Karolo 6
Lebaka La Go Bo Modimo O Letleletse Pogo
1, 2. Batsadi ba rona ba ntlha ba ile ba senya jang tshimologo e e molemo e Modimo o neng o e ba neile?
MATSAPA di a tsere kae? Go ile ga diragala eng se se ileng sa senya tsela e e molemo e Modimo o neng o simolotse dilo ka yone mo batsading ba rona ba ntlha mo Paradaiseng ya Edena? Go tlile jang gore, go na le gore go nne le kagiso le kutlwano mo Paradaiseng, boikepo le pogo di bo di ile tsa apesa setho ka dingwaga tse di diketekete jaana?
2 Lebaka ke gore Adame le Efa ba ile ba se ka ba kgetha sentle. Ba ile ba palelwa ke go ela tlhoko gore ba ne ba sa bopelwa gore ba atlege ba se kafa tlase ga Modimo le melao ya gagwe. Ba ile ba swetsa ka go batla go ikemela ka nosi kwantle ga Modimo, ba akanya gore seno se ne se tla tokafatsa matshelo a bone. Ka jalo ba ile ba fetela ka kwa ga melelwane e Modimo o neng o e beile ya go ikgethela.—Genesise, kgaolo 3.
Kgang ya Bolaodi jwa Lobopo Lotlhe
3-5. Ke ka ntlha yang fa Modimo o ne o sa senye Adame le Efa mme o bo o simolola sesha?
3 Ke ka ntlha yang fa Modimo o ne o sa senye Adame le Efa mme o bo o bopa sesha batho ba bangwe ba babedi? Ke ka go bo bolaodi jwa gagwe jwa lobopo lotlhe, ke gore, tshwanelo ya gagwe e o sa iipateletseng ya go busa e ne e gwetlhilwe.
4 Potso e ile ya nna gore: Ke mang yo o nang le tshwanelo ya go busa, le gore ke puso ya ga mang e e siameng? Go bo e le mothatayotlhe le Mmopi wa dibopiwa tsotlhe go neela Modimo tshwanelo ya go di busa. Ereka o na le botlhale jo bo tletseng, puso ya gagwe e ne e tla nna e e molemolemo mo dibopiweng tsotlhe. Mme jaanong puso ya Modimo e ne e gwetlhilwe. Gape, a go ne go na le sengwe se se phoso ka popo ya gagwe—eleng motho? E tla re kwa moragonyana re tlhatlhobe kafa kgang ya boikanyegi jwa motho e amegang ka teng mo go seno.
5 Ka go ipusa ga motho a se kafa tlase ga Modimo, potso e nngwe gape e ne ya tsoga: A batho ba ne ba ka tswelela pele botoka fa ba ne ba sa busiwe ke Modimo? Ka phepafalo Mmopi o ne a itse karabo, mme tsela e e tlhomameng ya gore batho le bone ba bone karabo eo e ne e le ka go ba fa sebaka sa go itirela dilo ka go rata jaaka fa ba ne ba batla. Ba ne ba ikgethetse tsela eo, ka jalo Modimo o ne wa ba e letlelela gore ba e tseye.
6, 7. Ke ka ntlha yang fa Modimo o ile wa letlelela batho kgololesego e e feletseng ka lebaka le le kana?
6 Ka go fa batho nako e e lekaneng ya go tshela ka kgololesego e e feletseng, Modimo o ne o tla rarabololela ruri kgang ya gore a batho ba ka tshela botoka kafa tlase ga puso ya Modimo kgotsa fa ba ipusa. Mme nako e e letleletsweng e ne e tla tshwanela go nna telele go letlelela batho go tsena mo seemong seo ba se bitsang setlhoa sa tse ba di kgonneng mo go tsa dipolotiki, madirelo, saense, le tsa kalafi.
7 Ka jalo, Modimo o ne wa letlelela motho go ipusa go tla go fitlha mo motlheng ono wa rona gore o ntshe pelaelo epe ya gore a tota motho a ka ipusa ka katlego kwantle ga one. Mme ka jalo motho o ile a kgona go kgetha gareng ga bopelonomi le bosetlhogo, gareng ga lorato le kilo, gareng ga tshiamo le tshiamololo. Mme gape o ne o ile a tshwara phage ka mangana mabapi le ditlamorago tsa tlhopho eo ya gagwe: molemo le kagiso kgotsa boikepo le pogo.
Go Tsuologa ga Dibopiwa tsa Moya
8, 9. (a) Botsuolodi bo ile jwa tsoga jang kwa sebakeng sa semoya? (b) Ke bomang kwantle ga ga Adame le Efa ba ba ileng ba tlhotlhelediwa ke Satane go tsuologa?
8 Go na le sengwe gape se re tshwanetseng go se tsaya tsia. Batsadi ba rona ba ntlha e ne e se bone fela ba ba ileng ba tsuologa kgatlhanong le puso ya Modimo. Mme ke bomang bao le bone ba neng ba le teng ka nako eo? Dibopiwa tsa moya. Pele ga Modimo o bopa batho, o ne wa bopa ditshedi tse di kwa godimo go na le batho, baengele ba bantsintsi, gore ba tshele kwa magodimong. Le tsone di ne di bopilwe di na le kgololesego ya go ikgethela mme gape di ne di tshwanetse go ineela mo pusong ya Modimo.—Yobe 38:7; Pesalema 104:4; Tshenolō 5:11.
9 Bibela e bontsha gore botsuolodi bo simologile pele kwa sebakeng sa semoya. Sebopiwa sengwe sa moya se ne se batla kgololesego e e feletseng. Se ne se batla gore le batho ba se obamele. (Mathaio 4:8, 9) Motsuolodi yono wa moya o ne a tlhotlheletsa Adame le Efa go tsuologa, a aka a re Modimo o ba itsa sengwe se se molemo mo go bone. (Genesise 3:1-5) Ka jalo o bidiwa Diabolo (Mopateletsi) le Satane (Moganetsi). Kwa morago, o ne a dira gore ditshedi tse dingwe tsa moya le tsone di tsuologe. Di ne tsa itsiwe jaaka badimona.—Duteronome 32:17; Tshenolō 12:9; 16:14.
10. Go tsuologa ga batho le dibopiwa tsa moya go ile ga felela ka eng?
10 Ka go tsuologa kgatlhanong le Modimo, batho ba ile ba ineela mo tlhotlheletsong ya ga Satane le badimona ba gagwe. Ke sone se Bibela e bitsang Satane e re ke “modimo oa lehatshe yeno,” yo o “houhaditseñ megopolō ea ba ba sa dumèleñ.” Ka jalo, Lefoko la Modimo la re “lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” Jesu ka boene o ne a bitsa Satane a re ke “kgōsana ea lehatshe lenō.”—2 Bakorintha 4:4; 1 Yohane 5:19; Yohane 12:31.
Dikgangkgolo tse Pedi
11. Ke kgangkgolo efe e nngwe e ka yone Satane a ileng a gwetlha Modimo?
11 Satane o ile gape a tsosa kgang e nngwe eo e neng e gwetlha Modimo. Se tota a neng a se bua ke gore, tsela e Modimo o bopileng batho ka yone e phoso le gore ga go na motho ope yo o ka dirang tshiamo fa a le mo pitlaganong. Tota ebile, o ile a dira maiphako a gore fa batho ba le mo ditekong ba ka tlhapatsa le Modimo tota. (Yobe 2:1-5) Ka go dira jalo Satane o ne a gwetlha boikanyegi jwa dibopiwa tse eleng batho.
12-14. Nako e ne e tla lemotsha boammaaruri bofe kaga dikgangkgolo tseo tse pedi tse Satane a ileng a di tsosa?
12 Ka jalo, Modimo o letleletse nako e e lekaneng gore dibopiwa tsotlhe tse di botlhale di kgone go bona tharabololo ya kgangkgolo eno le kgangkgolo ya bolaodi jwa Modimo. (Bapisa Ekesodo 9:16.) Se se neng se tla diragalela batho mo hisitoring se ne se tla bontsha boammaaruri kaga dikgangkgolo tseno tse pedi.
13 Sa ntlha, nako e ne e tla bontshang mabapi le kgangkgolo ya bolaodi jwa lobopo lotlhe, kaga tshwanelo ya Modimo ya go busa? A batho ba ne ba tla kgona go ipusa botoka go na le fa ba busiwa ke Modimo? A tsamaiso epe ya motho e eseng kafa tlase ga Modimo e ne e tla lere lefatshe le le itumedisang la kagiso le go senang ntwa, tlolomolao, le tshiamololo mo go lone? A nngwe ya dipuso tseo e ne e ka fedisa lehuma mme ya leretse botlhe letlotlo? A nngwe ya tsone e ne e ka fedisa bolwetsi, go tsofala, le loso? Puso ya Modimo e ne e diretswe go fedisa dilo tseo tsotlhe.—Genesise 1:26-31.
14 Mabapi le kgangkgolo ya bobedi, nako e ne e tla lemotsha eng kaga boleng jwa dibopiwa tseo eleng batho? A Modimo o ne o dirile phoso ka go bopa batho ka tsela eo a ba bopileng ka yone? A go ne go tla nna le bangwe ba bone ba ba neng ba tla dira tshiamo fa ba le mo tekong? A bangwe ba batho ba ne ba tla bontsha gore ba batla puso ya Modimo go na le go ipusa ka puso ya motho?
[Ditshwantsho mo go tsebe 13]
Modimo o letleletse nako ya gore batho ba fitlhe kwa setlhoeng sa dilo tseo ba kgonneng go di dira
[Motswedi wa Setshwantsho]
Shuttle: Based on NASA photo