LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gt kgao. 13
  • Go Ithuta ka Dithaelo tsa ga Jesu

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ithuta ka Dithaelo tsa ga Jesu
  • Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ithute Mo go Se Jesu a Ileng a se Dira fa a Raelwa
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Re Tshwanetse go Gana fa Batho ba re Raela
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • “Ganetsang Diabolo” Jaaka Jesu A ne A Dira
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Diabolo o Raela Jesu
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
gt kgao. 13

Kgaolo 13

Go Ithuta ka Dithaelo tsa ga Jesu

KA BOFEFO fela morago ga a sena go kolobediwa, Jesu o gogelwa kwa nageng ya Judea ke moya wa Modimo. O na le dilo di le dintsi tse a tshwanetseng go akanya ka tsone, ka go bo ka kolobetso ya gagwe “magodimo a mo atlhamologèla” e le gore a lemoge dilo tsa selegodimo. Tota, go na le dilo di le dintsi tseo a tshwanetseng go tlhatlhanya ka tsone!

Jesu o nna malatsi a le 40 le masigo a le 40 mo nageng mme ga a je sepe ka nako eno. Go tswa foo, fa Jesu a tshwerwe ke tlala fela thata, Diabolo o a mo atamela go mo raela, a re: “A e re ha u le Morwa Modimo, u laolè mayè a, u re, a hetogè dinkgwè.” Mme Jesu o itse gore go phoso go dirisa maatla a gagwe a a gakgamatsang go kgotsofatsa dikeletso tsa gagwe tsa senama. Ka jalo o gana go raelwa.

Mme Diabolo ga a ineele. O leka go mo tshwara ka tsela e nngwe gape. O gwetlha Jesu gore a itige mo loboteng lwa tempele e le gore baengele ba Modimo ba tle ba mo legelele. Mme Jesu ga a raelesege go dira tshupo e e ntseng jalo e e gakgamatsang. Fa a tsopola Dikwalo, Jesu o bontsha gore go phoso go leka Modimo ka tsela eno.

Mo thaelong ya boraro, Diabolo o bontsha Jesu magosi otlhe a lefatshe ka tsela nngwe e e gakgamatsang mme a bo a re: “Dilō cotlhe tse ke tla di gu naea, ha u ka wèla ha hatshe ua nkōbamèla.” Mme gape Jesu o gana go ineela mo thaelong ya go dira phoso, a ikgethela go nna a ntse a ikanyega go Modimo.

Re ka ithuta go tswa dithaelong tseno tsa ga Jesu. Ka sekai, di bontsha gore, Diabolo ga se nonofo fela ya bosula, jaaka batho bangwe ba bolela, mme gore ke motho wa mmatota, yo o sa bonaleng. Thaelo ya ga Jesu gape e bontsha gore mebuso yotlhe ya selefatshe ke di tsa ga Diabolo. Ka gonne go leka ga ga Diabolo go a neela Keresete go ne go ka nna thaelo ya mmatota jang fa e le gore tota e ne e se a gagwe?

Mme akanya kaga seno: Diabolo o ne a re o ne a iketleeditse go duelela Jesu tiro e le nngwe fela ya kobamelo, o ne a ka mo neela le eleng magosi otlhe a lefatshe. Diabolo o ka nna a leka go re raela ka tsela e e tshwanang, ka gongwe ka go re baya mo dipakeng tse di eledisang go ipapalela letlotlo la lefatshe, maatla, kana maemo. Mme abo re tla bo re le botlhale jang ne fa re ka latela sekao sa ga Jesu ka go nna re ntse re ikanyega go Modimo go sa kgathalesege gore thaelo e ka tswa e le efe! Mathaio 3:16; 4:1-11; Mareko 1:12, 13; Luke 4:1-13.

▪ Ke dilo dife tse go bonalang Jesu a tlhatlhanya ka tsone ka nako ya malatsi a a 40 fa a le mo nageng?

▪ Diabolo o ne a leka go raela Jesu jang?

▪ Re ka ithuta eng mo dithaelong tsa ga Jesu?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela