LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 7/15 ts. 26-27
  • Ba Ne Ba Duelelwa go Sepela Ba Sena Molato

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba Ne Ba Duelelwa go Sepela Ba Sena Molato
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Masego A A Sa Lebelelwang
  • Lebaka la go Itumela
  • Johane O A Tsalwa
  • Ba Segofaditswe Thata
  • Elisabetha o Tshola Ngwana
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Mongwe yo o Tla Baakanyang Tsela o a Tsholwa
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Mmaakanyi wa Tsela O Tsetswe
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Dipotso Tse di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 7/15 ts. 26-27

Ba Ne Ba Duelelwa go Sepela Ba Sena Molato

JEHOFA o segofatsa le go duela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Ba ka nna ba tshwanelwa ke go leta nakonyana go bona go diragadiwa ga maikaelelo a Modimo, mme a bo go itumedisa jang ne fa ba bona masego a gagwe!

Seno se ne sa bontshiwa sentle dingwaga tse di ka nnang dikete tse pedi tse di fetileng ka moperesiti wa Mojuda Sakaria le mosadi wa gagwe Elisabethe, ba e neng e le ba losika lwa ga Arone boobabedi. Modimo o ne a solofeditse Baiseraele gore o ne a tla ba segofatsa ka bana fa ba ne ba ka mo direla ka boikanyegi. O ne a re bana ke tuelo. (Lefitiko 26:9; Pesalema 127:3) Lefa go ntse jalo, Sakaria le Elisabethe ba ne ba sena bana e bile ba godile thata mo dingwageng.—Luke 1:1-7.

Dikwalo di bolela gore Sakaria le Elisabethe “ba bo ba le tshiamō ha pele ga Modimo ka bobedi yoa bōnè, ba tsamaea mo ditaoloñ cotlhe, le mo ditaeoñ tsa Morèna, ba sena molato.” (Luke 1:6) Ba ne ba rata Modimo thata jaana mo go neng go se morwalo mo go bone go latela tsela ya tshiamo le go boloka ditaolo tsa gagwe.—1 Yohane 5:3.

Masego A A Sa Lebelelwang

A re gopoleng ka nako ya fa dikgakologo di fela kana fa selemo se ne se simolola ka ngwaga wa 3 B.C.E. Herode yo Mogolo ke ene kgosi mo Judea. Ka letsatsi lengwe, moperesiti Sakaria o tsena mo felong ga Boitshepo ga tempele mo Jerusalema. Fa batho ba ntse ba kopane mmogo go rapela ka kwantle ga felo ga boitshepo, ene o fisa maswalo mo sebesong sa gauta. Jaaka e lebiwa jaaka tiro e e tlotlegang thata mo ditirong tsa letsatsi le letsatsi, seno se dirwa fa setlhabelo se sena go dirwa. Moperesiti o ka nna a bo a nnile le tshiamelo eno gangwe fela mo botshelong jwa gagwe.

Sakaria ga a dumele se a se bonang. Bona, moengele wa ga Jehofa o eme kafa letlhakoreng la moja la sebeso sa maswalo! Moperesiti yono yo o tsofetseng o a tshoga e bile o tshwenyegile. Mme moengele a re: “Sekaria, u se ka ua boiha, gonne thapèlō ea gago e utlwilwe; me mosadi oa gago Elisabethe, o tla bōna ñwana oa mosimane nau; me u tla mo raea leina, u re, Yohane.” Ee, Jehofa o utlwile dithapelo tse di tswang pelong tsa ga Elisabethe le Sakaria.—Luke 1:8-13.

Moengele o oketsa ka gore: “U tla nna le boitumèlō le boipelo; le batho ba le bantsi ba tla itumèlèla go tsalwa ga gagwè. Ka gonne o tla nna mogolo mo ponoñ ea Morèna; me ga a ketla a nwa boyalwa yoa mofine, leha e le boyalwa yo bo loileñ; me o tla tlala Mōea o o Boitshèpō, le a sa cwa sebopeloñ sa ga mmagwè.” Johane o tla nna Monasari yo o nnang le moya o o boitshepo wa Modimo mo botshelong jotlhe jwa gagwe. Moengele o tswelela jaana: “Bana ba le bantsi ba Iseraela o tla ba shokololèla mo go Morèna Modimo oa bōnè. Me o tla ètèlèla pele ka mōea le ka nonohō ea ga Eliya, go shokololèla dipelo tsa borara mo baneñ, le ba ba sa utlweñ go sepela mo botlhaleñ yoa basiami; go baakanyetsa Morèna seshaba se o se etleeledicweñ.”—Luke 1:14-17.

Sakaria o botsa ka gore: “Go mo ke tla go itse ka eñ? ka ke le monna mogolo, le mosadi oa me a cohetse thata.” Moengele o araba ka gore: “Ke nna Gabariela, eo ke èmañ ha pele ga Modimo; me ke romilwe go tla ke bua nau, le go gu bolèlèla mahoko a, a boitumèlō. Me, bōna, u tla nna semumu, u retelèlwe ke go bua, go tlo go tsamaeè letsatsi le tlè, ye dilō tse di tla dihalañ ka yeōna; ka u sa dumele mahoko a me, a a tla dihalañ mo lobakeñ loa aōna.” Fa Sakaria a tswa mo felong ga boitshepo ga a kgone go bua mme batho ba lemoga gore o bone ponalo e e gakgamatsang. Se a ka se dirang fela ke go dirisa matshwao, a dirisa diatla go tlhalosa megopolo ya gagwe. Fa a fetsa ka tirelo ya gagwe, o boela gae.—Luke 1:18-23.

Lebaka la go Itumela

Fela jaaka a solofeditswe, ka bonakonyana fela Elisabethe o nna le lebaka la go itumela. O a ima, a tlosa kgobo ya go sa kgone go bona bana. Mongwe wa losika lwa gagwe, e bong Maria le ena o a itumela, ka gonne moengele ene yoo, Gabariela, o mo raya a re: “Bōna, u tla ithwala, me u tla bōna ñwana oa mosimane, me u tla mo raea leina, u re, YESU. O tla nna mogolo, me o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo; me Morèna Modimo o tla mo naea setulō sa bogosi sa ga Dafide rragwè.” Maria o ikemiseditse go nna “lelata ya Morèna.”—Luke 1:24-38.

Maria o itlhaganelela go ya kwa ntlong ya ga Sakaria le Elisabethe mo nageng e e dithaba ya Judea. Fa Maria a dumedisa, lesea le le mo sebopelong sa ga Elisabethe le a tlola. Ka go tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo wa Modimo, Elisabethe o buela kwa godimo a re: “U segō mo basadiñ, go bile go segō louñō loa sebopèlō sa gago. Me mo, go ncwèla kae, ha e bo yana mma Morèna oa me a ka tla mo go nna yana? Gonne, bōna, ea re lencwe ya tumedishō ea gago le tsèna hèla mo ditsebeñ tsa me, ñwana a tlola ka boitumelo mo sebopeloñ sa me. Me go segō ènè mosadi eo o dumetseñ; gonne dilō tse o di bolelecweñ ke Morèna di tla dihala.” Maria o arabela ka boitumelo jo bogolo. O nna le Elisabethe ka dikgwedi tse di ka nnang tharo.—Luke 1:39-56.

Johane O A Tsalwa

Mo nakong e e leng yone Elisabethe le Sakaria ba ba tsofetseng ba bona ngwana. Ka letsatsi la borobedi, lesea le a rupisiwa. Balosika ba batla go bitsa mosimane Sakaria, mme Elisabethe a re: “Nya, ga goa nna yalo; o tla bidiwa Yohane.” A monna wa gagwe yo o sa kgoneng go bua o dumalana le ene? O kwala mo sematleng sa go kwala a re: “Leina ya gagwe ke Yohane.” Ka bofefo fela, loleme lwa ga Sakaria le a gololega, mme o simolola go bua, a baka Jehofa.—Luke 1:57-66.

A tladitswe ka moya o o boitshepo, moperesiti yo o itumetseng o a porofesa. O bua e kete Mogolodi yo o solofeditsweng—“lonaka loa poloka mo ntluñ ea ga Dafide”—o setse a le gone tumalanong le kgolagano ya ga Aberahame ka ga Losika lo ditšhaba tsotlhe di tla segofalang ka lone. (Genesise 22:15-18) Jaaka yo o eteletseng Mesia pele, morwa wa ga Sakaria yo o tsetsweng ka kgakgamatso o tla ‘tsamaya fa pele ga sefatlhego sa Morena go naya batho kitso ya poloko.’ Jaaka dingwaga di ne di ntse di feta, Johane o nna a ntse a gola le go nonofa mo moyeng.—Luke 1:67-80.

Ba Segofaditswe Thata

Sakaria le Elisabethe ba ne ba le dikao tse dintle tsa go nna le tumelo le bopelotelele. Ba ne ba tswelela ba direla Jehofa ka boikanyegi le e leng fa ba ne ba tshwanelwa ke go lebelela mo Modimong, mme masego a bone a magolo a ile a tla fela fa ba ne ba setse ba godile thata mo dingwageng.

Lefa go ntse jalo, a bo Elisabethe le Sakaria ba ne ba ipelela masego jang ne! Ka go tlhotlhelediwa ke moya wa Modimo, ba ne ba porofesa ka bobedi jwa bone. Ba ne ba nna le tshiamelo ya go nna batsadi le bathapisi ba yo o eteletseng Mesia pele, e bong Johane Mokolobetsi. Go feta moo, Modimo o ne wa ba leba ba le tshiamo. Ka mo go tshwanang, batho ba ba latelang tsela ya bomodimo gompieno ba ka nna le boemo jo bo siameng le Modimo mme ba tla bona masego a le mantsi ka ntlha ya go tsamaya ba sena molato mo ditaolong tsa ga Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela