LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gt kgao. 85
  • Go Senka ba ba Latlhegileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Senka ba ba Latlhegileng
  • Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go senka ba ba Latlhegileng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Go Itumelela Moleofi yo o Ikwatlhayang
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • A o Tla Etsa Modimo ka go Nna Kutlwelobotlhoko?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • “Lo Ithute mo go Nna”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
gt kgao. 85

Kgaolo 85

Go Senka ba ba Latlhegileng

JESU o tlhoafetse thata go batla le go bona bao ka boikokobetso ba tla direlang Modimo. Jalo o senka a bo a buisana le mongwe le mongwe kaga Bogosi, go akaretsa le baleofi ba ba itsegeng. Batho ba go nna jalo jaanong ba atamela gaufi nae go mo reetsa.

Fa Bafarasai le bakwadi ba lemoga seno, ba nyaletsa Jesu gore o itsalanya le batho bao ba ba tsayang ba sa siama. Ba dumaduma ka go re: “Monna eo, o chola baleohi, me o ya nabō.” Abo seo e le selo se se nyatsegang jang ne mo go bone! Bafarasai le bakwadi ba tsaya batho ba ba kwa tlase jaaka leswe le le kafa tlase ga dinao tsa bone. Ebile tota, ba ne ba dirisa lefoko la Sehebera ʽam ha·ʼaʹrets, “batho ba naga [lefatshe],” go bontsha kafa ba nyatsang batho ba go nna jalo ka teng.

Go farologana le bone, Jesu o dirisana le mongwe le mongwe ka tlotlo, ka bopelonomi, le ka kutlwelobotlhoko. Ka baka leo, bontsi jwa batho ba ba nyadiwang bano, go akaretsa le batho bao ba itsegeng fela thata ka go dira bosula, ba tlhoafaletse go mo reetsa. Mme go tweng ka go nyatsa ga Bafarasai Jesu go bo a thusa batho bao ba ba tsayang fa ba sa siama?

Jesu o araba ngongorego ya bone ka go dirisa setshwantsho. O bua kafa Bafarasai ba lebang dilo ka teng, gore ba siame le gore ba bolokesegile mo lesakeng la Modimo, fa ba ʽam ha·ʼaʹrets, ba ba nyatsegang bone ba timetse ba bile ba latlhegile. Reetsa jaaka a ba botsa:

“Motho ke ohe oa lona eo e ka reñ a na le dinku di le lekgolo, me ha ñwe ea cōna e timèla, eo o se keñ a tlogèla tse di mashomè a a hèrañ o le moñwe le bohèra o le moñwe, mo nageñ, me a ee go batla e e timetseñ, go tlo go tsamaeè a e bōnè? Me o tla re a sena go e bōna, a e bèe mo mahetleñ a gagwè, a itumèle. Me e re a tla mo gae, a phuthe ditsala tsa gagwè le ba ga gabō, a ba rèe, a re, Itumeleñ le nna, gonne ke bonye nku echo e e neñ e timetse.”

Go tswa foo Jesu o bontsha kafa polelo ya gagwe e dirang ka teng, a tlhalosa ka go re: “Go tla nna boitumèlō hèla yalo kwa legodimoñ, kaga moleohi a le moñwe hèla eo o ikwatlhaeañ, bogolo go kaga ba ba siameñ ba ba mashomè a a hèrañ o le moñwe le bohèra o le moñwe, ba ba sa diheñ boikwatlhaō sepè.”

Bafarasai ba itsaya e le batho ba ba siameng mme ka gone ba sa tlhoke go ikwatlhaya. Fa bangwe ba bone ba ne ba nyatsa Jesu dingwaga di ka nna pedi tse di fetileng gore o ne a ja le bakgethisi le baleofi, o ne a ba raya a re: “Ga kea tla go bitsa basiami, ha e se baleohi hèla.” Bafarasai bao ba ba iponang tshiamo, ba ba retelelwang ke go bona fa ba tlhoka boikwatlhao, ga ba lere boipelo bope kwa legodimong. Mme baleofi bao ba ikwatlhayang ka boammaaruri ba a bo lere.

Go tiisa ntlha ya gore go busediwa ga baleofi ke selo se se lereng boipelo jo bogolo, Jesu o anela setshwantsho se sengwe gape. A re: “Mosadi ke ohe, eo e ka reñ a na le madi a le shomè a selefera, me ha a latlhègèlwa ke le leñwe, a se ke a chuba lobōnè, a hèèla ntlo, a batla ka tlhōahalō a tsamaeè a le bōnè? Me o tla re a sena go le bōna, a phuthe ditsala tsa gagwè le ba ga gabō, a re, Itumeleñ le nna, gonne ke bonye ledi ye le ne le ntatlhegetse.”

Go tswa foo Jesu o bontsha kafa seno se dirang ka teng ka tsela e e tshwanang. A re: “Go boitumèlō hèla yalo ha pele ga baengele ba Modimo, kaga moleohi a le moñwe hèla eo o ikwatlhaeañ.”

Abo kamego e e lorato eno ya baengele ba Modimo kaga go busediwa ga baleofi ba ba latlhegileng e kgatlhisa jang ne! Seno se ntse jalo segolobogolo ka batho bano ba ba kwa tlase, ba ʽam ha·ʼaʹrets, ba ba nyatsegang bano kgabagare ba tshwanelegela go nna maloko a Bogosi jwa selegodimo jwa Modimo. Ka baka leo, ba bona boemo jo bo kwa godimo kwa legodimong go feta jwa baengele bao ka bobone! Mme go na le go ikutlwa ba ba fufegela kana ba sa ba tlotle, baengele bano ka boikokobetso ba anaanela ntlha ya gore baleofi bano ba thulana ba bo ba fenya maemo a botshelo a a tla ba kgonisang go direla jaaka dikgosi le baperesiti bao ba nang le tlhomogelo pelo le kutlwelobotlhoko. Luke 15:1-10; Mathaio 9:13; 1 Bakorintha 6:2, 3; Tshenolō 20:6.

▪ Ke ka ntlhayang fa Jesu a kopanela le baleofi ba ba itsegeng, mme seo se dira gore Bafarasai ba mo nyaletse eng?

▪ Bafarasai ba leba batho ba ba kwa tlase jang?

▪ Ke ditshwantsho dife tse Jesu a di dirisang, mme re ka ithuta eng mo go tsone?

▪ Ke ka ntlhayang fa go itumela ga baengele go kgatlhisa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela