LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 13 ts. 36-ts. 37 ser. 6
  • Ithute Mo go Se Jesu a Ileng a se Dira fa a Raelwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ithute Mo go Se Jesu a Ileng a se Dira fa a Raelwa
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ithuta ka Dithaelo tsa ga Jesu
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Re Tshwanetse go Gana fa Batho ba re Raela
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • “Ganetsang Diabolo” Jaaka Jesu A ne A Dira
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Diabolo o Raela Jesu
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 13 ts. 36-ts. 37 ser. 6
Jesu ga a ineele fa Diabolo a mo raela

KGAOLO 13

Ithute Mo Go Se Jesu A Ileng A Se Dira Fa A Raelwa

MATHAIO 4:1-11 MAREKO 1:12, 13 LUKE 4:1-13

  • SATANE O RAELA JESU

Fela fa Johane a sena go kolobetsa Jesu, moya wa Modimo o isa Jesu kwa nageng ya Judea. Go na le dilo di le dintsi tse a tshwanetseng go akanya ka tsone. Fa Jesu a ne a kolobediwa, “magodimo a ne a bulega.” (Mathaio 3:16) Ka jalo, o kgona go gakologelwa dilo tse a neng a di ithuta le tse a neng a di dira fa a le kwa legodimong. Eleruri, go na le dilo di le dintsi tota tse Jesu a tlhokang go di akanyetsa kwa teng!

Jesu o fetsa malatsi a le 40 le masigo a le 40 a le kwa nageng. Mo nakong eo, ga a je sepe. Ka jalo, fa Jesu a tshwerwe ke tlala thata, Satane Diabolo o ya kwa go ene a bo a mo raya a re: “Fa e le gore o morwa Modimo, laela maje ano gore a fetoge dinkgwe.” (Mathaio 4:3) E re ka Jesu a itse gore go phoso go dirisa maatla a gagwe a go dira dikgakgamatso gore a kgotsofatse dikeletso tsa gagwe, o gana go dira se Satane a se batlang.

Diabolo ga a itlhoboge. O dirisa leano le lengwe. O raya Jesu a re a itatlhele fa fatshe go tswa kwa karolong e e kwa godimo thata ya tempele. Mme Jesu ga a raelesege go dira jalo. O araba Diabolo ka go mo raya a re, ‘Gape go kwadilwe jaana: ‘Ga o a tshwanela go leka Jehofa, Modimo wa gago.’”—Mathaio 4:7.

Go tswa foo, Diabolo o raela Jesu lekgetlo la boraro. O mmontsha “magosi otlhe a lefatshe le kgalalelo ya one” a bo a mo raya a re: “Ke tla go naya dilo tseno tsotlhe fa o ka wela fa fatshe mme wa nkobamela.” Le mo lekgetlong leno, Jesu o gana go mo reetsa a bo a mo raya a re: “Tsamaya, Satane!” (Mathaio 4:8-10) Ga a itetle go wela mo thaelong eno ya go dira se se sa siamang, ka gonne o a itse gore Jehofa ke ene fela a tshwanetseng go direlwa tirelo e e boitshepo. Jesu o tlhopha go tswelela a ikanyega mo Modimong.

Go na le dilo tse re ka di ithutang mo dithaelong tseno le mo go se Jesu a ileng a se dira fa a raelwa. Pego eno e bua ka dilo tsa mmatota tse di diragetseng, mme seo se re bontsha gore Diabolo ga se bosula fela jo bo mo teng ga motho jaaka batho bangwe ba akanya. Diabolo ke motho wa mmatota yo o sa bonaleng. Gape pego eno e re bontsha gore tota dipuso tsa lefatshe leno di laolwa ke Diabolo. Fa e le gore ga di laolwe ke ene, o ne a ka se kgone go raela Keresete ka tsone.

Mo godimo ga moo, Diabolo o ile a solofetsa Jesu gore o tla mo duela ka magosi otlhe a lefatshe, fa a ka mo obamela. Diabolo a ka nna a leka go re raela ka tsela e e tshwanang, gongwe a dira seo ka go re bulela ditshono tsa go nna le dikhumo, taolo kgotsa maemo. Ruri re tla bo re le botlhale fa re etsa sekao sa ga Jesu ka go tswelela re ikanyega mo Modimong fa re raelwa! Mme gone, gopola gore Diabolo o ile a tlogela Jesu “go fitlha a bona tshono e nngwe e e mo siametseng.” (Luke 4:13) Satane a ka nna a dira se se tshwanang le mo go rona, ka jalo re tshwanetse go nna re disitse.

  • Ke dilo dife tse Jesu a ka tswang a akanyetsa kwa teng ka tsone fa a le kwa nageng malatsi a le 40?

  • Diabolo o leka go raela Jesu ka ditsela dife?

  • Re ka ithuta eng mo dithaelong tse Jesu a ileng a lebana le tsone le mo go se a ileng a se dira?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela