Karolo 6
Ke Ka Ntlha Yang Fa Go Na le Matshwenyego le Tshiamololo Tse Di Kanakana?
1, 2. Fa go lejwa boitemogelo jwa batho, go ka bodiwa dipotso dife?
1 Lefa go ntse jalo, fa e le gore Mogodimodimo o ne a ikaeletse gore batho ba ba itekanetseng ba tshelele ruri mo lefatsheng tlase ga maemo a paradaise e bile a santse a ikaeletse jalo, ke eng fa go sena paradaise gone jaanong? Ke ka ntlha yang fa go sa nna jalo, mme go na le moo, batho ba ile ba lebana le matshwenyego le tshiamololo ka makgolo a mantsi jaana a dingwaga?
2 Kwantle ga pelaelo, hisitori ya motho e tletse ka mahutsana a a bakilweng ke ntwa, go fenngwa ga dinaga tse dingwe le go gapiwa ga tsone, go dirisa batho go itsholegela molemo ka bone, tshiamololo, khumanego, dikudumedi, bolwetsi, le loso. Ke ka ntlha yang fa dilo tse dintsi jaana tse di maswe di diragaletse batho ba bantsi jaana ba ba senang molato? Fa e le gore Modimo o maatlaotlhe, ke ka ntlha yang fa a ile a letla gore matshwenyego a mantsi jaana a tswelele pele ka diketekete tsa dingwaga? E re ka Modimo o tlhamile lobopo wa ba wa le rulaganya sentle jaana, ke ka ntlha yang fa a ne a ka letla gore go nne tlhakatlhakano le tshenyego mo lefatsheng?
Sekai
3-5. (a) Ke setshwantsho sefe se se ka re thusang go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa Modimo wa thulaganyo a ne a ka letlelela gore go nne tlhakatlhakano mo lefatsheng? (b) Ke boemo bofe mo gare ga a le mmalwa jo bo tshwanelang seemo sa lefatshe?
3 A re diriseng sekai go bontsha gore ke ka ntlha yang fa Modimo wa thulaganyo a ne a ka letla gore go nne le tlhakatlhakano mo lefatsheng. Tsweetswee, a ko o akanye fela o tsamaya mo sekgweng mme o bo o tshogana o bona ntlo. Fa o ntse o sekaseka ntlo eo, o fitlhela gore e tlhakatlhakane. Matlhabaphefo a thubegile, borulelo bo senyegile fela thata, maribela a yone a logong a diphatlhaphatlha, lebati le a leketla le tshwere fela ka ntlha e le nngwe, le dipompo tse di leng teng di senyegile.
4 Fa o bona dilo tseno tsotlhe tse di senyegileng, a o ne o ka dira tshwetso ya gore ntlo eo ga e kake ya bo e tlhamilwe ke motlhami mongwe yo o botlhale? A go tlhakatlhakana ga yone go ne go tla dira gore o dumele gore ntlo eno e ne e itlhageletse fela? Kana fa e le gore o dirile tshwetso ya gore gone mongwe o e tlhamile a bo a e aga, a o ne o ka akanya gore motho yono o ne a sena bokgoni e bile a sa akanyetse dilo sentle?
5 Fa jaanong o tsenya kago eno matlho sentle, o lemoga gore e simolotse e agilwe sentle le gone go na le bosupi jwa gore e ne e le ka kelotlhoko e kgolo le go akanyetsa dilo sentle. Mme lefa go ntse jalo jaanong e ne e onetse e bile e wa. Go senyega ga yone le mathata a yone di ka ne di supa eng? Di ka nna tsa bo di supa gore (1) mong wa yone o tlhokafetse; (2) ke moagi yo o nang le bokgoni mme ga a tlhole a kgatlhegela ntlo eo; kana (3) o hiriseditse bangwe ntlo ya gagwe ka nakwana mme ga ba e anaanele. Ntlha eno ya bofelo e tshwana le boemo jwa lefatshe leno.
Fa Go Senyegileng Teng
6, 7. Adame le Efa ba ne ba diragalelwa ke eng fa ba tlola molao wa Modimo?
6 Re ithuta go tswa mo rekotong ya bogologolo ya Bibela gore, Modimo o ne a sa ikaelela gore batho ba tshwenyege kana ba swe. Batsadi ba rona ba ntlha, Adame le Efa, ba ne ba swa fela ka gonne ba ne ba tlola molao wa Modimo. (Genesise, dikgaolo 2 le 3) Fa ba ne ba o tlola, ba ne ba sa tlhole ba dira thato ya Modimo. Ba ne ba intsha kafa tlase ga tlhokomelo ya Modimo. Totatota, ba ne ba itshomola mo Modimong, “mocwedi oa botshelō.”—Pesalema 36:9.
7 Fela jaaka motšhine o ka iketla wa ba wa tla wa ema fa o somotswe mo motsweding wa one wa maatla, mebele ya bone le megopolo ya bone e ne ya senyega fela jalo. Seno se ne sa felela ka gore, Adame le Efa ba onale, ba tsofale, kgabagare ba bo ba swa. Go tswa foo go ne ga direga eng? Ba ne ba boela kwa ba neng ba tswa teng: “U lorole, me u tla boèla mo loroleñ.” Modimo o ne a ba tlhagisitse gore go sa utlwe ditaolo tsa gagwe go ne go tla felela ka loso: “Rure u tla shwa.”—Genesise 2:17; 3:19.
8. Boleo jwa batsadi ba rona ba ntlha bo ne jwa ama lelapa la batho jang?
8 Ga go a ka ga swa batsadi ba rona ba ntlha fela mme le ditlogolwana tsa bone tsotlhe, losika lotlhe lwa motho, lo ile lwa tshwanelwa ke go swa. Ka ntlha yang? Ka gonne go ya ka molao wa ditogwa tsa tsalo, bana ba tshwana le batsadi ba bone. Mme bana botlhe ba batsadi ba rona ba ntlha bone ba ruile bosaitekanelang le loso. Baroma 5:12 e re bolelela jaana: “Boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla [Adame, rremogolo wa batho botlhe], le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile [ka go rua bosaitekanelang, ke gore go rata go dira boleo].” Mme e re ka batho ba itse boleo, bosaitekanelang, le loso fela, bangwe ba di leba e le tsa tlholego e bile di ka se ka tsa tilwa. Lefa go ntse jalo, batho ba ntlha ba ne ba bopiwa ba kgona e bile ba eletsa go tshelela ruri. Ke gone ka moo bontsi jwa batho ba bonang go utlwisa botlhoko go itse gore loso lo tla kgaupetsa botshelo jwa bone.
Ke Ka Ntlha Yang Fa go Tsaya Lobaka Jaana?
9. Ke ka ntlha yang fa Modimo a ile a letlelela gore matshwenyego a tswelele pele lobaka lo lo kana kana?
9 Ke ka ntlha yang fa Modimo o ile wa letla batho gore ba itirele go rata ga bone ka lobaka lo loleele jaana? Ke ka ntlha yang fa a ile a letla gore go tswelele pele go na le matshwenyego mo makgolong ano a mantsi a a ntseng a feta a dingwaga? Lebaka lengwe la botlhokwa ke gore go ne ga tsosiwa kgang nngwe ya botlhokwatlhokwa: Ke mang yo o nang le tshwanelo ya go busa? A Modimo o tshwanetse a nna Mmusi wa batho, a kana ba ka ipusa fela ka katlego ene a seyo?
10. Batho ba ne ba fiwa kgono ya go dira eng, mme seo se ne sa ba rwesa boikarabelo bofe?
10 Batho ba bopilwe ba na le kgololesego, ke gore, ba kgona go itlhophela. Ga ba a dirwa fela jaaka diroboto kana jaaka diphologolo, tse di kaelwang thata ke go dira dilo ka go phamoga fela ga tlholego. Ka jalo batho ba ka itlhophela gore ba tla direla mang. (Duteronome 30:19; 2 Bakorintha 3:17) Ke gone ka moo Lefoko la Modimo le gakololang jaana: “Lo nnè yaka ba ba gololesegileñ, me kgololesègō ea lona lo se e ntshe kobō ea go bipa boikèpō, me lo nnè yaka batlhanka ba Modimo.” (1 Petere 2:16) Lefa go ntse jalo, lefa batho ba na le mpho e e molemolemo ya go ka itlhophela se ba se batlang, ba tshwanetse gore ba amogele diphelelo tsa se ba tlhophang go se dira.
11. Tsela e le yosi ya go bona gore a go intsha kafa tlase ga taolo ya Modimo go ne go ka atlega e ne e le efe?
11 Batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba dira tlhopho e e phoso. Ba ne ba tlhopha go tswa kafa tlase ga taolo ya Modimo. Ke boammaaruri, Modimo o ne a ka nna a bolaya batho ba ntlha ba babedi ba batsuolodi fela fa ba sena go dirisa kgololesego ya bone ya go itlhophela ka tsela e e sa tshwanelang. Mme lefa go ntse jalo seo se ka bo se sa rarabolola bothata jo bo malebana le tshwanelo ya Modimo ya go busa batho. E re ka batho ba ntlha ba babedi ba ne ba batla go tswa kafa tlase ga taolo ya Modimo, go tshwanetse ga arabiwa potso eno: A go dira jalo go ne go tla felela ka botshelo jo bo itumetseng, jo bo atlegileng? Tsela e le yosi fela ya go bona karabo ya seo e ne e le go lesa batsadi ba rona ba ntlha le ditlogolwana tsa bone gore ba dire se ba se batlang, e re ka ba ne ba itlhophetse jalo. Fa nako e ntse e tsamaya go ne go tla bonala gore a batho ba ne ba bopetswe gore ba ipuse ka katlego kwantle ga Mmopi wa bone.
12. Jeremia o ne a atlhola puso ya motho jang, mme ke ka ntlha yang fa go ntse jalo?
12 Mokwadi wa Bibela ebong Jeremia o ne a itse gore go ne go tla felela jang. O ne a kwala jaana ka boammaaruri a kaelwa ke moya o o boitshepo o o nonofileng wa Modimo, kana maatla a gagwe a a dirang: “Yehofa, kea itse ha tsela ea motho e se mo go èna ka esi: ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè. Yehofa, a u ko u nkoatlhaeè.” (Yeremia 10:23, 24) O ne a itse gore batho ba tshwanetse ba kaelwa ke botlhale jwa Modimo jwa bolegodimo. Ka ntlha yang? Fela ka gonne Modimo o ne a sa bopela batho gore ba atlege kwantle ga kaelo ya gagwe.
13. Diphelelo tsa puso ya motho ka dingwaga di le diketekete di bontshitse eng ka phepafalo?
13 Diphelelo tse di nnileng teng morago ga diketekete tsa dingwaga batho ba ntse ba busa di bontsha gore kwantle ga pelaelo batho ga ba kake ba kaela matshelo a bone ba sa laolwe ke Mmopi wa bone. E re ka ba ile ba go lekeletsa, ke bone fela ba ka tshwaiwang phoso ka ntlha ya diphelelo tseno tsa matlhotlhapelo. Bibela e bolela jaana ka phepafalo: “Lehikwè [Modimo], tihō ea gagwè e itekanetse: gonne ditsela tsa gagwè cotlhe ke tshiamishō; Modimo o o boikañō, o o senañ tshiamololō, ōna o tekatekanyō, o tshiamō. Ba o ipodiseditse, ga se bana ba gagwè, me ke sechubaba mo go bōnè.”—Duteronome 32:4, 5.
Modimo O Tloga A Tsenelela
14. Ke ka ntlha yang fa Modimo o se kitla o tlhola o diega jaanong pele o tsenelela mo dikgannyeng tsa batho?
14 E re ka a letlile nako e e lekaneng go supa gore puso ya motho e paletswe ka makgolo a mantsi a dingwaga, Modimo jaanong a ka tsenelela mo dikgannyeng tsa batho mme a fedise matshwenyego, bohutsana, bolwetsi, le loso. E re ka Modimo a setse a letlile batho gore ba fitlhe mo setlhoeng sa dilo tse ba kgonneng go di dira mo go tsa saense, madirelo, kalafi, le tse dingwe, ga go tlhole go tlhokega gore a letle makgolo a mangwe a dingwaga gore batho ba bontshe gore a ba ka tlisa lefatshe le le nang le kagiso la paradaise ba se kafa tlase ga taolo ya Mmopi wa bone. Ga ba a kgona e bile ga ba kake ba kgona. Go tswa kafa tlase ga taolo ya Modimo go feletse ka lefatshe le le maswe thata, le le tletseng letlhoo, le le le bolayang.
15. Re tshwanetse ra utlwa kgakololo efe ya Bibela?
15 Lefa go ile ga nna le babusi ba ba dipelo di ikanyegang ba ba ileng ba eletsa go thusa batho, maiteko a bone ga a ka a atlega. Gompieno go na le bosupi gongwe le gongwe jwa gore puso ya motho e a palelwa. Ke gone ka moo Bibela e gakololang jaana: “Lo se ka loa ikanya dikgōsana, leha e le ñwana oa motho, eo go senañ thushō epè mo go èna.”—Pesalema 146:3.
[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]
Le bone babusi ba ba dipelo di siameng ba lefatshe ga ba a kgona go lere lefatshe le le nang le kagiso, la paradaise