Ditshwantsho go Tswa Lefatsheng le le Solofeditsweng
Nasaretha—Legae la Moperofeti
“ME machutichuti a batho a re, Eo, ke èna moperofeti, Yesu eo o cwañ kwa Nasaretha oa Galilea.” Ee, le eleng mo bodiheding jwa ga Jesu, go mo umaka fela go ne go gakolola batho ka motse o jaanong o itsegeng thata wa Nasaretha. Ka gone, bao ba neng ba tla go mo tshwara ga ba a ka ba re ba batla Jesu mme ba ne ba re “Yesu oa Monasara.”—Mathaio 21:11; 26:71; Yohane 18:3-5; Ditihō 26:9.
Setshwantsho se se fa godimo se bontsha seo o tla se fitlhelang fa o etela Nasaretha gompieno. E godile go feta fa moengele a ne a tla kwa “motsiñ oa Galilea, o o bidiwañ Nasaretha” go bolelela Marie gore o tla tshola Morwa Modimo. (Luke 1:26-33) Mo nakong eo ya bogologolo, Nasaretha e ne e tshwana thata le motse o o bontshitsweng mo tsebeng e e latelang, go na le matlo a dikhutlo tse nnè a a neng a kgobokane fa thoko ga thaba. Gongwe Josefa le Marie ba ne ba nna mo ntlong e e tshwanang le ano. Mme pele fela ga gore Marie a tshole ngwana, ba ne ba tshwanela go ya kwa borwa kwa Bethelehema, koo Jesu a neng a tsholelwa gone. Moragonyana ba ne ba tshabela kwa Egepeto go sireletsa ngwana gore Herode a seka a mmolaya. Morago ga moo, ba ne ba “boèla kwa Galilea, kwa Nasaretha motse oa ga bōnè.”—Luke 2:4, 39; Mathaio 2:13-23.
Ka gone Jesu o ne a golela kwa lefelong le le senang modumo mme eseng kwa motseng o o tlhanaselang jaaka Jerusalema kana Tiberio. Nasaretha e ne e le kwa tlase e dikaganyeditswe ke dithaba tsa Galilea o o kwa Tlase, koo korong, moretlwa, diolefa, le mofeige di neng di tlhoga gone. E ne e na le selemo se se monate se se neng se se mogote thata, lefa go le jalo mariga a gone a ne a se bogale thata jaaka kwa Galilea e e kwa Godimo.
Josefa o ne a tlhokomela mosadi wa gagwe, barwa, le barwadie ka go dira jaaka mmetli wa logong, gongwe ebile a na le lebentlele le le tshwanang le leno la kwa Nasaretha wa segompieno. O ka nna a bo a ile a dira ditlhomeso le mabati a logong a matlo a mo toropong, kana ditafole, ditulo, le fenitšhara e nngwe ya logong. Re itse gore Jesu o ne a elatlhoko a bo a ithuta, ka go bo le ene o ne a itsiwe jaaka “mmetli oa dikgoñ.” (Mareko 6:3; Mathaio 13:55) Tiro ya go lema e e neng e dirwa go dikologa Nasaretha e tshwanetse ya bo e ne ya dira gore go nne le ditiro tse dingwe. Gongwe Jesu o ne a betla jokwe e e tshwanang le e re e bonang mo diphologolong tseno. Ka nako eno, Josefa a ka tswa a ne a dirisa didirisiwa tsa gagwe go dira megoma kana dilei tse di phothang tseo di neng di gogiwa kwa morago ga jokwe.—2 Samuele 24:22; Isaia 44:13.
Jaaka mosimanyana, gongwe Jesu o ne a tlhola a tsamaya mo tikologong ya Nasaretha, jaaka kwa “Kana oa Galilea,” e e leng dikilometara di le 13 go ya kwa bokone, koo moragonyana a neng a dira kgakgamatso ya gagwe ya ntlha gone. (Yohane 2:1-12) Fa a tsamaela mo e ka nnang dikilometara di ka nna lesome kwa borwa botlhaba go lebagana le Mokgatšha wa Jesereela le Thota ya More, Jesu o ne a tla goroga kwa motseng wa Naina, o o bonwang mo tsebeng 17.a (Baatlhodi 6:33; 7:1) Gakologelwa gore mo loetong lwa gagwe lwa ntlha lwa go rera, Jesu o ne a fitlhela batho ba bopeletse ba ya phitlhong gaufi le Naina. A tlhotlhelediwa ke go tlhomoga pelo, o ne a tsosa morwa wa motlholagadi mongwe.—Luke 7:11-16.
Nasaretha e ne e se gaufi le ditsela dipe tse dikgolo tse di neng di ralala lefatshe leo, mme go ne go le motlhofo go fitlha kwa ditseleng tseo go tswa koo. O ka bona seno mo mmapeng o o kafa ntle wa 1990 Calendar of Jehovah’s Witnesses, eo le yone e nang le mmapa o mogolwane wa Nasaretha wa segompieno. Tsela e e kafa borwa bophirima e e ralalang Mokgatšha wa Jesereela e golaganya boemelakepe jwa Acre, kana Ptolemais, le Lewatle la Galilea, le Mokgatšha wa Joredane. Go na le tsela e e neng e di kgabaganya e e neng e tswa kwa borwa kwa Damaseko mme e ralala Samaria go ya kwa Jerusalema.
Nasaretha e na le sinagoge ya yone, mme Jesu ‘o ne a tlwaetse’ go ya koo mo tshimologong ya bodihedi jwa gagwe. O ne a bala Isaia 61:1, 2 a e lebisa mo go ene a le koo. Batho ba mo toropong ba ne ba tla itshwara jang, bangwe ba bao ba mmoneng fa a gola mme ebile gongwe ba ne ba kile ba mo duelela tiro ya gagwe ya go betla dikgong? Ba ne ba shakgala mme ba leka go mo diga mo lekgotlhong, mme Jesu o ne a falola. (Luke 4:16-30) Go bonala gore seo a neng a se dira moragonyana kwa Naina le mo mafelong a mangwe se ne sa utlwala mo Nasaretha, ka gonne erile fa a bonwa koo mme a rera mo sinagogeng ya mo lefelong leo, ga go ope yo a neng a bua ka go mmolaya. Lefa go le jalo, ga a “ka a diha ditihō di le dintsi tsa nonohō gōna,” ka go bo ditsala tsa gagwe tsa Galilea ga di a ka tsa dumela mo go ene jaaka moperofeti.—Mathaio 13:53-58.
Mareko o ne a kwala gore Jesu o ne a arabela ka go re: “Moperofeti ga a ke a tlhōka tlotlō ha e se mo lehatshiñ ya ga gabō, le mo losikeñ loa bō, le mo tluñ ea gagwè.” Abo go utlwisa botlhoko jang ne go bo bontsi bo ne bo ntse jalo le kwa Nasaretha. Lefa go le jalo, re ka akanya ka motse oo jaaka legae la Moperofeti yoo re batlang go mo tlotla.—Mareko 6:4.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Nasaretha ke #2 mo mmapeng o o kafa ntle wa 1990 Calendar of Jehovah’s Witnesses. Thota ya More e bonala fa tlase fela ga #3.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.