LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 3 ts. 14-ts. 15 ser. 2
  • Mongwe yo o Tla Baakanyang Tsela o a Tsholwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mongwe yo o Tla Baakanyang Tsela o a Tsholwa
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mmaakanyi wa Tsela O Tsetswe
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Elisabetha o Tshola Ngwana
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Ba Ne Ba Duelelwa go Sepela Ba Sena Molato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Dipotso Tse di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 3 ts. 14-ts. 15 ser. 2
Elisabetha o bontsha batho ngwana wa gagwe

KGAOLO 3

Mongwe Yo O Tla Baakanyang Tsela O A Tsholwa

LUKE 1:57-79

  • JOHANE MOKOLOBETSI O A TSHOLWA A BO A TEWA LEINA

  • SEKAREA O BOLELELA PELE TIRO E JOHANE A TLA E DIRANG

Elisabetha o tloga a tshola ngwana. Marea o ntse a na le ene dikgwedi di le tharo. Jaanong ke nako ya gore Marea a boele gae kwa Nasaretha. Mo dikgweding tse di latelang di ka nna thataro, le ene o tlile go nna le ngwana wa mosimane.

Nakonyana fela fa Marea a sena go tsamaya, Elisabetha o tshola ngwana e bile ene le ngwana wa gagwe ba na le botsogo jo bontle! Elisabetha le Sekarea ba itumetse. Fa Elisabetha a bontsha baagelani ba gagwe le ba losika ngwana, ba itumela le ene.

Molao o Modimo a neng a o neile Baiseraele o ne o laela gore ngwana wa mosimane o tshwanetse go rupisiwa mo letsatsing la borobedi fa a sena go tsholwa e bile o ne a tewa leina ka yone nako eo. (Lefitiko 12:2, 3) Bangwe ba akanya gore ngwana yono o tshwanetse go bidiwa Sekarea jaaka rraagwe. Mme Elisabetha ene o ba raya a re: “Nnyaa! o tla bidiwa Johane.” (Luke 1:60) Gopola gore moengele Gabariele o ile a re ngwana yono o tshwanetse go bidiwa Johane.

Baagelani le ba losika ba a gana, ba re: “Ga go na ope mo losikeng lwa gago yo o bidiwang ka leina leno.” (Luke 1:61) Ba bua ba dirisa mabogo ba botsa Sekarea gore ene o batla gore ngwana wa gagwe a bidiwe mang. Sekarea o kopa sengwe se a ka kwalelang mo go sone a bo a kwala a re: “Leina la gagwe ke Johane.”—Luke 1:63.

Sekarea o kwalela mo sekwalelong; Sekarea o kgona go bua gape e bile o a porofeta

Fa a fetsa go kwala leina leo, ka kgakamatso o kgona go bua gape. O ka tswa o gopola gore Sekarea o ile a se ka a tlhola a kgona go bua fa a ne a sa dumele fa moengele a mmolelela gore Elisabetha o tla tshola ngwana wa mosimane. Jaanong fa Sekarea a bua, baagelani ba gagwe ba gakgametse e bile ba ipotsa ba re: “Tota ngwana yo monnye yono o tlile go nna eng?” (Luke 1:66) Ba bona gore Modimo o ile a nna le seabe fa Johane a tewa leina.

Go tswa foo, Sekarea o bua jaana a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo: “A go bakwe Jehofa, Modimo wa Iseraele ka gonne o tlhomogetse batho ba gagwe pelo a bo a ba golola. E bile o re tliseditse mmoloki yo o maatla yo o tswang mo lelapeng la ga Dafide motlhanka wa gagwe.” (Luke 1:68, 69) Fa a re “mmoloki yo o maatla,” o bua ka Morena Jesu, yo a neng a tlile go tsholwa. Sekarea a re Modimo o tla re “golola mo babeng ba rona, o tla re letla gore re mo obamele re sa boife, gore re tle re ikanyege re bo re dire se se siameng botshelo jotlhe jwa rona.”—Luke 1:74, 75.

Sekarea o bolelela pele ka morwawe a re: “Wena ngwana yo monnye, o tla bidiwa moporofeti wa Mogodimodimo, ka gonne o tla tsamaya kwa pele ga ga Jehofa gore o baakanye ditsela tsa gagwe, gore o itsise batho ba gagwe gore Modimo o tla ba boloka ka go ba itshwarela maleo, ka gonne a le pelotlhomogi thata. Bopelotlhomogi joo jo bo tswang kwa legodimong bo tla re phatsimela jaaka fa letsatsi le tlhaba, gore ba ba ntseng mo lefifing le mo moriting wa loso ba nne mo leseding le go kaela dinao tsa rona mo tseleng ya kagiso.” (Luke 1:76-79) Ruri boporofeti jono bo a kgothatsa!

Mo nakong eno, Marea yo go bonalang a ise a nyalwe, o setse a gorogile kwa Nasaretha. Go tla diragala eng ka ene fa go lemotshega gore o imile?

  • Johane le Jesu ba fetana ka lobaka lo lo kae?

  • Go diragala eng fa Johane a na le malatsi a le robedi?

  • Ke tiro efe e Modimo a e neileng Johane?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela