Tsogang!—Makasine o o Ratwang ke Batho ka Kakaretso
Kwa tshimologong makasine ono o ne o bidiwa The Golden Age. Tokololo ya one ya ntlha e ne e le ya October 1, 1919. Ono e ne e le makasine o o neng o bega ka dilo tse dintsi tse batho ba neng ba leka go di dira. O ne o tsibosa batho ka se se diragalang mo lefatsheng le go ba bontsha gore tharabololo ya boammaaruri ya mathata a batho ke Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete, e ka boammaaruri e tla tlisetsang batho “motlha o o nana.” Tsebe ya one ya kafa ntle e ne ya nna ya fetolwa, mme molaetsa one o ne wa sala o ntse o tshwana. The Golden Age e ne e diretswe go neelwa batho botlhe, mme e ne ya tsamaisiwa thata go feta Tora ya Tebelo ka dingwaga tse dintsi.
Go simolola ka tokololo ya October 6, 1937, leina la one le ne la fetolelwa go Consolation. Seno se ne se tshwanela tota bogolo jang ka go bo bontsi bo ne bo bogisiwa le ka ntlha ya tlhakatlhakano e e neng e le teng fa lefatshe le ne le tseneletse mo Ntweng ya Lefatshe II. Lefa go ntse jalo, mofuta wa kgomotso o o neng o neelwa ke makasine oo o ne o kgatlha bao ka mmatota ba neng ba rata boammaaruri.
Go simolola ka tokololo ya August 22, 1946, o ne wa simolola go bidiwa Tsogang! Go ne ga gatelelwa thata go thantsha batho gore ba lemoge se se kaiwang ke ditiragalo tsa lefatshe. Makasine o ne o dirisa metswedi ya dikgang e e tlwaelegileng, mme legale o ne o na le babegadikgang ba one go dikologa lefatshe. Go tlhatlhoba ka tekatekanyo, go lebagana le boammaaruri ga ditlhogo tsa Tsogang! tse di buang ka dilo tse di farologaneng go dira gore babadi ba tseye tsia molaetsa wa konokono wa makasine ono, eleng gore, ditiragalo tsa lefatshe di diragatsa boperofeti jwa Bibela, jo bo bontshang gore re tshela mo motlheng wa bofelo le gore go ise go ye kae Bogosi jwa Modimo bo tla leretse ba ba ithutang le go dira thato ya Modimo melemo ya bosakhutleng. Makasine ono o ile wa nna sedirisiwa se se nang le maduo mo go boleleng mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo lefatshe ka bophara le go thusa batho go ithuta dilo tse di boteng tse di mo go Tora ya Tebelo le mo dibukeng.
Ka 1993, Tsogang! e ne e gatisiwa ka dipuo di le 67, dikaelo di le 13 240 000 tokololo nngwe le nngwe.