KGAOLO 32
Ke Ditiro Dife Tse Di Tshwanetseng Go Dirwa Ka Letsatsi La Sabata?
MATHAIO 12:9-14 MAREKO 3:1-6 LUKE 6:6-11
O FODISA SEATLA SA MONNA MONGWE KA SABATA
Ka Sabata mongwe, Jesu o ya kwa sinagogeng, gongwe e e mo Galalea. Fa a le koo, o bona monna mongwe yo o golafetseng seatla sa moja. (Luke 6:6) Bakwadi le Bafarasai ba lebile Jesu ka kelotlhoko. Goreng? Ba senola se tota ba ntseng ba se akantse ka go mmotsa ba re: “A go ka fa molaong go fodisa ka Sabata?”—Mathaio 12:10.
Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda, ba dumela gore go fodisa ka Sabata go ka fa molaong fa fela botshelo jwa motho bo le mo kotsing. Ka sekai, ba re go phoso go hapa motho yo o robegileng kgotsa yo o tsipogileng ka Sabata, ka gonne maemo ano ga a ka ke a dira gore motho a swe. Go bonala sentle gore bakwadi le Bafarasai ga ba botse Jesu potso eo ka gonne ba utlwela monna yono botlhoko. Ba leka go batla lebaka la go mmona molato.
Le fa go ntse jalo, Jesu o itse dikakanyo tsa bone tse di sa siamang. O lemoga gore ba leba dilo ka tsela e e feteletseng, e e sa dumalaneng le Dikwalo malebana le gore tota ke eng se batho ba sa tshwanelang go se dira ka letsatsi la Sabata. (Ekesodo 20:8-10) O kile a latofadiwa ka tsela eo e e sa siamang ka gonne a dira ditiro tse di molemo. Jaanong Jesu o batla go bona gore ba tla reng, ka jalo, o raya monna yo o golafetseng seatla a re: “Tla o eme fa gare fa.”—Mareko 3:3.
Jesu o leba bakwadi le Bafarasai a bo a ba botsa a re: “Fa mongwe mo go lona a ne a na le nku mme e bo e wela mo khuting ka letsatsi la Sabata, a o ne a se kitla a e ntsha mo khuting?” (Mathaio 12:11) Nku e ne e ba tlisetsa lotseno, ka jalo, ba ne ba ka se e tlogele mo khuting go fitlha letsatsi le le latelang; e ka swela moo ba bo ba latlhegelwa. Mo godimo ga moo, Dikwalo di a re: “Mosiami o tlhokomela diruiwa tsa gagwe.”—Diane 12:10.
E le go ba bontsha gore maemo ano a a tshwana, Jesu o tswelela a re: “Ruri motho o botlhokwa thata go feta nku! Ka jalo, go ka fa molaong go dira selo se se molemo ka Sabata.” (Mathaio 12:12) Tota Jesu o tla bo a sa tlole molao wa Sabata fa a fodisa monna yono. Baeteledipele bano ba bodumedi ga ba kgone go ganetsa mabaka ano a a utlwalang, a a bontshang gore Jesu o pelotlhomogi. Ba felelwa ke mafoko.
Jesu o lebaleba go mo dikologa a galefile e bile a hutsafaditswe ke tsela e e phoso e ba akanyang ka yone. Go tswa foo, o raya monna yono a re: “Otlolola seatla sa gago.” (Mathaio 12:13) Fa a otlolola seatla, se a fola. O itumela fela thata, mme gone, seno se ama jang ba ba lekang go latofatsa Jesu?
Go na le gore Bafarasai ba itumelele gore monna yono o fodisitswe, ba tswela kwa ntle mme ka bonako fela ba simolola go buisana le “lekoko la balatedi ba ga Herode ka [Jesu], gore ba mmolaye.” (Mareko 3:6) Go bonala lekoko leno la sepolotiki le na le maloko a setlhopha sa bodumedi se se bidiwang Basadukae. Ka tlwaelo fela, Basadukae le Bafarasai ga ba dirisane, le fa go ntse jalo, jaanong ba nna seoposengwe gore ba ganetse Jesu.