LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gt kgao. 3
  • Mmaakanyi wa Tsela O Tsetswe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mmaakanyi wa Tsela O Tsetswe
  • Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mongwe yo o Tla Baakanyang Tsela o a Tsholwa
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Elisabetha o Tshola Ngwana
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Ba Ne Ba Duelelwa go Sepela Ba Sena Molato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Dipotso Tse di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
gt kgao. 3

Kgaolo 3

Mmaakanyi wa Tsela O Tsetswe

ELISABETHE o setse a le gaufi le go tshola ngwana wa gagwe. Mo dikgweding tse tharo tse di fetileng tseno, Maria o ne a ntse a nna le ene. Mme jaanong ke nako ya gore Maria a mo sadise sentle mme a tseye loeto lo loleele a boele gae kwa Nasaretha. Le ene, mo dikgweding tse di ka nnang thataro o tla bo a tshola ngwana.

Ka bofefo fela morago ga fa Maria a sena go tsamaya, Elisabethe o tshola ngwana. Abo e le boipelo jang ne fa Elisabethe a ile a atlega mo go tsholeng ngwana mme jaanong ene le ngwana ba tsogile sentle! Fa Elisabethe a bontsha baagelani ba gagwe le balosika leseanyana la gagwe, botlhe ba ipela le ene.

Letsatsi la boroba bobedi morago ga botsalo jwa gagwe, go ya ka molao wa Modimo, ngwana wa mosimane mo Iseraele o tshwanetse go rupisiwa. Mo pakeng eno ditsala le balosika ba a tla ba etile. Ba bolela gore mosimane o tshwanetse go reelelwa ka rraagwe, eleng Sakaria. Mme Elisabethe o ntsha mafatlha a gagwe. A re ‘Nnyaa! O tshwanetse go bidiwa Johane.’ Gakologelwa, leo ke leina leo moengele Gabariele a neng a re le tshwanetse go rewa ngwana.

Lefa go ntse jalo, ditsala tsa bone di ganana le se ka go re: “Ga go na opè oa losika loa gago eo o bidiwañ ka leina yeuo.” Go tswa foo, ba dirisa diatla, ba botsa rraagwe gore o batla mosimane a rewa leina lefe. Fa a sena go kopa sematla sa sekwalelo, Sakaria, kgakgamalong ya bone botlhe o kwala a re: “Leina [la] gagwè ke Yohane.”

Fa go sena go diragala jalo, ka kgakgamatso Sakaria o boa a kgona go bua gape. O tla gakologelwa gore o ne a latlhegelwa ke nonofo ya gagwe ya go bua fa a ne a sa dumele kitsiso ya moengele ya gore Elisabethe o tla nna le ngwana. Jalo he, fa Sakaria a bua, botlhe bao ba nnang mo tikologong ba akabetse mme ba raana ba re: “Kana ñwana eo, e tla nna eo o nntseñ yañ!”

Sakaria jaanong o tladitswe ka moya o o boitshepo, mme o bua jaana ka go kgana: “A go bakwè Morèna, Modimo oa Iseraela; gonne o lekotse batho ba ōna, o bile o ba dihetse thekololō. Me o re emiseditse lonaka loa poloka mo tluñ ea ga Dafide, motlhanka oa ōna.” Kwantle ga pelaelo “lonaka [lono] loa poloka” ke Morena Jesu, yo o santseng a tla tsholwa. Sakaria o bolela gore ka ene Modimo o tla “re raea, gore, e tle e re re golocwe mo diatleñ tsa baba ba rona, re o dihèlè re sena poihō, mo boitshepoñ le mo tshiamoñ ha pele ga ōna, ka malatsi aotlhe a botshelō yoa rona.”

Go tswa foo Sakaria o bolelela pele jaana malebana le morwawe, Johane: “E, le wèna, ñwana, u tla bidiwa moperofeti oa Mogodimodimo: gonne u tla tsamaea ha pele ga sehatlhōgō sa Morèna go baakanya ditsela tsa gagwè. Go naea batho ba gagwè kicō ea polokō ka boichwarèlō yoa dibe tsa bōnè, Ka ntlha ea boutlwèlō botlhoko yo bo nana yoa Modimo oa rona; yo bophèpa yoa moshō yo bo cwañ godimoñ bo re lekotseñ ka yōna. Go phatsimèla ba ba dutseñ mo lehihiñ le mo morutiñ oa losho, go siamisetsa dinaō tsa rona mo tseleñ ea kagishō.”

Ka nako yone eno, Maria, yo ka phepafalo a santseng a le mosadi yo o iseng a nyalwe, o setse a gorogile kwa gae kwa Nasaretha. Go tla diragalang fa go tla go itsiwe gore o moimana? Luke 1:56-80; Lefitiko 12:2, 3.

▪ Johane o ne a feta Jesu ka lobaka lo lo kana kang?

▪ Ke dilo dife tse di neng tsa diragala fa Johane a ne a le malatsi a robabobedi?

▪ Modimo o lebisitse tlhokomelo ya one go batho ba one jang?

▪ Go ne ga bolelelwapele gore Johane o tla dira tiro efe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela