LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 75 ts. 178-ts. 179 ser. 4
  • Diabolo o Raela Jesu

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Diabolo o Raela Jesu
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Re Tshwanetse go Gana fa Batho ba re Raela
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • “Ganetsang Diabolo” Jaaka Jesu A ne A Dira
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Ithute Mo go Se Jesu a Ileng a se Dira fa a Raelwa
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Go Ithuta ka Dithaelo tsa ga Jesu
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 75 ts. 178-ts. 179 ser. 4
Jesu a le kwa godimo ga tempele a gana go itatlhela kwa tlase

THUTO 75

Diabolo o Raela Jesu

Jesu a gana go fetola maje go nna borotho

Moya o o boitshepo o ne wa isa Jesu kwa nageng fa a sena go kolobediwa. O ne a sa je sepe ka malatsi a le 40 mme o ne a tshwara ke tlala. Go tswa foo, Diabolo o ne a tla kwa go ene mme a mo raya a re: ‘Fa e le gore o Morwa Modimo, raya maje ano o re a fetoge borotho.’ Mme Jesu o ne a mo araba a re: ‘Dikwalo di a re motho ga a tlhoke go tshela ka dijo fela. O tlhoka go reetsa lentswe la ga Jehofa.’

Go tswa foo, Diabolo a raela Jesu a re: ‘Fa e le gore o Morwa Modimo, itatlhele kwa tlase. Ka gonne Dikwalo di a re Modimo o tla romela moengele wa gagwe gore a go tshware.’ Jesu o ne a mo araba gape a re: ‘Dikwalo di a re o se ka wa leka Jehofa.’

Jesu a gana go amogela magosi otlhe a lefatshe a a tswang mo go Satane

Satane o ne a bontsha Jesu dipuso tsa lefatshe le dikhumo a bo a re: Ke tla go naya dipuso tseno tsotlhe le dikhumo tsa tsone fa o ka nkobamela gangwe fela.’ Jesu o ne a mo raya a re: ‘Tsamaya Satane! Dikwalo di a re re tshwanetse go obamela Jehofa fela.’

Diabolo o ne a tsamaya mme baengele ba tla go naya Jesu dijo. Go tswa foo, Jesu o ne a rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Ke yone tiro e Modimo a neng a mo romile gore a tle go e dira. Batho ba ne ba rata dilo tse Jesu a neng a ba ruta tsone e bile ba ne ba mo sala morago gongwe le gongwe kwa a yang gone.

“[Diabolo] o bua maaka ka gonne o ntse jalo, ke moaki e bile ke rramaaka.”​—Johane 8:44

Dipotso: Diabolo o ile a raela Jesu jang? Jesu o ne a mo raya a reng?

Mathaio 4:1-11; Mareko 1:12, 13; Luke 4:1-15; Duteronome 6:13, 16; 8:3; Jakobe 4:7

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela