LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gt kgao. 55
  • Barutwa ba le Bantsi ba Tlogela Jesu

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Barutwa ba le Bantsi ba Tlogela Jesu
  • Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Barutwa ba le Bantsi ba Tlogela Jesu
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Mafoko a ga Jesu a Gakgamatsa Batho ba le Bantsi
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • O ka Dira Eng Gore o Tshelele Ruri?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
gt kgao. 55

Kgaolo 55

Barutwa ba le Bantsi ba Tlogela Jesu

JESU o ruta mo ntlong ya thuto kwa Kaperenama kaga boemo jwa gagwe jaaka senkgwe sa boammaaruri se se tswang legodimong. Ka phepafalo mo puong ya gagwe o tsweledisa motlotlo o a neng a o simolola le batho bale fa ba ne ba mo fitlhela ba tswa ntlheng ya botlhaba jwa Lewatle la Galilea, koo ba neng ba jele dinkgwe le ditlhapi tse ba neng ba di filwe ka kgakgamatso teng.

Jesu o tsweledisa dikakgelo tsa gagwe ka go re: “Senkgwè se ke tla se ntshañ ke nama ea me, gore e nnè botshelō yoa lehatshe.” Dingwaga di le pedi fela pele ga foo, ka dikgakologo tsa 30 C.E., Jesu o ne a boleletse Nikodemo gore Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo mo o ntshitseng Morwa wa gagwe go nna Mmoloki. Ka gone, jaanong Jesu o bontsha gore motho ope fela wa lefatshe la setho yo o jang nama ya gagwe ka tshwantshetso, ka go nna le tumelo mo setlhabelong se a neng a tloga a se ntsha, o ne a ka amogela botshelo jo bosakhutleng.

Lefa go ntse jalo, batho ba kgopisiwa ke mafoko a ga Jesu. “Ana motho eo, o ka re naea nama ea gagwè yañ go e ya?” ba a botsa. Jesu o batla gore bareetsi ba gagwe ba tlhaloganye gore go ja nama ya gagwe go ne go tla dirwa ka tsela ya tshwantshetso. Jalo, go gatelela seno, o bua sengwe se se santseng se sa dumelesege fa se dirwa ka mmatota.

“Ha lo sa ye nama ea Morwa Motho, ha lo sa nwe madi a gagwè,” Jesu o a bolela, “ga go na botshelō mo go lona, Eo o yañ nama ea me, a ba a nwa madi a me, o na le botshelō yo bo sa khutleñ; me ke tla mo cosa mo letsatsiñ ya bohèlō. Gonne nama ea me ke seyō rure, le madi a me ke senōō rure. Eo o yañ nama ea me, a ba a nwa madi a me, o nntse mo go nna, le nna mo go èna.”

Ke boammaaruri gore, fa e le gore Jesu o ne a akantsha gore batho ba je nama ya gagwe, thuto ya gagwe e ne e tla utlwala e kgopisa eleruri. Mme, legale, Jesu ga a bue ka go ja nama kana go nwa madi ga mmatota. Se a se gatelelang fela ke gore botlhe ba ba amogelang botshelo jo bosakhutleng ba tshwanetse go nna le tumelo mo setlhabelong se a neng a tloga a se dira fa a ntsha mmele wa gagwe o o itekanetseng wa setho a bo a tsholola madi a gagwe a eleng botshelo. Lefa go le jalo, le eleng bontsi jwa barutwa ba gagwe ga ba dire boiteko bope jwa go tlhaloganya thuto ya gagwe mme ba ganana le se a se buang ka go re: “Lehoko ye, ke lehoko ye le thata; e mañ eo o ka le utlwañ?”

Ka go bo a itse gore bontsi jwa barutwa ba gagwe ba a ngongorega, Jesu a re: “A go mo goa lo kgopisa? Ana lo no lo tla reñ ha lo bōna Morwa Motho a tlhatlogèla kwa o na a le gōna pele? . . . mahoko a ke a buileñ le lona, ko aōna a a leñ mōea, e bile a botshelō. Me go na le bañwe ba lona ba ba sa dumeleñ.”

Jesu o a tswelela: “Ke gōna ke lo reileñ, ka re, Ga go motho opè eo o ka tlañ mo go nna, ha a se ka a go nèwa ke Rara.” Fa a rialo, bontsi jwa barutwa ba gagwe ba a mo tlogela ba bo ba sa tlhole ba mo sala morago. Jalo Jesu o retologela kwa baaposetoloing ba gagwe ba ba 12 a ba a botsa ka go re: “A le lona lo rata go tsamaea?”

Petere a arabela ka go re: “Morèna, ana re ka ea kwa go mañ? wèna u na le mahoko a botshelō yo bo sa khutleñ. Me re dumetse, re bile rea itse ha e le wèna Moitshepi oa Modimo.” A tshupo e ntle ya boikanyegi, lemororo Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ka tswa ba ne ba sa tlhaloganye thuto ya ga Jesu ka botlalo mo ntlheng eno!

Lemororo Jesu a itumedisitswe ke karabelo ya ga Petere, o lemotsha jaana: “A ga kea lo itshenkèla, lona ba ba shomè le bobedi, me moñwe oa lona ke diabolo?” O bua ka Judase Isekariota. Go bonala jaanong Jesu a lemoga mo go Judase “tshimologō,” kana thaego, ya tsela e e bosula.

Jesu o sa tswa go kgoba batho marapo ka go ganana le maikaelelo a bone a go mo dira kgosi, mme ba ka tswa ba akanya ka go re, ‘Motho yo o ka nna Mesia jang fa a gana go tsaya boemo jo Mesia a tshwanetseng go nna mo go jone?’ Seno, le sone ke kgang e e tshwanetseng ya bo e santse e le mo megopolog ya batho. Yohane 6:51-71; 3:16.

▪ Jesu o naya bomang nama ya gagwe, mme bano ba ‘ja nama ya gagwe’ jang?

▪ Ke mafoko afe a mangwe a ga Jesu a a tshosang batho, lefa go le jalo ke eng seo a se gatelelang?

▪ Fa ba bantsi ba tlogela Jesu, Petere o itshwara jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela