LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yp kgao. 35 ts. 283-288
  • A Go A Kgathalesega Gore Ke Bala Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Go A Kgathalesega Gore Ke Bala Eng?
  • Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dibuka tsa Ditlhamane tsa Lorato—A Ke Dilo tse Di Gobatsang fa Di Balwa?
  • A Lorato lo Tshwana le Lorato lwa Dikinane?
  • Go Kgotsofalela Tlhakanelo-Dikobo
  • Kgetha
  • Lebaka La go Bo go Le Thata go Bona Lorato Lwa Mmatota
    Tsogang!—2006
  • Nka Tlosa Jang Mogopolo wa Me mo Bathong ba Bong Bo Sele?
    Tsogang!—1994
  • Ineele go Bala
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Bala Baebele—Go Molemo E Bile go a Itumedisa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
yp kgao. 35 ts. 283-288

Kgaolo 35

A Go A Kgathalesega Gore Ke Bala Eng?

KGOSI Solomone o ne a tlhagisa jaana: “Ga go na bokhutlō jwa go diha dikwalō di le dintsi; le go akanya mo gogolo ke letsapa mo nameñ.” (Moreri 12:12) Solomone o ne a sa leke go go kgoba marapo go bala; o ne a mpa fela a go tlhagisa gore o tlhophe dilo tseo o di balang.

Motlhalefi mongwe wa Mofora wa lekgolo la bo-17 la dingwaga René Descartes o ne a re: “Fa motho a bala dibuka tse di molemo go tshwana jaaka ekete o buisana le banna ba ba rutegileng bao ba tshedileng mo nakong e e fetileng. Ebile re ka nna ra go bitsa motlotlo o o kgethegileng oo mo go one mokwadi a bolelang dikakanyo tsa gagwe tse di tlotlegang go gaisa tsotlhe.” Lefa go le jalo, ga se bakwadi botlhe bao go leng mosola go “buisana” nabo le gone ga se gore dikakanyo tsa bone botlhe ke tse di “tlotlegang.”

Jalo go re gakolola molao-motheo o gantsi o tsopolwang wa Bibela o o reng: “Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.” (1 Bakorintha 15:33) Ee, batho bao o tsalanang nabo ba ka bopa botho jwa gago. A o kile wa senya nako e telele le tsala nngwe ya gago mo o ileng wa iphitlhela o simolola go itshwara, go bua, le eleng go akanya jaaka ene? Ebu, go bala buka nngwe go tshwana le go senya dioura tse dintsi le motho yo o e kwadileng.

Ka gone molao-motheo o Jesu a neng a o tlhalosa mo go Mathaio 24:15 o a tshwanela: “A eo o balañ a tlhaloganyè.” Ithute go tlhatlhobisa le go akanyetsa seo o se balang. Batho botlhe ba na le go sekamela mo letlhakoreng je le rileng mme ga se ka metlha ba buang boammaaruri ka botlalo mo go tlhaloseng ga bone dintlha dingwe. Ka jalo, o seka wa dumela kwantle ga go sekaseka sengwe le sengwe seo o se balang kana o se utlwang: “Motho eo o sa tlhalehañ o dumèla lehoko leñwe le leñwe: me senokopela se tle se itebe tsamaō ea shōna sentlè.”—Diane 14:15.

O tshwanetse segolo bogolo wa nna kelotlhoko gore o seka wa bala sengwe le sengwe seo se tlhalosang pono ya tsela nngwe ya botshelo. Ka sekai, dimakasine tsa basha di tletse ka kgakololo kaga sengwe le sengwe go simolola ka lefereo go ya go tlhakanelo-dikobo pele ga lenyalo—lefa go le jalo e se kgakololo eo ka metlha Mokeresete o tshwanetseng go e dirisa. Mme go tweng ka dibuka tseo di buang thata ka dikgang tse di kwa teng tsa botlhalefi?

Bibela e tlhagisa jaana: “Lo itisè e se be kgotsa go bo go le moñwe eo o lo thopañ ka botlhayana yo e leñ yoa gagwè le ka tsieco e e ithamakañ, kaha melaōaneñ ea batho . . . me e señ kaha mokgweñ oa ga Keresete.” (Bakolosa 2:8) Bibela, le dikgatiso tseo di thailweng mo Bibeleng tse di tshwanang le eno, di naya kgakololo e e botoka fela thata.—2 Timotheo 3:16.

Dibuka tsa Ditlhamane tsa Lorato—A Ke Dilo tse Di Gobatsang fa Di Balwa?

Batho ba le dimilione tse 20 mo United States fela ba tshwakgotswe ke go bala dibuka tsa ditlhamane tsa lorato. Legale Modimo ka boone o bopile monna le mosadi ba na le keletso ya go ratana le go nyalana. (Genesise 1:27, 28; 2:23, 24) Ga go gakgamatse, he, go bo mo ditlhamaneng di le dintsi go buiwa thata ka lorato, mme ga se gore seno se ilediwa mo go kalo kalo. Dibuka dingwe tsa ditlhamane tsa lorato di bile tsa ba tsa nna mo boemong jwa go bidiwa dibuka tse di molemo. Mme ereka dibuka tseno tse dikgologolo tsa ditlhamane di tsewa jaaka tse di sa tlhabologang go ya ka seemo sa segompieno, bosheng jaana bakwadi ba fitlhetse go na le mosola gore ba kwale gape mofuta o mosha wa dibuka tsa ditlhamane tsa lorato. Ba bangwe ba santse ba dirisa mokgwa wa bogologolo kana wa dingwaga tsa bogare go natefisa le go tsenya maikutlo mo polelong. Ba bangwe ba kwala ka mokgwa le ka tsela ya segompieno. Lefa go ntse jalo, ka dipharologanyonyana di sekae fela, dibuka tseno tsa ditlhamane tsa lorato di kwalwa ka tsela e e tshwanang e e batlileng e nna ya polelelopele: ya bagale ba banna le bagale ba basadi bao ba fenyang namane e tona ya mathata ao a tshosetsang go ratana ga bone mo go santseng go simologa.

Gantsi go diragala gore, mogale e bo e le monna yo o nonofileng, yo o bileng a le bogale, yo o nayang tshepo. Lefa go ntse jalo, go diragala gore mogale wa mosadi e bo e le motho yo o sa nonofang thata le yo o mo kotsing, yo gantsi a leng mmotlana mo mogaleng wa monna ka dingwaga tse 10 kana tse 15. Gape lemororo gantsi a dirisana nae ka kilo, wa mosadi o mo rata mo a sa kgoneng go itshwara.

Gantsi go nna le mmaba yo o batlang go ratana le wa mosadi. Lemororo a le pelonomi ebile a le kakanyetso, ga a kgone go itumedisa kana go kgatlha mogale wa mosadi. Jalo wa mosadi o dirisa boeletsego jwa gagwe jo bo tsietsang go fetola mogale wa gagwe yo o sa tshikhinyegeng maikutlo go nna motho yo o bonolo yo jaanong o mmolelelang ka go sa iphitlhe ka lorato lwa gagwe lo lo sa feleng mo go ene. Diphoso tsotlhe tse di fetileng di a phepafadiwa le go itshwarelwa, mme ka letlhogonolo ba a nyalana ba bo ba tshela ka boitumelo go tswa foo . . .

A Lorato lo Tshwana le Lorato lwa Dikinane?

A go bala dikinane tse di ntseng jalo tsa ditlhamane go ka go dira gore o seka wa leba dilo jaaka di ntse? Bonnie, yo o neng a simolola go bala dibuka tsa ditlhamane tsa lorato fa a ne a le dingwaga tse 16, o gakologelwa jaana: “Ke ne ke batla lekawana leo le neng le tshabile monyo, le le thupa tsa maretlwa ebile le le lentle; e le motho yo o kgatlhang, yo o gaisang batho botlhe ka botho jo bontle.” O ipolela jaana: “Fa ke ne ke fereana le lekawana lengwe mme a sa batle go nkatla le go nkama, o ne a ntshulafalela, le eleng fa a ne a na le kakanyetso ebile a le pelonomi. Ke ne ke batla boitumelo jo ke neng ke bala ka jone mo dibukeng tseno tsa ditlhamane.”

Bonnie o ne a tswelela ka go bala dibuka tseo tsa lorato morago ga a sena go nyalwa mme a re: “Ke ne ke na le legae le lelapa le le molemo, mme ka tsela nngwe fela go ne go sa lekana . . . Ke ne ke batla dilo tse disha, dilo tse di kgatlhang le boitumelo tseo di neng di tlhalosiwa ka mo go kgatlhisang mo dibukeng tseno tsa ditlhamane. Ke ne ke ikutlwa gore go ne go na le sengwe se se phoso ka lenyalo la me.” Lefa go le jalo, Bibela e ne ya thusa Bonnie go lemoga gore monna o tshwanetse go dira se se fetang go kgatlhisa kana “go itumedisa” mosadi wa gagwe fela. Ya re: “Banna le bōnè ba chwanetse go rata basadi ba bōnè hèla yalo, yaka e ka bo e le mebele ya bōnè. Eo o ratañ mosadi wa gagwè oa ithata: Gonne ga go e se go ko go nne motho opè eo o kileñ a ila nama ea gagwè, me oa e otla, a e ñomaèle.”—Baefesia 5:28, 29.

Mme go tweng ka ditlhogo tseo di tlwaelesegileng thata mo dibukeng tsa ditlhamane tsa lorato, diphelelo tse di sekeng di nna le phoso epe le go rarabololwa motlhofo ga ditlhoka-kutlwano? Ebu, ga se tse di utlwalang gotlhelele. Bonnie o gakologelwa jaana: “Fa ke ne ke tlhoka go utlwana le monna wa me, go na le go buisana le ene kaga gone, ke ne ke dirisa maano ao a neng a dirisiwa ke mogale mongwe wa mosadi. Fa monna wa me a ne a sa arabele ka tsela eo mogale wa monna a neng a arabela ka yone, ke ne ke ngala.” A kgakololo ya Bibela kaga basadi ga se e e utlwalang e e bileng e na le mosola go gaisa tsotlhe fa e re, “Basadi ba lo nyecweñ, ineeleñ mo banneñ ba lona”?—Bakolosa 3:18.

Go Kgotsofalela Tlhakanelo-Dikobo

Ka mo go kgatlhisang, dibuka tsa lorato tseo di tlhalosang tlhakanelo-dikobo ka botlalo—tseo di bonwang mo dilaeboraring tsa botlhe mo metseng-megolo mengwe—ke tseo di ratwang ke basha thata. A di ka go gobatsa? Karen wa dingwaga tse 18 o tlhalosa jaana: “Tota dibuka tseo di ne di ntlhotlheletsa gore ke nne le keletso e kgolo ya tlhakanelo-dikobo le go batla go itse dilo. Boitumelo jo bogolo le maikutlo a boitumelo ao mogale wa mosadi a neng a nna nao fa a ne a kopana le mogale wa gagwe ba bo ba nna le dikgotelo tsa lorato go ne go ntira gore ke eletse go nna le maikutlo ao le nna. Jalo fa ke ne ke fereana le mongwe,” o a tswelela, “ke ne ka leka go dira gore ke nne le maikutlo ao. Go ne ga nkgogela mo kgokafalong.” A mme boitemogelo jwa gagwe bo ne jwa tshwana le jwa bagale ba basadi bao a neng a ile a bala a bo a akanya kaga bone? Karen o ne a lemoga jaana: “Maikutlo ano a akanngwa ke bakwadi mo megopolong ya bone. Ga se a mmatota.”

Eleruri boikaelelo jwa bakwadi bangwe ke go dira gore batho ba akanye ka mo go itumedisang ka tlhakanelo-dikobo. Akanyetsa ditao tseo mokwadi mongwe o di nayang bakwadi ba dibuka tsa ditlhamane tsa lorato: “Bokopano jwa tlhakanelo-dikobo bo tshwanetse go nna jwa kgotelo le maikutlo a lorato ao a tsosiwang ke go atla ga mogale wa monna le go phoraphora.” Gape bakwadi ba gakololwa gore dikinane tsa lorato “di tshwanetse go tsosa boitumelo, kgagamalo ya mogopolo le maikutlo a a kwa teng le keletso mo mmading.” Ka phepafalo, go bala tshedimosetso ya go nna jalo ga go na go go thusa go latela kgakololo ya Bibela ya go “[bolaya] ditokololō tsa lona tse di ganèlèlañ mo lehatshiñ; ke raea boaka, le bomashwè, le dithatō, le keleco e e boshula.”—Bakolosa 3:5.

Kgetha

Go molemo, he, go tila go bala dibuka tsa ditlhamane tseo di tsosang maikutlo a boitsholo jo bo sa siamang kana tseo di dirang gore motho a nne le ditebelelo tseo di sa utlwaleng. Ke ka ntlhayang fa o sa tseye tsela e sele mme wa leka go bala dibuka tsa mefuta e mengwe, tse di tshwanang le tsa ditiragalo kana dibuka tsa boitseanape? Re sa reye gore dibuka tsa ditlhamane ga di na mosola ope, ka gonne go na le dibuka dingwe tsa ditlhamane tseo di sa tloseng bodutu fela mme gape di ruta. Mme fa buka ya tlhamane e remeletse thata mo tlhakanelong-dikobo, mo thubakanyong ya boeleele, mo ditirong tsa masaitsiweng, kana mo “bagaleng” bao ba ratanang le mongwe le mongwe, bao ba leng setlhogo, kana ba le bogagapa, a o tshwanetse go senya nako ya gago o di bala?

Jalo nna kelotlhoko. Pele ga o bala buka epe fela, tlhatlhobisa khabara ya yone le ditsebe tsa yone tsa ntlha; bona fa e le gore go ka tswa go na le sengwe se se sa rategeng ka buka eo. Mme fa lemororo o nnile kelotlhoko buka eo e lemotshega kwa morago fa e le e e sa siamang, nna le bopelokgale jwa go baya buka eo fa fatshe.

Phapaanong le seo, go bala Bibela le dibuka tseo di thailweng mo Bibeleng go tla go thusa, eseng go gobatsa. Ka sekai, mosetsanyana mongwe wa Mojapane o bolela gore go bala Bibela go ile ga mo thusa go sa akanye ka tlhakanelo-dikobo—seo gantsi e leng bothata mo basheng. “Gantsi ke baya Bibela gaufi le bolao jwa me mme ke tlhomamisa gore ke e bale pele ga ke ya go robala,” o bolela jalo. “Fa gongwe mogopolo wa me o akanya ka tlhakanelo-dikobo segolo bogolo fa ke le nosi mme ebile go sena sepe se ke se dirang (jaaka fa ke robala). Jalo go bala Bibela eleruri go a nthusa!” Ee, “go buisana” le batho ba tumelo bao go kwadilweng kaga bone mo Bibeleng go ka nonotsha boitsholo jwa gago eletota mme ebile ga go okeletsa boitumelo fela thata.—Baroma 15:4.

Dipotso tsa Puisano Kgaolo 35

◻ Ke ka ntlhayang fa o tshwanetse go kgetha seo o se balang?

◻ Ke ka ntlhayang fa dibuka tsa ditlhamane tsa lorato di ikuela fela thata jaana mo basheng ba le bantsi? Mme bodiphatsa jwa tsone ke bofe?

◻ O ka kgetha jang dilo tseo o tshwanetseng go di bala?

◻ Melemo mengwe ya go bala Bibela le dibuka tseo di thailweng mo Bibeleng ke efe?

[Mafoko a a mo go tsebe 287]

“Ke ne ke na le legae le lelapa le le molemo, mme ka tsela nngwe fela go ne go sa lekana . . . Ke ne ke batla dilo tse disha, dilo tse di kgatlhang le boitumelo tseo di neng di tlhalosiwa ka mo go kgatlhisang mo dibukeng tseno tsa ditlhamane. Ke ne ke ikutlwa gore go ne go na le sengwe se se phoso ka lenyalo la me”

[Setshwantsho mo go tsebe 283]

Ereka go na le dibuka di le diketekete tse dintsi jaana, o tshwanetse go kgetha

[Ditshwantsho mo go tsebe 285]

Go bala dibuka tsa ditlhamane tsa lorato go ka itumedisa fela thata, a mme di ruta pono e e molemo kaga lorato le lenyalo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela