LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 1 ts. 10-ts. 11 ser. 8
  • Melaetsa e Mebedi e e Tswang Kwa Modimong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Melaetsa e Mebedi e e Tswang Kwa Modimong
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Melaetsa E E Tswang Legodimong
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Elisabetha o Tshola Ngwana
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Ba Ne Ba Duelelwa go Sepela Ba Sena Molato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Mongwe yo o Tla Baakanyang Tsela o a Tsholwa
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 1 ts. 10-ts. 11 ser. 8
Gabariele o iponatsa kwa go Sekarea; Elisabetha o imile

KGAOLO 1

Melaetsa E Mebedi E E Tswang Kwa Modimong

LUKE 1:5-33

  • MOENGELE GABARIELE O BOLELELA PELE GORE JOHANE MOKOLOBETSI O TLA TSHOLWA

  • GABARIELE O BOLELELA MAREA GORE JESU O TLILE GO TSHOLWA

Re ka tsaya Baebele yotlhe e le molaetsa o o tswang kwa Modimong. Rraarona yo o kwa legodimong o re kwaletse yone gore e re rute. Mme gone, ela tlhoko melaetsa e mebedi e e kgethegileng e e neng ya tlisiwa dingwaga di feta 2 000 tse di fetileng. E ne ya tlisiwa ke moengele Gabariele, “yo o emang fa pele ga Modimo.” (Luke 1:19) Maemo a ne a ntse jang fa moengele yoo a ne a tlisa melaetsa eo ya botlhokwa?

Ke mo e ka nnang ka ngwaga wa 3 B.C.E. Gabariele o isa molaetsa wa ntlha kwa go mang? Moperesiti mongwe wa ga Jehofa yo o bidiwang Sekarea, o nna kwa nageng ya Judea e e dithaba, e go lebegang e se kgakala le Jerusalema. Ene le mosadi wa gagwe e bong Elisabetha, ba setse ba tsofetse, mme ga ba na bana. Jaanong ke nako ya gore Sekarea a dire tiro ya gagwe ya boperesiti kwa tempeleng ya Modimo kwa Jerusalema. Fa Sekarea a ntse a le mo tempeleng, ka tshoganyetso fela, Gabariele o tlhagelela gaufi le sebeso sa maswalo.

Go a utlwala go bo Sekarea a tshosiwa ke tiragalo eno. Le fa go ntse jalo, moengele yono o mo ritibatsa ka go mo raya a re: “Se boife, Sekarea, ka gonne Modimo o utlwile thapelo ya gago ya tlhoafalo, mme mosadi wa gago e bong Elisabetha o tla go tsholela ngwana wa mosimane, mme o mmitse Johane.” Gabariele o oketsa ka go re Johane “o tla nna mogolo mo matlhong a ga Jehofa” e bile o tla ‘baakanyetsa Jehofa batho.’—Luke 1:13-17.

Sekarea o bua a dirisa diatla

Go bonala go le thata gore Sekarea a dumele seno. Goreng? Ka gonne ene le Elisabetha ba setse ba tsofetse. Ka jalo, Gabariele o mo raya a re: “Ga o kitla o kgona go bua go fitlha ka letsatsi le dilo tseno di tla diragalang ka lone, ka gonne o ne wa se ka wa dumela mafoko a me.”—Luke 1:20.

Mo nakong eno yotlhe, batho kwa ntle ba ipotsa gore ke eng fa Sekarea a tsere lobaka lo loleele jaana mo tempeleng. La bofelo o a tswa, mme ga a kgone go bua. O bua fela a dirisa diatla. Go bonala sentle gore o bone sengwe se se sa tlwaelegang fa a le mo tempeleng.

Fa Sekarea a sena go wetsa tiro ya gagwe kwa tempeleng, o boela kwa legaeng la gagwe. Moragonyana, Elisabetha o a ima. Fa a ntse a letetse go tshola ngwana, o nna kwa gae dikgwedi di le tlhano a sa kopane le batho.

Gabariele o iponatsa kwa go Marea

Jaanong Gabariele o iponatsa lekgetlo la bobedi. O iponatsa kwa go mang? Kwa lekgarebaneng lengwe le le sa nyalwang le le bidiwang Marea, le le nnang kwa bokone jwa Jerusalema kwa kgaolong ya Galalea, kwa motseng wa Nasaretha. Moengele o mo raya a reng? O mo raya a re: “Modimo o go amogetse. Mme o tla ima o bo o tshola ngwana wa mosimane, mme o mmitse Jesu.” Gabariele o oketsa ka go re: “Ngwana yono o tla nna mogolo e bile o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo, . . . mme o tla busa ditlogolwana tsa ga Jakobe ka bosakhutleng e le Kgosi, mme Bogosi jwa gagwe ga bo kitla bo khutla.”—Luke 1:30-33.

Ruri Gabariele o tshwanetse a bo a ne a tsaya go isa melaetsa eno e mebedi e le tshiamelo. Fa re ntse re ithuta mo go oketsegileng ka Johane le Jesu, re tla bona sentle gore ke eng fa melaetsa eno e e tswang kwa legodimong e le botlhokwa thata.

  • Ke mang yo o isang melaetsa e mebedi ya botlhokwa e e tswang kwa legodimong?

  • Melaetsa eno e mebedi e isiwa kwa go bomang?

  • Goreng o akanya gore go thata go dumela melaetsa eno e e tswang kwa legodimong?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela