Go Gatisa Tora ya Tebelo
Fa e ne e gatisiwa la ntlha, ka July 1879, e ne e bidiwa Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence. Makasine ono, o e neng e le one o buelelang fela thata setlhabelo sa ga Jesu Keresete, o ne wa gatisiwa go abela ba ntlo ya tumelo dijo tsa semoya. Ka January 1, 1909, leina la one le ne la fetolwa go nna The Watch Tower and Herald of Christ’s Presence, e le gore go tle go itebaganngwe thatathata le boikaelelo jwa makasine ono. Go simolola ka January 1, 1939, leina la one le ne la fetolwa gore le balege le re The Watchtower and Herald of Christ’s Kingdom go gatelela ntlha ya gore Keresete e ne e setse e le Kgosi kwa magodimong. Mme erile ka March 1, 1939, fa leina la one le ne le fetolwa go nna Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi jwa ga Jehofa, go ne ga tlhomololwa ntlha ya go bo Jehofa e le Molaodi wa Lobopo Lotlhe, ene yo o neetseng Morwawe thata ya go busa.
Fa e ne e gatisiwa la ntlha Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ne e le pampiri ya ditsebe di robongwe, e tswa gangwe fela ka kgwedi. Ka 1891 e ne ya okediwa go nna le ditsebe tse 16, mme e ne ya simolola go tswa gabedi ka kgwedi ka 1892. E ne ya nna le ditsebe tse 32 ka dipuo tse dintsi ka 1950.
Go ranolelwa ga Tora ya Tebelo mo dipuong tse dingwe go ne ga simologa ka bonya. Go ne ga gatisiwa tokololo e le nngwe fela ka Se-Sweden ka 1883 gore e dirisiwe jaaka pampitshana, mme go lekelediwa fela. Go tloga ka 1886 go fitlha ka 1889, tokololo ya makasine ono e potlana e ne ya gatisiwa ka Sejeremane. Mme legale Tora ya Tebelo e ne ya bonwa ka Sejeremane morago ka 1897 mme e ne ya simolola go gatisiwa ka metlha. Ka 1916 e ne e setse e gatisiwa ka dipuo di le thataro—Se-Denmark se se buiwang kwa Norway, Seesemane, Se-Finland, Sefora, Sejeremane, Se-Poland, le Se-Sweden. Fa go rerwa ga mafoko a a molemo go ne go oketsega ka 1922, dipuo tse e neng e gatisiwa ka tsone di ne tsa oketsega go nna 16. Lefa go le jalo, ka 1993, e ne e setse e gatisiwa ka dipuo di le 112 ka metlha—tse di dirisiwang ke palo e kgolo ya batho ba ba mo lefatsheng. Tseno ga di akaretse dipuo tse di tshwanang le Seesemane, Se-Spain, le Sejapane fela, tse go neng go gatisiwa dimilione tsa dikaelo ka tsone, mme gape le ka Se-Palau, Se-Tuvalu, le tse dingwe tse go neng go tsamaisiwa makgolo a sekae fela a tsone.
Tora ya Tebelo e ne e lejwa e le makasine wa “letsomanyane” la Bakeresete ba ba tlhaotsweng jaaka ba ba boitshepo ka dingwaga tse dintsi. O ne o sa anamisiwe thata; ka 1916, go ne ga gatisiwa dikopi di le 45 000 fela. Mme go simolola ka 1935, go ne ga gatelelwa gore go kgothadiwe “Bajonadabe,” kgotsa ba “boidiidi jo bogolo,” gore ba nne le Tora ya Tebelo le go e bala ka metlha. Ka 1939, fa tsebe e e kafa ntle ya makasine e ne e simolola go tlhomolola Bogosi, go ne ga kgothalediwa batho ka kakaretso go nna le dipeeletso tsa Tora ya Tebelo mo letsholong le le neng le dulwe la go batla dipeeletso la dikgwedi tse nne. Ka ntlha ya seo, palo ya dipeeletso e ne ya oketsega go nna 120 000. Mo ngwageng o o latelang Tora ya Tebelo e ne ya neelwa batho ka metlha mo mebileng. E ne ya anamisiwa thata. Fa 1993 e simolola go ne go setse go gatisiwa dikopi di le 16 400 000 tsa tokololo nngwe le nngwe.