Kgaolo 32
Ke Eng Se Se Letlelesegang ka Sabata?
KE KA Sabata yo mongwe fa Jesu a etela sinagoge nngwe e e gaufi le Lewatle la Galilea. Koo go na le monna mongwe yo seatla sa gagwe sa moja se omeletseng. Bakwadi le Bafarasai ba lebile thatathata go bona gore a jaana Jesu o tla mo fodisa. La bofelo ba botsa ba re: “A go letlelecwe go hodisa ka letsatsi la sabata?”
Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba dumela gore go fodisa go a letlelesega ka Sabata fela fa e le gore botshelo bo mo kotsing. Ka sekai, ba ruta gore, ka Sabata ga go a letlelesega go alafa lerapo kana go hapa motho yo o senyegileng. Jalo bakwadi le Bafarasai ba botsa Jesu ba leka go bona sengwe se ba ka mo latofatsang ka sone.
Lefa go ntse jalo, Jesu o itse kafa ba akanyang ka gone. Ka nako e e tshwanang, o lemoga gore ba na le pono e e feteletseng, e e seng ya kafa dikwalong malebana le gore ke eng se se kayang tlolomolao mo patlafalong ya letsatsi la Sabata e e iletsang tiro. Jalo Jesu o dira namane e tona ya tiro e e sa tlwaelegang mo go bone ka go raya monna yo o letsogo je le omeletseng a re: “Ema ha gare.”
Jaanong, fa a retologela go bakwadi le Bafarasai, Jesu a re: “E ka nna motho ohe mo go lona, eo ekareñ a na le nku e le ñwe hèla, me ha eōna e wetse mo mokoleñ ka letsatsi ya sabata, eo o sa kakeñ a e chwara, a e ntsha?” Ereka nku e le selo se se bapalang madi, ba ne ba sa kake ba e tlogela mo mokoleng go fitlhelela ka moso, mo gongwe e neng e ka tsenwa ke bolwetsi mme e latlhegelwe ke mosola wa yone. Mme ebile gape, Dikwalo tsa re: “Motho eo o siameñ o tla a gopole botshelō yoa kgomo eabō.”
Fa a tshwantshanya le seno, Jesu o tswelela pele a re: “Me ke gōna motho o tlhwatlhwa e kgolo yañ go gaisa nku! Ke gōna go letlelecwe go diha molemō ka letsatsi ya sabata.” Ka go sa kgone go ganetsanya le mogopolo oo o o utlwalang sentle le wa kutlwelobotlhoko, baeteledipele ba bodumedi ba didimala fela.
A bua a galefile, a bile a hutsafalela boeleele jwa botlhogoethata jwa bone, Jesu o leba go mo dikologa. Go tswa foo o raya monna a re: “Ōtlōlōla lecōgō ya gago.” Mme o a le otlolola mme letsogo le bo le fola.
Go na le gore ba itumelele go bo letsogo la monna yoo le alafilwe, Bafarasai ba tswela kwa ntle ba bo ba loga leano ka bokhutshwane fela le lekoko la balatedi ba ga Herode gore ba bolaye Jesu. Go lebega lekoko leno la sepolotiki le akaretsa maloko a Basadukai ba sedumedi. Se se itsegeng ke gore, lekoko leno la sepolotiki le ganetsana le Bafarasai fela thata, lefa go ntse jalo ba tshwaragenetse go ganetsana le Jesu. Mathaio 12:9-14; Mareko 3:1-6; Luke 6:6-11; Diane 12:10; Ekesodo 20:8-10.
▪ Ke eng se se neng sa dira gore go nne le thulano e kgolo fa gare ga ga Jesu le baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda?
▪ Ke eng se baeteledipele bano, ba bodumedi ba Bajuda ba neng ba se dumela mabapi le go fodisa ka Sabata?
▪ Ke setshwantsho sefe se Jesu a neng a se dirisa go ganetsa dipono tsa bone tse di phoso?