A Ke Tshwanetse go Nna le Tiro ya Boitshediso ya Fa Sekolo Se Tswa?
“Tsogang!”: Ke eng se se dirileng gore o nne le tiro ya boitshediso ya fa sekolo se tswa?
Eric: Ke ne ke nna kwa gae, mme ke ne ke batla go thusa batsadi ba me ka madi.
Olga: Go ikemela. Ke ne ke batla madi a me ka bonna.
Michelé: Ke ne ke setse ke fiwa madinyana, mme lefa go ntse jalo ke ne ke batla go nna le boitemogelo jwa tiro ya boitshediso.
Duane: Ke ne ke sa berekele gore ke nne le madi. Ke ne ke berekela gore ke thuse malome, yo o neng a na le kgwebo ya go penta, go aga, jalo le jalo.
Anthony: Ke ne ke bereka ka gonne ke ne ke batla go ka reka diaparo.
“Tsogang!”: A mmago o ne a sa go rekele diaparo?
Anthony: Eseng diaparo tsa mofuta o ke neng ke o batla.
AO AKANYETSA go nna le tiro ya boitshediso ya fa sekolo se tswa? Ka gongwe o batla fela gore o nne le madi a a oketsegileng a go kgwatlha, mme tiro e lebega e le yone tsela e e bofefo ya go a bona.
Tiro ya boitshediso e ka nna le melemo ya yone.a E ka ruta mosha boikarabelo. E ka mo neela boitemogelo jo bo botlhokwa le bokgoni jo bo mosola. Lefa go ntse jalo, ga se dikarolo tsotlhe tsa go bereka tse di nang le melemo, mme pele ga fa o ka simolola tiro, o tshwanetse go akanya ka kelotlhoko ka ditlamorago tsa seo.—Bapisa Luke 14:28; 1 Bakorintha 10:23.
Ke Tla Dira Eng ka Madi?
Basha ba le bantsi ba bereka e le gore ba ke ba thuse batsadi ba bone ka madi ao ba tlhokang. Morutabana wa sekolo se segolwane ebong David L. Manning, lefa go ntse jalo, o bolela gore “maitlhomo a konokono a tiro ya boitshediso e e seng ya letsatsi lotlhe go lebega e le go batla go tsenelela thata mo dilong tse motho a di kgatlhegelang ka namana.” Eleruri, bogolo jwa se basha ba dingwaga tsa bolesome ba se amogelang se dirisediwa, eseng go bolokwa kana ditshenyegelo tsa lelapa, mme e leng dilwana tsa magasigasi, go simolola fela ka diromamoya tse dikgolo le ditekethe tsa go tsenelela maitiso go ya go ditlhako tse di turang tsa metshameko. Kwa bofelong, madi a a amogetsweng gantsi ke madi a go tshamekiwang ka one.
“Kana ke dirile eng ka madi a me?” go ne ga akgela jalo Michelé yo mmotlana fa mmegi mongwe wa Tsogang! a ne a botsa setlhopha sengwe sa basha gore ba ne ba dira eng ka madi ao ba neng ba a amogela mo ditirong tsa bone tsa boitshediso. “Ga ke itse,” o ne a ipolela jalo. “Ga ke a boloka ape. Ke akanya gore ke a dirisitse mo maitisong. Mo dibaesekopong—ke ne ke atisa go ya kwa go tsone mafelobeke mangwe le mangwe. Le mo ditlhakong. Bothata jwa me ke ditlhako. Ke di duelela go fitlha go [R650] para e le nngwe.” Olga yo mmotlana o ne a araba ka tsela e e tshwanang: “Ke dumela gore ke dirisitse madi a me otlhe. Fa o bona a a oketsegileng, o dirisa a a oketsegileng ka mo go tshwanang. Mme lefa go ntse jalo ga ke itse le gore a ile kae.”
“Motho o bōna thushō eañ mo tihoñ eotlhe ea gagwè e o dihañ mo go eōna tlhatse ga letsatsi?” go ne ga botsa jalo Solomone. (Moreri 1:3) Mme fa o sena lebaka le le phepafetseng la gore o berekelang, o sena thulaganyo e e tlhomameng ya gore o tla dirisa—kana o tla boloka—madi a o a amogelang jang, tiro ya gago ya boitshediso eo o e dirang ka natla le yone ka mo go tshwanang e ka itshupa e sena thuso, e sena mosola.b ‘Mme lefa go ntse jalo molato ke eng fa ke a dirisa fela mo dilong tse ke di batlang?’ o ka nna wa botsa jalo.
Go berekela ditlhokafalo tsa mmatota ke kgang e nngwe. Mme lefa go ntse jalo go bereka thata ka lobaka lo loleele o berekela gore o ke o bone dilo tse di senang mosola tse o di batlang ke serai. Go ka tsala keletso e e sa siamang ya dilo tse di bonalang. (Bapisa 1 Timotheo 6:8, 9.) Go ka godisa moya wa boithati, wa go rata bokwapele o o leng kgatlhanong le moya wa Bokeresete wa go aba. (Ditihō 20:35) Ka jalo pele ga o nna le tiro ya boitshediso, a go tla bo go se botoka fa o ka tlhomamisa gore a totatota e a tlhokafala?
Sekolo le Tiro ya Boitshediso
Se sengwe seo o ka se tlhokomelang ke kafa go bereka go ka amang go tsena sekolo ga gago ka teng. “Ga go na motho opè eo o ka dihèlañ barèna ba le babedi,” Jesu o ne a rialo. (Mathaio 6:24) Molaomotheo ono o dira mo baithuting ba bantsi bao ba iphitlhelang ba potapotilwe ke sekolo kafa le ke tiro ya boitshediso kafa.
Dipatlisiso di bontsha gore basha ba ba berekang ke bone bao gantsi ba lofelang sekolo go gaisa ba ba sa berekeng. Mme ka nako eo ba leng kwa sekolong ka yone gantsi ga ba tlhwaye tsebe. “Ke ne ke tswa mo sekolong motshegare mme ke dira tiro ya boitshediso ya bokwaledi go tloga ka nako ya bongwe go ya go ya botlhano,” go tlhalosa jalo Olga yo mmotlana. Matswela a seo e ne ya nna eng? “Go ne go dira gore ke lape. Sekolo le tiro ya boitshediso di lapisa tota.” Ga go gakgamatse, he, go bo maduo a baithuti ba bantsi a wela tlase fa ba sena go simolola go bereka. Ba bangwe ebile ba palelwa mo ditlhatlhobong.
“Ke ile ka tshwanelwa ke go tsena sekolo sa selemo,” go gakologelwa jalo Anthony, yo o neng a retelelwa mo ditlhatlhobong fa a ne a bereka mo tirong ya boitshediso kwa madirelong fa sekolo se tswa. Lefa go ntse jalo, Anthony o ne a tswelela fela a bereka selemo sotlhe. Diphelelo e ne ya nna eng? “Ke ne ka palelwa mo ditlhatlhobong gape le mo sekolong sa selemo mme ka tshwanelwa ke go boelela mophato.” Ke boammaaruri, baithuti bangwe ba ba botlhale ba kgona go tswelela pele ba na le maduo a a molemo. Michelé o gakologelwa jaana: “Ke ne ke reetsa morutabana wa me fela, ke tshwara se a se buang, ke bo ke falola ditlhatlhobo. Go ne go seke go tlhokega gore ke ithute.” Lefa go ntse jalo, go na le pharologanyo e kgolo fa gare ga go ya fela kwa sekolong le go nwelelela tota mo go ithuteng.—Bapisa 1 Timotheo 4:15.
Ka jalo fa e le gore o akanyetsa go nna le tiro ya boitshediso, ipotse jaana: ‘A ke tla kgona go tlhokomela tiro ya me ya kwa gae ya sekolo ka mo go lekaneng? A ke tla kgona go ikhutsa le go robala ka mo go lekaneng?’ (Moreri 4:6) Go tla ikaega thata ka mofuta wa tiro eo ya boitshediso le thulaganyo ya yone. Mme lefa go ntse jalo fa tiro ya boitshediso e kgoreletsa go tsena sekolo ga gago, a tota e a tlhokafala?
Tiro ya Boitshediso le Lelapa la Gaeno
Se se tshwenyang gape ke kafa go bereka go amang kamano ya gago le maloko a lelapa ka teng. “Dipatlisiso tsa rona di supa . . . gore basha bao ba berekang ba senya nako e nyenyane mo ditirong tsa lelapa go feta dithaka tsa bone tse di sa berekeng,” go rialo babatlisisi ebong Laurence Steinberg le Ellen Greenberger. Ka sekai, “basha ba bantsi ba ba berekang ba bega gore ga ba je dijo tsa go lalela le malapa a bone gantsi (ka jalo ba latlhegelwa ke nngwe ya dinako tse di seng kae tsa letsatsi tse mo go tsone batsadi le bana ba ka ‘itsisaneng’ ditiro tsa bone).”
Dinako tsa go ja e ne e le karolo e e botlhokwa ya botshelo jwa lelapa mo metlheng ya Bibela mme go tswelela go ntse jalo gareng ga batho ba Modimo gompieno. (Bapisa Diane 15:17.) Gareng ga Basupi ba ga Jehofa, malapa a mantsi a dirisa dijo tsa mo mosong kana tsa maitseboa jaaka sebaka sa go buisana ka dilo tsa semoya. A tiro ya fa sekolo se tswa e tla go thibela go tsaya karolo mo go seo?
Basha ba ba berekang ba ka nna gape ba simolola go ikutlwa ba sa ikaega gotlhelele ka batsadi ba bone. Bangwe ebile ba akanya gore ereka ba na le madi a bone, ga ba sa tlhole ba le kafa tlase ga taolo ya batsadi ba bone go le kalo. Lefa go ntse jalo, madi ao o a amogelang ga a go golole mo tlamegong ya gago ya Dikwalo ya gore o ‘utlwe kgakololo ya ga rrago’ kana ya gore o obamele ‘molao wa ga mmago.’ (Diane 1:8) Batsadi ba gago ba na le tshwanelo yotlhe, ka sekai, ya go go bolelela gore ke bokae mo mading a gago a o a boneng ka go fufula ao o tshwanetseng wa a dirisa mo ditshenyegelong tsa lelapa. Kana gone, mo e batlang e le madi a bone otlhe a ya mo go tsone.
Fa o dira phetso ya gore o nne le tiro ya boitshediso, ke ka ntlha yang fa o sa bontshe bogodi jwa gago le kgatlhego ya gago mo katlegong ya lelapa ka go botsa batsadi ba gago gore o ka thusa ka bokae mo ditshenyegelong tsa madi tsa lelapa?
Tiro ya Gago ya Boitshediso le Bomoya jwa Gago
Sa botlhokwatlhokwa se se ka tlhokomelwang ke kafa go bereka go ka nnang ga ama bomoya jwa gago ka gone. Steinberg le Greenberger ba bega gore go tsena mo tirong ya boitshediso gantsi go felela ka mefuta ya ‘boitshwaro jo bo duleng mo tseleng’ jwa basha, jaaka go utswa kwa tirong ya boitshediso kana go tsietsa kwa sekolong. Basha bangwe ebile ba ikobela kgatelelo ya dithaka tsa bone mme ba dire diphokoletso tse di sa letlelelwang tsa madi—kana ba bo ba utswe le go utswa—ba direla ditsala seo. Dikgatelelo tsa kwa tirong ya boitshediso (le go nna le madi gaufi) di tlhotlheletsa basha ba le bantsi mo dinong tsa tagi le mo go diriseng diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang.
Ke boammaaruri, fa o na le melaometheo ya Bokeresete, o ka seke o bo o akanye go dira dilo tse di ntseng jalo. Lefa go ntse jalo, go bereka go ka baya mosha mo kotsing ya “ba ba boshula” ka selekanyo se se kwa godimo. (1 Bakorintha 15:33) A o ipaakanyeditse go emelana le kgatelelo e e ntseng jalo? Fa o ne o santse o le kwa sekolong, ao ile wa ‘tsamaela ba ba kwa ntle ka botlhale’ ka go tila bokopano jo bo sa siamang? (Bakolosa 4:5) Fa e le gore o ile wa bontsha bokoa bongwe mo ntlheng eno, a totatota o iketleeleditse go thulana le dikgatelelo tse dikgolo le go feta tsa kwa tirong?
Thulaganyo e e lapisang ya tiro le yone e ka dira gore o ketefalelwe ke go latela thulaganyo e e tlwaelegileng ya Bokeresete ya dipokano, go ithuta Bibela ka namana, le go tsaya karolo mo bodiheding jwa Bokeresete. “Ke tlodilwe ke dipokano ka go bo ke ne ke lapile morago ga letsatsi la sekolo le tiro,” go rialo Michelé.
Ka jalo phetso ya go nna le tiro ya boitshediso ya fa sekolo se tswa ke phetso e e masisi. Dikarolo tsotlhe tse di kopanyelediwang mo go seno di tshwanetse tsa akanyediwa ka kelotlhoko. Buisana ka kgang eno le batsadi ba gago kana le Mokeresete mongwe yo o godileng. Fa go bonala tiro e tlhokafala, leka thata gore o nne le tekatekanyo. Dira thulaganyo e e go letlang gore o neele tiro ya gago ya sekolo le botswelopele jwa gago jwa semoya tlhokomelo e e lekaneng. Fa seo se sa kgonege, akanyetsa ditsela tse dingwe tseo o ka bonang madi ka tsone. Gongwe go na le ditiro tse dikgolo tsa mo gae tseo batsadi ba gago ba ka ratang go go duela fa o di dira. Basha ba bangwe ba simolola dikgwebo tse dipotlana, jaaka go beola bojang kana go tlhokomela bana, tseo di ba letlang go bona madi ka nako e e ba siametseng.
Mme lefa go ntse jalo go tweng ka basha ba ba mo mafatsheng a a sa itsholelang bao ba senang se ba ka se dirang fa e se go bereka fela? Setlhogo sengwe sa mo isagweng se tla tlotla ka boemo jwa bone.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona setlhogo se se reng “A Tiro ya Boitshediso ya Fa Sekolo Se Tswa E Tla Nthusa go Gola?” mo tokololong eno ya rona.
b Bona ditokololo tsa December 22, 1988, le January 22, 1989, tsa Awake! go bona dikakantsho tsa kafa o ka tshwarang madi ka gone.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 19]
A o bereka gore o tle o duele ditshenyegelo tsa mmatota kana gore o kgotsofatse lorato lwa dilo tse di bonalang?
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
“Maitlhomo a konokono a tiro ya boitshediso e e seng ya letsatsi lotlhe go lebega e le go batla go tsenelela thata mo dilong tseo motho a di kgatlhegelang ka namana”