Kgaolo 23
Dikgakgamatso tse di Oketsegileng mo Kaperenama
SABATA sa morago ga fa Jesu a sena go bitsa barutwa ba gagwe ba ntlha ba banè—Petere, Anderea, Jakobe le Johane—botlhe ba ya kwa sinagogeng ya lefelo leo mo Kaperenama. Fa ba le koo Jesu a simolola go ruta, mme batho ba gakgamala ka ntlha ya gore o ba ruta jaaka mongwe yo o nang le taolo mme eseng jaaka bakwadi.
Mo go yone Sabata eno go na le monna mongwe yo o nang le badimona. Morago ga lobakanyana, a goa ka lentswe le legolo a re: “Re dihañ ka wèna, wèna Yesu oa Nasaretha? A u tsile go re senya? Kea gu itse eo u leñ èna; u Moitshepi oa Modimo.”
Ledimona leo le laolang monna yono tota ke mongwe wa baengele ba ga Satane. Fa Jesu a kgalemela ledimona leo, a re: “Didimala, me u cwè mo go èna.”
Ledimona la fafamosa monna yoo mme la goa ka lentswe le legolo thata. Mme la tswa mo monneng yoo kwantle ga go mo gobatsa. Mongwe le mongwe o gakgametse e le tota! “Ana seo se ke eñ?” ba botsa jalo. “O laola ka thata le e leñ meōea e e mashwè, me e mo utlwe.” Dikgang kaga seno di anama le tikologo yotlhe ya lefelo leo.
Fa ba tswa mo sinagogeng, Jesu le barutwa ba gagwe ba ya kwa ntlong ya ga Simone, kana Petere. Koo mogwagadia Petere o lwala thata o tshwerwe ke bolwetsi jwa letshoroma. ‘Ka tswee mo thuse,’ ba kopa jalo. Jalo Jesu a ya, a mo tshwara ka seatla, a bo a mo kakatlolola. O fodisiwa ka yone nako eo mme o simolola go ba baakanyetsa dijo!
Moragonyana, fa letsatsi le sena go phirima, batho ba ba tswang kwa mafelong otlhe ba simolola go tla mo ntlong ya ga Petere ka balwetsi ba bone. Ka bonako fela motse otlhe wa phuthegela fa kgorong! Mme Jesu a fodisa balwetsi botlhe ba bone, go sa kgathalesege gore malwetsi a bone ke afe. O golola le eleng ba ba nang le badimona. Fa ba ntse ba tswa, badimona bao a ba lelekang ba goa ba re: “U Morwa Modimo.” Mme Jesu o a ba kgalemela ebile gaa ba letle go bua ka gonne ba itse gore ke Keresete. Mareko 1:21-34; Luke 4:31-41; Mathaio 8:14-17.
▪ Go diragala eng mo sinagogeng ka Sabata sa morago ga fa Jesu a sena go bitsa barutwa ba gagwe ba banè?
▪ Jesu o leba kae fa a sena go tloga mo sinagogeng, mme ke kgakgamatso efe eo a e dirang koo?
▪ Ke eng seo se diragalang moragonyana mo go yone phirimane eo?