KGAOLO 10
Ba Lelapa La Gaabo Jesu Ba Ya Jerusalema
FA JESU A LE DINGWAGA DI LE LESOME LE BOBEDI O BOTSA BARUTISI DIPOTSO
JESU O BITSA JEHOFA A RE “RRE”
Ke paka ya dikgakologo. Jaanong ke nako ya gore Josefa le ba lelapa la gagwe mmogo le ba losika le ditsala, ba tseye loeto lo ba tlwaetseng go lo tsaya ngwaga le ngwaga go ya Jerusalema. Ba ya koo go ya go keteka moletlo wa Tlolaganyo, fela jaaka Molao wa ga Moshe o laela. (Duteronome 16:16) Go tswa kwa Nasaretha go ya Jerusalema ke dikilometara di ka nna 120. Eno ke nako e e itumedisang ka gonne mongwe le mongwe o ipaakanyetsa loeto. Jesu yo jaanong a nang le dingwaga di le 12, o lebile pele go nna teng kwa moletlong ono le go nna le tshono ya go ya kwa tempeleng gape.
Mo go Jesu le ba lelapa la gagwe, moletlo ono ga se tiragalo fela ya letsatsi le le lengwe. Morago ga letsatsi la Tlolaganyo go simologa Moletlo wa Senkgwe Se se Se Nang Sebediso o o tsayang malatsi a le supa. (Mareko 14:1) Moletlo ono o tsewa e le karolo ya paka ya Tlolaganyo. Loeto lwa go tswa kwa Nasaretha, nako e ba e fetsang kwa Jerusalema le loeto lwa go boela gae, lo ba tsaya dibeke di ka nna pedi. Mme mo ngwageng ono ba tsaya lobaka lo loleelenyana ka ntlha ya se se diragaletseng Jesu. Seno se amana le bothata jo ba bo lemogang fa ba boela gae ba tswa Jerusalema.
Fa ba boela gae, Josefa le Marea ba akanya gore Jesu o na le batho ba ba tsamayang le bone. Le fa go ntse jalo, bosigo fa ba ema gore ba ikhutse, ga ba mmone. Ka jalo, ba mmatla mo go ba losika le ditsala, mme ga ba mo fitlhele. Ga ba itse gore ngwana wa bone o kae! Ka jalo, Josefa le Marea ba boela kwa Jerusalema go ya go mmatla gone.
Ba mmatla letsatsi lotlhe, mme ga ba mmone. Tota le mo letsatsing le le latelang, ba tswelela ba mmatla mme ga ba mmone. Mo letsatsing la boraro, ba mo fitlhela kwa tempeleng a na le barutisi ba Bajuda. O ba reeditse e bile o ba botsa dipotso, mme ba gakgamadiwa ke tsela e a tlhaloganyang dilo ka yone.
Marea o mo raya a re: “Ngwanaka, ke eng fa o dira jaana? Kana nna le rrago re ntse re go batla re tshwenyegile thata.”—Luke 2:48.
Jesu o gakgamadiwa ke gore ba ne ba sa itse gore a ka tswa a le kae. O ba raya a re, “Ke ka ntlha yang fa lo ne lo mpatla? A lo ne lo sa itse gore ke mo ntlong ya ga Rre?”—Luke 2:49.
E re ka jaanong ba mmone, ba boela gae kwa Nasaretha le ene, mme o tswelela a ikobela batsadi ba gagwe. O tswelela a nna botlhale thata e bile a gola. Le fa gone a sa ntse a le monnye, Modimo o a mo rata; batho le bone ba a mo rata. Go tloga fela Jesu a sa le ngwana, o ne a tlhoma sekao se se molemo sa go itumedisa Modimo le sa go tlotla batsadi ba gagwe.