Dipotso Tse di Tswang go Babadi
A Maria yo o neng a nna mmaagwe Jesu o ne a setse a ithwele fa a ne a etela Elisabethe wa losika lwa gagwe?
Ee, go bonala a ne a ithwele.
Mo go Luke kgaolo 1, la ntlha re bala ka go ithwala ga ga Elisabethe, mosadi wa moperesiti Sakaria, yo o neng a tshola Johane (Mokolobetsi). Fa Elisabethe a ne a le mo “kgwedi[ng] ya borataro, moengele Gaberiele” o ne a etela Maria gore a mo itsise gore o ne a tla ithwala a bo a tshola “Morwa Mogodimodimo.” (Luke 1:26, 30-33) Mme Maria o ne a ithwala leng?
Pego ya ga Luke e tswelela pele e bolela gore morago ga moo Maria o ne a tsaya loeto a ya Juta a etela Elisabethe wa losika lwa gagwe yo o neng a ithwele. Fa basadi bano ba babedi ba bonana, lesea le le mo sebopelong sa ga Elisabethe (Johane) le ne la tlola. Elisabethe o ne bolela ka ‘loungo lwa sebopelo sa ga Maria,’ mme o ne a bitsa Maria “mma Morena wa me.” (Luke 1:39-44) Ka gone tshwetso e e utlwalang sentle ke ya gore Maria o ne a setse a imile, le gone o ne a ithwele fa a ne a ya go bona Elisabethe.
Luke 1:56 e balega jaana: “Maria a nna nae e ka ne e le ka dikgwedi di le tharo, a ba a boela kwa ga gagwe.” Temana eno ga e re neele nako e e tlhomameng ya gore tota o ne a na le nako e kae a ntse a imile. E bolela gore “e ka ne e le ka dikgwedi di le tharo,” se se rayang gore Elisabethe o ne a le mo kgweding ya borobong a ntse a ithwele.
Fa Maria a sena go thusa Elisabethe mo nakong ya gagwe ya bofelo a ntse a ithwele, o ne a boela kwa legaeng la gagwe kwa Nasaretha. Gongwe Maria o ne a lemoga gore fa Elisabethe a tshola ngwana (Johane), go ne go ka nna le baeng ba le bantsi, ba bangwe tota e le ba losika lwa gagwe. Seo se ne se ka mo kokonela kana se mo tlhabisa ditlhong gore a bo a ithwele e le lekgarebe le le sa nyalwang. Maria o ne a na le nako e kana kang a ntse a ithwele fa a ne a boela kwa Nasaretha? E re ka Maria a ne a nna le Elisabethe mo “e ka ne e le ka dikgwedi di le tharo,” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) gongwe o ka tswa a ne a le mo bofelong jwa kgwedi ya boraro a ntse a ithwele kana a le mo tshimologong ya kgwedi ya bonè fa a ne a boela kwa Nasaretha.