LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 10/8 ts. 8-9
  • Lebaka la Go Bo Modimo O Letleletse Pogo Gore E Nne Teng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebaka la Go Bo Modimo O Letleletse Pogo Gore E Nne Teng
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dirisa Kgololesego ya Boikgethelo ka Tsela E E Sa Tshwanelang
  • Seo Tsamao ya Nako E Se Re Rutang
  • Ditlamorago Tsa Botsuolodi E Nnile Dife?
    A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
  • Lebaka La Go Bo Modimo O Letleletse Pogo
    A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
  • Nako ya Gore Modimo a Letlelele Pogo e Tloga e Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Go Na le Matshwenyego le Tshiamololo Tse Di Kanakana?
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 10/8 ts. 8-9

Lebaka la Go Bo Modimo O Letleletse Pogo Gore E Nne Teng

“Tsela ea motho [ga e] mo go èna ka esi: ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.”—Yeremia 10:23, 24.

MAFOKO ao a ile a kwalwa dingwaga di le diketekete morago ga fa batho ba sena go bopiwa. Jeremia o ne a lemoga gore go ya go fitlha mo motlheng wa gagwe, hisitori ya motho e ne e le ya matlhotlhapelo fa e bapisiwa le tsela e e molemo eo Modimo o neng o simolotse batsadi ba rona ba ntlha ka yone.

Selo seno seo Jeremia a neng a se lemogile se ile sa tshegediwa ke ditiragalo tsa mo dingwageng di le 2 500 tse di oketsegileng tsa hisitori tsa fa esale go tloga ka motlha wa gagwe. Matlhotlhapelo a setho a ile a etegela le go feta. Dilo di senyegile kae?

Go Dirisa Kgololesego ya Boikgethelo ka Tsela E E Sa Tshwanelang

Batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba tlhokomologa ntlha ya gore ba ne ba sa bopelwa gore ba nne le katlego kwantle ga Modimo mmogo le melao ya gagwe. Ba ne ba dira tshwetso ya gore ba ikemele ka nosi mo Modimong, ba ithaya ba re seo se ne se tla tokafatsa matshelo a bone. Mme lefa go ntse jalo seno e ne e le go dirisa kgololesego ya bone ka tsela e e sa tshwanelang. Ba ne ba fapoga melelwane eo e neng e beilwe ke Modimo ya kgololesego ya boikgethelo.—Genesise, kgaolo 3.

Ke ka ntlha yang fa Modimo o ne o sa fedise Adame le Efa fela mme o bo o simolola batho ba bangwe gape ba babedi? Ka gonne bolaodi jwa gagwe jwa lobopo lotlhe le tsela eo a busang ka yone di ne di gwetlhiwa. Ereka e le Modimo Mothatayotlhe le Mmopi wa dibopiwa tsotlhe seo se mo naya tshwanelo ya gore a di buse. Ereka a le Botlhale go Gaisa Botlhe, puso ya gagwe ke yone e e tshwanetseng dibopiwa tsotlhe go gaisa. Mme lefa go ntse jalo puso ya Modimo jaanong e ne e gwetlhiwa.

A batho ba ne ba ka dira dilo ka tsela e e botoka ba sa busiwe ke Modimo? Eleruri Mmopi o ne a itse karabo ya potso eo. Tsela e e tlhomameng eo batho ba neng ba ka itse seno ka yone e ne e le ka go ba letla gore ba nne le kgololesego e e senang moo e felelang teng eo ba neng ba e eletsa. Ka gone, lebaka le lengwe, gareng ga a mangwe, la go bo Modimo o letleletse gore boikepo le pogo di nne teng ke go bontsha ka tsela eo go se kitlang go nna le pelaelo epe gore a fa batho ba ipusa ba ikemetse ka nosi mo go ene ba ka nna le katlego.a

Adame le Efa ba ne ba iteretse pogo mmogo le go e leretse bana ba bone. Ba ne ba ‘roba seo ba se jadileng.’ (Bagalatia 6:7) “Ba o ipodiseditse, ga se bana ba gagwè [Modimo], me ke sechubaba mo go bōnè.”—Duteronome 32:5.

Batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba ile ba tlhagisiwa malebana le gore go ikemela ka nosi mo pusong ya Modimo go ne go tla felela ka gore ba swe. (Genesise 2:17) Seo se ne sa itshupa go nna boammaaruri. Ka go tlogela Modimo, ba ne ba tlogela motswedi wa bone wa pholo le botshelo. Ba ne ba koafala go fitlhela ba welwa ke loso.—Genesise 3:19.

Morago ga moo, Modimo o ne wa letla nako e e lekaneng gore ditshedi tse go tweng batho di ke di bontshe ka botlalo gore a tsamaiso epe, e ka tswa e le ya sepolotiki, ya loago, kana ya tsa itsholelo eo ba itlhamelang yone kwantle ga puso ya gagwe e ne e tla itshupa e kgotsofatsa ka mo go feletseng. A epe ya ditsamaiso tseno e ne e ka lere lefatshe le le nang le boitumelo, le le nang le kagiso le sena bokebekwa kana ntwa? A epe ya tsone e ne e ka dira gore batho botlhe ba nne le katlego? A epe ya tsone e ne e ka fenya bolwetsi, botsofe, le loso? Puso ya Modimo e ne e diretswe gore e fitlhelele dilo tseo tsotlhe.—Genesise 1:26-31.

Seo Tsamao ya Nako E Se Re Rutang

Hisitori e ne ya akofa ya tshegetsa boammaaruri jwa Baroma 5:12: “Losho loa hetèla mo bathuñ botlhe.” Temana eno e tlhalosa gore “boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla, le losho ka boleo.” E ne ya re fa batsadi ba rona ba ntlha ba tsuologela puso ya Modimo, ba ne ba golafala, ya nna ba ba sa itekanelang. Bogole jono e ne e le sone fela seo ba neng ba ka se fetisetsa mo baneng ba bone. Ka ntlha ya seo, rotlhe re tsetswe re na le bogole, re na le tshekamelo ya go lwala le go swa.

Tsamao ya nako gape e senotse kafa batho ba ba rweleng boleo ba tshwaranang ka gone. Go ile ga nna le dintwa tse di matlho mahibidu tseo di senang palo, go ilana ka ntlha ya lotso le bodumedi, go tlhatlhobiwa ka tsela e e botlhoko, bokebekwa jwa mefuta yotlhe jo bo tsitsibanyang mmele, mmogo le ditiro tsa bopelotshetlha le tsa bogagapa. Mo godimo ga moo, lehuma mmogo le tlala di ile tsa wela batho ba le dimilione tse di senang palo.

Mo dingwageng di le diketekete tse di fetileng, setho se ile sa leka mofuta mongwe le mongwe wa puso eo se ka e akanyang. Lefa go ntse jalo, di ile tsa retelelwa ka go latelana ga tsone go ka kgotsofatsa motho ka dilo tseo a di tlhokang. Maloba jaana, dipuso tsa Bokomonisi di ile tsa ganwa mo mafatsheng a le mantsi. Mo merafeng ya puso ya batho ka batho go na le bokebekwa joo bo seng kana ka sepe, lehuma, go reketla ga tsa itsholelo, mmogo le boikanyologi. Eleruri, mefuta yotlhe ya dipuso tsa motho e itshupile e tlhaela.

Mo godimo ga moo, Modimo o letleletse nako ya gore batho ba fitlhe kwa setlhoeng sa bone mo phitlhelelong ya bone ya tsa saense le ya dilo tse di bonalang. Mme lefa go ntse jalo a ke kgatelopele ya mmatota fa bora le lerumo di emiseditswe ka dimmisaele tsa nuklea? fa batho ba kgona go ka ya kwa lefaufaung mme lefa go ntse jalo ba sa kgone go ka tshela ka kagiso mo lefatsheng? fa dimilionemilione tsa batho ba tshaba go ka tswela kwa ntle bosigo ka ntlha ya bokebekwa?

Seo tsamao ya nako e se bontshang ke gore ga go tlhole go kgonagala ka gope gore batho ba ‘kaele dikgato tsa bone’ ka katlego fela jaaka fa go ntse ka bone fa ba ka tshela kwantle ga dijo, metsi, le moya. Re ne re bopetswe gore re ikaege ka kaelo ya Motlhodi wa rona go tshwana fela jaaka fa re bopetswe gore re ikaege ka dijo, metsi, le moya.—Mathaio 4:4.

Ka go letlelela gore boikepo le pogo di nne teng, Modimo o bontshitse gangwe mme ebile a bontshetsa ruri matswela a a seng monate a go sa dirise kgololesego ya boikgethelo ka tshwanelo. Eno ke mpho e e tlhotlhwakgolo mo eleng gore mo boemong jwa gore Modimo o itse batho kgololesego ya boikgethelo, o ba letleletse gore ba bone gore fa o sa e dirise ka tsela e e tshwanetseng seo se bolelang.

Malebana le kgololesego ya boikgethelo, buka ya “Statement of Principles of Conservative Judaism” e bolela jaana: “Fa go sena kgonego epe ya mmatota ya gore batho ba ka ikgethela sengwe se se phoso fa ba lebanwe ke kgang ya go ikgethela fa gare ga molemo le bosula, he kgopolo yotlhe ya go ikgethela sepe fela e fetoga selo sa lefela. . . . Bontsi jwa pogo e e leng teng mo lefatsheng e bakwa ka tlhamalalo ke go dirisa ga rona kgololesego ya boikgethelo eo re e filweng ka tsela e e sa tshwanelang.”

Eleruri, Jeremia o ne a opile kgomo lonaka fa a ne a re: “Ga goeō mo mothun̄ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.” Mme Solomone le ene o ne a opile kgomo lonaka fa a ne a re: “Motho o laola motho yo mongwe gore a mo utlwise botlhoko.”—Moreri 8:9, NW.

Seo se bontsha ka maatla kafa motho a sa kgoneng ka gone go ka fedisa pogo. Le eleng Solomone tota, ka botlhale jotlhe joo a neng a na le jone, dikhumo, mmogo le maatla o ne a se kake a lolamisa masetlana ao a bakwang ke puso ya motho.

Jalo he, Modimo o tla fedisa jang pogo? A o tla tsamaya a duelela batho pogo eo ba ileng ba nna le yone mo nakong e e fetileng?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona motlotlo ka botlalo oo o leng malebana le dikgangkgolo tsotlhe tseo di kopanyelediwang mo go seno, bona buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, dikgaolo 11 le 12, eo e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Modimo o ne wa simolola batho ka tsela e e molemo go gaisa tsotlhe, mme lefa go ntse jalo hisitori e bontsha gore fa batho ba ikemetse ka nosi mo Modimong ga ba kake ba bo ba ‘kaela dikgato tsa bone’ ka katlego

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela