LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gt kgao. 10
  • Maeto a go ya Jerusalema

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Maeto a go ya Jerusalema
  • Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba Lelapa la Gaabo Jesu ba ya Jerusalema
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Jesu a le Monnye
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Jesu yo Mmotlana mo Tempeleng
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Jesu O ne A Ithuta go Nna Kutlo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
gt kgao. 10

Kgaolo 10

Maeto a go ya Jerusalema

KE NAKO ya dikgakologo. Mme ke nako ya gore lelapa la ga Josefa, mmogo le ditsala le balosika, ba tsene mo loetong lwa bone lwa ngwaga le ngwaga lwa dikgakologo go ya go keteka Tlolaganyo kwa Jerusalema. Jaaka ba tloga ba tsena mo loetong lwa dikilometara tse di ka nnang 100, go na le boitumelo jwa ka gale. Jesu jaanong o dingwaga di le 12, mme o lebeletse go tla ga moletlo ka kgatlhego e e kgethegileng.

Mo go Jesu le balelapa la gaabo, Tlolaganyo ga se tiragalo ya letsatsi le le lengwe fela. Ba emela le Moletlo o o latelang wa malatsi a le supa wa Senkgwe se se sa Bedisiwang, o ba o tsayang jaaka karolo ya nako ya Tlolaganyo. Ka baka leo, loeto lotlhe go tswa kwa legaeng la bone kwa Nasaretha, go akaretsa le go nna ga bone kwa Jerusalema, di tsaya mo e ka nnang dibeke di le pedi. Mme mo ngwageng ono, ka ntlha ya sengwe se se kopanyeletsang Jesu, lo tsaya lobaka lo loleele.

Bothata bo tlhaga mo loetong lwa go boa kwa Jerusalema. Josefa le Maria ba ithaya ba re Jesu o mo setlhopheng sa balosika le ditsala tse ba tsamayang natso. Mme ga a bonale fa ba ema ka ntlha ya fa go le bosigo, mme ba tsamaya ba mmatla mo gare ga bao ba neng ba tsamaya nabo. Gaa bonwe gope. Jalo Josefa le Maria ba boela morago kwa Jerusalema go ya go mmatla.

Ba mo senka letsatsi lotlhe kwantle ga go mmona. Le ka letsatsi la bobedi ba palelwa ke go mmona. Labofelo, ka letsatsi la boraro, ba ya kwa tempeleng. Koo, mo go e nngwe ya diholo tsa yone, ba bona Jesu a ntse fa gare ga baruti ba Bajuda, a ba reeditse a bile a ba botsa dipotso.

‘Morwaaka, o ne o direlang jalo?’ Maria oa botsa. ‘Nna le rraago re ntse re tshwenyegile thata re go batla gotlhe.’

Jesu o gakgamaditswe ke gore ba ne ba sa itse koo ba ka mmonang gone. ‘Ke ka ntlhayang fa lo ne lo tshwanetse go mpatla?’ a botsa. ‘A lo ne lo sa itse gore ke tshwanetse go nna mono mo ntlung ya ga Rre?’

Jesu gaa tlhaloganye gore ke ka ntlhayang fa batsadi ba gagwe ba sa itse seno. Fa a sena go rialo, Jesu o boela gae le batsadi ba gagwe mme o tswelela go ba ikobela. O tswelapele mo botlhaleng le mo go goleng le mo go ratiweng ke Modimo le batho. Ee, go tloga bonyaneng jwa gagwe go ya pele Jesu o tlhoma sekao se se molemo e seng fela mo go batleng dikgatlhego tsa semoya mme le mo go tlotleng batsadi ba gagwe. Luke 2:40-52; 22:7.

▪ Ke loeto lofe lwa dikgakologo loo Jesu le lelapa la gaabo ba neng ba aga ba le tsaya, mme lo tsaya nako e e kana kang?

▪ Go ne ga diragalang mo loetong lo ba lo tsayang fa Jesu a le dingwaga di le 12?

▪ Ke sekao sefe seo Jesu a se tlhomelang basha gompieno?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela