LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gt kgao. 21
  • Mo Senagogeng ya Motse wa Gagabo Jesu

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mo Senagogeng ya Motse wa Gagabo Jesu
  • Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mo Sinagogeng Kwa Nasaretha
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • O Dira Dikgakgamatso, Mme ga a Amogelwe Kwa Nasaretha
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • O Tswa Kwa Legaeng la ga Jairo a ba a Etela Kwa Nasaretha Gape
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • O Tswa Kwa Leuaeng la ga Jairo a ba a Etela Kwa Nasaretha Gape
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
gt kgao. 21

Kgaolo 21

Mo Senagogeng ya Motse wa Gagabo Jesu

KWANTLE ga pelaelo, go tsoga boitumelo jo bogolo mo Nasaretha fa Jesu a boela kwa gae. Pele ga a ya go kolobediwa ke Johane mo e ka nnang ngwaga pelenyana, Jesu o ne a itsiwe jaaka mmetli. Mme jaanong o itsege gongwe le gongwe jaaka modiradikgakgamatso. Baagi ba motse ba tlhoafaletse go mmona a dira dingwe tsa ditiro tseno tse di gakgamatsang mo go bone.

Tlhologelelo ya bone e a oketsega jaaka Jesu, kafa tlwaelong ya gagwe, a ya mo senagogeng ya lefelo leo. Fa tirelo e ntse e tsweletsepele, o ema ka dinao go bala, mme o neelwa lokwalo lwa ga moperofeti Isaia. O bona golo fa go bolelwang kaga Ene yo o tloditsweng ka moya wa ga Jehofa, golo foo mo Bibeleng ya rona gompieno e leng kgaolo 61.

Morago ga a sena go bala kaga Ene yono a neng a tla rerela bagolegwi kgololo ka gone, go foufologa ga difofu, le kaga ngwaga o o lebosegang wa ga Jehofa, Jesu o neela motlhokomedi lokwalo a bo a nna fa fatshe. Matlho otlhe a tlhomilwe mo go ene thata. Go tswa foo o bua le bone, gongwe e le ka lobakanyana, a tlhalosa a re: “Gompiyeno, lokwalō lo, lo dihahetse mo ditsebeñ tsa lona.”

Batho ba gakgamalela “mahoko a a monate” a gagwe me ba raana ba re: “Eo, a ga se morwa Yosefe?” Mme ka go itse gore ba batla go mmona a dira dikgakgamatso, Jesu o tswelelapele a re: “Rure, loa bo lo tla mpolèlèla sechwanchō se, lo re, Ñaka, iphodise: cotlhe tse re di utlwileñ di dihilwe kwa Kaperenama, u di dihè le mono lehatshiñ ya ga eno.” Ka phepafalo, bao e neng e le baagelani ba ga Jesu ba ikutlwa gore phodiso e tshwanetse ya simologa mo gae, gore batho ba gagabo e nne bone ba solegelwang molemo pele. Jalo ba ikutlwa gore Jesu o ile a ba tseela kwa tlase.

Ereka a lemoga kafa ba akanyang ka gone, Jesu o anela ditiragalo dingwe tse di tshwanelang. Go ne go na le batlholagadi ba le bantsi mo Iseraele mo metlheng ya ga Elija, o a tlhokomedisa, mme Elija ga aa ka a romelwa go ope wa bao. Go na le moo, o ne a ya kwa motlholagading yo o seng Moiseraele kwa Sidona, koo a neng a feta a boloka botshelo jwa motho mongwe ka kgakgamatso gone. Le mo metlheng ya ga Elisha, go ne go na le balepero ba le bantsi, mme Elisha o ne a ntlafatsa Naamane fela mo Siria.

Ka ba gakadiwa ke dipapiso tseno tsa ditiragalo tse di sa ba beeng mo leseding je lentle mme di senola bopelotshetlha jwa bone le tlhaelo ya tumelo, ba ba mo senagogeng ba a nanoga ba bo ba kgoromeletsa Jesu ka kwa ntle ga motse. Fa ba tsena koo, mo tlhoreng ya thaba eo Nasaretha a agilweng mo go yone, ba leka go mo digela kwa tlase. Mme Jesu o tswa mo diatleng tsa bone a bo a falola. Luke 4:16-30; 1 Dikgosi 17:8-16; 2 Dikgosi 5:8-14.

▪ Ke eng fa go tsoga boitumelo jo bogolo mo Nasaretha?

▪ Ke eng se batho ba se akanyang kaga puo ya ga Jesu, mme ke eng he se se ba gakatsang?

▪ Ke eng seo batho ba lekang go se dira mo go Jesu?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela