LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 55 ts. 134-ts. 135 ser. 10
  • Mafoko a ga Jesu a Gakgamatsa Batho ba le Bantsi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mafoko a ga Jesu a Gakgamatsa Batho ba le Bantsi
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Barutwa ba le Bantsi ba Tlogela Jesu
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Barutwa ba le Bantsi ba Tlogela Jesu
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • O ka Dira Eng Gore o Tshelele Ruri?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 55 ts. 134-ts. 135 ser. 10
Fa Jesu a bua le baaposetoloi ba gagwe ba ba 12, Judase o leba go sele a na le dipelaelo; barutwa ba bangwe ba a ngongorega ba bo ba tsamaya

KGAOLO 55

Mafoko A Ga Jesu A Gakgamatsa Batho Ba Le Bantsi

JOHANE 6:48-71

  • GO JA NAMA YA GAGWE LE GO NWA MADI A GAGWE

  • BA LE BANTSI BA A KGOPISEGA BA BO BA TLOGELA GO TSAMAYA LE ENE

Jesu o mo sinagogeng kwa Kaperenama, o ruta batho gore ke ene senkgwe sa boammaaruri se se tswang kwa legodimong. Go bonala mafoko a gagwe a tlatsa se a neng a se bolelela batho ba ba boileng go tswa ka kwa letlhakoreng le le kwa botlhaba jwa Lewatle la Galalea, ba ba neng ba jele dinkgwe le ditlhapi tse a neng a ba fepa ka tsone.

Jesu o tsweletsa motlotlo wa gagwe a re: “Borraalonamogolo ba ne ba ja mana kwa nageng, le fa go ntse jalo ba ne ba swa.” Go tswa foo o tlhalosa jaana: “Ke nna senkgwe se se tshelang se se fologileng kwa legodimong. Fa mongwe a ka ja senkgwe seno o tla tshela ka bosakhutleng; tota e bile, senkgwe se ke tla se ntshang gore batho ba bone botshelo, ke nama ya me.”—Johane 6:48-51.

Ka dikgakologo tsa 30 C.E., Jesu o ne a bolelela Nikodemo gore Modimo o ratile lefatshe thata mo a ileng a ntsha Morwawe gore e nne Mmoloki. Jaanong Jesu o gatelela gore go botlhokwa gore batho ba je nama ya gagwe ka go dumela mo setlhabelong se a tla se ntshang. Eo ke tsela ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.

Le fa go ntse jalo, batho ga ba dumalane le mafoko a ga Jesu. Ba botsa jaana: “Monna yono a ka re naya jang nama ya gagwe gore re e je?” (Johane 6:52) Jesu o batla gore ba tlhaloganye gore ga a reye gore ba tseye se a se buang jaaka se ntse. Mafoko a a latelang a bontsha gore tota o bua ka tsela ya tshwantshetso.

“Fa lo sa je nama ya Morwa motho lo bo lo nwa madi a gagwe, ga lo kitla lo bona botshelo. Ope fela yo o jang nama ya me a bo a nwa madi a me o tlile go bona botshelo jo bo sa khutleng, . . . ka gonne nama ya me ke dijo tsa boammaaruri le madi a me ke senô sa boammaaruri. Ope fela yo o jang nama ya me a bo a nwa madi a me o tla tswelela a le seoposengwe le nna.”—Johane 6:53-56.

Seo se ka tswa se kgopisa Bajuda ba ba mo reeditseng. Gongwe ba akanya gore Jesu o kgothaletsa batho go ja nama ya batho ba bangwe kgotsa go tlola molao wa Modimo wa gore madi a se ka a jewa. (Genesise 9:4; Lefitiko 17:10, 11) Mme gone, Jesu ga a bue ka go ja nama kgotsa go nwa madi ka tsela ya mmatota. O bontsha gore botlhe ba ba batlang botshelo jo bo sa khutleng, ba tshwanetse go dumela mo setlhabelong se a tla se ntshang fa a ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng a bo a tsholola madi a gagwe. Tota le bontsi jwa barutwa ba gagwe ga ba tlhaloganye thuto eno. Bangwe ba bone ba re: “Puo eno e tsitsibanya mmele; ke mang yo o ka e reetsang?”—Johane 6:60.

E re ka Jesu a lemoga gore bangwe ba barutwa ba gagwe ba a ngongorega, o ba botsa jaana: “A seno se a lo kgopisa? Jaanong lo tla reng fa lo ka bona Morwa motho a tlhatlogela kwa a neng a le gone pele? . . . Mafoko a ke a buileng le lona ke moya e bile ke botshelo. Le fa go ntse jalo, go na le bangwe mo go lona ba ba sa dumeleng.” Fa a rialo, barutwa ba le bantsi ba a tsamaya ba bo ba tlogela go mo sala morago.—Johane 6:61-64.

Go tswa foo, Jesu o botsa baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 a re: “A le lona lo batla go tsamaya?” Petere o mo raya a re: “Morena, re tla ya kwa go mang? Wena o bua mafoko a a nayang botshelo jo bo sa khutleng. Re dumetse e bile re a itse gore wena o Motlhanka yo o Boitshepo wa Modimo.” (Johane 6:67-69) Ruri Petere le baaposetoloi ba bangwe ba bontsha gore ba a ikanyega, le fa gone mo nakong eno ba sa tlhaloganye ka botlalo se Jesu a se rutang ka kgang eno.

Le fa gone Jesu a itumeletse karabo ya ga Petere, o tlhalosa jaana: “Ke ne ka lo tlhopha lona ba ba 12, a ga go jalo? Le fa go ntse jalo, mongwe wa lona o tshwana le Diabolo.” (Johane 6:70) Jesu o bua ka Judase Isekariota. Go ka direga gore mo nakong eno, Jesu o lemoga gore Judase o simolola go diragatsa dikeletso tsa gagwe tse di sa siamang.

Mme gone, Jesu o itumedisiwa ke go itse gore Petere le baaposetoloi ba bangwe ga ba letle sepe se ba kgoreletsa go nna balatedi ba gagwe le go nna le seabe mo tirong e e bolokang matshelo e a e dirang.

  • Jesu o naya batho nama ya gagwe ka tsela efe, mme motho a ka ‘ja nama ya ga Jesu’ jang?

  • Ke eng fa batho ba kgopisiwa ke se Jesu a se buang ka nama ya gagwe le madi a gagwe, mme gone o gatelela ntlha efe?

  • Fa batho ba bantsi ba tlogela go latela Jesu, Petere o tsiboga jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela