Kgaolo 88
Monna wa Mohumi le Lasaro
JESU o ne a ntse a bua le barutwa ba gagwe kaga tiriso e e tshwanetseng ya khumo ya dilo tse di bonalang, a tlhalosa gore ga re kake ra nna batlhanka ba tsone mme ka nako e e tshwanang ra bo ra nna batlhanka ba Modimo. Bafarasai le bone ba reeditse, mme ba simolola go sotla Jesu ka go bo ba rata madi. Jalo o ba raya a re: “Ke lona ba lo itshiamisañ ha pele ga batho; me Modimo o itse dipelo tsa lona; gonne se se tlotlègañ thata mo bathuñ, se bo se le makgapha ha pele ga Modimo.”
Nako e setse e gorogile ya gore batho bao ba humileng dithoto tsa lefatshe, maatla a bopolotiki, le go laola mo bodumeding le tlhotlheletso di ba latlhegele. Ba tla nyenyefadiwa. Mme bao ba lemogang gore ba humanegile semoyeng ba tla golediwa. Jesu o bontsha phetogo eo fa a tswelela ka go raya Bafarasai a re:
“Molaō o nntse o le gōna le baperofeti go tla go hitlha mo go Yohane [Mokolobetsi]: e sa le ka lobaka louō Mahoko a a Molemō a bogosi yoa Modimo a nntse a rèrwa, me moñwe le moñwe o tsèna mo go yōna ka go i[t]eka. Me go ka nna boheho legodimo go heta, le lehatshe, bogolo go tlhakanyana ñwe ea molaō go tlhaèla.”
Bakwadi le Bafarasai ba ipelafatsa ka go iphaka gore ba latela Molao wa ga Moshe. Gakologelwa gore fa Jesu a ne a fodisa monna mongwe wa sefofu ka tsela e e gakgamatsang mo Jerusalema, ba ne ba ipelafatsa ka go re: “Rona re barutwa ba ga Moshe. Rea itse ha Modimo o buile le Moshe.” Mme jaanong Molao wa ga Moshe o ne o diragaditse boikaelelo jwa one jwa go gogela batho ba ba boikokobetso kwa Kgosing e e tlhomilweng ke Modimo, ebong Jesu Keresete. Jalo fa Johane a ne a simolola bodihedi jwa gagwe, batho ba mefuta yotlhe, segolobogolo bao ba leng boikokobetso le ba ba humanegileng, ba lekela ka natla go nna babusiwa ba Bogosi jwa Modimo.
Ereka Molao wa ga Moshe jaanong o diragadiwa, go o tshegetsa go tshwanetse ga fedisiwa. Molao o letla batho go tlhala basadi ba bone ka mabaka a a farologaneng, mme jaanong Jesu a re: “Leha e le mañ eo o tla tlhalañ mosadi oa gagwè, ha e se ka ntlha ea boaka, me a nyala eo moñwe, o diha boaka: le eo o mo nyalañ a sena go tlhalwa, o diha boaka.” Abo kitsiso e e tlhamaletseng eno e tshwanetse ya bo e gakatsa Bafarasai jang ne, ereka segolobogolo ba ne ba letlelela tlhalo ka mabaka a le mantsi!
Fa a tswelela ka mafoko a gagwe go Bafarasai, Jesu o bua ka setshwantsho se se bontshang banna ba babedi ba maemo, kana seemo sa bone, se kgabagare se fetogang ka tsela e e gakgamatsang. A o ka kgona go bona gore banna bano ba emela bomang mme le gore go fetolwa ga maemo a bone go raya eng?
“Me yana ga bo go le monna moñwe, a humile,” Jesu o a tlhalosa, “me a apere bohibidu le leloba ye le bolèta, a tshela hèla ka malatsi aotlhe mo letlepuñ le mo bontlentleñ. Me ga bo go le mokopi moñwe eo o bidiwañ Lasaro, a beilwe ha kgoroñ ea gagwè a tletse dinthō, Me a eletsa go otlwa ka matlhotlhora a a wañ mo lomatiñ loa boyèlō loa mohumi; E, dinca le cōna, tsa tla tsa lacwa dinthō tsa gagwè.”
Jesu fano o dirisa monna wa mohumi go tshwantshetsa baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda, go akaretsa eseng fela Bafarasai le bakwadi mme gape le Basadukai le baperesiti ba bagolo. Ba humile ditshiamelo tsa semoya le ditshono, mme ba itshwara jaaka monna wa mohumi. Diaparo tsa bone tse di bohibidu jo bo mokgona di bontsha boemo jwa bone jo bo kwa godimo, mme leloba le lesweu le tshwantshetsa go ikaya ga bone ba le tshiamo.
Setlhopha seno sa monna yo o boikgodiso wa mohumi se leba ba ba humanegileng, ebong batho fela ka lonyatso lo logolo, se ba bitsa ‛am ha·’aʹrets, kana batho ba lefatshe. Ka jalo Lasaro wa mokopi o emela batho bao baeteledipele bano ba bodumedi ba sa ba neyeng dijo tse di siameng le ditshiamelo tsa semoya. Ka jalo, jaaka Lasaro yo o tletseng dintho, batho ba ba tlwaelegileng ba lebelwa kwa tlase jaaka bao ba lwalang mo semoyeng mme ba tshwanelwa fela ke go nna le dintša. Lefa go le jalo, bao e leng ba setlhopha sa Lasaro ba bolailwe ke tlala le go nyorelwa dijo tsa semoya mme ka jalo ba ntse mo kgorong ba batla go amogela manathwana ape fela a dijo tsa semoya a a ka wang mo tafoleng ya monna wa mohumi.
Jesu jaanong o tswelela go tlhalosa diphetogo mo boemong jwa monna wa mohumi le Lasaro. Diphetogo tseno ke eng, mme di emela eng?
Monna wa Mohumi le Lasaro ba Itemogelela Phetogo
Monna wa mohumi o emela baeteledipele ba bodumedi ba ba nang le ditshiamelo le ditshono tsa semoya, mme Lasaro o emela batho ba ba tlwaelegileng ba ba bolailweng ke tlala ya dijo tsa semoya. Jesu o tswelela ka polelo ya gagwe, a tlhalosa ka phetogo e e gakgamatsang mo maemong a banna bano.
“Me ga dihala go re,” Jesu a rialo, “mokopi a shwa, me baengele ba mmèlègèla kwa sehubeñ sa ga Aberahame: mohumi le èna a shwa, a hitlhwa. Me o rile a le mo Bobipoñ, a choletsa matlhō a gagwè, a le mo ditlhokohacoñ tse ditona, me a bōna Aberahame kwa kgakala, le Lasaro a le mo sehubeñ sa gagwè.”
Ereka monna wa mohumi le Lasaro e se batho ba mmatota mme ba tshwantshetsa ditlhopha tsa batho, ka mo go utlwalang dintsho tsa bone le tsone ke tsa tshwantshetso. Go swa ga bone go tshwantshetsa eng, kana go emela eng?
Jesu o sa tswa go bontsha ka phetogo mo maemong a bone ka go bolela go re ‘go ne go ntse go le Molao le Baperofeti go fitlha ka nako ya ga Johane Mokolobetsi, mme fa esale ka nako eo go bolelwa ka bogosi jwa Modimo.’ Ka gone, ke ka go rera ga ga Johane le Jesu Keresete monna wa mohumi mmogo le Lasaro ba swang mo maemong a bone a pele, kana seemo.
Ba setlhopha se se boikokobetso, se se ikwatlhaileng sa ga Lasaro ba swa mo seemong sa bone sa pele sa semoya mme ba amogelwa ke Modimo. Lefa pele ba ne ba lebelela go bona manathwana a a wang mo tafoleng ya semoya ya baeteledipele ba bodumedi, jaanong boammaaruri jwa Dikwalo joo ba bo newang ke Jesu bo kgotsofatsa ditlhokafalo tsa bone. Ka go rialo ba tlisitswe mo sehubeng, kana ba amogelwa ke Aberahame yo Mogolwane, Jehofa Modimo.
Mo letlhakoreng le lengwe, bao ba bopang setlhopha sa monna wa mohumi ba iponela go sa amogelweng ke Modimo ka go bo ba tsweletse ka go gana molaetsa wa Bogosi o o rutwang ke Jesu. Ka jalo ba swa mo seemong sa bone sa pele seo mo go sone ba neng ba lebega ekete ba amogetswe. Ebile tota, ba bolelwa fa ba le mo pogisong ya tshwantshetso. Reetsa jaaka monna wa mohumi a bua:
“Aberahama, Rra, nkutlwèla botlhoko, me u romè Lasaro, gore a tlè a inè ntlha ea monwana oa gagwè mo metsiñ, a ntsidihatsè loleme, gonne ke tlhokohadiwa mo go golo mo kgabuñ e.” Batho ba setlhopha sa monna wa mohumi ba tlhokofadiwa ke melaetsa e e nonofileng ya Modimo ya katlholo e e bolelwang ke barutwa ba ga Jesu. Ba batla gore barutwa ba tlogelè go bua melaetsa eno, ka jalo ba ba golola mo selekanyong se se rileng sa pogiso ya bone.
“Me Aberahame a re, Morwaaka, gopola yaka e rile mo botsheloñ yoa gago u nu u amogetse dilō tse di molemō tsa gago, le yaka Lasaro le èna a na a na le dilō tse di boshula: me yanoñ, èna oa gomodiwa, me wèna u tlhokohadiwa mo gogolo. Me bogolo go cotlhe tse, ha gare ga rona le lona, go tlhomilwe phatlha e kgolo e e senañ bogatō; gore ba ba kwano ba ba ratañ go hetèla koñ go lona, ba retelelwè; le koñ ba ba ratañ go tla kwano go rona, ba retelèlwè.”
Abo phetogo eno ya ba setlhopha sa Lasaro le sa monna wa mohumi e siame ebile e tshwanela jang ne! Go fetoga mono ga boemo go fitlhelelwa dikgwedi di sekae fela moragonyana ka Pentekosete 33 C.E., fa kgolagano e kgologolo ya Molao e emisediwa ka kgolagano e ntšha. Jaanong go bonala ka phepafalo fela gore barutwa ba amogelwa ke Modimo, mme Bafarasai le baeteledipele ba bangwe ba bodumedi bone ga ba amogelwe. Ka jalo, “phatlha e kgolo” eo e kgaoganyang setlhopha sa tshwantshetso sa monna wa mohumi le barutwa ba ga Jesu e emela katlholo ya Modimo e e sa fetogeng, ya tshiamo.
Monna wa mohumi o kopa “Aberahama, Rra” gape gore a “romè [Lasaro] kwa ntluñ ya ga rrè, ka ke na le bana ba ga rrè, ba le batlhano.” Monna wa mohumi ka go rialo o ipolela gore o na le kamano e e gaufi le rraagwe yo mongwe, yoo totatota e leng Satane Diabolo. Monna wa mohumi o kopa gore Lasaro a seka a bua molaetsa wa Modimo jaaka o ntse e le gore a tle a seka a tsenya ‘bomorwarraagwe ba batlhano’ ebong ditsala tsa gagwe tsa bodumedi “heloñ ga tlhokohaco e kgolo.”
“Me Aberahame a mo raea, a re, Ba na le Moshe le baperofeti; a ba utlwè bōnè.” Ee gore ‘bomorwarraagwe ba batlhano’ ba tle ba seka ba tlhokofadiwa, seo ba tshwanetseng go se dira ke go reetsa Moshe le Baperofeti bao ba bolelang fa Jesu e le Mesia mme ka jalo ba fetoge barutwa ba gagwe. Mme monna wa mohumi o ganetsa a re: “Nya, Aberahame, Rra: me ha moñwe a cwa mo bashwiñ a ea kwa go bōnè, ba tla ikwatlhaea.”
“Me a mo raea, a re, Ha ba sa utlwe Moshe le baperofeti, le gōna ga ba ketla ba rapèlèsèga, leha moñwe a ka coga mo bashwiñ.” Modimo ga o kitla o dira ditshupo tse di kgethegileng kana dikgakgamatso go ba tlhatswa pelo. Batho ba tshwanetse ba bala le go dirisa Dikwalo fa ba batla gore a ba amogele. Luke 16:14-31; Yohane 9:28, 29; Mathaio 19:3-9; Bagalatia 3:24; Bakolosa 2:14; Yohane 8:44.
▪ Ke ka ntlhayang fa loso lwa monna wa mohumi le loso lwa ga Lasaro e le a tshwantshetso, mme dintsho tsa bone di tshwantshetsa eng?
▪ Kwa tshimologong ya bodihedi jwa ga Johane, ke phetogo efe eo Jesu a bontshang gore e a diragala?
▪ Ke eng se se tla tlosiwang morago ga loso lwa ga Jesu, mme seno se tla ama kgang ya tlhalo jang?
▪ Ke bomang ba ba emelwang ke monna wa mohumi le Lasaro, mo setshwantshong sa ga Jesu?
▪ Monna wa mohumi o itemogela go tlhokofadiwa gofe, mme o kopa gore a gololwe mo go tsone ka mokgwa ofe?
▪ “Phatlha e kgolo” e emela eng?
▪ Rraagwe monna wa mohumi totatota ke mang, mme bomorwarraagwe ba batlhano ke bomang?