithuta go nna le boikarabelo,” go bolela jalo mosha mongwe yo o bidiwang Eric. “Go bereka le malome go nthutile go dira tiro e e duleng diatla,” go tlatsa jalo Duane. “O ne a otlelela bophepa, mme fa sengwe le sengwe se ne se sa dirwa kafa tshwanelong, re ne re se boelela gape.” Olga, yo o neng a dira tiro ya bokwaledi fa a ne a sa le kwa sekolong o oketsa ka go re: “Ke ne ka nna le boitemogelo jo bogolo mo tirong. Mme go bua gantsi ka mogala go ile ga nthuta go dirisa puo e e tshwanetseng.”
Gape go bereka go ka go ruta gore o ipelele go bo o kgonne sengwe. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a re: “Ga go na sepè se se molemō mo mothuñ bogolo go go ya, le go nwa, le go yesa mōea oa gagwe molemō mo letsapeñ ya gagwè. Se le shōna ka se bōna ha se cwa mo seatleñ sa Modimo.”—Moreri 2:24.
Tota Motho O Ithuta Go Le Kana Kang?
Lefa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba dumela gore ditiro tsa gompieno di dira go le go botlana fela go ka thusa mosha go gola. Mo dinakong tse di fetileng, basha ba ba berekang ba ne ba ithuta tiro kana bobotlana bokgoni bongwe jo bo nang le mosola. Lefa go ntse jalo, gompieno, basha ba le bantsi (bogolo jang mo United States) ba dira mo diresetšhurenteng tsa dijo tse di apeetsweng ruri kana mo madirelong mangwe koo tiro ya teng e kopanyeletsang ditiro tse di jaaka go tsenya di-hamburger mo dibokosong kana go rekisa o dirisa metšhine ya madi. Batho ba le bantsi ba belaela gore a tiro eno e na le botlhokwa bongwe jwa go ya go ile. Greenberger le Steinberg ba bua jaana ka bohutsana: “Ka kakaretso mosha o dirisa fela kwa tlase ga 10 lekgolong ya nako ya gagwe ya fa a le kwa tirong—mo e ka nnang metsotso e le metlhano fela mo oureng nngwe le nngwe—mo ditirong tse di jaaka go bala, go kwala, le dipalo. . . . Bontsi jwa ditiro ga di na dilo tse di kalo tse di farologaneng tse di dirwang mo go tsone, bontsi jwa tsone ke tiro e e tlwaelegileng fela, mme mo go tsone go nnelwa go boaboelediwa ditiro tse di sa kgatlhiseng go le kalo.”
Setlhogo sengwe mo go The Wall Street Journal se bolela jaana: ‘Bontsi jwa bana ba dingwaga tsa bolesome ba ba berekang gompieno ga ba ithute sepe se se mosola se se fetang go nna teng kwa tirong fela. Boranyane bo ba dirile gore ba batle ba tshwana le matšhine o o itirisang fela. Dimatšhine tse di tlhatlhobang ditlhwatlhwa le dimatšhine tse di raraaneng tsa madi di tlhakanya madi a a tshwanetseng go duelwa di bo di bontsha gore go boa bokae. Kwa mafelong a go rekisiwang dijo tse di apeelwang ka bonako gone didirisiwa tse di apayang tse di lekanyetsang nako ya kapei ka botsone fela di dira gore mosha a seka a kgona lefa e le go le gonnye fela go ithuta sepe fela mo go tsa kapei.’ Kwantle ga pelaelo ditiro tseo di direla batho dilo tse ba di tlhokang le tse di mosola. Lefa go ntse jalo, di ka nna tsa seka tsa dira go le kalo go tlhomelelela mosha go ipaakanyetsa tiro ya fa a setse a godile.
Mme go tweng ka boitemogelo jwa go bereka le bagolo? Greenberger le Steinberg ba bua jaana: “Madirelo ao basha ba thapiwang gone a fetogile a go kgethololwang batho go ya ka dingwaga tsa bone ka mo go oketsegileng. Go na le gore ba bereke mmogo le bagolo, . . . basha ba gompieno ba ka nna ba bereka mmogo le thaka tsa bone.” The Wall Street Journal e bitsa mafelo ao a tiro e re ke “mafelo a a kgethegileng a thaka e tshesane.”
“Go Huma Pele ga Nako”
Basha ba le bantsi mo United States ba amogela madi a a fetang R520 ka kgwedi mo ditirong tsa bone. A go dirisa madi ano sentle e ne e ka se nne boitemogelo jo bo molemo? Akanya ka patlisiso nngwe ya baithuti ba sekolo se segolwane ba ba thapilweng go tsweng kwa dikolong tse di fetang lekgolo tse di farologaneng. Go ne ga fitlhelwa gore boraroboneng jwa bone ba ne ba seka ba thusa ka sepe sa madi mo malapeng a bone! Mo e ka nnang 60 lekgolong ya bone ba ne ba sa ipolokele sepe! Ereka ba sena boikarabelo jo bogolo joo jwa go duelela boroko, inšorense, le dijo, bontsi jwa ba bangwe bo ne jwa dirisa meputso ya bone jaaka madi a go kgwatlha—ba bo ba a dirisa kafa ba neng ba rata ka gone.
Jerald G. Bachman wa The Institute for Social Research o bolela gore fa “basha ba na le madi a mantsi ao ba ka a dirisang,” seo ke “go huma pele ga nako,” kana go nna le letlotlo. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? Bachman o tlhalosa jaana: “Baithuti ba le bantsi ba sekolo se segolwane ba rulaganyetsa go reka dilo tse di manobonobo tseo ba ka nnang ba seke ba kgone go di tlhokomela dingwaga di le tlhano moragonyana, ka nako ya fa madi a ba a amogelang a tla bo a tshwanela go duelela dilo tse e seng tsa manobonobo tse di jaaka dijo le rente.” Ee, go na le go ruta mosha boikarabelo jwa tsa madi, go nna le madi a mantsi go ka mo ruta tsela e sele. Go ka tsosa go rata dilo tse di bonalang ka mo go feteletseng le go dira gore fa a setse a tsena mo ditirong tsa bogodi seo se mo koafatse mo tlhaloganyong.
Bibela e tswelela pele e bontsha gore go kgaratlhela khumo ke go lelekisa lefela fela. E bolela jaana: “U se ka ua itapisetsa go humisiwa. . . . A ua bo u tla tlhōma matlhō mo go shōna se se seoñ? gonne rure dikhumō di tle di itihèlè diphuka, yaka ncwi eo motona eo o hohèlañ kwa legodimoñ.”—Diane 23:4, 5.
Gore a tiro e tla felela e le boitemogelo jo bo nang le mosola jwa go ithuta go tla ikaega fela ka mofuta wa tiro e e dirwang, mofuta wa batho ba o berekang le bone kana ba o ba berekang, le kafa o dirang tiro ya gago ka gone. Boitlhomo jwa gago jwa go bereka le kafa o dirisang madi ape fela a o a amogelang ka gone go tla dira pharologanyo e kgolo mo go supeng gore a go bereka go a go thusa kana go a go gobatsa.
Mme fa e le gore go gola ke selo se o ntseng o se eletsa, elatlhoko kafa Greenberger le Steinberg ba ileng ba fetsa ka gone: ‘Go na le ditiro tse dingwe tseo di ka nnang le mosola go gaisa tiro ya boitshediso. Ditiro tseno di akaretsa go bala le go ithuta fa sekolo se dule le go tsaya maikarabelo a go dira tiro e e sa dueleng ya boithatelo kana go direla setšhaba.’ Ka sekai, Nina o direla setšhaba tiro ya botlhokwatlhokwa morago ga sekolo jaaka modihedi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa. O bolela jaana: “Ke ne ka e sekaseka le mogakolodi wa me wa mokaedi gore nako ya me mo sekolong e nne khutshwane gore ke tswe kwa sekolong nako e tsamaela kwa motshegareng wa sethoboloko. Go tloga ka Mosupologo go fitlha ka Laboraro ke dira tiro ya go rera phatlalatsa. Ke rata go e dira tota. Ke e rata fela thata!” A thulaganyo ya gago le maemo a gago ka namana a ne a ka go letla go dira ka mo go tshwanang? Go nna le “poihōmodimo” ka tsela eno kwantle ga pelaelo go ne go tla itshupa go le mosola thata go gaisa go dira tiro nngwe!—1 Timotheo 4:8.
Mme lefa go ntse jalo basha ba bangwe ba ka nna ba batla, kana ba tlhoka, go bereka ka ntlha ya go bo ba tlhoka madi. Ditlhogo tse di latelang di tla sekaseka melemo le go tlhoka melemo ga go dira jalo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Palo e e golang ya baithuti ba ba berekang e ile ya bidiwa “selo se se sa tlwaelegang se se bonwang mo Amerika.” (When Teenagers Work, ka Ellen Greenberger le Laurence Steinberg) Mo mafatsheng a mangwe basha ba neelwa dithuto tse di bokete, mme gantsi ditiro ga di bonale. Lefa go ntse jalo, kwantle ga pelaelo setlhogo seno se tla kgatlhegelwa thata ke basha ba le bantsi ba ba mo dinageng tse go nang le ditshono tsa go ka bona tiro gone. Setlhogo se se latelang se tla bua ka seemo seno mo dinageng tse di tlhabologang.
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Tiro e ka ruta mosha kafa a ka dirisanang ka gone le bathapi le badirikaene ka tsela ya segolo