LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • dg karolo 7 ts. 14-17
  • Ditlamorago Tsa Botsuolodi E Nnile Dife?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditlamorago Tsa Botsuolodi E Nnile Dife?
  • A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Seemo Gompieno
  • Se Nako E Se Senotseng
  • Go Bonela Dilo Kgakala ga Modimo
  • Lebaka la Go Bo Modimo O Letleletse Pogo Gore E Nne Teng
    Tsogang!—1990
  • Nako ya Gore Modimo a Letlelele Pogo e Tloga e Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Go Na le Matshwenyego le Tshiamololo Tse Di Kanakana?
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
  • Pogo Yotlhe e Tloga e Fela!
    Pogo Yotlhe e Tloga e Fela!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
dg karolo 7 ts. 14-17

Karolo 7

Ditlamorago Tsa Botsuolodi E Nnile Dife?

1-3. Nako e ile ya bontsha jang gore Jehofa o boammaaruri?

MABAPI le kgangkgolo ya gore a Modimo o tshwanetse go busa, go ile ga felela ka eng morago ga makgolokgolo a dingwaga a go ipusa ga motho kwantle ga Modimo? A go itshupile fa batho ba ka busa botoka go na le Modimo? Fa re ka atlhola re lebile rekoto ya go sa tshwareng motho yo mongwe sentle ga motho, tota ga go bontshe jalo.

2 Fa batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba gana puso ya Modimo, ba ne ba ipiletsa megogoduma. Ba ile ba iteretse pogo bone ka bobone le setho sotlhe se ba se tsetseng. Mme go ne go sena ope yo ba neng ba ka mo pega molato fa e se bone ka bobone fela. Lefoko la Modimo le a re: “Ba o ipodiseditse, ga se bana ba gagwè, me ke sechubaba mo go bōnè.”—Duteronome 32:5.

3 Hisitori e bontshitse boammaaruri jwa tlhagiso ya Modimo mo go Adame le Efa ya gore fa ba ka intsha mo go tse Modimo o di ba neetseng, ba ne ba tla koafala mme kgabagare ba swe. (Genesise 2:17; 3:19) Ba ile ba itshomola mo pusong ya Modimo, mme morago ga nako ba ile ba koafala ba bo ba swa.

4. Ke ka ntlha yang fa rotlhe re tshotswe re sa itekanela, re tshabelelwa ke bolwetsi le loso?

4 Se se neng sa diragalela bana ba bone ke se se tlhalosiwang ke Baroma 5:12: “Ke gōna, yaka boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla [Adame yo eleng tlhogo ya lelapa la setho], le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe.” Ka jalo fa batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba tsuologa kgatlhanong le bolaodi jwa Modimo, ba ile ba fetoga baleofi ba ba senyegileng. Go dumalana le molao wa segotso, bosaitekanelang jo ba neng ba nna najo e ne ya nna sone selo fela se ba neng ba ka se fetisetsa mo baneng ba bone. Ke sone se le rona re tsholwang re senyegile, re tshabelelwa ke bolwetsi le loso.

5, 6. Hisitori e bontshitseng ka maiteko a motho a go lere kagiso ya boammaaruri le katlego?

5 Makgolokgolo a dingwaga a fetile. Mebusomegolo e ile ya tlhomiwa ya bo ya nyelela. Mokgwa mongwe le mongwe wa go busa o o ka gopolwang o ile wa lekelediwa. Mme lefa go le jalo, gangwe le gape, dilo tse di maswe thata di ile tsa diragalela setho. Morago ga dingwaga tse di dikete tse thataro, mongwe o ne a ka gopola gore batho ba ile ba gatela pele go tla mo seemong sa gore ba kgone go nitamisa kagiso, tshiamiso, le katlego lefatshe ka bophara le gore jaanong ba setse ba na le dinonofo tse di molemo tse di tshwanang le bopelonomi, kutlwelobotlhoko, le tirisanommogo ka botlalo.

6 Lefa go le jalo, se re se bonang ke se sele. Ga gona mofuta ope wa puso ya motho o o kileng wa nna teng o o kileng wa tlisetsa botlhe kagiso le katlego. Mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga le le losi fela, re ile ra bona polao ya batho e e rulagantsweng ka nako ya Kgailo le go bolawa ga batho ba ba fetang dimilione tse 100 mo dintweng. Mo motlheng wa rona batho ba le bantsintsi ba ile ba bogisiwa, ba bolawa, le go tlhatlhelwa mo kgolegelong ka ntateng ya go sa itshokelane le go sa dumalane ka maikutlo a sepolotiki.

Seemo Gompieno

7. Seemo sa setho gompieno se ka tlhalosiwa jang?

7 Mo godimo ga moo, akanya ka seemo sa setho ka kakaretso gompieno. Fa e le ka tlolomolao le borukhutlhi ga go buiwe. Tiriso e eseng yone ya diokobatsi e tletsetletse. Malwetsi a a tshelanwang a tlhakanelodikobo ke leroborobo. Bolwetsi jo bo diphatsa jwa AIDS bo ama dimilionemilione tsa batho gompieno. Dimilionemilione tse di masomesome tsa batho di swa ka ntateng ya tlala kgotsa bolwetsi ngwaga le ngwaga, fa kafa letlhakoreng le lengwe palonyana e potlana yone e na le dikhumo tse di seng kana ka sepe. Batho ba kgotlela le go senya lefatshe. Botshelo jwa lelapa le mokgwa o o tshwanetseng wa boitsholo ga di sa tlhole di le teng gope. Ka boammaaruri, botshelo gompieno bo bontsha go busa mo go maswe ga ‘modimo wa lefatshe leno’ ebong Satane. Lefatshe le a le okametseng le peloethata, le setlhogo, mme ebile le bodile mo.—2 Bakorintha 4:4.

8. Ke ka ntlha yang re ka se ke re bitse tse batho ba di kgonneng re re ke kgatelopele ya boammaaruri?

8 Modimo o letleletse nako e e lekaneng gore batho ba fitlhe mo setlhoeng sa kgatelopele ya bone ya boitseanape le ya dilo tse di bonalang. A mme ke kgatelopele ya boammaaruri fa bora le motswi di emiseditswe ka ditlhobolo tsa kgotlamoreoitirise, digaigai, dijete tse di latlhelang dibomo, le dimmesaele tsa nuklea? A ke kgatelopele fa batho ba kgona go sutlha lefaufau mme ba palelwe ke go tshela mmogo ka kagiso mo lefatsheng? A ke kgatelopele fa batho ba tshaba go tsamaya mo mekgwatheng bosigo, kgotsa le eleng motshegare tadi e amusa mo mafelong mangwe?

Se Nako E Se Senotseng

9, 10. (a) Makgolokgolo a dingwaga a a fetileng a bontshitse eng ka phepafalo? (b) Ke ka ntlha yang fa Modimo o ka se ke o tlose nonofo ya go ikgethela?

9 Se nako ya tekeletso e e fetileng ya makgolokgolo a dingwaga e se bontshitseng ke gore ga go yo mo mothong go laola metsamao ya gagwe ka katlego kwantle ga puso ya Modimo. Seo se thata mo go bone go se dira fela jaaka go le thata mo go bone go ka tshela kwantle ga go ja, go nwa, le go hema. Bosupi bo papametse: Re ne re diretswe go ikaega ka Mmopi wa rona go bona kaelo fela jaaka kwantle ga pelaelo re ne re bopetswe go ikaega ka dijo, metsi, le moya.

10 Ka go letlelela boikepo gore bo nne teng, Modimo o ne o bontshitse ka botlalo ditlamorago tse di maswe tsa go sa dirise kgololesego ya go ikgethela sentle. Mme mpho ya go ikgethela e tlhotlhwakgolo fela thata mo eleng gore go na le gore Modimo o e tseye mo bathong, o ile wa lesa gore batho ba bone gore go sa e dirise sentle go ka raya eng. Lefoko la Modimo le bua boammaaruri fa le re: “Ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.” Le bua boammaaruri gape fa le re: “Motho o [na] le thata mo go eo moñwe [go mo utlwisa] botlhoko.”—Yeremia 10:23; Moreri 8:9.

11. A mokgwa mongwe wa puso ya motho o kile wa fedisa pogo?

11 Go bo Modimo o file batho sebaka sa go ipusa ka dingwaga tse di dikete di le thataro go supa ka papamalo gore motho ga a ka ke a kgona go fedisa pogo. Ga a ise a ko a kgone le fa e le gangwe fela. Ka sekai, mo motlheng wa gagwe, Kgosi Solomone wa Iseraele, a ntse a na le botlhale jo bo kalo, khumo, le nonofo, ga a a ka a kgona go baakanya matlhotlhapelo a a ileng a tsalwa ke puso ya motho. (Moreri 4:1-3) Ka mo go tshwanang, le mo motlheng wa rona le mororo babusi ba lefatshe ba na le dilo tsa boranyane tsa maemo a a kwa godimo, ga ba kgone go fedisa pogo. Se se maswe le go feta, hisitori e bontshitse gore ka go ipusa kwantle ga Modimo batho ba ile ba oketsa pogo go na le gore ba e fedise.

Go Bonela Dilo Kgakala ga Modimo

12-14. Ke melemo efe ya goyagoile e e tla nnang teng ka ntlha ya go bo Modimo o ile wa letlelela pogo?

12 Go bo Modimo o ile wa letlelela pogo go ile ga re utlwisa botlhoko. Mme o ne o bonela dilo kgakala, o itse gore kgabagare diphelelo e tla nna tse di molemo. Tsela e Modimo o lebang dilo ka yone e tla solegela dibopiwa molemo, eseng fela ka dingwaga di le diketenyana fela, mme ka dimilionemilione tsa dingwaga, ee, tota ka bosakhutleng.

13 Fa go ka tsoga seemo mo isagweng sa gore mongwe a se dirise kgetho ya gagwe sentle a nyatsa tsela eo Modimo o dirang dilo ka yone, ga go kitla go tlhoka gore a neelwe nako go leka go supa megopolo ya gagwe. Ka go bo a setse o ile wa letlelela batsuolodi ka diketekete tsa dingwaga, Modimo o ile wa tlhoma semolao tsela e e ka latelwang ka bosakhutleng gongwe le gongwe mo lobopong lotlhe.

14 Ka ntateng ya go bo Jehofa a ile a letlelela boikepo le pogo gore di nne teng go fitlhelela nakong eno, go na le bosupi jo bo tletseng jwa gore ga go na sepe se se sa tsamaisaneng nae se se ka tswelelang pele ka katlego. Go tla bo go supilwe kwantle ga pelaelo epe gore thulaganyo epe e e ka dirwang ke batho kgotsa dibopiwa tsa moya e e mo ikgatholosang ga e kake ya tlisa melemo epe ya go ya go ile. Ka jalo, go tla bo go tshwanela gore Modimo o nyeletse motsuolodi ope fela ka yone nako eo. “Baikepi botlhe o tla ba senya.”—Pesalema 145:20; Baroma 3:4.

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Morago ga gore batsadi ba rona ba ntlha ba ikgethele go ipusa kwantle ga Modimo, ba ile ya re kgabagare ba tsofala mme ba swa

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Puso ya motho kwantle ga Modimo e itshupile e le diphatsa

[Motswedi wa Setshwantsho]

U.S. Coast Guard photo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela