LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 23 ts. 60-ts. 61 ser. 5
  • Jesu o Dira Ditiro Tse Dikgolo Kwa Kaperenama

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o Dira Ditiro Tse Dikgolo Kwa Kaperenama
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikgakgamatso tse di Oketsegileng mo Kaperenama
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Sinagoge—Kwa Jesu le Barutwa ba Gagwe ba Neng ba Rera Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Jesu o Rera mo Kgaolong ya Galalea
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 23 ts. 60-ts. 61 ser. 5
Batho ba ba lwalang ba ya kwa ntlong ya ga Petere, mme Jesu o a ba fodisa

KGAOLO 23

Jesu O Dira Ditiro Tse Dikgolo Kwa Kaperenama

MATHAIO 8:14-17 MAREKO 1:21-34 LUKE 4:31-41

  • JESU O LELEKA LEDIMONA

  • MOGWEGADIAGWE PETERE O A FODISIWA

Jesu o laleditse Petere, Anderea, Jakobe le Johane gore e nne batshwari ba batho. Jaanong ka letsatsi la Sabata, ba ya kwa sinagogeng e e mo Kaperenama. Jesu o ruta a le mo sinagogeng mme le mo lekgetlong leno, batho ba gakgamadiwa ke tsela e a rutang ka yone. O ba ruta jaaka motho yo o nang le taolo, mme e seng jaaka bakwadi.

Ka letsatsi leno la Sabata, go na le monna mongwe yo o nang le ledimona. Monna yono o goa a re: “O batla eng mo go rona Jesu wa Monasaretha? A o tlile go re senya? Ke itse sentle gore o mang, o Motlhanka yo o Boitshepo wa Modimo!” Jesu o kgalema ledimona leo a re: “Didimala, mme o tswe mo go ene!”—Mareko 1:24, 25.

Ka yone nako eo, ledimona le latlhela monna yono fa fatshe le bo le goela kwa godimo. Mme le tswa mo go ene le sa mo “utlwisa botlhoko.” (Luke 4:35) Batho botlhe ba gakgamala thata e bile ba simolola go buisana ba re: “Ke eng se? O laela le madimona, mme a mo utlwa.” (Mareko 1:27) Dikgang tse di amanang le tiragalo eno di anama mo Galalea yotlhe.

Fa Jesu le barutwa ba gagwe ba tswa mo sinagogeng, ba ya kwa legaeng la ga Simone, kgotsa Petere. Ba fitlhela mogwegadiagwe Petere a lwala fela thata a tshwerwe ke letshoroma. Ba kopa Jesu gore a mo thuse. Ka jalo, Jesu o ya kwa go ene, o mo tshwara ka seatla a bo a mo tsosa. Ka yone nako eo, o a fola a bo a direla Jesu le barutwa ba gagwe dijo.

Fa letsatsi le tloga le phirima, batho ba ba tswang mo mafelong a a farologaneng ba tlisa balwetse ba bone mo ntlong ya ga Petere. Go bonala e kete motse otlhe o phuthegetse koo. Goreng? Ba batla go fodisiwa. Tota e bile, ‘botlhe ba ba nang le batho ba ba nang le malwetse a a farologaneng ba ba tlisa kwa go ene. O baya mongwe le mongwe wa bone diatla mme o a ba fodisa.’ (Luke 4:40) Go sa kgathalesege gore ba tshwerwe ke bolwetse bofe, Jesu o a ba fodisa, fela jaaka boporofeti bo ne jwa bolelela pele. (Isaia 53:4) Tota e bile o fodisa le batho ba ba tsenweng ke madimona. Fa madimona a tswa mo bathong bao, a goa a re: “O Morwa Modimo.” (Luke 4:41) Le fa go ntse jalo, Jesu o a a kgalema e bile ga a a letle gore a bue. Madimona ano a a itse gore Jesu ke Keresete, mme Jesu ga a batle gore a itire e kete a direla Modimo wa boammaaruri.

GO TSENWA KE MADIMONA

Fa ledimona kgotsa madimona a tsena mo mothong, a ka mmogisa. (Mathaio 17:14-18) Mme fa madimona ao a tswa mo mothong, motho yoo o boa gape a itekanela mo mogopolong le mo mmeleng. Gangwe le gape, Jesu o ne a bontsha gore o na le maatla a go leleka madimona a dirisa moya o o boitshepo wa Modimo.—Luke 8:39; 11:20.

  • Go diragala eng kwa sinagogeng e e mo Kaperenama ka Sabata?

  • Jesu o ya kae fa a tswa kwa sinagogeng, mme o dira eng fa a le koo?

  • Batho ba mo motseng ba ikutlwa jang ka se Jesu a se dirileng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela