Kgaolo 1
Melaetsa E E Tswang Legodimong
TOTA Bibela yotlhe, ke molaetsa o o tswang legodimong, ereka re ile ra e baakanyediwa ke Rraarona wa selegodimo go re laya ka yone. Lefa go ntse jalo, go na le melaetsa e mebedi e e kgethegileng e e neng ya tlisiwa dingwaga tse di batlileng di nna 2 000 tse di fetileng ke moengele yo o “emañ ha pele ga Modimo.” Leina la gagwe ke Gabariele. A re tlhatlhobeng ditiragalo tse di nnileng gone ka nako ya maeto ano a mabedi a a botlhokwa mo lefatsheng.
Ngwaga ke 3 B.C.E. Mo dithabeng tsa Judea, gongwe eseng kgakala thata le Jerusalema, go nna moperesiti mongwe wa ga Jehofa yo o bidiwang Sakaria. Ene le mosadi wa gagwe Elisabethe ba tsofetse. Mme ga ba na bana. Sakaria o tsena mo tirong ya gagwe ya boperesiti mo tempeleng ya Modimo mo Jerusalema. Ka tshoganyetso Gabariele o iponatsa kwa go ene kafa letlhakoreng la moja la sebeso sa maswalo.
Sakaria o tshogile fela thata. Mme Gabariele o ritibatsa poifo ya gagwe, ka go re, “Sekaria, u se ka ua boiha, gonne thapèlō ea gago e utlwilwe; me mosadi oa gago Elisabethe, o tla bōna ñwana oa mosimane nau; me u tla mo raea leina, u re, Yohane.” Gabariele o tswelela ka go bolela gore Johane “o tla nna mogolo mo ponoñ ea Morena” le gore o tla “baakanyetsa Morèna seshaba se o se etleeledicweñ.”
Lefa go ntse jalo, Sakaria ga a dumele. Go bonala go ka se kgonege gore mo dingwageng tsa bone ene le Elisabethe ba ka nna le ngwana. Ka jalo Gabariele o mo raya a re: ‘Ka go bo o sa ka wa ntumela, ga o ne o kgona go bua go fitlhela dilo tse di diragala.’
Ebu, ka nako eno, batho ba ba kwa ntle ba gakgamaletse gore ke goreng Sakaria a diegile mo go kana mo tempeleng. Fa a tswa kgabagare, ga a kgone go bua mme o kgona go bua fela ka diatla, mme ba lemoga gore o bone sengwe se se gakgamatsang thata.
Morago ga fa Sakaria a sena go fetsa tirelo ya gagwe mo tempeleng, o boela gae. Mme ka bofefo fela morago ga fa seno se sena go diragala—Elisabethe o a ima! Fa a santse a letetse ngwana wa gagwe go tsalwa, Elisabethe o iphitlha mo matlhong a batho ka dikgwedi tse tlhano.
Moragonyana Gabariele o bonala gape. Mme ke mang yo o buang nae? O bua le lekgarebe lengwe le le sa nyalwang le le bidiwang Maria mo motseng wa Nasaretha. Ke molaetsa ofe o a o isang ka nako eno? Reetsang! “U bonye lesegō mo Modimoñ,” Gabariele o raya Maria a rialo. “Bōna, u tla ithwala, me u tla bōna ñwana oa mosimane, me u tla mo raea leina, u re, YESU.” Gabariele o oketsa ka go re: “O tla nna mogolo, me o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo. . . . Me o tla busa ntlo ea ga Yakobe ka bosakhutleñ; me bogosi yoa gagwè ga bo ketla bo na le bokhutlō.”
Re ka tlhomamisega gore Gabariele o ne a ikutlwa a na le tshiamelo tota go bolela melaetsa eno. Mme jaaka re bala ka mo go oketsegileng kaga Johane le Jesu, re tla bona ka phepafalo ka mo go oketsegileng gore ke goreng melaetsa eno e e tswang legodimong e le botlhokwa mo go kalo. 2 Timotheo 3:16; Luke 1:5-33.
▪ Ke melaetsa efe e mebedi e e botlhokwa e e neng ya buiwa go tswa legodimong?
▪ Ke mang yo o neng a tlisa melaetsa eo, mme o ne a e tlisa go bomang?
▪ Ke goreng melaetsa eno e ne e le thata go e dumela?