LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 21 ts. 56-ts. 57 ser. 6
  • Mo Sinagogeng Kwa Nasaretha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mo Sinagogeng Kwa Nasaretha
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mo Senagogeng ya Motse wa Gagabo Jesu
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Nasaretha—Legae la Moperofeti
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • O Dira Dikgakgamatso, Mme ga a Amogelwe Kwa Nasaretha
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • O Tswa Kwa Leuaeng la ga Jairo a ba a Etela Kwa Nasaretha Gape
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 21 ts. 56-ts. 57 ser. 6
Jesu o eme mo Sinagogeng mme o bala momeno wa ga Isaia

KGAOLO 21

Mo Sinagogeng Kwa Nasaretha

LUKE 4:16-31

  • JESU O BALA MOMENO WA GA ISAIA

  • BATHO BA MO NASARETHA BA LEKA GO BOLAYA JESU

Batho ba mo Nasaretha ba itumetse fela thata. Pele ga Jesu a ya go kolobediwa ke Johane mo e ka nnang ngwaga o o fetileng, e ne e le mmetli mo motseng ono. Mme jaanong o itsege e le monna yo o dirang dikgakgamatso. Baagi ba motse ono ba lebile pele go mmona a dira dingwe tsa dikgakgamatso tseo mo go bone.

Ba swegaswega pelo fa ba bona Jesu a ya kwa sinagogeng, jaaka a tlwaetse go dira. Fa batho ba le koo, ba a rapela ba bo ba bala dibuka tsa ga Moshe, ‘jaaka go dirwa ka sabata mongwe le mongwe mo disinagogeng.’ (Ditiro 15:21) Gape go balwa dikarolo tsa dibuka tsa boporofeti. Fa Jesu a ema gore a bale, go bonala a lemoga batho ba bantsi ba a neng a tlhola a ba bona fa a tla mo sinagogeng eno. O newa momeno wa ga moporofeti Isaia. O batla karolo e e buang ka Mongwe yo o tloditsweng ka moya wa ga Jehofa, e gompieno e fitlhelwang mo go Isaia 61:1, 2.

Jesu o bala ntlha e e tlhalosang gore Mongwe yono yo o boleletsweng pele, o tla bolelela batshwarwa gore ba tla gololwa, o tla bula matlho a difofu e bile o tla itsise ka ngwaga wa fa Jehofa a tla bo a amogela batho. Fa a fetsa, o naya motlhokomedi momeno a bo a nna fa fatshe. Batho botlhe ba mo tlhomile matlho. Go tswa foo, o bua lobaka lo loleele mme o akaretsa mafoko ano a botlhokwa: “Gompieno lokwalo lono lo ke sa tswang go lo bala lo diragaditswe.”—Luke 4:21.

Batho ba gakgamalela “mafoko a a itumedisang a a a buang, mme ba raana ba re: “A morwa yono ga se wa ga Josefa?” E re ka Jesu a lemoga gore ba batla go mmona a dira dikgakgamatso tse ba utlwileng go twe o a di dira, o ba raya a re: “Ruri lo tlile go bua seane seno ka nna lo re, ‘Ngaka, ikalafe. Dilo tse re utlwileng gore o di dirile kwa Kaperenama di dire le mo motseng ono wa ga lona.’” (Luke 4:22, 23) Batho bano ba akanya gore o tshwanetse go simolola tiro ya go fodisa mo motseng wa gaabo, gore batho ba gaabo ba solegelwe molemo pele. Ka jalo, ba ka tswa ba akanya gore Jesu o ba nyaditse.

E re ka Jesu a lemoga se ba se akanyang, o umaka ditiragalo dingwe tse di neng tsa direga mo hisitoring ya Iseraele. O ba bolelela gore go ne go na le batlholagadi ba le bantsi mo Iseraele mo motlheng wa ga Elija, mme Elija ga a ka a romelwa kwa go ope wa bone. Go na le moo, o ne a romelwa kwa motlholagading yo e seng Moiseraele kwa Sarepate, motse o o gaufi le Sidona, kwa a neng a dira kgakgamatso ya go boloka botshelo gone. (1 Dikgosi 17:8-16) Gape go ne go na le balepero ba le bantsi mo Iseraele mo motlheng wa ga Elisha, mme moporofeti yoo o ne a fodisa Naamane fela, monna wa kwa Siria.—2 Dikgosi 5:1, 8-14.

Banna ba tswa mo Sinagogeng mme ba gogela Jesu kwa karolong e e kwa godimo ya thaba

Batho bano ba itshwara jang fa Jesu a dira papiso eno e e senolang gore ba pelotshetlha e bile ga ba na tumelo? Ba a galefa, ba ema ka dinao ba bo ba ntshetsa Jesu kwa ntle ga motse. Ba mo isa kwa godimo ya thaba e motse wa Nasaretha o agilweng mo go yone, ba bo ba leka go mo digela kwa tlase. Mme o ba tswa diatleng a bo a falola. Jaanong Jesu o ya kwa Kaperenama, e e kwa bokonebophirima jwa Lewatle la Galalea.

  • Ke eng fa batho ba motse wa gaabo Jesu wa Nasaretha ba itumetse thata?

  • Ba tsibogela jang se Jesu a se buang, mme ke eng se se dirang gore ba galefe?

  • Ke eng se batho ba Nasaretha ba lekang go se dira Jesu?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela