Kgaolo 27
Boikanyego—A Tota Ke Mokgwa O Montle Bogolo?
A O KILE wa raelesega go aka? Donald o ne a raya mmaagwe a re o ne a phepafaditse kamore ya gagwe, fa tota, a ne a latlhetse sengwe le sengwe kafa tlase ga bolao. Richard o ne a dira boiteko jo bo tshwanang jwa boeleele ka go leka go ipaya botoka mo batsading ba gagwe. O ne a ba bolelela gore o ne a reteletswe kwa sekolong, eseng ka go bo a ne a se kile a ithuta, mme e le ka gonne ‘a ne a sa utlwane le morutabana wa gagwe.’
Gantsi batsadi le bagolo ba bangwe ba kgona go lemoga maano ano a eseng a sepe. Lefa go le jalo seo ga se dire gore basha ba le bantsi ba lese gore bobotlana ba leke go aka, go sokamisa boammaaruri, kana go tsietsa ka tlhamalalo fa go lebega go na le mosola. Ntlha ke gore, ga se ka metlha batsadi ba itlhokomolosang dilo fela fa go na le mathata. Mme fa o tlile dioura di le pedi morago ga nako eo o neng o tshwanetse wa bo o le mo gae ka yone, go ka nna ga lebega go raela go bolela gore go ne go nnile le kotsi e e maswe mo tseleng e kgolo go na le go bolelela batsadi ba gago boammaaruri jo bo jesang kgakge—jwa gore ke fela gore o ne wa lebala nako.
Kgwetlho e nngwe ya gore motho a ikanyege e ka nna kwa sekolong. Gantsi baithuti ba ikutlwa ba imelwa ke tiro ya sekolo eo ba tshwanetseng go e dira kwa gae. Gantsi koo go nna le dikgaisano tse dikgolo. Ebu, mo United States, dipatlisiso di bontsha gore baithuti ba ba fetang sephatlo baa tsietsa kana ba kile ba tsietsa. Mme lefa go aka go ka lebega go kgatlha, ebile go tsietsa e le tsela e e motlhofo ya go iphalotsa, a tota go sa ikanyege go na le mosola?
Go Aka—Lebaka la go bo go Sena Mosola
Fa motho a aka e le gore a tle a falole go otlhaiwa seo se ka lebega se le mosola ka nako eo. Mme Bibela e tlhagisa jaana: “Moshupi eo o tsietsañ ga a ketla a tlhōka pecō.” (Diane 19:5) Seo se ka nnang sa diragala lefa go le jalo ke gore maaka ao a tla senoga mme o tshwanele go amogela kotlhao. Mme ka nako eo batsadi ba gago ba tla go galefela eseng fela ka baka la molato wa gago wa ntlha mme gape le go bo o ne wa ba aketsa!
Go tweng kaga go tsietsa kwa sekolong? Mokaedi mongwe wa ditsamaiso tsa boatlhodi tsa sekolo o bolela jaana: “Moithuti ope fela yo o dirang tiro ya go se ikanyege kwa sekolong o ipaya mo kotsing e e masisi ya go senya thutego ya gagwe ya nako e e tlang le ditshono tsa go bona tiro.”
Ke boammaaruri gore go lebega ba le bantsi ba sa amiwe ke gone. Go ka nna ga diragala gore o kgone go fenya ditlhatlhobo ka baka la go tsietsa ga gago, mme go tweng ka diphelelo tsa nako e telele? Kwantle ga pelaelo o dumalana gore e tla bo e le boeleele go tsietsa mo dithutong tsa go thuma. Gone, ke mang yo o batlang go nna kwantle fa batho botlhe ba ja monate mo metsing! Mme fa mongwe a ka go kgarameletsa mo letangwaneng, o ka nna wa nwela ka go bo o ne wa itlwaetsa go tsietsa!
Mme go tweng fa o tsietsa mo dithutong tsa dipalo kana tsa go bala? Boammaaruri ke gore, diphelelo di ka nna tsa seka tsa nna dikgolo mo go kalo—kwa tshimologong. Lefa go ntse jalo, fa o se kile wa tlhagolela bokgoni jwa thutego jwa motheo, o ka nna wa iphitlhela o “nwela” fa go tla mo go batleng ditiro! Mme fa e le gore o ile wa nna le dipoloma ka baka la go tsietsa ga gago seo ga se na se boloka botshelo jwa gago ka gope. Bibela ya re: “Go bapala dikhumō ka loleme lo lo akañ, ke mouwane o o kgweelediwañ kwa le kwa.” (Diane 21:6) Melemo epe fela eo motho a ka e bonang ka baka la go aka ke ya nako e khutshwane fela jaaka mouwane. Abo go ka nna botoka jang ne fa o ka tsenya marapo mo dinameng mme wa ithuta, go na le go aka le go tsietsa kwa sekolong! “Dikgopolō tsa batlhōahadi di ganèlèla kwa letlotloñ hèla,” go bolela jalo Diane 21:5.
Go Aka le Segakolodi sa Gago
Mosetsana mongwe yo mmotlana yo o bidiwang Michelle o ne a baya kgaitsadie molato wa gore o ne a thubile selwana sengwe se se kgabisang a aka, lemororo kwa moragonyana a ne a ikutlwa a patelesega go bolelela batsadi ba gagwe gore o ne a aka. “Eleruri ke ne ke nna ke ikutlwa ke sa itumela,” go tlhalosa jalo Michelle. “Batsadi ba me ba ne ba ntshepa, mme nna ke ne ke ba swabisitse.” Seno se bontsha gore Modimo o neile setho nonofo ya segakolodi. (Baroma 2:14, 15) Michelle o ne a tlhorontshiwa ke segakolodi se mo dira gore a ikutlwe gore o dirile molato.
Legale, motho o ka nna a ikgethela go itlhokomolosa segakolodi sa gagwe. Fa a ntse a itlwaetsa go aka, seo se mo okeletsa gore a seka a tsibogela phoso eo—‘a babola segakolodi sa gagwe jaaka ekete ka tshipi e e molelo.’ (1 Timotheo 4:2) A eleruri o batla go nna le segakolodi se se bolaesegileng?
Pono ya Modimo ka go Aka
“Loleme lo lo akañ” e ne e le ebile ke nngwe ya dilo tseo “Yehofa o di ilañ.” (Diane 6:16, 17) Kana ebile tota, Satane Diabolo ke ene “rra aōna maaka.” (Yohane 8:44) Gape Bibela ga e farologanye ka gope maaka a matala le ao go bolelwang gore ga se a a kalo kalo. “Boamarure ga bo na maaka.”—1 Yohane 2:21.
Ka gone, motho ope fela yo o batlang go nna tsala ya Modimo o tshwanetse go dira boikanyego mokgwa wa gagwe. Pesalema ya bo-15 e botsa jaana: “Yehofa, e mañ eo o tla tlhōla tlhōlañ mo motlaaganeñ oa gago? e mañ eo o tla agañ mo thabaneñ ea gago e e boitshèpō?” (Temana 1) A re akanyetseng karabo e e neilweng mo ditemaneng tse nne tse di latelang:
“Ke motho eo o tsamaeañ ka thōkgamō, a diha tshiamō, a bile a bua boamarure mo peduñ ea gagwè.” (Temana 2) A go utlwala go buiwa ka motho yo o utswang mo mabentleleng kana motsietsi? A kana ke motho yo o aketsang batsadi ba gagwe kana a itirang motho yo a seng ene? Legoka! Jalo fa o batla go nna tsala ya Modimo, o tshwanetse go ikanyega, eseng fela ka ditiro tsa gago mme gape le mo pelong ya gago.
“Eo o sa pateletseñ ka loleme loa gagwè, leha e le go dihèla tsala ea gagwè boshula, leha e le go amogèla kgōbō kaga oa ga gabō.” (Temana 3) A o kile wa iteseletsa go tlhakanela le setlhopha sa basha bangwe mo go bueng motho yo mongwe ka tsela e e seng ya bopelonomi, lo mo senya? Tlhagolela nonofo ya go ikemisetsa go gana go tsenelela mo puong ya go nna jalo!
“Eo setlhōbōgwana se nyatsègañ mo matlhoñ a gagwè; me o tlotla bōnè ba ba boihañ Yehofa. Eo ea reñ a ikutlwisitse botlhoko ka go ikana ga gagwè, a se ke a hetoge.” (Temana 4) Gana go tsalana le basha bape bao ba akang, ba tsietsang, kana ba ikgantshang ka ditiro tsa boitsholo jo bo sa siamang; ba tla lebelela gore o dire dilo tse di tshwanang. Fela jaaka mosha mongwe yo o bidiwang Bobby a ne a lemoga: “Tsala eo o akang nayo e tla go tsenya mo bothateng. Ga se tsala e o ka e tshepang.” Batla ditsala tseo di tlotlang ditekanyetso tsa boikanyego.—Bapisa Pesalema 26:4.
A o lemogile gore Jehofa o anaanela, kana o “tlotla,” bao ba dirang jaaka ba solofeditse? Gongwe o ile wa solofetsa gore o tla thusa mo lelapeng mo Matlhatsong ano, mme jaanong o laleditswe go ya go tshameka kgwele ya dinao mo thapameng eo. A o tla tlhokomologa tsholofetso ya gago mme o ye go tshameka le ditsala tsa gago, o tlogelela batsadi ba gago go dira ditiro tsa mo gae, kana a o tla dira jaaka o solofeditse?
“Eo o sa neeleleñ madi a gagwè gore a okediwè, leha e le go amogèla tuèlō go tlhokohatsa eo o senañ molato, Eo o dihañ dilō tse ga a ketla a tshikinyèga gopè.” (Temana 5) A ga go boammaaruri gore selo se segolo se se dirang gore motho a tsietse kana a seka a ikanyega ke bogagapa? Baithuti bao ba tsietsang mo ditlhatlhobong ba a bo ba le bogagapa go nna le maduo a ditlhatlhobo ao ba sa a ithutelang. Batho bao ba tsayang pipa-molomo ba tsaya madi e le selo sa botlhokwa go na le tshiamiso.
Ke boammaaruri gore, batho bangwe ba supa baeteledipele ba sepolotiki le ba kgwebo bao ba sokamisang melao ya boikanyego e le gore go diragale kafa ba ratang ka teng. Mme katlego ya batho ba go nna jalo e nonofile go le kana kang? Pesalema 37:2 e araba jaana: “Ba tla akoha ba sègwa yaka boyañ, ba tla shwaba yaka morōgō o motala.” Fa ba ka seka ba tshwarwa ba ba ba tlhabisiwa ditlhong ke ba bangwe, kwa bokhutlong ba tla atlholwa ke Jehofa Modimo. Lefa go ntse jalo, ditsala tsa Modimo “ga [di] ketla di tshikinyèga gopè.” Go tlhomamisega gore ba tla bona isagwe ya bosakhutleng.
Go Tlhagolela “Segakolodi se se Siameñ”
Ahe, ga go na lebaka le le nonofileng la go tila mokgwa mongwe le mongwe wa kako? Moaposetoloi Paulo o ne a bua jaana kaga gagwe le balekane ba gagwe: “Rea tlhomamisa ha re na le segakolodi se se siameñ.” (Bahebera 13:18) A ka tsela e e tshwanang segakolodi sa gago se a tsiboga fa o sa bue boammaaruri? Fa go sa nna jalo, se thapise ka go ithuta Bibela le dibuka tseo di thailweng mo Bibeleng tse di tshwanang le Tora ya Tebelo le Awake!
Bobby yo mmotlana o dirile jalo, mme o nnile le matswela a a molemo. O ithutile go sa bipe mathata ka maaka. Segakolodi sa gagwe se mo kgothaletsa go atamela batsadi ba gagwe le gore ka boikanyego a buisane dikgang le bone. Ka dinako tse dingwe seno se feletse ka gore a amogele kotlhao. Lefa go le jalo, o ipolela gore ‘o ikutlwa botoka mo pelong’ ka go bo a ile a ikanyega.
Gantsi ga go motlhofo go bua boammaaruri. Mme motho yo o dirang phetso ya gore a bue boammaaruri o tla nna le segakolodi se se molemo, botsalano jo bo molemo le ditsala tsa gagwe tsa mmatota, mme se ebileng se le botoka go gaisa tsotlhe, o tla nna le lesego la go nna ‘molalediwa’ mo motlaaganeng wa Modimo! He, boikanyego ga se fela gore ke mokgwa o o molemo bogolo, ke mokgwa o o siameng o Bakeresete botlhe ba tshwanetseng go nna nao.
Dipotso tsa Puisano Kgaolo 27
◻ Maemo mangwe ao go ka lebegang motho a ka raelesega go aka mo go one ke afe?
◻ Ke ka ntlhayang fa go sa duele go aka kana go tsietsa? A o ka tshwantsha seno kafa o lemogileng ka teng ka bowena kana o itemogetseng ka gone?
◻ Moaki o senya segakolodi sa gagwe jang?
◻ Bala Pesalema 15. Ditemana tseno di dira jang mo kgannyeng ya boikanyego?
◻ Mosha o ka tlhagolela segakolodi se se siameng jang?
[Mafoko a a mo go tsebe 212]
‘Moithuti ope fela yo o dirang tiro nngwe ya go sa ikanyege kwa sekolong o ipaya mo kotsing e e masisi ya go senya ditshono tsa gagwe tsa isagwe’
[Mafoko a a mo go tsebe 216]
Bibela ga e farologanye ka gope maaka a matala le ao go bolelwang gore ke a a seng kalo kalo
[Setshwantsho mo go tsebe 214]
Gantsi batsadi ba tla lemoga maiteko ape fela a a sa nonofang a go tlhalosa lebaka la go bo motho a tlhokile kutlo