LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 1/15 ts. 8-9
  • Go senka ba ba Latlhegileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go senka ba ba Latlhegileng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Senka ba ba Latlhegileng
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Go Itumelela Moleofi yo o Ikwatlhayang
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • A o Tla Etsa Modimo ka go Nna Kutlwelobotlhoko?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • “Lo Ithute mo go Nna”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 1/15 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Go senka ba ba Latlhegileng

JESU o tlhoafaletse thata go batla le go bona bao ka boikokobetso ba tla direlang Modimo. Jalo o senka a bo a buisana le mongwe le mongwe kaga Bogosi, go kopanyeletsa le baleofi ba ba itsegeng. Batho ba go nna jalo jaanong ba atamela gaufi nae go mo reetsa.

Fa Bafarasai le bakwadi ba lemoga seno, ba nyaletsa Jesu gore o itsalanya le batho bao ba ba tsayang ba sa tshwanela. Ba dumaduma ka go re: “Monna eo, o chola baleohi, me o ya nabb.” Abo seo a le selo se se nyatsegang jang ne mo go bone! Bafarasai le bakwadi ba tsaya batho ba ba kwa tlase jaaka leswe le le kafa tlase ga dinao tsa bone. Ebile tota, ba ne ba dirisa lefoko la Sehebera ‛am ha·’aʹrets “batho ba Iefatshe,” go bontsha kafa ba nyatsang batho ba go nna jalo ka teng.

Mo letlhakoreng le lengwe, Jesu o dirisana le mongwe le mongwe ka tlotlo, ka bopelonomi, le ka kutlwelobotlhoko. Ka baka leo, bontsi jwa batho ba ba kwa tlase bano, go akareletsa le batho bao ba itsegeng fela thata ka go dira bosula, ba tlhoafaletse go mo reetsa. Me go tweng ka go nyatsa ga Bafarasai Jesu go bo a thusa batho bao ba ba tsayang fa ba sa tshwanela?

Jesu o araba ngongorego ya bone ka go dirisa setshwantsho. O bua kafa Bafarasai ba lebang dilo ka teng, gore ba siame le gore ba bolokesegile mo lesakeng la Modimo, fa ba ‛am ha·’aʹrets ba ba nyatsegang bone ba timetse ba bile ba latlhegile. Reetsa jaaka a ba botsa:

“Motho ke ohe oa lona eo a ka ren a na le dinku di le lekgolo, me ha nwe ea cona e timela, eo o se ken a tlogela tse di mashome a a heran o le monwe le bohera o le monwe, mo nagen, me a ee go batla e e timetsen, go tlo go tsamaee a e bone? Me o tla re a sena go a bona, a e bee mo mahetlen a gagwe, a itumele. Me a re a tla mo gae, a phuthe ditsala tsa gagwe le ba ga gabo, a ba ree a re, Itumelen le nna, gonne ke bonye nku echo e e nen a timetse.”

Go tswa foo Jesu o bontsha kafa polelo ya gagwe a dirang ka teng, a tlhalosa ka go re: “Go tla nna boitumelo hela yalo kwa legodimon, kaga moleohi a le monwe hela eo o ikwatlhaean, bogolo go kaga ba ba siamen ba ba mashome a a heran o le monwe le bohera o le monwe, ba ba sa dihen boikwatlhab sepe.”

Bafarasai ba itsaya a le batho ba ba siameng mme ka gone ba sa tlhoke go ikwatlhaya. Fa bangwe ba bone ba ne ba nyatsa Jesu dingwaga di ka nna pedi tse di fetileng gore o ne a ja le bakgethisi le baleofi, o ne a ba raya a re: “Ga kea tla go bitsa basiami, ha a se baleohi hela.” Bafarasai bao ba ba iponang tshiamo, ba ba retelelwang ke go bona fa ba tlhoka boikwatlhao, ga ba lere boipelo bope kwa legodimong. Mme baleofi bao ba ikwatlhayang ka boammaaruri ba a bo lere.

Go tiisa ntlha ya gore go busediwa ga baleofi ke selo se se lereng boipelo jo bogolo, Jesu o anela setshwantsho se sengwe gape. A re: ‘Mosadi ke ohe, eo e ka ren a na le madi a le shomè a selefera, me ha a latlhegelwa ke le lenwe, a se ke a chuba lobone a heela ntlo, a batla ka tlhoahalo a tsamae e a le vone? Me o tla re a sena go le bona, a phuthe ditsala ts nagwe le ba ga gabo, a re, Itumelen le nna, gone ke bonye ledi yele ne le ntatlhegetse.’

Go tswa foo Jesu o bontsha kafa seno se dirang ka teng ka tsela e e tshwanang, a re: ‘Go boitumelo hela yalo ha pele ga baengele ba Modimo, kaga moleohi a le monwe hela eo o ikwatlhaean.’

Abo kamego e e lorato eno ya baengele ba Modimo kaga go busediwa ga baleofi ba ba latlhegileng a kgatlhisa jang ne! Seno se ntse jalo segolo bogolo ka batho bano ba ba kwa tlase, ba ‛am ha·’aʹrets ba ba nyatsegang bano kgabagare ba tshwanelegela go nna maloko a Bogosi jwa selegodimo jwa Modimo. Ka baka leo, ba bona boemo jo bo kwa godimo kwa legodimong go feta jwa baengele bao ka bobone! Mme go na le go ikutlwa ba ba fufegela kana ba sa ba tlotle, baengele bano ka boikokobetso ba anaanela ntlha ya gore baleofi bano ba thulana ba bo ba fenya maemo a botshelo a a tla ba kgonisang go direla jaaka dikgosi le baperesiti bao ba nang le tlhomogelo pelo le kutlwelobotlhoko. Luke 15:1-10; Mathaio 9:13; 1 Bakorintha 6:2, 3; Tshenolō 20:6.

◆ Ke ka ntlhayang fa Jesu a kopanela le baleofi ba ba itsegeng, seo se dirang gore Bafarasai ba mo nyaletse eng?

◆ Bafarasai ba leba batho ba ba kwa tlase jang?

◆ Ke ditshwantsho dife tse Jesu a di dirisang, mme re ka ithuta eng mo go tsone?

◆ Ke ka ntlhayang fa go itumela ga baengele go kgatlhisa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela